LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 4/8 ts. 21-23
  • Nka Dirang Gore Ke se Ikutlwe Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dirang Gore Ke se Ikutlwe Jaana?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Itemoga fa o Akanya ka Tsela e e Phoso
  • “Dithuto” Tse di Botlhoko Tsa Maloba
  • Go Fetola Kakanyo ya Gago
  • Nka Tila Jang go Kgatlhegela Batho ba Bong o bo Tshwanang Le Jwa Me?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Ke Eng fa ke Ikutlwa Jaana?
    Tsogang!—1995
  • Bosodoma—A Tota bo Maswe Thata Jalo?
    Tsogang!—1995
  • Bosodoma—Nka bo Tila Jang?
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 4/8 ts. 21-23

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Dirang Gore Ke se Ikutlwe Jaana?

“Le mororo gone jaanong ke utlwa bosodoma bo ferosa sebete, ka dinako tse dingwe ke iphitlhela ke bo kgatlhegela. Maikutlo ano a ntshwenya, ka dinako tse dingwe a ntshwenya motshegare le bosigo. Ke ile ka rapela Jehofa ke sa kgaotse, ‘Tlosa maikutlo a a maswe ano mo go nna!’ A ruri a tla tsamaya?”—Dennis.a

BASHA ba bantsi ba Bakeresete—ba basimane le ba basetsana—ba ile ba kopa go thusiwa jalo ba tlaletswe. Ba ikutlwa ba kgatlhegela bosodoma mme ga ba batle go dira boitsholo jo bo botlhaswa, go tsenwa ke malwetsi, le boitsholo jo bo maswemaswe jwa go tshela ka tsela eno. Se se botlhokwa le go feta, ba batla go itumedisa Modimo, mme e bile o kgala bosodoma a tlhamaletse mo Lefokong la gagwe.—Baroma 1:26, 27; Bakolosa 1:10.

Gantsi go bolelwa gore basodoma ga ba kake ba fetoga. Lefa go ntse jalo, seno ga se boammaaruri. Go na le Bakeresete bangwe ba pele ba e neng e kile ya bo e le basodoma, mme ba ne ba fetoga. (1 Bakorinthe 6:9-11) Ee, go farologana le ditlhamane tse di itsegeng, batho ba kgona go fetoga e bile ba a fetoga. Lefa go ntse jalo, lefa mosha a ka kgona go tila ditiro tsa bosodoma, a ka nna a fitlhela go le bokete go tlosa keletso ya bosodoma gotlhelele. Lekau lengwe le ne la ipolela jaana: “Ke lekile go fetola kafa ke ikutlwang ka teng. Ke rapetse Jehofa gore a nthuse. Ke badile Baebele. Ke utlwile dipuo tse di buang ka kgang eno. Mme ga ke itse gore ke direng.”

Tota seno ga se kake sa fela ka kgakgamatso kana ka bonako fela. Dennis o gakologelwa jaana: “Ke ne ka dira boitsholo jo bo botlhaswa le basadi ke re ke leka go nna ‘monna.’ Seno se ne sa se ka sa thusa sepe e bile se ne sa baka mahutsana fela.” Lefa go ntse jalo, motho a ka kgona go itshokela maikutlo ano fa a dirisa melaometheo ya Baebele.

Go Itemoga fa o Akanya ka Tsela e e Phoso

Sa ntlha, lemoga gore motho o dira sengwe ka gonne a ntse a se akanya. (Isaia 55:6, 7; Jakobe 1:14, 15) Eleruri, Dr. Wayne W. Dyer o akgela jaana: “Ga o kake wa ikutlwa ka tsela nngwe ka sengwe o ise o akanye ka sone.” Ka jalo motho o eletsa bosodoma gonne a tlhola a akanya ka tsela e e phoso ka jone, ka batho ba bong bo sele, thatano le dilo tse dingwe. Pele motho a ka ‘shafatsa’ le go fetola kakanyo ya gagwe, o tshwanetse a lemoga pele dilo tse a tlholang a di akanya. (Baroma 12:2) Fa o ka dira jalo o tla kgona go lemoga gore tota ke ka ntlha yang o kgatlhegela ba bong jo bo tshwanang le jwa gago.

Motho a ka dira jalo jang? Tsela nngwe ke go rapela, fela jaaka mopesalema a ne a rapela jaana: “Modimo, a ko o mphukutse, o bo o itse pelo ya me; nteka, mme o itse megopolo ya me; O bone fa go na le mokgwa mongwe wa boikepo mo go nna.” (Pesalema 139:23, 24) O ka bona thuso gape ka go bolelela Mokeresete mongwe yo o botlhale le yo o godileng sentle kafa o ikutlwang ka teng. Fela jaaka Diane 27:17 e bolela “tshipi e lootsa tshipi.” Lekawana lengwe le ne la ipolela jalo mo mogolwaneng mongwe wa Mokeresete yo a neng a itsege gore o a tlhaloganya le gore o kutlwelobotlhoko. Go ne go se motlhofo go bolelela ope sephiri seno sa gagwe, mme ba ne ba nna ditsala tota go tloga foo. “Ke kgona go mmolelela sengwe le sengwe,” o bolela jalo. Mogolwane yono ga a reetse fela, mme o botsa dipotso ka botswerere, a dira gore lekawana leno le ntshe maikutlo le dikgopolo tsa lone.—Bapisa Diane 20:5.

