LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 5/8 ts. 29
  • Ke Eng fa re Tshela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa re Tshela?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Selo se Segolo se se Tlhotlheletsang”
  • Jesu O Gatelela Boammaaruri Jwa se se Lemogilweng ke Solomone
  • Go Lemoga Lebaka La go Bo re Tshela
  • “Tshwanelo Yotlhe ya Motho”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ke Eng Se o Se Tshelelang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo bo Nne le Bokao?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A Go Na le Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone?
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 5/8 ts. 29

Kgopolo E E mo Bibeleng

Ke Eng fa re Tshela?

“BALATEDI BA GA DARWIN BA BOLELA GORE GO FAROLOGANA GA DILO KA TSELA YA TLHOLEGO KE LONE FELA LEBAKA LE LE NOSI LE LE KA TLHALOSANG GORE KE ENG FA DITSHEDI DI TSHELA. LEFA GO NTSE JALO, GO LEBEGA GO UTLWALA GORE RE DUMELE GORE, FA E LE GORE DITSHEDI DI GOLA GO FITLHA E NNA DILO TSE DI RARAANENG THATA, DI KGONA GO ITLHALOGANYA E BILE DI LE BOTLHALE, HE GO RAYA GORE GA DI A IPHITLHELA FELA DI NA LE DINONOFO TSEO.”—DYLAN THOMAS (1914-53, MMOKI LE MOKWADI WA DIBUKA WA KWA WALES).

BATHO ga ba simolole go nna le keletso e kgolo ya go batla go itse lebaka la go bo ba tshela. Batho ba ba ratang go itse dilo ga ba bolo go nna ba batla go itse seno ka makgolokgolo a dingwaga. Patlisiso nngwe e e dirilweng bosheng jaana e bontsha gore batho ba le bantsi ba kwa New Zealand ba tshwenyegile thata ka seno ga gaisa jaaka go ne go ntse dingwaga tse di lesome tse di fetileng. Go ya ka pego ya bosheng jaana e e gatisitsweng ke Listener, 49 lekgolong ya baagi botlhe ba dingwaga tse 15 le ba tse di fetang tseo, “ba akanya thata ka lebaka la go bo ba tshela” mme ba oketsegile go tswa go 32 lekgolong fa go ne go dirwa dipatlisiso tse di ntseng jalo ka 1985.

Go bonala fa batho ba New Zealand ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa batho ba dinaga tse dingwe. Listener e tswelela ka go re: “Tlwaelo eno e e ntseng e oketsega ya go batla go itse lebaka la go bo re tshela, e ka nna ya bo e supa gore gone jaanong re tlhobaela thata ka seno e bile ga re tlhomamise thata ka dilo go feta jaaka go ne go ntse ka bo1980.”

Go pepenene gore, dikarabo tsa batho ba ba dumelang gore re itlhagetse fela, ga di kgotsofatse palo e e ntseng e oketsega ya batho ba ba botsang potso e e bodiwang mo lefatsheng lotlhe ya gore, Ke eng fa re tshela? A Baebele e ka kgona go re neela kaelo kaga maitsholo e e tla re thusang gore re tlhaloganye gore ke eng fa re tshela?

“Selo se Segolo se se Tlhotlheletsang”

Mo ditsheding tsotlhe tse di mo lefatsheng, motho ke ene fela yo o akanyang ka lebaka la go bo a tshela. A o itse gore ke ka ntlha yang? Baebele e umaka lebaka le lengwe la gone mo go Moreri 3:11. Fa e bua ka Mmopi, ya re: “O dirile gore motho a akanye ka paka e e fetileng le e e tlang.” (The New English Bible) Le mororo go lebega fa ditshedi tsotlhe di rata go tshela, go bonala fa motho e le ene fela yoo o tshwenyegang ka dipaka—e e fetileng, ya jaanong le ya isagwe. Motho o kgona go tlhatlhanya ka dilo tsa nako e e fetileng a bo a akanya ka isagwe, a e baakanyetsa go sa le gale, ee, tota le go nna le keletso e e nonofileng ya go nna le seabe mo go yone. Mme e bile o swaba tota fa a palelwa ke go dira dilo tse a neng a ikaeletse go di dira mo isagweng ka ntlha ya go fetofetoga ga dilo mo botshelong jono jwa gagwe jo bokhutshwane.

Ka gone, ke motho fela yo o ipotsang gore, Ke eng fa ke tshela? Ke lebile kae? Viktor Frankl yo e leng moithutatlhaloganyo o ne a kwala jaana: “Go batla go itse lebaka la go bo a tshela ke sone selo se segolo se se tlhotlheletsang motho mo botshelong. . . . Ke batla go bua jaana lefa go le diphatsa gore ga go na selo sepe mo lefatsheng, se se ka thusang motho go itshokela tota le mathata a a boitshegang go gaisa go nna le kitso ya gore go na le lebaka la go bo a tshela.”

Jesu O Gatelela Boammaaruri Jwa se se Lemogilweng ke Solomone

Batho ba bogologolo ba ne ba tshwenngwa ke go batla go itse lebaka la go bo ba tshela. A re sekasekeng ditiragalo tse di diragetseng dingwaga di le diketekete tse di fetileng mo bogosing jwa Iseraele fa go busa Solomone. Mohumagadi wa Sheba o ne a bua jaana ka ene: “Poledi e ke e utlwileng kwa lefatsheng la gaetsho ka ga ditiro tsa gago, le botlhale jwa gago, e ne e le poledi ya mmaanete fela. Le fa go ntse jalo ga ke a ka ka dumela mafoko ao, go tsamaya ke tla, mme matlho a me a go bona. Bona, le fa e le bontlhanngwe ke ne ke sa bo bolelelwa: Botlhale jwa gago, le letlhogonolo la gago go feta tumedi e ke e utlwileng.”—1 Dikgosi 10:6, 7.

Fa a ne a kwala buka ya Baebele ya Moreri, Kgosi Solomone o ne a itsise babadi ba gagwe kaga maduo a ditekeletso tse a neng a di dirile go supa lebaka la go bo re tshela. Ke ditekeletso tse di malebana le ditshono tse o neng a na le tsone tsa botshelo jwa menate jo bo neng bo tshelwa ke dikgosi tsa bogologolo tsa kwa Botlhaba. Mo go kgaolo 2 ditemana 1-10, o tlhalosa botshelo jwa menate jo bo gaisang bope jo motho a ka bo akanyang gompieno. O ne a leka sengwe le sengwe se se neng se le gone mo botshelong se se jaaka dikhumo tsa dithoto le menate ya nama. O ne a swetsa jang malebana le botlhokwa jwa dilo tse di ntseng jalo mo botshelong? Karabo ya gagwe e tshwanetse go gakgamatsa batho ba le bantsi ba ba itshepang thata.

Gantsi fa a ne a bowa a gadima dilo tseno gape, o ne a bona fa di sa thuse sepe. Di ne di sena mosola, di senya nako fela. O ne a kwala jaana: “Foo ka leba ditiro tsotlhe tse diatla tsa me di di dirileng, le letsapa le ke ne ke ineile letsapa la go le dira; mme gotlhe e ne e le boithamako le go belebetlela phefo fela, mme go se na thuso epe tlase ga letsatsi.”—Moreri 2:11.

O ne a swetsa ka gore, fa e le gore menate ya lefatshe e ka itumedisa motho mongwe, ke ka nakwana fela. Tota le botlhale jwa batho ga bo kgone go golola batho mo mahutsaneng le mo mathateng a botshelo.

Jesu Keresete le ene o ne a dumalana le seo fa a ne araba monna mongwe yo o neng a tshwenyegile thata ka boswa jwa dilo tse di bonalang, o ne a raya batho ba ba neng ba mo reeditse a re: “Tlhokomelang lo bo lo itise mo bopelotshetlheng; gonne botshelo jwa motho ga bo a ema mo letlotlong la dithoto tse o nang natso.”—Luke 12:15.

Jehofa Modimo ke ene fela yo o ka thusang motho go fenya makoa a gagwe a letsatsi le letsatsi mo botshelong le gore a nne le maikaelelo a a supang botlhale fa a dira dilo. Ka gone, motho ga a ka ke a tshela kwantle ga Modimo. Jaaka go kwadilwe mo go Moreri 12:13, Solomone o ne a tlhalosa jaana: “Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho.”

Go Lemoga Lebaka La go Bo re Tshela

Jesu Keresete gape o ne a supa gangwe le gape gore tshwetso ya ga Solomone ya gore motho ga a ka ke a tlhaloganya lebaka la go bo a tshela fa a sa boife Modimo ka tsela e e tshwanetseng e e boammaaruri. Jesu o ne a bua jaana a nopola Lefoko la Modimo: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.’” (Mathaio 4:4; Duteronome 8:3) Ee, motho ga a ka ke a ipelela botshelo fa a itlhokomolosa dilo tsa semoya. Jesu o ne a bua jaana ka ene: “Sejo sa me ke go dira go rata ga yo o nthomileng, le go wetsa tiro ya gagwe.” (Johane 4:34) Go direla Rraagwe wa selegodimo ka boikokobetso ke gone go go neng go mo dira gore a itumele a bo a kgotsofale. Go ne go mo otla. Go dira gore a itse lebaka la go bo a ne a tshela.

Ka gone, a motho a ka kgona go tshela ka botlalo kwantle ga Modimo? Nnyaa! Ntlha e e kgatlhang ke gore, Arnold Toynbee yo e leng rahisitori o kile a kwala jaana: “Maikaelelo a magolo a bodumedi jwa maemo a a kwa godimo ke go anamisa kgakololo ya dilo tsa semoya le boammaaruri jo bo kgothatsang batho ba le bantsi kafa go ka gonegang ka teng e le gore mongwe le mongwe wa bone a dire sone se Motho a se bopetsweng. Tota lebaka la go bo motho a tshela ke gore a galaletse Modimo le go itumelela go Mo direla ka bosakhutleng.” Moperofeti Malaki o ne a tlhalosa pono ya Modimo jaana: “Mme lo tlaa farologanya gare ga basiami le baikepi, gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa o direleng.”—Malaki 3:18.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

“The Thinker,” ka Rodin

[Motswedi wa Setshwantsho]

Scala/Art Resource, N.Y.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela