LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 2/8 ts. 16-19
  • Reise—A o e Batla e Fufuditswe Kana e sa Fufudiwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Reise—A o e Batla e Fufuditswe Kana e sa Fufudiwa?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sejo se se Jewang ka Metlha ke Dimilione
  • Go Kotula Masimo a Reisi
  • Go Kotula le go Fufutsa
  • Tatso ya Dithoro
  • Tla o Bone Mmaraka wa Seafrika
    Tsogang!—2010
Tsogang!—1995
g95 2/8 ts. 16-19

Reise—A o e Batla e Fufuditswe Kana e sa Fufudiwa?

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA INDIA

‘AO JA reisi e e fufuditsweng kana e e sa fufudiwang?’ O ka nna wa bodiwa potso eo fa o etetse kwa legaeng la Baindia. Kwa India, mo e ka nnang 60 lekgolong ya reisi e jewa e fufuditswe (e apeilwe go le gonnye fela). Mme o ka gakgamadiwa ke gore merafe yotlhe ya Bophirima e ja se Baindia ba se bitsang reise e e sa fufudiwang!

Seno se ka nna sa se ka sa gakgamatsa fa o lemoga gore ga re bue ka tsela e go apewang reisi ka yone fa e tla go jewa, mme ka mokgwa o Baindia ba o dirisang fa ba ntse ba e kotula. Ka jalo, go dirwa jang, le gone ka ntlha yang? O tla bona dikarabo fa o ka keleka reise le fa o ka ela tlhoko tsela e e berekiwang ka yone jaaka thoro e e jewang.

Sejo se se Jewang ka Metlha ke Dimilione

Dilo tse di bonweng ke baithutamarope le direkoto tsa bogologolo di supa gore reise e ne e jalwa kwa India le kwa China bogologolo mo mileniamong wa boraro B.C.E. Baagi ba bogologolo ba India ba ne ba e bitsa dhanya, kana “mmelegabatho.” Leina leo le santse le tshwanela ka gore batho ba bantsi ba tshela ka reisi go gaisa sejalo sepe fela. Bontsi jwa batho bano ba nna kwa Asia, koo, go ya ka metswedi mengwe, batho ba ba fetang dimilione tse 600 ba bonang dikilojoule tse di fetang sephatlo mo dijong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi mo go jeng reisi le koo go feta 90 lekgolong ya reisi ya lefatshe e jalwang le go jewa teng.

Molomo wa noka ya Ganges o o bongola wa boboatsatsi ke lengwe la mafelo a go lengwang reisi thata kwa go one. Pula e ntsi le themperetšha e e bothito, mmogo le badiri ba bantsi, di dira gore go kgonwe go lengwa reisi mo lefelong leno. A re yeng kwa ditsaleng tsa rona tse di re laleditseng tse di nnang mo motseng ono mme re iponele ka borona kafa reisi e kotulwang ka teng le go berekiwa ka teng.

Go Kotula Masimo a Reisi

Bese ya rona e re isa kwa Jaidercote kwa Bengal Bophirima, mme re tswelela ka loeto lwa rona go tsenelela kwa teng ga naga re pagame baesekele ya maotwana a mararo e gogwa ke ritšha. Ka bonako fela re bona batho ba ba dirang ka natla mo masimong. Ga go na metšhini e e kotulang fano! Go na le moo, borre, barwa, bomalome, le bomorwarre ba dira mo masimong a reisi, ba sega matlhaka a sekae ka botswerere ka sekele e nnye. Mongwe wa ba ba kotulang, fa a lemoga gore re tsaya dinepe, o feleletsa go bofa ngata ya gagwe ka lotlhakanyana a bo a e tsholetsa gore a tsewe senepe sentle. Re a tshega fa re bona kafa batho bano ba ratang ka teng go tsewa dinepe.

Dingata tseno di lesiwa mo letsatsing ka lobaka lwa letsatsi le le lengwe kana a mabedi gore di ome. Ba babotlana mo lelapeng le bone ba ka thusa, ba isa mekgobenyana ya dingata tse di omileng kwa gae ba di tshwere sentle mo diatleng.

Kgabagare re fitlha kwa motseng. “Lekae, Dada?” re dumedisa yo re mo etetseng jalo re dirisa lefoko la go tlotla. Go nyenya ga gagwe go re tlhomamisetsa gore sengwe le sengwe se siame mme re bona mosadi wa gagwe a itlhaganelela go ya go re direla tee.

Fa re ntse re nwa tee ya mo mosong jalo, re mmotsa gore ba kotutse jang ngwaga ono. “Go ne go se maswe,” o araba jalo jaaka balemi ba dira ba sa bolele gotlhe, mme o tlhalosa fa a utlwisiwa botlhoko ke gore dikotla tse di mo mmung di fediwa ke go jalwa ga dipeo tse di ntshang dijalo tse dintsi mo dingwageng tsa moragonyana jaana. Kwa tshimologong di ne di ntsha dijalo tse di neng di lebega e kete ke tsa dikgakgamatso, mme jaanong ga go tlhole go ntse jalo. Menontsha ya dikhemikale e e tlhokegang fa o jetse dipeo tse di ntshang dijalo tse dintsi e ja madi a mantsi tota, mme ga a kgone go e duelela.

Go Kotula le go Fufutsa

Fa re fetsa dijonyana tsa rona, re kopa lelapa leno gore le tswelele ka tiro ya go kotula, e re tletseng go e bona. Batho ba legae leno ba setse ba phothile. Kwa tlasenyana mo tseleng eo, mo legaeng le le bapileng le bone, basadi ba a dira koo. Ba itaya dingata ka bongwe ka bongwe mo boalong jo bo kwa godingwana jwa bamboo mme ba letla dithoro di wela kwa tlase ka manga. Letlhaka le le salang le a kgobokanngwa.

Reisi e e iseng e dirwe sepe, e gape e bidiwang paddy, e na le lekape le le thata, le mala a sa kgoneng go le sila. Ka jalo, mo go bao ba ratang reisi e e sa fufudiwang se se setseng fela ke gore e ntshiwe makape, gongwe e rethefadiwe le go ntshiwa moroko fa e le gore e tlile go romelwa kwa mebarakeng ya dinaga di sele e e batlang dilo tse di siameng thata.

Lefa go ntse jalo, thobo eno, ga e tle go romelwa kwa dinageng di sele mme e tlile go jewa ke malapa a balemi. Ba boloka dithoro tseno mo teng ga tikri, kana sefalana sa lelapa se se ruletsweng ka bojang. Batho ba ba nnang fa molomong wa noka ya Ganges gantsi ba ja reisi e e fufuditsweng, mme re bua fela re tshameka le motho yo re mo etetseng gore a dire reisi e e sa fufudiwang ngwaga ono.

“Ruri nka se ka,” o araba jalo. “Mo dikarolong tseno tsa lefatshe re tlwaetse reisi e e fufuditsweng e bile ga re loke reisi e e sa fufudiwang ka tsela e e tshwanang.”

Re ne re utlwile gore reisi e e fufuditsweng e inelwa mo metsing e bo e bedisiwa go le gonnye, mme ga re itse gore tota seno se dirwa jang. Se se itumedisang ke gore tsala ya rona e ithaopela go re bontsha kafa lelapa la gagwe le dirang seno ka teng. Ga go tlhokege didirisiwa tse di kgethegileng ka gore go dirwa go le gonnye ka nako go ya ka se lelapa le tla se tlhokang mo bekeng e le nngwe kana tse pedi. Ba tlatsa hanri kana pitsa e kgolo e e apayang, ka dithoro tse di nang le makape tse di ntseng di beilwe mo teng ga tikri ba bo ba tshela mo e ka nnang litara ya metsi. Morago di thutafadiwa mo molelong wa matlhaka o o bidiwang oonoon, go fitlha metsi a kgala. Morago di inelwa mo metsing a mangwe bosigo jotlhe, mme fa di sena go tlhotlhiwa metsi, di busediwa gape mo teng ga hanri gore di bele go fitlha di oma gape. Kwa bokhutlong, dithoro tseno di tshelwa fa fatshe gore di omisiwe ke letsatsi, di ntse di fetolwa kgapetsakgapetsa ka leoto.

Mo go rona eno e ne e lebega e le tiro e ntsi tota e e sa tlhokegeng, mme kwantle ga gore lelapa leno le rata thata fa e dirilwe jaana, gone go na le molemo mongwe. Fa o e fufutsa dibithamine dingwe le dikotla tse di mo thorong ya reisi di tsenelela kwa teng mo pelwaneng ya reisi, kana karolo e e nang le dikotla ya reisi. Tsone ga di kitla di tswa morago fa e tlhatswiwa le go apewa. Seno se sala e le dijo tse di nang le dikotla tota. Dikotla tsa yone di botlhokwa thata mo go ba ba jang reisi letsatsi le letsatsi.

Mosola o mongwe o balemi ba o itumelelang ke gore dithoro tsa reisi e e fufuditsweng di kgona go bolokiwa motlhofo e bile makape a tsone a oboga motlhofo. Seno mmogo le go bo di dirilwe gore di nne thata, se dira gore di se ka tsa robega motlhofo.

Tatso ya Dithoro

“Jaanong ke nako ya tee le dijonyana tse di motlhofo,” go bolela jalo yo o re laleditseng. Re boela kwa legaeng la gagwe koo Dida (Nkoko) a dirileng teng moori. Reisi eno e e fetsang go gadikiwa e ratwa ke botlhe, segolobogolo bana. Dida o khubame fa pele ga oonoon, o gadika dikopi di le mmalwa tsa reisi e e fufuditsweng e e senang makape e a neng a setse a e kolobeditse e bile a e lokile letswainyana. Dithoro tseno di omile e bile di mafafara mo a kgonang go di gasa mo paneng ya tshipi e e nang le mmu o o molelo. Fa a ntse a gotetsa mmu ono, reisi eno e buduloga makgetlho a a fetang bogolo jwa yone jwa tlwaelo. Moori o o setseng o siame o okolwa fa godimo ga mmu ka dikalanyana pele o sha. Dikalanyana tseno gape di dirisediwa go itaya diatlanyana tse di batlang go tsena mo serotong sa moori o o bolelo.

Re ja moori wa rona mmogo le khokonate mme re iketse tlhoko gore re se ka ra ja thata, jaaka re gakologelwa gore nako ya go ja dijo tsa motshegare ga e kgakala thata.

Tiro ya bofelo e re tshwanetseng go e bona ke fa go tlosiwa makape. Go fitlha moragonyana jaana seno se ne se ntse se dirwa ka kika le motshe tse di bidiwang dhenki tse di neng di tsamaisiwa ka leoto mme jaanong le kwa mafelong a a kwa thokothoko tota go dirisiwa metšhini e e ntshang makape ano ka bofefo tota. Mokgwa ono ga o itumedise bangwe ba batho ba bagolo gonne reisi e e phothilweng ka dhenki e tlogela lekape le lehibidu le le kafa gare la dithoro tseno le ntse le le teng, leo le dirang gore e utlwale ka tsela nngwe e bile le oketsa dikotla mo dijong tseno. Lefa go ntse jalo, motšhini ono o tlosa sengwe le sengwe—makape, moroko, le bogolo jwa bogare jwa yone—o tlogela fela bosweu, le pelwana e e tletseng setatšhe e e ratiwang thata gompieno.

Basadi jaanong ba batla gore re je dijo tse ba di apeileng. Ba apeile reisi e e fufuditsweng ka go e bedisa, mme jaanong e tsholelwa mo dijaneng tsa matlhare a panana. Morago go latela letlhodi, merogo ya mo lefelong leo le tlhapi gore di jewe le reisi. Rotlhe re dumelana gore eno ke karolo e e monate go di gaisa ya loeto lwa rona.

Ee, reisi ke sejo se se monate thata se re se filweng o ka tswa o e ja e fufuditswe kana e sa fufudiwa, ke nngwe ya ditlhaga tse ditala tse Modimo a dirileng gore di mele “go nna thuso ya batho.”—Pesalema 104:14.

[Lebokoso mo go tsebe 18]

Jhal Moori

Mo dikarolong tse dintsi tsa India, reisi e e gadikilweng e rekisiwa mo mebileng ke barekisi ba ba apereng diaparo tse di mebalabala. Jhal moori e e monate le e e tletseng dikotla e dirwa motlhofo e bile e botoka thata mo dijonyaneng tse di tlwaelegileng tse di diretsweng ruri.

Tsaya kopi e e tletseng ya reisi e e gadikilweng e e sa tshelwang sukiri, mme o bo o tsenya dilo tse di latelang go natetsha: ditamati tse di segeletsweng bosesane, dieiye, komokomore, ditšhilisi tse ditala (fa o batla), manokonyana, dierekisi (fa o batla), chaat masala (diloki tse di tlhakatlhakaneng, tse di bonwang mo mabenkeleng a Baindia) kana letswainyana le pepere, halofo ya leswana la tee la oli ya masetete kana oli ya salate. Tlhakatlhakanya dilo tseno thata, o bo o ja ka bonako.

E re ka ditatso tsa dilo di sa tshwane, morekisi wa moori o letla moreki gore a itlhophele merogo le diloki tse di farologaneng tse a nang le tsone le gore a mo tshelele go le kana kang. O ka nna wa di tsenya mo dijaneng tse di farologaneng mme wa letla baeti ba gago gore ba itlhakanyetse moori kafa ba batlang ka teng.

[Ditshwantsho mo go tsebes 16, 17]

(1) Go photha matlhaka a reisi (2) Go fefera (3) Dida o dira “moori” (4) Seroto sa “moori” o o nang le dinatetshi tse di farologaneng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela