Kgopolo E E mo Bibeleng
Fa go Seng mo Lenyalong e le Mpho
‘KE JEWA ke bodutu,’ go bolela jalo ka kutlobotlhoko mosadi mongwe wa Mokeresete yo o nang le dingwaga di le mmalwa e le motlholagadi. ‘Ke ne ke ntse ke solofetse go bona molekane. Go tshwarega mo tirong go a thusa. Go nna le ditsala go a thusa. Mme fela ke batla go nyalwa.’
Fa o eletsa go nyalwa mme maiteko a gago a go senka molekane a sa atlege, go nna o se mo lenyalong ga go lebege e le mpho—o ka nna wa ikutlwa sa gago fela e le go tlhola o sulafaletswe mo go dirang gore o kgobege marapo o bo o tshwenyege thata mo maikutlong. Kana fa e le gore o setse o na le lelapa mme o se mo lenyalong, o ka nna wa bo o lebanwe ke maikarabelo a go tlamela bana ba gago ka tsotlhe tse ba di tlhokang.
Ka gone, o ka nna wa se ka wa akanya gore go nna jalo o se mo lenyalong ke mpho. Lefa go ntse jalo, batho ba bangwe ba tsaya go nna o se mo lenyalong e le selo se se botlhokwa tota mme ba itlhophela go tshela ba le nosi fela. Ka jalo, a go nna o sa nyala kana o sa nyalwa ke mpho, fa e le gore go ntse jalo, ke leng e leng mpho, mme ka ntlha yang? Baebele yone ya reng?
A go Kgoreletsa Boitumelo?
Lenyalo e ka nna motswedi wa boitumelo jo bogolo. (Diane 5:18, 19) Bangwe “ba tlhatswegile pelo gore lenyalo ke lone fela tsela ya go bona boitumelo,” go rialo Los Angeles Times. A lenyalo ke lone fela “selo se se ka dirang gore” o itumele?
Ruth Luban, yo tiro ya gagwe e leng go thusa batho ba malwetsi a tlhaloganyo o bolela jaana go ya ka Los Angeles Times: “Basadi [le banna] ba ka gakgamala thata go lemoga kafa ba tla kgotsofalang ka teng mo botshelong fa ba ne ba ka tlogela go tlhola ba itima monate wa botshelo ka go akanya gore monna [kana mosadi] mongwe o tla ba namola mo botshelong jwa go nna ba se mo lenyalong.” Ee, go nna o se mo lenyalong ga go kgoreletse gore o se ka wa itumela le go kgotsofala mo botshelong. Batho ba le bantsi ba ba tlhalaneng ba ne ba tla go bolelela gore lenyalo ga se lone le ka dirang gore motho a itumele. Boitumelo jwa boammaaruri bo nna gone fa motho a na le botsala jo bo molemo le Modimo. Ka gone, Mokeresete a ka tshela ka boitumelo a se mo lenyalong kana a le mo lenyalong.—Pesalema 84:12; 119:1, 2.
Kwantle ga go umaka dikgoreletsi tse motho a ka di ipeelang, Marie Edwards le Eleanor Hoover mo bukeng ya bone ya The Challenge of Being Single, ba re lemotsha selo se sengwe gape se se ka kgoreletsang motho go itumela—go gatelelwa ke ba o tsalanang le bone. Ba re, “batho ba akanya gore fa o se mo lenyalong, o tshwanetse wa bo o na le bokoa bongwe jo bo masisi thata mo maikutlong jo bo sa lemotshegeng. . . . Eleruri o tshwanetse wa bo o na le bothata bongwe.”
Tota le ditsala tse di molemo di ka nna tsa tlhorontsha batho ba ba seng mo lenyalong ba sa lemoge, ka go nnela go botsa ba re, ‘O tla nyala leng he?’ kana, ‘Go tla jang gore monna yo o lebegang sentle jaaka wena a bo a ise a bone mosadi?’ Le mororo dikakgelo tseo e ka tswa e le tsa go itshamekela fela, di ka go ‘tlhaba jaaka lerumo,’ mo go ka dirang gore o utlwe botlhoko kana o tlhajwe ke ditlhong.—Diane 12:18, NW.
Mpho ya Mongwe le Mongwe
Moaposetoloi Paulo o ne a sa nyala ka nako ya fa a dira tiro ya borongwa. A e ne e le ka gonne a sa rate lenyalo? Legoka. Moaposetoloi Paulo o ne a itlhophetse go nna a sa nyala ka “ntlha ya Mafoko a a Molemo.”—1 Bakorinthe 7:7; 9:23.
Paulo o ne a kgona go nna a sa nyala lefa go ntse jalo, o ne a itse gore ga se mongwe le mongwe yo o neng a ka tshwana le ene. O ne a re: “Motho mongwe le mongwe o na le neo ya gagwe e e tswang Modimong, mongwe ka mokgwa o, yo mongwe ka o sele.”—1 Bakorinthe 7:7.
Go nna o se mo lenyalong e ka nna tsela e e ka go leretseng boitumelo le mororo e ka tswa e se e o ikaeletseng go e tsaya. Ke boammaaruri gore, lenyalo ke nngwe ya dimpho tse dintsi tse Jehofa a di abelang batho. Lefa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore fa o se mo lenyalong le gone e ka nna “neo”—fa o ka kgona, ‘e itsholele.’ (Mathaio 19:11, 12; 1 Bakorinthe 7:36-39) Mme gone, melemo ya fa o se mo lenyalong ke efe?
Paulo o ne a re banyalani ba tlhobaela kaga kafa ba “ka kgatlhang” balekane ba bone ka teng, mme ba ba seng mo lenyalong bone ba tlhobaela kaga kafa ba “ka kgatlhang Morena ka teng.” Seno se re lemotsha mongwe wa melemo e megolo ya fa o se mo lenyalong—tshono ya go direla Jehofa o sa ‘akgaakgege.’—1 Bakorinthe 7:32-35.
Baebele ga e bolele gore batho ba ba seng mo lenyalong ba tshela ba sa akgaakgege gotlhelele. Lefa go ntse jalo, gantsi motho yo o nnang a le nosi ga a akgaakgege thata jaaka motho yo o nang le lelapa, ka gonne fa a dira ditshwetso, e a bo e le tse di lebaneng ene fela. Ka sekai, fa Modimo o ne o laela Aberahame gore a tswe kwa Harane mme a fudugele kwa nageng ya Kanana, Baebele e bolela gore: “Aberame a tsaya Sarai mosadi wa gagwe, le Lote morwa monnawe, le thoto ya bone yotlhe fela e ba neng ba e bapetse, le batho ba ba ba bonyeng mo Harane; ba tswa ba [tsamaya].” (Genesise 12:5) Le mororo lelapa la ga Aberahame le ile la se ka la mo kganela go dira jalo, kwantle ga pelaelo o ne a fetsa nako e ntsi a rulaganya dilo le lelapa la gagwe gore a kgone go dira tiro eo.
Bapisa go fuduga ga ga Aberahame le ga ga moaposetoloi Paulo. Fa Paulo le Silase ba ne ba rera mafoko a a molemo kwa motseng wa Thesalonika segopa sa batho se se shakgetseng se ne sa ba tlhasela. Mo go jone bosigo joo, bakaulengwe ba ne ba tshabisetsa Paulo le Silase ka bonako kwa Berea. Ka nako nngwe fa Paulo a le kwa Teroase o ne a bona ponatshegelo ya gore ‘a kgabaganyetse kwa Maketonia, a ye go thusa.’ Ka bonako fela morago ga ponatshegelo eo o ne a tswa a ya kwa Maketonia. Kwantle ga pelaelo, ka gonne Paulo a ne a sena mosadi, o ne a kgona go ya gongwe le gongwe nako nngwe le nngwe, selo se se neng se tla nna thata tota fa a ne a ka bo a na le lelapa.—Ditiro 16:8-10; 17:1-15.
Molemo o mongwe gape o batho ba ba seng mo lenyalong ba nang le one ke kgololesego e kgolo e ba nang le yone ya go tlhopha dilo tse ba di ratang. Fa o nna o le nosi, go motlhofo thata go swetsa gore o nne kae, o tla ja eng, leng kana tota le gore o tla robala leng. O gololesegile ka tsela e e tshwanang mo dilong tsa semoya. O na le nako e ntsi go ithuta Lefoko la Modimo ka namana, go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa, le go sola molemo tshono ya go thusa batho ba bangwe.
Ka gone, e ka ne o se mo lenyalong ka ntlha ya go rata ga gago kana ka ntlha ya go patelediwa ke maemo, kgaratlhela go sola nako ya gago molemo. O tla nna ka boitumelo fa o ka dirisa go seng mo lenyalong ga gago o thusa batho ba bangwe. (Ditiro 20:35) Fa e le gore o eletsa go tsena mo lenyalong se nnele go tlhola o hutsafetse kana o tshela jaaka e kete o a tlhaela fela ka gonne ga o ise o bone ‘motho yoo yo o batlang go tsena mo lenyalong le ene.’ Direla Modimo ka natla, mme jaaka fa Paulo a boletse, o ka nna wa fitlhela go seng mo lenyalong e le mpho.