LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 2/8 ts. 22-24
  • A Go na Le Tsela e e Motlhofo ya go Nyeletsa go Sulafalelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Go na Le Tsela e e Motlhofo ya go Nyeletsa go Sulafalelwa?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse di Bakang go Sulafalelwa
  • Go sa Sulafalelwe Thata—Go ka Bonwa Jang?
  • A O Sulafalelwa Ke Botshelo? O ka bo Fetola!
    Tsogang!—1995
  • A Botshelo Jo bo Sa Khutleng Kwa Paradaiseng bo tla bo bo Lapisa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Boitlosobodutu jo bo Molemo bo Teng
    Tsogang!—1997
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 2/8 ts. 22-24

A Go na Le Tsela e e Motlhofo ya go Nyeletsa go Sulafalelwa?

GO DIRELA dimilionemilione tsa bareki ba ba sulafaletsweng dilo tse di ba kgatlhang ke kgwebo e e tswelelang thata gompieno. Malatsi a boikhutso kwa dinageng di sele, didirisiwa tse di raraaneng thata tsa eleketeroniki, ditiro tsa go itlosa bodutu, tsotlhe tseno di tlhamelwa fela gore moreki a kgone go tsamaisa nako ka tsone. Lefa go ntse jalo, go sulafalelwa go santse go tletsetletse. Lefa ba le mo malatsing a boikhutso, batho ba ba sulafaletsweng ba tlhoka sengwe se se ba tsenyang botshelo gore ba nne ba ntse ba itumetse. Mme bontsi jwa batabogi ba utlwa go na le se ba se tlhokang fa ba sa tshola diradio tsa bone tse dinnye.

Ga go na pelaelo gore dilo tse di tlosang bodutu tse di tshwanang le thelebishene, di a kgatlha e bile di leleka go sulafalelwa, mme di dira seo ka lobaka lo lo kana kang? Mo go ba bangwe di tshwana le seokobatsi se se tshwakgolang. Mo lobakeng lo lo latelang go tlhokega sengwe se se itumedisang kana se se kgatlhang go gaisa—go sa nneng jalo o tlelwa ke maikutlo a go lapa a gore o setse o kile wa bona seo. Go na le gore boitlosobodutu jo bo ntseng jalo bo rarabolole dilo, bo ka felela e le jone jo bo oketsang go sulafalelwa.

Thelebishene ka boyone, ga e dire gore motho a sulafalelwe, lefa go ntse jalo go leba thelebishene thata le gone ga go kitla go tlosa go sulafalelwa. Se se botlhoko le go feta ke gore selekanyo se o nnang o ‘lebile’ thelebishene ya gago ka sone ke sone se o lebalang se se diragalang mo tikologong ya gago ka sone. Fa go tla mo baneng, seno se diragala gantsi. Fa go ne go batlisisiwa go bodiwa bana ba dingwaga tse nnè le tse tlhano gore a ba ne ba ka tlogela thelebishene kana borraabo, a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 3 o ne a swetsa gore botshelo bo ne bo ka nna monate fa papa a seyo!

Go kgotsofatsa keletso nngwe le nngwe ya gago le gone ga go rarabolole sepe. Basha ba bantsi gompieno ba “golela mo pakeng e dithoto di leng dintsi, ba na le setshamekisi sengwe le sengwe, malatsi a boikhutso a mefutafuta, feshene nngwe le nngwe ke ya bone,” go akgela jalo moemedi mongwe wa Social Democratic wa palamente ya Jeremane. A go na le sengwe se se santseng se ka ba kgatlha? E ka tswa e le gore batsadi ba ba molemo ba ba nayang bana ba bone dilo tsotlhe tsa bosheng tota ba dira gore bana ba bone ba gole go nna bagolo ba ba tlileng go nna ba sulafaletswe.

Dilo Tse di Bakang go Sulafalelwa

Ga go kake ga kgonega gore motho a tile go sulafalelwa gotlhelele. Botshelo jwa lefatshe leno ga bo kake jwa nna bo kgatlha e bile bo itumedisa ka metlha. Go lebelela sengwe se se ntseng jalo se se ka se kang sa kgonega go ka dira gore motho a nne a sa kgotsofala go sa tlhokege. Gape, go na le dilo dingwe tse tota di dirang gore maemo a nne maswe thata.

Ka sekai, gompieno malapa a mantsi a a thubega. A e ka tswa e le gore mama le papa ba tseneletse thata mo go itloseng bodutu mo ba sa tlholeng ba dirisa nako e e lekaneng ba na le bana ba bone? Ga go gakgamatse go bo bana ba dingwaga tsa bolesome ba ipatlela ditsela tsa go nna ba itumetse ka go ya kwa disekong, kwa mafelong a a tshamekang dibidio, kwa mabenkeleng, jalo le jalo. Go felela ka gore, mo magaeng a mantsi malapa ga a tlhole a intsha kana a dira dilo mmogo.