Fa mosimane a ne a na le rre yo o sa mo kgathaleleng kana yo o mo sotlang, a ka nna a ikutlwa a kgatlhegela ba bong jwa gagwe fela ka go leka go batla go bona lorato lwa borre. E re ka a ise a ko a nne le rre, a ka nna a ikutlwa jaaka Dr. Joseph Nicolosi a bolela “a ikutlwa a le bokoa a sa kgone sepe fa go tla mo dinonofong tsa bonna tse di jaaka, maatla, go iteka ka natla, le nonofo.” Fa motho a ka ela tlhoko dinonofo tseno tse di kgethegileng tse a ikutlwang a tlhaela mo go tsone, a ka nna a gakgamadiwa ke go fitlhela gore dinonofo tseno ke tsone tse di mo kgatlhang mo banneng ba bangwe.

“Dithuto” Tse di Botlhoko Tsa Maloba

Basha ba bangwe ba lemoga gore mathata a bone a bakilwe ke dilo tse di botlhoko tsa nako e e fetileng. Mosetsana mongwe o gakologelwa jaana: “Ke ne ke tlhola ke leba dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo tse di buang ka bosodoma. Ke ne ka simolola go ikutlwa ka tsela eno e e seng ya tlholego.” Lekawana lengwe le bolela jaana: “Rre o ne a tlhakanela dikobo le nna. Ka jalo, go tlhakanela dikobo le motho mongwe wa monna e ne e le selo se se siameng fela mo go nna.” Dilo tse di botlhoko tseo di ka dira gore batho ba di ba diragaletseng ba ile kana le gone go boifa ba bong bo sele kana go tsaya gore lorato ke selo se se supiwang fela ka mmele. Mongwe yo o neng a dirwa jalo o tlhalosa gore keletso ya gagwe ya tlhakanelodikobo ke “selo fela se se tlhotlhelediwang ke maikutlo, e seng se a utlwang monate wa sone—se a supediwang go nenekediwa le go tlhaloganngwa ka sone.”

Lefa go ntse jalo, gone dilo tse di bakang bosodoma di raraane e bile bontsi jwa tsone ga bo kake jwa tlhalosiwa motlhofo.b Lefa go ntse jalo, lefa go akanya ka tsela eno e e phoso go ka bakiwa ke eng, go na le dilo tse dintsi tse di ka dirwang go go baakanya.

Go Fetola Kakanyo ya Gago

Selo se se gaisang thata ke go dirisa Lefoko la Modimo. Ka sekai, akanya ka lekawana le le iphitlhelang le kgatlhegela banna ba ba nang le dinonofo tsa bonna tse ene a ikutlwang a sena tsone. Kana lekgarebe le le tshabang makau. Tsela e le nngwe e botlhe ba ka ithutang ka bonna jo bo siameng ke ka go ithuta sekao sa ga Jesu. (1 Petere 2:21) E ne e le sekao se se itekanetseng sa motho yo o nang le nonofo ya bonna a e lekalekanya le bopelonolo. (Mathaio 19:14; Johane 19:5) Ka jalo, lekawana lengwe le fitlhela go le mosola thata go ithuta buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela.c “Fa ke ntse ke ithuta kaga Jesu seno se nthuta tota kafa monna a tshwanetseng go nna ka teng,” o bolela jalo.

Go tlhatlhanya ka ditemana tsa Baebele tse di buang ka ditlhogo tse di mabapi le tsela e Modimo o lebang ka yone tlhakanelodikobo, lorato, go tsalana le batho ba bong jo bo tshwanang le tsone di ka go thusa go fetola tsela e o akanyang ka yone.—Genesise 1:27, 28; Ruthe 1:16, 17; 1 Samuele 18:1; Diane 5:18, 19; 1 Bakorinthe 13:4-8.

Go botlhokwa thata gore motho a tile go nnela go akanya dilo tse di phoso. Gantsi keletso eno e nna maatla thata fa motho a jewa ke bodutu, a tshwenyegile thata mo maikutlong kana a swabisitswe ke sengwe. (Diane 24:10) “Tsela fela e re ka fetolang se re leng sone ka yone ke fa re ka tlogela go akanya dilo tse di phoso mme re akanye tse di molemo fela,” go bolela jalo mosadi mongwe wa Mokeresete. Fa a eletsa sengwe se se leswe, o ikgakolola tsela e Modimo o lebang bosodoma ka yone. Mosimane mongwe wa dingwaga tsa bolesome o bolela jaana: “Fela fa ke nna le keletso ya bosodoma, ke tlhatlhanya ka temana e ke e ratang thata ya Baebele.” (Bapisa 2 Bakorinthe 10:4; Bafilipi 4:8.) Ba bangwe ba ile ba fitlhela go thusa go letsa nngwe ya ditheipi tse di thailweng mo Baebeleng tsa Mokgatlho wa Watch Tower go fitlha ba thulamela.

Fela jaaka se re se akanyang se ama se re se dirang, se re se dirang le sone se ka ama kafa re akanyang ka teng le maikutlo a rona. Ka jalo, motho o tshwanetse go kgaotsa go itshwara le go tsalana le ba ba ka tsosang keletso e e phoso kana ba e nonotsha. (1 Bakorinthe 15:33) Gape, motho a ka nna a tlhoka go ‘itlhokomela’ fa a tsena mo matlwaneng a boithusetso a botlhe, kwa matshitshing a lewatle, kwa go aparelwang teng le mafelo a mangwe a a ka dirang gore motho a raelesege.—Pesalema 119:9.

Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ke mokgwa o mongwe o o tshwanetseng go tilwa. Mo banneng le basadi ba bantsi ba basodoma seno ke selo se ba se dirang fela ba sa kgone go se laola. “Ke sale ke na le bothata jwa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ke santse ke na le dingwaga di le thataro,” go bolela jalo lekawana lengwe. “Go ijesa dijo tsa ditoro ka tlhakanelodikobo go ile ga nonotsha maikutlo a me a bosodoma.” Lwa le mokgwa o o maswe ono!d—Bakolosa 3:5.

Kafa letlhakoreng le lengwe, gape go botlhokwa gore motho a itshware ka ditsela tse di siameng. Bangwe ba ile ba akantsha gore fa lekawana le na le dinonofo tsa bonna le ka se ka la kgatlhegela banna thata. Gone mme, lekawana le ka nna la se ka la itse gore le ka dira seno jang fa e le gore ga le a tshela le motho yo o nonofileng wa monna mo bongwaneng jwa lone. Le ka nna la se ka la kgotsofalela mmele wa lone kana la ikutlwa le sa nna sentle kana le tlhaela bonna. Go dira tiro ya diatla, go itshidila mmele ka selekanyo kana go itapolosa ka motshameko mongwe gantsi go a thusa mo kgannyeng eno. (Bapisa 1 Timotheo 4:8.) Mme fela jaaka lekawana Timotheo le ne la nna jaaka morwa mo go moaposetoloi Paulo, motho a ka nna a fitlhela go thusa thata gore a tsalane ka tsela e e lekalekaneng thata le monna mongwe yo o godileng wa Mokeresete. (Bafilipi 2:19-22; 2 Timotheo 3:10) Go itlhomela melelwane mo boitshwarong le go gololesega go ntsha mafatlha a gago, go ka dira gore botsalano joo e nne jo bo lorato o bo o mo ikanye mme lefa go ntse jalo lo sa bontshane lorato ka go tshwaratshwarana.

Mo godimo ga moo, motho o tshwanetse gore a lwe thata semoyeng. Go ithuta Baebele, go rapela le go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gago ka metlha go tla boloka kakanyo ya gago e akantse ka dilo tsa semoya. (Pesalema 55:22; 119:11; Baroma 10:10) Ka dinako tse dingwe go ikutlwa o sena mosola go ka dira gore go nne thata gore o nne le Bakeresete ba bangwe, mme Baebele e kgala go itomolola mo go ba bangwe. (Diane 18:1) Go nna le botsala jo bo siameng le Bakeresete ba bong jwa gago le jwa ba bong bo sele go ka go thusa gore o nne o le tekatekano.—Bahebera 10:24, 25.

Fa e le gore o tshwenngwa ke keletso ya bosodoma, dikakantsho tseno di ka thusa thata. Lefa go ntse jalo, se kgobege marapo go feta selekanyo, fa e le gore maikutlo a a leswe ano a nnela go go tshwenya. Modimo o tlhaloganya boemo jwa gago mme o utlwela ba ba lekang go mo direla botlhoko. (1 Johane 3:19, 20) Mo lefatsheng le lesha, batho ba tlile go fodisiwa matlhoko otlhe a a re tlhaselang. (Tshenolo 21:3, 4) Mo lobakeng lono, ikaege ka Modimo mme o lwe le keletso e e bosula. (Bagalatia 6:9) Fa nako e ntse e tsamaya le fa o ntse o leka ka natla, gongwe le yone keletso e e maswe eno e tla fokotsega.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mangwe a maina a fetotswe.

b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

c Bona “Basha ba Botsa Jaana . . .” mo tokololong ya February 8, 1995.

d Kgaolo 25 le 26 ya buka ya Dipotso tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo (e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.) e na le dikakantsho tse di mosola thata tse di thusang mosha gore a fenye go tshwakgoga gono.

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Ithute go leba bonna ka tsela e e siameng ka go ithuta sekao sa ga Jesu

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela