“Tshwanelo Yotlhe ya Motho”
“Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—MORERI 12:13.
1, 2. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela go sekaseka tshwanelo ya rona mo Modimong?
“JEHOFA o lopang mo go wena?” Moporofeti mongwe wa bogologolo o ne a botsa potso eno. Go tswa moo o ne a bontsha se Jehofa a neng a se tlhoka—e leng go dira tshiamo, go rata boutlwelobotlhoko le go sepela ka boikokobetso le Modimo.—Mika 6:8.
2 Mo motlheng ono o motho a itebang a le esi le wa boitaolo, batho ba le bantsi ba tshosiwa ke kgopolo ya gore Modimo o batla sengwe mo go bone. Ga ba batle go gagamalediwa dilo. Mme re ka reng ka se Solomone a neng a se fitlhelela mo go Moreri? “Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—Moreri 12:13.
3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go akanyetsa buka ya Moreri ka tsela e e masisi?
3 Go sa kgathalesege maemo a rona le tsela e re lebang botshelo ka yone, re ka solegelwa molemo thatathata fa re ka sekaseka tshimologo ya selo seno se se fitlheletsweng. Kgosi Solomone, mokwadi wa buka eno e e tlhotlheleditsweng, o ne a sekaseka dilo dingwe tse di leng karolo ya botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. Ba bangwe ba ka nna ba swetsa ka bonako gore tshekatsheko ya gagwe tota ga e a siama. Mme e ne e tlhotlheleditswe ke Modimo e bile e ka re thusa go sekaseka ditiro tsa rona le dilo tse re di bayang kwa pele, mme seo se dira gore re itumele thata.
Go Kopana le Dikamego Tse di Kgolo Tsa Dikamego
4. Ke eng se Solomone a se tlhatlhobang le go se bolela mo go Moreri?
4 Solomone o ne a tlhatlhoba ka kelotlhoko ‘letsapa la bana ba batho.’ “Ka ineela ka pelo go batla, le go tlhotlhomisa ka botlhale, ka ga tsotlhe tse di dirwang tlase ga legodimo.” Fa Solomone a re “letsapa” totatota o ne a sa bolele ka tiro, kana mmereko, mme go na le moo o ne a bolela ka tiro yotlhe e banna le basadi ba tshwaregang ka yone mo botshelong jwa bone jotlhe. (Moreri 1:13) A re sekasekeng dikamego dingwe tsa konokono, kana matsapa, mme morago ga moo re di bapise le ditiro tsa rona le dilo tse re di bayang kwa pele.
5. Ke eng selo se sengwe sa ditiro tse dikgolo tsa batho?
5 Eleruri madi ke karolo e nngwe ya konokono ya dikamego le ditiro tsa batho ba le bantsi. Ga go na ope yo o ka bolelang ka tshwanelo gore Solomone o ne a na le pono ya go sa amege ka madi e batho bangwe ba ba humileng ba nang le yone. O ne a lemoga sentle botlhokwa jwa go nna le madi; go nna le madi a a lekaneng go botoka go na le go tshelela mo bohutsaneng kana mo lehumeng. (Moreri 7:11, 12) Mme o tshwanetse wa bo o lemogile gore madi, le dithoto tse madi a ka di rekang, di ka nna mokgele wa konokono mo botshelong—mo bahumaneging le mo bahuming.
6. Ke eng se re ka se ithutang ka madi mo go nngwe ya ditshwantsho tsa ga Jesu le mo go se se neng sa diragalela Solomone ka namana?
6 Gakologelwa setshwantsho sa ga Jesu sa monna wa mohumi yo, e re ka a ne a sa kgotsofale, a neng a bereka gore a bone dilo tse di oketsegileng. Modimo o ne a mo tsaya e le motho yo o seng tekatekanyo. Ka ntlha yang? Ka gonne ‘botshelo jwa rona ga bo a ema mo letlotlong la dithoto tse re nang natso.’ (Luke 12:15-21) Boitemogelo jwa ga Solomone—gongwe jo bo fetang jwa rona thata—bo dumalana le mafoko a ga Jesu. Bala tlhaloso e e mo go Moreri 2:4-9. Solomone o ne a dira ka natla gore a kokoanye dikhumo ka nako e telele. O ne a aga matlo a mantle le ditshingwana. O ne a ka kgona go tlamela le go nna le ditsala tsa basadi ba bantle. A khumo le se e neng e mo kgonisa go se dira di ne tsa mo kgotsofatsa thata, tsa dira gore a fitlhelele dilo ga mmatota, le gore botshelo jwa gagwe bo nne le bokao? O ne a araba jaana ka tshosologo: “Ka leba ditiro tsotlhe tse diatla tsa me di di dirileng, le letsapa le ke ne ke ineile letsapa la go le dira; mme gotlhe e ne e le boithamako le go belebetlela phefo fela, mme go se na thuso epe tlase ga letsatsi.”—Moreri 2:11; 4:8.
7. (a) Boitemogelo bo supa eng malebana le botlhokwa jwa madi? (b) Ke eng se o se boneng ka namana se se dumalanang le se se fitlheletsweng ke Solomone?
7 Seo ke boammaaruri, e leng boammaaruri jo bo lemogilweng ke batho ba le bantsi. Re tshwanetse go dumela gore go nna le madi a mantsi ga go rarabolole mathata otlhe. Go ka rarabolola a mangwe, jaaka a go bona dijo le diaparo motlhofo. Mme motho a ka apara diaparo di le dingwe fela ka nako e le nngwe a bo a itumelela mofuta o o rileng fela wa dijo le dino. Mme o setse o badile ka batho ba ba humileng ba matshelo a bone a tlhasetsweng ke tlhalo, bojalwa kana go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, le dikomang le ba losika. J. P. Getty yo e neng e le ramatlotlo o ne a bolela jaana: “Tota madi ga a amane ka gope le boitumelo. Gongwe a amana le go sa itumele.” Ka lebaka lengwe le le utlwalang, Solomone o ne a amanya go rata selefera le boithamako. Farologanya lebaka leo le se se boletsweng ke Solomone: “Boroko jwa motho yo o dirang bo monate, le fa a ja bonnye kgotsa bogolo, mme go kgora ga mohumi ga go mo leseletse go robala.”—Moreri 5:10-12.
8. Ke lebaka lefe le le dirang gore re se ka ra leba madi a le botlhokwa thata?
8 Gape madi le dithoto ga di lere kgotsofalo mo isagweng. Fa o ne o na le madi a mantsi le dithoto, gongwe o ka tswa o okeditse tlhobaelo ka gore o di sireletse, mme o santse o sa itse gore ka moso go go tshwaretse eng. Go tweng fa di ne di ka go latlhegela tsotlhe mmogo le botshelo jwa gago? (Moreri 5:13-17; 9:11, 12) Fa go le jalo, go ka se nne thata go bona lebaka la go bo botshelo jwa rona, kana letsapa, di tshwanetse go nna le bokao jo bo kwa godimo le jo bo tla nnelang ruri go gaisa madi le dithoto.
Lelapa, go Tuma le Maatla
9. Ke ka ntlha yang fa go ne go tshwanetse gore Solomone a tlhatlhobe botshelo jwa lelapa?
9 Tsela ya ga Solomone ya go sekaseka botshelo e ne e akaretsa go nna le lelapa. Baebele e tlhomolola botshelo jwa lelapa, go akaretsa boitumelo jwa go nna le bana le go ba godisa. (Genesise 2:22-24; Pesalema 127:3-5; Diane 5:15, 18-20; 6:20; Mareko 10:6-9; Baefeso 5:22-33) Lefa go ntse jalo, a se ke bokhutlo jwa se botshelo bo ntseng ka teng? Go lebega batho ba le bantsi ba akanya jalo, ba ntse ba akantse ka se se otlelelwang ke ditso malebana le dikamano tsa lenyalo, bana le tsa lelapa. Lefa go ntse jalo Moreri 6:3 e bontsha gore tota le go nna le bana ba le lekgolo ga se yone tharabololo ya go dira gore o kgotsofale mo botshelong. Akanya gore batsadi ba le bantsi ba ithontsha dilo di le kana kang ka ntlha ya bana ba bone e le gore ba atlege mo botshelong le go bo dira gore bo nne motlhofo mo go bone. Lefa gone seo se tlotlega, eleruri Mmopi wa rona o ne a sa reye gore boikaelelo jwa konokono jwa go tshela ga rona ke go fetisetsa fela botshelo mo kokomaneng e e latelang, jaaka diphologolo di dira ka tlholego gore di tsweledise masika a tsone.
10. Ke ka ntlha yang fa go tlhoma mogopolo thata mo lelapeng go itshupa e le boithamako fela?
10 Ka temogo e Solomone a nang le yone o ne a tlisa boammaaruri jono jwa botshelo jwa lelapa. Ka sekai, motho a ka nna a tlhoma mogopolo mo go tlameleng bana ba gagwe le ditlogolo tsa gagwe. A mme ba tla itshupa ba le botlhale? Kana ba tla nna dieleele ka se a gagamalelang gore a ba kokoanyetse sone? Fa ba nna dieleele, a bo e tla bo e le “boithamako le bosula jo bogolo fela” jang ne!—Moreri 2:18-21; 1 Dikgosi 12:8; 2 Ditirafalo 12:1-4, 9.
11, 12. (a) Batho ba bangwe ba ile ba tlhoma mogopolo mo ditirong dife tsa botshelo? (b) Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore go batla go tuma ke go “belebetlela phefo fela”?
11 Mo letlhakoreng le lengwe, batho ba le bantsi ba ile ba koafatsa botshelo jwa lelapa jo bo tlwaelegileng ka boikaelelo jwa go batla go tuma kana go nna le maatla mo godimo ga ba bangwe. Eno e ka tswa e le bokoa jo bo dirwang thata ke banna. A o ile wa bona seno mo baneng ba o tsenang sekolo le bone, mo bathong ba o berekang le bone, kana mo baagisaning? Ba le bantsi ba kgaratlhela thata gore ba itsiwe, ba nne mongwe yo o botlhokwa, kana gore ba laole ba bangwe. Mme seno se na le bokao jwa mmatota jang?
12 Akanya kafa ba bangwe ba kgaratlhelang go tuma ka teng, e ka tswa e le ka selekanyo se sennye kana se segolo. Re bona seno kwa sekolong, mo tikologong ya rona, le mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa batho. Gape ke maatla a a tlhotlheletsang mo go bao ba batlang go itsiwe mo botaking, mo boitlosobodutung le mo bopolotiking. Lefa go ntse jalo, a tota ga se boiteko jwa lefela? Ka tshwanelo Solomone o ne a re ke “go belebetlela phefo fela.” (Moreri 4:4) Tota lefa mosha a ka tuma thata mo setlhopheng sengwe, mo setlhopheng sa motshameko, kana mo setlhopheng sa mmino—kana monna kana mosadi mongwe a ka itirela leina mo khampaneng nngwe kana mo bathong ba ba rileng—tota ke ba le bakae ba ba itseng ka gone? A bontsi jwa batho kwa karolong e nngwe ya lefatshe (kana ya naga e a leng mo go yone) ba itse gore motho yoo o a tshela? Kana a ba tswelela pele fela ba tshela ba sa lemoge gotlhelele ka go tumanyana mo a nang le gone? Mme go ka bolelwa se se tshwanang ka maatla ape kana thata epe e motho a nang le yone mo tirong, mo toropong, kana mo setlhopheng sengwe sa batho.
13. (a) Moreri 9:4, 5 e re thusa jang gore re nne le pono e e siameng malebana le go batla go gagamalela go tuma le go nna le maatla? (b) Ke mabaka afe a re tshwanetseng go bona a le boammaaruri fa e le gore botshelo jo ke jone jotlhe jo bo leng gone? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
13 Go tuma mo go ntseng jalo kana go nna le thata go tla felela ka eng kwa bofelong? Fa kokomane e nngwe e feta le nngwe e tla, batho ba ba tumileng kana ba ba maatla le bone ba ntse ba swa le go lebalwa. Seo se boammaaruri le ka baagi, baopedi le bataki ba bangwe, balweladiphetogo, le ba bangwe fela jalo, fela jaaka go ntse le ka bontsi jwa boradipolotiki le baeteledipele ba bosole. Mo go tsone ditiro tseno, ke batho ba le bakae ba ba rileng ba o ba itseng ba ba neng ba tshela mo dingwageng tsa bo1700 le bo1800? Solomone o ne a sekaseka dikgang ka tshwanelo, fa a ne a re: “Ntša e e tshedileng e molemo bogolo go tau e e suleng. Gonne batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe, . . . kgakologelo ya bone e lebetswe.” (Moreri 9:4, 5) Mme fa e le gore botshelo jo ke jone jotlhe jo bo leng gone, ka gone go gagamalela go tuma kana go nna le maatla tota ke boithamako fela.a
Se re Tlhomileng Mogopolo mo go Sone le Tshwanelo ya Rona
14. Ke ka ntlha yang fa buka ya Moreri e tshwanetse go re thusa ka namana?
14 Solomone ga a ka a akgela ka ditiro di le dintsi, mekgele le menate e batho ba tshelang ka yone. Lefa go ntse jalo, se a neng a se kwala se lekane. Go sekaseka ga rona buka eno ga go a tshwanela go lebega go le masisi kana go sa siama, ka gonne re sekasekile ka boammaaruri buka eno ya Baebele e Jehofa Modimo a neng a e tlhotlheletsa ka go rata gore e re solegele molemo. E ka thusa mongwe le mongwe wa rona gore re baakanye tsela e re lebang botshelo ka yone le se re tlhomang mogopolo mo go sone. (Moreri 7:2; 2 Timotheo 3:16, 17) Seo se ntse jalo tota ka ntlha ya dilo tse Jehofa a neng a thusa Solomone gore a di fitlhelele.
15, 16. (a) Pono ya ga Solomone e ne e le efe malebana le go itumelela botshelo? (b) Ke eng se ka tshwanelo Solomone a neng a re se botlhokwa gore motho a itumelele botshelo?
15 Ntlha e nngwe e Solomone a neng a e tlhagisa kgapetsakgapetsa e ne e le ya gore batlhanka ba Modimo wa boammaaruri ba tshwanetse go itumelela ditiro tsa bone fa pele ga Gagwe. “Ke a itse go re, ga go na sepe se se molemo mo go bone bogolo go go itumela le go dira molemo ka metlha yotlhe ya go tshela ga bone. Le gone ke neo ya Modimo gore motho mongwe le mongwe a je a nwe, mme a je monate ka letsapa lotlhe la gagwe.” (Moreri 2:24; 3:12, 13; 5:18; 8:15) Ela tlhoko gore Solomone o ne a sa kgothaletse tlhapelo, kana gone go dumelela boikutlo jwa gore “a re jeng, re nweng, gonne re tsoga re swa ka moso.” (1 Bakorinthe 15:14, 32-34) O ne a raya gore re tshwanetse go itumelela menate e e tlwaelegileng, jaaka go ja le go nwa, fa re ntse re ‘dira molemo ka metlha mo botshelong jwa rona.’ Kwantle ga pelaelo seo se lebisa botshelo jwa rona mo go direng thato ya Mmopi, yo o lemogang se tota se leng molemo.—Pesalema 25:8; Moreri 9:1; Mareko 10:17, 18; Baroma 12:2.
16 Solomone o ne a kwala jaana: “Ya koo, o je senkgwe sa gago ka boitumelo, o nwe bojalwa jwa gago jwa mofine ka pelo e e ntseng mokete; gonne Modimo o setse o amogetse ditiro tsa gago.” (Moreri 9:7-9) Ee, monna kana mosadi yo tota a nang le botshelo jo bo nang le bokao le jo bo kgotsofatsang o matlhagatlhaga mo ditirong tse Jehofa a di itumelelang. Seno se re tlhoka gore re mo akanyetse ka dinako tsotlhe. A bo kgopolo eno e farologane jang ne le ya batho ba le bantsi, ba ba tshelang botshelo jo bo ikaegileng ka dikakanyo tsa batho fela!
17, 18. (a) Batho ba le bantsi ba itshwara jang malebana le boammaaruri jwa botshelo? (b) Ke phelelo efe e ka metlha re tshwanetseng go e gakologelwa?
17 Le mororo ditumelo tse dingwe di ruta ka botshelo morago ga loso, batho ba le bantsi ba dumela gore botshelo jono ke jone fela jo ba ka tlhomamisegang ka jone. O ka tswa o kile wa ba bona ba itshwara ka tsela e Solomone a e tlhalosang fano: “Ereka katlholo ka ga tiro e e bosula e sa dirafadiwe ka bonako, ke gone ka moo pelo ya bana ba batho e tlhomameng mo go bone ka mokgwa o o tletseng, go tla ba dira bosula.” (Moreri 8:11) Tota le bao go leng thata gore ba dire ditiro tse di bosula ba bontsha gore ba amegile thata ka nako ya gompieno. Ke lone lebaka le lengwe le le dirang gore madi, dithoto, go nna le maemo a a kwa godimo, go laola ba bangwe, go nna le lelapa, kana dikgatlhego tse dingwe tse di ntseng jalo di nne botlhokwa thata mo go bone. Lefa go ntse jalo, Solomone ga a ka a ema mo ntlheng eno fela. O ne a oketsa jaana: “Le fa moleofi a dira bosula ga lekgolo, a ba a golola metlha ya gagwe, le fa go ntse jalo, ruri ke a itse fa go tlaa nna molemo mo go ba ba boifang Modimo, ba boifa fa pele ga one; mme ga go ketla go nna molemo mo moikeping, le gone ga a ketla a golola malatsi a gagwe a a ntseng jaaka moriti; ka a sa boife fa pele ga Modimo.” (Moreri 8:12, 13) Go phepafetse gore Solomone o ne a tlhatswegile pelo gore go tla nna molemo mo go rona fa re ‘boifa Modimo wa boammaaruri.’ Jang? Re ka bona karabo mo pharologanyong e a neng a e dira. Jehofa a ka ‘golola malatsi a rona.’
18 Ba ba santseng ba le basha thata, ba tshwanetse go tlhatlhanya thata ka lebaka le le ka ikanngwang tota la gore go tla nna molemo mo go bone fa ba boifa Modimo. Fela jaaka o ile wa bona ka namana, mosiani yo o lobelo thata a ka nna a kgopiwa a bo a latlhegelwa ke lobelo. Masole a a nonofileng a ka nna a fenngwa. Rakgwebo yo o matsetseleko a ka nna a iphitlhela a le mo lehumeng. Mme dilo tse dingwe tse dintsi tse di ka se kang tsa ikanngwa di dira gore botshelo e nne jo bo sa tlhomamang. Mme o ka tlhomamisega tota ka seno: Tsela e e botlhale thata le e e tlhomameng tota ke go itumelela botshelo fa o ntse o dira se se molemo mo melaong ya Modimo ya boitsholo le go dumalana le thato ya gagwe. (Moreri 9:11) Seno se akaretsa go ithuta mo Baebeleng ka se e leng thato ya Modimo, o mo neela botshelo jwa gago, le go nna Mokeresete yo o kolobeditsweng.—Mathaio 28:19, 20.
19. Basha ba ka dirisa matshelo a bone jang, mme ke tsela efe e e botlhale?
19 Mmopi a ka se pateletse basha kana ba bangwe gore ba latele kaelo ya gagwe. Ba ka tshwarega thata mo thutong, gongwe le go nna baithuti ba nako e telele ba dibuka tse dintsi tsa botlhajana jwa batho. Kgabagare seo se tla itshupa e le go itapisa fela mo nameng. Kana ba ka tsamaya mo ditseleng tsa dipelo tsa batho tse di sa itekanelang kana go latela se se lebegang se kgatlha mo matlhong. Kwantle ga pelaelo seo se ka lere go belebetlela phefo fela, mme ka gone botshelo jo bo tshedilweng fa nako e ntse e ya bo tla itshupa e le boithamako fela. (Moreri 11:9–12:12; 1 Johane 2:15-17) Ka jalo Solomone o ikuela mo basheng—boikuelo jo re tshwanetseng ra bo sekaseka ka tsela e e masisi, go sa kgathalesege gore re na le dingwaga di le kae: “O bo o gakologelwe Mmopi wa gago mo metlheng ya bokau jwa gago, metlha ya bosula e ise e be e tle, le dinyaga di ise di atamele, motlhang o tlaa buang, o re: ‘Ga ke na kgatlhego mo go tsone.’”—Moreri 12:1.
20. Ke pono efe e e lekalekaneng ya molaetsa o o mo go Moreri?
20 Re ka swetsa ka go reng, jaanong? Ebu, re ka reng ka se Solomone a neng a se fitlhelela? O ne a bona, kana a tlhatlhoba, “ditiro tsotlhe tse di dirwang tlase ga letsatsi; mme gotlhe fela ke boithamako le go belebetlela phefo fela.” (Moreri 1:14) Mo bukeng ya Moreri ga re fitlhele mafoko a motho yo o tshwayang diphoso kana yo o sa itumelang. Ke karolo ya Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng e bile le tlhoka gore re le sekaseke.
21, 22. (a) Ke dikarolo dife tsa botshelo tse Solomone a neng a di akanyetsa? (b) Ke eng se se botlhale se a neng a se fitlhelela? (c) Go tlhatlhoba mafoko a a mo go Moreri go ne ga go ama jang?
21 Solomone o ne a tlhotlhomisa ka matsapa, ka mathata le ka dikeletso tsa motho. O ne a bontsha ka tsela e dilo di ka nnang ka yone mo dikgannyeng tse di tlwaelegileng fela, ka phelelo e e kgobang marapo le e e lolea fela e e diragalelang batho ba le bantsi. O ne a sekaseka boammaaruri jwa go sa itekanela ga batho le go bo go baka loso. Mme o ne a akaretsa kitso e e tswang kwa Modimong ya boemo jwa baswi le ditebelelo tsa botshelo bope jwa mo isagweng. Dilo tseno tsotlhe di ne tsa sekasekwa ke monna yo botlhale jwa gagwe bo neng bo okeditswe ke Modimo, ee, mongwe wa batho ba ba botlhale thata ba ba kileng ba tshela. Go tswa foo se a neng a se fitlhelela se ne sa tsenngwa mo Dikwalong tse di Boitshepo gore se solegele molemo botlhe ba ba batlang botshelo jo tota bo nang le bokao. A ga re a tshwanela go dumela?
22 “Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho. Gonne Modimo o tlaa isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, le sengwe le sengwe se se subegileng, le fa se le molemo kgotsa se le bosula.”—Moreri 12:13, 14.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e kile ya akgela jaana ka tsela e e nang le temogo: “Ga re a tshwanela go senya botshelo jono mo maithamakong fela . . . Fa e le gore botshelo jo ke jone jotlhe jo bo leng gone, ga go na se se botlhokwa. Botshelo jono bo tshwana le bolo e e latlhetsweng mo phefong mme go ise go ye kae e bo e wela gape mo mmung. Ke moriti o o fetang ka bonako, sethunya se se swabang, ke mogwang wa bojang o o kgaolwang mme ka bonako fela o bo o swaba. . . . Fa botshelo jwa rona bo bapisiwa le go tshelela ruri ke tlhase fela e nnye. Fa nako e ntse e ya ga bo sa tlhole bo lekana le lerothodi le legolo la metsi. Eleruri [Solomone] o dira sentle fa a tlhatlhoba gape dikamego le ditiro di le dintsi tsa batho tsa botshelo a bo a di kaya fa e le boithamako fela. Go ise go ye kae re a swa mme go ka lebega e kete ga go botlhokwa go bo re tshotswe, dikete tsa dimilione tsa batho di a tsholwa di bo di swa, ke batho ba sekae fela ba ba itseng gore re kile ra tshela. Kgopolo eno e ka ikanngwa kana ga e masisi kana ga e sulafatse mogopolo kana ga e tshwenye mo maikutlong. Ke boammaaruri, ke selo sa mmatota, ke kgopolo e e mosola, fa e le gore botshelo jono ke jone jotlhe jo bo leng gone.”—August 1, 1957, tsebe 472.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke tshekatsheko efe e e botlhale e e malebana le se dithoto di se dirang mo botshelong jwa gago?
◻ Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tlhoma mogopolo thata mo lelapeng, mo go tumeng, kana mo go laoleng ba bangwe?
◻ Ke boikutlo bofe jwa bomodimo jo bo malebana le go itumela jo Solomone a neng a bo kgothaletsa batho?
◻ O solegetswe molemo jang ka go sekaseka buka ya Moreri?
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Madi le dithoto ga di dire gore motho a kgotsofale
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Batho ba basha ba ka tlhomamisega gore go tla nna molemo mo go bone fa ba boifa Modimo