Go na le ba bangwe gape ba ba sa kgotsofaleleng matshelo a bone a a lapisang pelo mo ba ikgogonang mo go ba bangwe ba sa itemoge, ba dira se se batliwang ke bone, ba sa kgathalele ope. Mme fa ba ntse ba ikgogona jaana, ba nnela go solofela gore ba tla kgona go bona se go ka tweng ke go ikitse. Lefa go ntse jalo, ga go ke go nna jalo. Gone mme, ga go na motho yo a ka kgonang go tshela a le nosi. Re tlhoka go tsalana le ba bangwe le go tlotla le bone. Ka gone, lefa go ka nna jang, batho ba ba itebang ba le nosi ba tlile go dira gore ba bantsi ba sulafalelwe, ba sulafatsa botshelo jwa bone le jwa ba ba nnang nabo ba sa ikaelela.

Lefa go ntse jalo, bothata jono bo boketenyana, jaaka Blaise Pascal, rafilosofi wa Mofora wa lekgolo la bo17 la dingwaga a ne a bolela jaana ka tlhamalalo: “Go lapa [go tswa] mo teng ga pelo koo medi ya gone ya tlholego e leng teng mme go [tlatsa] mogopolo ka botlhole jwa gone.” A bo seo se le boammaaruri jang ne!

Fela fa pelo e ntse e ipotsa dipotso ka botshelo gore ke ka ntlha yang le gore go tla jang, motho o tlile go nna a ntse a sulafaletswe. Motho o tshwanetse go tlhatswega pelo tota gore go na le sengwe se a se tshelelang. Lefa go ntse jalo, motho a ka leba botshelo ka tsela e e siameng jang a sa itse gore ke ka ntlha yang fa a bopilwe, a sena mekgele epe, a sena tsholofelo epe fela e e nonofileng ka isagwe?

Eno ke potso ya botlhokwa e a tla e ipotsang: Ke eng fa botshelo bo le teng? Ke bopetswe eng? Isagwe ya me e tlile go nna jang? “Go batla go itse lebaka la go bo motho a tshela ke selo se segolo se se mo tlhotlheletsang,” go ne ga akgela jalo Dr. Viktor Frankl. Lefa go ntse jalo motho a ka itse jang lebaka leo? Dipotso tseno di ka arabiwa kae ka tsela e e kgotsofatsang?

Go sa Sulafalelwe Thata—Go ka Bonwa Jang?

Buka ya bogologolo mo go tsone tsotlhe e sedifatsa dipotso tse di botlhokwa tseno. Mmoki wa lekgolo la bo19 la dingwaga wa Mojeremane, Heinrich Heine o ne a bolela jaana: “Tshedimosetso e ke nang le yone ke na le yone fela ka go bo ke badile buka nngwe.” Buka efe? Baebele. Charles Dickens le ene o ne a re: “Ke buka e e gaisang mo lefatsheng e bile e tla nna e ntse e gaisa, gonne e go ruta dithuto tse di gaisang thata tse sebopiwa sepe fela sa motho . . . se ka kaelwang ke tsone.”

Tota ga go na pelaelo kaga seno. Baebele e re kaela tota gore re nne le se re se tshelelang. Go tloga fela kwa tshimologong ya yone go fitlha kwa bofelong e gatelela ntlha ya gore Modimo o ne wa naya motho tiro gore a e dire. Motho o ne a tshwanetse go tlhokomela lefatshe, go le kgabisa, le go laola diphologolo ka lorato, mme, mo godimo ga moo, go baka Mmopi, Jehofa. Eno e ne e le tiro e e gwetlhang tota, e e neng e se kitla e dira gore a sulafalelwe! Dimilione tsa Bakeresete ba ba dirang ka botlhaga di ile tsa lemoga gore go ema nokeng letlhakore la Modimo, go ineela ka botlalo mo go ene, eleruri go dira gore o nne le se o se tshelelang e bile go leleka go sulafalelwa.

Go sulafalelwa go go tletsetletseng gono e ka tswa e le selo sa segompieno—dipuo tse dintsi tsa bogologolo ga di na lefoko leno. Lefa go ntse jalo, Baebele, e re bolelela lebaka la go bo re tshela gape e na le dikakantsho tse di thusang thata tsa go fenya go sulafalelwa. Ka sekai, e bolela gore “yo o itomololang o batla keletso ya gagwe ka esi, mme a šakgalele botlhale jotlhe jo bo itekanetseng.” (Diane 18:1) Ka mafoko a mangwe, o se ka wa ikgogona mo go ba bangwe!

Motho o na le keletso ya go rata ba bangwe fela ka tlholego. O rata go tsalana le batho ba bangwe, e bile o na le keletso ya go tlwaelana le ba bangwe fela ka tlholego. Go bolaya keletso eno ya tlholego ya go kopana le batho ba bangwe—go nna o le nosi, o lebile fela—ga go botlhale. Ka mo go tshwanang, go nna fela le botsalano jo bo sa nonofang le batho go tshwana fela le go itlhokomolosa botlhale jo bo ka go thusang.

Gone mme, go motlhofo gore motho a nnele fela go leba dibaesekopo kana a sa bue le ope sa gagwe e le go thaepela tshedimosetso fela mo khomputareng. Go tlwaela batho ba bangwe go gwetlha tota. Lefa go ntse jalo, go bua sengwe se se mosola kana go bolelela yo mongwe kgopolo ya gago le kafa o ikutlwang ka teng go ka go solegela molemo tota e bile go ka dira gore o se ka wa sulafalelwa.—Ditiro 20:35.

Solomone, yoo a neng a etse tlhoko thata tsela e motho a ntseng ka yone, o ne a akantsha jaana a nonofile: “Go botoka gore o kgotsofalele se o se bonang go na le gore o itetle go laolwa ke keletso.” (Moreri 6:9, The New English Bible) Ka mafoko a mangwe, kgotsofalela maemo a gago a jaanong. Tlhoma mogopolo mo go seo o se bonang jaanong. Seo se botoka thata go na le go eletsa fela go katogela kgakala kana “go laolwa ke keletso,” jaaka Solomone a ne a bolela.

Malatsi a a rulaganyeditsweng sentle, mekgele e e tlhomameng, le keletso e e nonofileng ya go nna o ithuta le tsone di tla go thusa gore o fenye go sulafalelwa. Ka go bo, lefa motho a setse a tlogetse tiro o santse a ka kgona go dira dilo tse dintsi. Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Ditlhaketlhakeng tsa Baleares, monna yoo a tlogetseng tiro yo o mo dingwageng tse di simololang tsa bo70, o ithuta Sejeremane a le tlhaga tota. Mokgele wa gagwe ke eng? O batla go bua ka Lefoko la Modimo le baeng ba ba mo malatsing a boikhutso ba ba sulafetseng ba ba tswang kwa Jeremane. Tota ene ga a na bothata jwa go sulafalelwa!

Kwa bokhutlong, go tweng ka go dira sengwe ka diatla tsa gago? Ke eng o sa ithute tiro nngwe ya diatla, go taka, kana go tshameka seletswa sengwe sa mmino? Motho o kgona go itlotla fa a kgona go dira dilo dingwe. Ke eng o sa semelele mme wa thusa ka ditiro dingwe mo ntlong? Go na le dilo tse dintsi tse dinnye tse gantsi di tlhokang go baakanngwa mo gae. Go na le gore o nnele go akanya ka botshelo jwa gago jo bo bosula, ithaope, dira tiro e e mosola mo legaeng, nna setswerere mo tirong nngwe ya diatla. O tlile go duelwa eleruri.—Diane 22:29.

Mo godimo ga moo, Baebele e re gakolola gore re dire sengwe le sengwe ka moya otlhe. (Bakolosa 3:23) Seo tota se raya go ineela, go kgatlhegela se re se dirang tota. Go ka thusa go gakologelwa gore lefoko la Seesemane “interest” le tswa mo go la Selatini interesse leo fa le tsewa jaaka le ntse le kayang “go nna fa gare, kana le bone,” ka mafoko a mangwe go ineela mo tirong e e fa pele ga gago. Seo se tla dira gore e kgatlhe.

Kgakololo e e molemo eno e e sa bolong go kwalwa dingwaga tse dintsi tse di fetileng fa e dirisiwa e ka thusa batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ka ntlha ya go tlhoka se ba se dirang. Ka gone, ineele mo go se o se dirang. Dira le batho ba bangwe. Direla ba bangwe dilo. Nna o ntse o ithuta. Tlotla le ba bangwe ka kgololesego. Senka gore boikaelelo jwa mmatota jwa botshelo ke bofe. Fa o ka dira dilo tseno tsotlhe ga o kitla o bolela jaana o fegelwa: ‘Ke eng fa botshelo bo le bosula jaana?’

[Lebokoso mo go tsebe 24]

Kafa o ka Fenyang go Sulafalelwa ka Teng

1. O se ka wa letla dilo tse o batlang go di dira ka namana tsa thibelwa ke boitlosobodutu. Tlhopha fa go tla mo dilong tse di itayang tsebe le boitlosobodutu.

2. Tsalana le batho.

3. Nna o ntse o ithuta. Itlhomele mekgele.

4. Tlhama dilo. Dira sengwe ka diatla tsa gago.

5. Nna le lebaka la go bo o tshela. Akanya ka Modimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela