LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/12 ts. 18-20
  • Nka Itumelela Jang go Ithuta Baebele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Itumelela Jang go Ithuta Baebele?
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng Se se Ka go Thusang go Ithuta o le Nosi Beke le Beke?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Thuto ya Baebele ya Batho Botlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tokafatsa Tsela e o Ithutang ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • A O Itumelela Thuto ya Gago ka Namana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 2/12 ts. 18-20

Basha ba Botsa Jaana

Nka Itumelela Jang go Ithuta Baebele?

Gone ke eng fa ke tshwanetse go ithuta Baebele? Akanya ka gone ka tsela eno:

Baebele e ka go thusa go bona letlotlo. Buka eno e e rekisiwang go gaisa e ka kgona

● Go go bontsha kafa o ka ipaakanyetsang go tshela botshelo jo bo molemo go gaisa ka teng

● Go go bolelela ka dilo tse di tla diregang mo isagweng—le tse di diregileng mo nakong e e fetileng—tse o neng o ka se di itse

● Go go thusa gore o ikitse le gore o nne motho yo o botokaa

GO TLHOKEGA maiteko gore o ithute Baebele mme melemo ya gone e megolo thata! A o ka rata go itse gore basha ba bangwe ba go dira jang? Segolola o bo o mena tsebe e e latelang. O tla nna le tshupiso ya ditsebe di le nnè e o ka e dirisang e e tla go bontshang kafa balekane ba gago ba fenyang dikgoreletsi ka teng le kafa ba solegelwang molemo thata ka gone ka go ithuta Baebele.

“Mongwe le mongwe a ka bona sengwe se se ka mo thusang mo Baebeleng. Go na le dilo tse dintsi tse o ka ithutang ka tsone!”—Valerie.b

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa Baebele e ka go direlang dilo tseo tsotlhe ka teng, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la lona kgotsa kwalela mo atereseng e e tshwanelang mo tsebe 5 ya makasine ono.

b Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 19, 20]

KAFA O KA ITHUTANG BAEBELE KA TENG

Bothata: GA GO NA SE SE GO TLHOTLHELETSANG

“Go fetsa ura ke ntse fa fatshe ke ithuta ga se selo se ka metlha go bonalang ke batla go se dira.”—Lena.

Se o se tlhokang: LEBAKA LE LE GO TLHOTLHELETSANG

Gore o itumelele go ithuta Baebele, o tlhoka go araba potso eno, Ke tla solegelwa molemo jang? A o ka rata go nna le botsalano le Modimo? go tlhaloganya botoka dilo tse di diregang mo lefatsheng? go tokafatsa botho jwa gago? Baebele e ka go thusa go dira dilo tseo—le tse dingwe!

“O se ka wa akanya ka gone e kete ke tiro kgotsa wa akanya ka gone e kete ke go ithuta kwa sekolong. Go na le moo, leba go ithuta Baebele e le tsela ya go atamalana le Tsala e kgolo go di gaisa tsotlhe—Jehofa Modimo.”—Bethany.

“Nako ya go ithuta ke nako ya gago le Jehofa Modimo. Fa o fetsa nako le mongwe fa batsadi ba gago ba le teng fela, a tota motho yoo ke tsala ya gago kgotsa ke tsala ya batsadi ba gago? Fa o ithuta o le nosi, Jehofa e ka nna tsala ya gago.”—Bianca.

Gakologelwa: “Sengwe le sengwe se se mo Dikwalong ke Lefoko la Modimo. Lotlhe le molemo go ruta le go thusa batho le go ba kgalemela le go ba bontsha gore ba tshele jang.” (2 Timotheo 3:16, Contemporary English Version) Baebele e ka go thusa le ka ditsela tseo!

“Ke leka go tlhoma mogopolo mo melemong ya gone. Fa go na le sengwe se ke tlhaelang mo go sone, nako ya go ithuta ke tshono ya gore ke baakanye bothata joo le go dira gore ke nne motho yo o botoka.”—Max.

Se o ka akanyang ka sone:

Ke eng se se ka go tlhotlheletsang go ithuta?

Bothata: GO LAPISEGA PELO

“Morago ga metsotso e le lesome ke ntse ke ithuta, ke simolola go lapa; mo metsotsong e le 20 ke setse ke batla go dira sengwe se sele; mo metsotsong e le 30 ke a bo ke lapile thata!”—Allison.

Se o se tlhokang: AKANYA KA DILO TSE DISHA

Dirisa tlhaloganyo ya gago, e ka tswa e le ka dilo tse o di ithutang, kafa o ithutang ka teng kgotsa lefelo le o tlhophang go ithutela mo go lone.

“Iphe nako ya go dira dipatlisiso ka dipotso tse o nang le tsone. Fa o ithuta ka sengwe se o ntseng o akanya ka sone, o tla ikutlwa o kgotsofetse fa o feditse—e bile o itumetse.”—Richard.

“Fa o ntse o bala ka tiragalo nngwe, ipone o le mo tiragalong eo. Dira e kete ke wena motho wa konokono yo go buiwang ka ene kgotsa motho yo o lebeletseng se se diregang. Leka go bona tiragalo eo ka leitlho la gago la mogopolo.”—Steven.

“Dira gore go ithuta e nne selo se o se itumelelang. Nna ka kwa morago ga ntlo mme o itshelele galase ya senotsididi. Ke rata go ja dijonyana tse di motlhofo fa ke ntse ke ithuta. Ke mang yo o sa rateng go dira jalo?”—Alexandra.

Gakologelwa: Go lapisega pelo ke selo se o se akanyang mme ga se ka metlha e leng selo sa mmatota. Ka jalo, go na le gore o re, “go ithuta go a lapisa,” e re “ke lapisega pelo.” Sikara maikarabelo a tsela e o lebang go ithuta ka yone. Seo se tla dira gore o kgone go laola boikutlo joo le go dira gore o tlhotlheletsege go dira sengwe ka gone.—Diane 2:10, 11.

“Go ithuta o le nosi ga go a tshwanela go lapisa pelo. E ka nna sengwe le sengwe se o batlang gore e nne sone.”—Vanessa.

Se o ka akanyang ka sone:

O ka akanya jang ka dilo tse disha mo thutong ya gago?

Bothata: GA GO NA NAKO

“Nka rata go ithuta Baebele mo go oketsegileng mme e re ka ke tshwaregile thata, bothata jwa me jo bogolo ke go bona nako ya go nna fa fatshe ke ithuta!”—Maria.

Se o se tlhokang: DILO TSE DI TLANG PELE

Tsela e nngwe ya go nna mogolo ke go ithuta kafa o ka ‘tlhomamisang dilo tse di botlhokwa thata’ ka teng.—Bafilipi 1:10.

“Mmè o ne a nthusa go lemoga gore le ka motlha nka se nne le nako e e oketsegileng. Ke ne ke tshwanetse go dira nako. Fa ke setse ke kgonne go tlhagolela keletso ya go ithuta, ke ne ka dira nako ya gone.”—Natanya.

“Fa ke ntse ke gola, ke ile ka ithuta gore ke tshwanetse go rulaganya nako ya go ithuta mme ke gone ke kgonang go ithuta, go sa kgathalesege gore go direga eng.”—Yolanda.

“Fa o dira gore go ithuta go tle pele ga boitapoloso, ke go tlhomamisetsa gore o tla itumelela go ithuta le go feta—mme o ka se ikutlwe o le molato fa o itapolosa.”—Diana.

Gakologelwa: Fa o sa itse gore ke eng se se tlang pele, o ka se kgone go laola nako ya gago mme o tla nna lekgoba la nako. Go botoka thata gore o tseye kgato mme o dire nako ya go ithuta.—Baefeso 5:15, 16.

“E re ka ke le moithuti wa sekolo se segolwane, go motlhofo gore ke tshwarege thata ka dilo tse dingwe! Le fa go ntse jalo, go dira maiteko a magolo a gore ke akaretse go ithuta Baebele mo thulaganyong ya me ke selo se se tlang pele mo go nna.”—Jordan.

Se o ka akanyang ka sone:

O ka itirela thulaganyo efe ya go ithuta?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 19]

DINTLHA TSE DI KA GO THUSANG GO TSWA GO BALEKANE

Zachary—O se ka wa ithuta fela se batsadi ba gago kgotsa batho ba bangwe ba se ithutang. Tota e nna thuto ya gago fa e le sengwe se wena o batlang go ithuta ka sone.

Kaley—Simolola ka dilo tse dinnye. Fa e le gore o tlhoka go dira jalo, ithute ka metsotso e le metlhano fela mme dira jalo letsatsi le letsatsi. Go tswa foo, o ka oketsa nako ya gago ka iketlo go nna metsotso e le lesome, metsotso e le 15 . . . Kgabagare o tla go itumelela!

Daniela—Dilo tse dinnye le tsone di ka dira pharologano e kgolo. Batla dipene tsa mebala e e farologaneng le buka e ntle ya go kwala dintlha kgotsa itirele faele mo khomputareng ya gago mme o bo o e kwala Thuto ya Botho.

Jordan—Fa ke tlhopha setlhogo se ke se ratang, ke kgona go fetsa nako e ntsi ke ithuta. Gape ke tlhoka lefelo le le didimetseng. Ga ke kgone go ithuta fa go na le modumo o montsi mo lefelong le ke ithutang mo go lone.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Segolola

Mena

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela