LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 4/1 ts. 4-7
  • Thuto ya Baebele ya Batho Botlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto ya Baebele ya Batho Botlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DIKARABO TSA DIPOTSO TSE GANTSI DI BODIWANG KA THUTO YA BAEBELE
  • Thuto ya Baebele ke Eng?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Re ka Bona Kae Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Botlhokwa ka Botshelo?
    Re ka Bona Kae Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Botlhokwa ka Botshelo?
  • Nka Itumelela Jang go Ithuta Baebele?
    Tsogang!—2012
  • A o ratile se o se ithutileng?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Simolola go Ithuta Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 4/1 ts. 4-7
Thuto ya Baebele

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A O KA RATA GO ITHUTA BAEBELE?

Thuto ya Baebele ya Batho Botlhe

Basupi ba ga Jehofa ba itsege thata ka tiro ya bone ya go rera phatlalatsa. Mme gone, a o a itse gore re na le thulaganyo ya go ithuta Baebele le batho mo lefatsheng lotlhe?

Monna a tshwere thuto ya Baebele kwa tirong

Ka 2014, Basupi ba feta 8 000 000 mo dinageng tse 240 ba ile ba ithuta Baebele le batho ba ka nna 9 500 000 kgwedi le kgwedi.a Boammaaruri ke gore, palo ya batho ba re ithutang Baebele le bone e feta palo ya baagi ba dinaga di ka nna 140!

E le gore Basupi ba ga Jehofa ba kgone go dira tiro eno ya go ruta, ba ile ba gatisa Dibaebele, dibuka, dimakasine le dikgatiso tse dingwe tsa go ithuta Baebele di ka nna bilione le halofo ngwaga le ngwaga ka dipuo di feta 700! Dikgatiso tseno di thusitse batho go ithuta Baebele ka dipuo tsa bone.

“Fa ke sa ntse ke tsena sekolo ke ne ke sa rate go ithuta mme thuto eno yone e ne e le monate. E bile dilo tse ke neng ke di ithuta di ne di nkgomotsa!”—Katlego, Afrika Borwa.

“Thuto eno ya Baebele e ne ya araba dipotso tsa me tsotlhe le tse dingwe tse dintsi.”—Bertha, Mexico.

“Thuto ya Baebele e ne e tshwarelwa kwa legaeng la me ka nako e e ntshiametseng. Tota ke ne ke tla re ke tlhokang!”—Eziquiel, Brazil.

“Gantsi thuto e ne e tsaya metsotso e le 15 go ya go e le 30—ka dinako tse dingwe go feta moo—go ikaegile ka maemo a me.”—Viniana, Australia.

“Ke ne ke itumedisiwa ke gore thuto eno e ne e le mahala!”—Aimé, Benin.

“Motho yo a neng a nthuta Baebele o ne a le pelotelele tota e bile a le pelontle. Re ile ra nna ditsala tsa mmatota.”—Karen, Borwa Jwa Ireland.

“Batho ba le bantsi ba ithuta Baebele le fa ba sa nne Basupi.”—Denton, Engelane.

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE GANTSI DI BODIWANG KA THUTO YA BAEBELE

Thuto ya Baebele e tshwarwa jang?

Re tlhopha ditlhogo tse di farologaneng tsa Baebele re bo re leba ditemana tse di tsamaisanang le dikgang tseo. Ka sekai, Baebele e araba dipotso tse di jaaka tseno: Modimo ke mang? O ntse jang? A o na le leina? O nna kae? A re ka atamalana le ene? Go ka nna thata go bona dikarabo tsa dipotso tseno mo Baebeleng.

Gantsi re dirisa buka ya ditsebe tse 224 e e reng Totatota Baebele e Ruta Eng? go thusa batho go bona dikarabo.b Buka eno e diretswe go thusa batho go tlhaloganya dithuto tsa motheo tsa Baebele. E na le ditlhogo tse di buang ka Modimo, Jesu Keresete, lebaka la go bo re boga, tsogo, thapelo le tse dingwe tse dintsi.

Thuto e ka tshwarwa leng le gone kae?

Thuto eno e ka tshwarwa ka nako le kwa lefelong le le go siametseng.

Thuto e tsaya nako e kae?

Beke nngwe le nngwe batho ba le bantsi ba dirisa ura kgotsa go feta ba ithuta Baebele. Mme gone, go ikaegile ka wena gore o batla e tshwarwe nako e kae. E ka tshwarwa ka nako e e go siametseng. Bangwe ba ithuta ka metsotso e le 10 kgotsa 15 beke nngwe le nngwe.

E ja bokae?

Thuto eno le dibuka tse di dirisiwang ke mahala. Seno se dumalana le se Jesu a se laetseng barutwa ba gagwe: “Lo amogetse mahala, nayang mahala.” —Mathaio 10:8.

Motho a ka ithuta go fitlha leng?

Seo se ikaegile ka wena. Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e na le ditlhogo di le 19. Go ikaegile ka wena gore o tla ithuta setlhogo sengwe kgotsa ditlhogo tsotlhe ka lobaka lo lo kae.

A fa ke ithuta ke tshwanetse go nna Mosupi wa ga Jehofa?

Nnyaa. Re tlotla tshwanelo ya mongwe le mongwe ya go itlhophela dilo tse a batlang go di dumela. Mme gone, kitso e motho a nnang le yone fa a ithuta Baebele e ka mo thusa go dira tshwetso e e botlhale.

Nka bona kae tshedimosetso e e oketsegileng?

Website ya jw.org/tn e na le tshedimosetso e e tlhalosang dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang le ditiro tsa bone.

Nka kopa jang thuto ya Baebele?

Batho ba kopa thuto ya Baebele ka ditsela tse di farologaneng: ka Internet, ka go kwala le ka go batla Basupi ba ga Jehofa mo bukeng ya dinomoro tsa mogala ya lefelo la bone
  • E kope mo www.jw.org/tn.

  • Kwalela mo go nngwe ya diaterese tse di mo tsebeng ya bobedi ya makasine ono.

  • Ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba ba gaufi le wena. O ka leba “Basupi ba ga Jehofa” mo bukeng ya dinomoro tsa mogala ya lefelo la lona.

a Gantsi thuto ya Baebele e tshwarelwa motho a le mongwe kgotsa setlhopha.

b E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa. Go setse go gatisitswe dikhopi tsa buka eno di le dimilione di feta 230 ka dipuo di feta 260.

GO THUSA MALAPA

Eziquiel

“Fa mogatsake a simolola go ithuta Baebele, ke ne ka lemoga diphetogo mo botshelong jwa gagwe. Botshelo jwa lelapa la rona bo ne jwa tokafala. Ke ne ke batla go itse gore o ne a ithuta eng, ka jalo le nna ka simolola go ithuta. Thuto eo e ne ya ntira motho yo o botoka. Go ithuta Baebele go dirile gore lelapa la rona le atamalane.”—Eziquiel.

Karen

“Fa ke sena go ithuta Baebele, ke ne ka tlogela go dirisa diokobatsi, ka tlogela go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng mme ka ithuta go laola bogale. Ntlo ya me e phepa. Ke rata lelapa la me thata e bile ke dira dilo tse di ba itumedisang. Le nna ke itumetse fela thata.”—Karen.

Viniana

“Batho ba bangwe ba nkgala ka gonne ke ithuta Baebele. Mme mogatsake o ne a nkema nokeng a bo a re: ‘Ga ke kgathale gore batho ba reng. Nna ke itumelela go bona botshelo jwa gago bo tokafala. Tswelela o ithuta.’ Botshelo jwa lelapa la rona bo tokafetse thata!” —Viniana.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela