LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 2/8 ts. 20-21
  • A O Sulafalelwa Ke Botshelo? O ka bo Fetola!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Sulafalelwa Ke Botshelo? O ka bo Fetola!
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Direla Fela go Tsamaisa Nako?
  • Matswela a a Seng Monate a go Sulafalelwa
  • A Go na Le Tsela e e Motlhofo ya go Nyeletsa go Sulafalelwa?
    Tsogang!—1995
  • A Botshelo Jo bo Sa Khutleng Kwa Paradaiseng bo tla bo bo Lapisa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Nka Itumelela Jang go Ithuta Baebele?
    Tsogang!—2012
  • Boitlosobodutu jo bo Molemo bo Teng
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 2/8 ts. 20-21

A O Sulafalelwa Ke Botshelo? O ka bo Fetola!

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA SPAIN

MARGARET le Brian ba ne ba le mo dingwageng tse di fa gare tsa bo50 fa ba ne ba bona tshono e e molemo thata: go tlogela tiro pele ga nako mme ba bona phenshene e ntsi. Ke fa ba swetsa go leba kwa borwa kwa letsatsing le kwa matshitshing a Mediterranean. Ba ne ba sa tlhole ba tshwenngwa ke sepe—ba ne ba emetswe ke botshelo jwa boiketlo kwa ntlwaneng ya bone e e fa thoko ga lewatle.

Morago ga dingwaga tse pedi, dilo tse di molemo tse ba neng ba di solofetse di ne tsa simolola go sulafala. Brian o ne a tlhalosa jaana: “Sengwe le sengwe se ne se lebega se sa utlwale tota—malatsi a tlhomagana motho a sena se a se dirang. Gone mme, ke ne ke shapa, ke tshameka kolofo kana tenese, e bile ke bua fela thata fa ke kopana le mongwe yo a neng a ntheetsa. Ka eng? Ka dilonyana fela tse di sa reng sepe.”

Gisela, mmangwana yo o mo dingwageng tse di simololang tsa bo20, o na le mosetsanyana yo montle. Mo thapameng, mmè le morwadie ba tlwaetse go ya kwa parakeng, koo morwadie a dirang mebotwana ya mmu, a tlhomile mogopolo mo go yone, a dira dikuku tsa mmu le matlwana a mmu a itumetse. Fa a ntse a dira jalo, mmaagwe o ntse mo bankeng e e fa gaufi a lebile ngwananyana wa gagwe. A gone o mo lebile? O ntse fale, o reeditse radio ya gagwe e nnye. Mosi wa motsoko wa gagwe o dira gore a se ka a bona ngwana wa gagwe sentle. O sulafaletswe tota.

Peter, moithuti wa sekolo se segolo wa dingwaga tse 17, o ntse mo kamoreng ya gagwe, o dikologilwe ke didirisiwa tsa eleketeroniki tsa bosheng. O tobetsa motshameko mongwe wa gagwe wa bidio, mme o fitlhela o sa tlhole o mo kgatlha. O setse a o tshamekile ga makgolokgolo, e bile jaanong o itse kafa a ka fenyang ka teng fa a tshameka le motšhini ono. A reetse mmino? Mme ga go na epe ya ditheipi tse a nang natso e a iseng a e reetse ga masomesome. O bolela jaana ka kutlobotlhoko gonne a sulafaletswe: “Ga ke itse gore ke dire eng.”

A o Direla Fela go Tsamaisa Nako?

Gone mme, ga se mongwe le mongwe yo letsatsi la gagwe le sa kgatlheng e bile le sa itumedise. Ba bantsi ba tshela ba itumetse e bile ba na le dilo tsa botlhokwa tse ba di dirang mo botshelong, ba kgotsofadiwa ke go ithuta dilo tse disha, ka go tlhama dilo le go nna botsalano le batho—mme se se botlhokwa thata, go nna le botsalano le Modimo.

Lefa go ntse jalo, batho ba mefuta yotlhe ba a sulafala—bo ama Mojeremane a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 3 ba bao ba ileng ba botsolodiwa bosheng jaana. Bahumi ba babotlana ba ba ratang maemo ba ya kwa mafelong otlhe a a rategang a boitlosobodutu mo toropong, basha ba ba sa berekeng ba ba tsamaisang nako ka mmino o o lelediwang kwa godimo le dibiri tse di sa jeng madi a mantsi, modiri wa dingwaga tse di fa gare yo o fetisang mafelobeke a lebile thelebishene, motsamaisi yo o ikutlwang a sa itse gore a dire eng fa a tloga kwa ofising—botlhe ba ngongorega ka selo se le sengwe: go sulafalelwa.

Boradifilosofi ba bogologolo ba ne ba go bitsa taedium vitae (Selatini se se kayang go lapisiwa ke botshelo). Ka Sejeremane ke Langeweile (lobaka lo loleele). Nako e e gogang dinao, tiro e e sa itumediseng, go eletsa “go tswa o tsamaya” ke dilo tse di tlwaelegileng tse di supang go sulafalelwa.

Le bahumi tota ba ikutlwa jalo. Fa a sena go tlhalosa go tshelela mo letlepung ga bahumi, Roger Rosenblatt wa makasine wa Time o ne a akgela jaana: “Fa ba sena go nna le matlo a magolo le tshingwana e kgolo le diphologolo tse dintsi, meletlo le ditsala, bontsi jwa bahumi bo bolela eng? Ba re ba sulafaletswe. Ba sulafaletswe.”

Ka nako nngwe go ne go akanngwa gore fa o itapolosa kgapetsa o ka se ka wa sulafalelwa. Go ne go dumelwa gore fa motho a dira mo maemong a a siameng, a sa tlhole a dira dilo ka tsela e e lapisang ya bogologolo e bile a itapolosa thata seo se ne se tla dira gore motho fela yo o senang maemo a itumelele botshelo. Lefa go ntse jalo, ka maswabi ga go motlhofo jalo. Go swetsa gore motho o tla dira eng ka nako ya fa a ntse fela go ile ga bonala go le bokete go feta jaaka go ne go akantswe. Bontsi bo solofela beke yotlhe gore bo tlile go nna le mafelobeke a a monate, mme fa a tla ba fitlhela a sa nna jaaka ba ne ba solofetse.

Matswela a a Seng Monate a go Sulafalelwa

Bangwe ba leka go tila go sulafalelwa ka go dira thata. Batho ba ba nnang fela ba dira thata ba ile ba nna jalo gonne ba ne ba sa itse gore ba dire eng ka nako ya fa ba se kwa ofising. Bangwe ba tlosa go sulafalelwa ka go nwa bojalwa thata, kana ba lekeletsa diokobatsi go leka go bona boitumelo. Bontsi jwa bagaka ba boitlosobodutu ba ba tshelang ba tshwaregile thata mo botshelong ba leka go itlosa bodutu ka diokobatsi tse di tshwanang le khokeine, fa ba ikutlwa ba le lolea ba sena go opelwa magofi. Go sulafalelwa go ile ga lemogiwa e le gone lebaka la go oketsega ga bomme ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba sa nyalwang ba ba nang le bana, bao bontsi jwa bone bo neng bo akanya gore ngwana o tla dira gore ba nne le se ba se tshelelang.

Go sulafalelwa go amanngwa gape le go oketsega ga bokebekwa. Makasine wa Time o ne wa akgela ka gore bontsi jwa basha ba ba tlogelang sekolo fa ba na le dingwaga tse 16 ba ba senang se ba se dirang le batho ba ba tlhokang ditiro ba kwa Yuropa Bophirima, fa ba bapisiwa le bankane ba bone ba ba dirang, bone “ba ipolaya motlhofo, ba dirisa diokobatsi motlhofo, ba ithwala ka bontsi mme ba sa nyalwa e bile ba tlola molao motlhofo.” Seno se lebega se tlhomamisa seane sa bogologolo se se reng “Satane o naya diatla tse di sa direng sepe tiro e e bosula.”—Bapisa Baefeso 4:28.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela