LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • si ts. 112-114
  • Buka ya Bibela ya bo 21—Moreri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Bibela ya bo 21—Moreri
  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEO SE LENG MO GO MORERI
  • LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
  • “Tshwanelo Yotlhe ya Motho”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Moreri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • A o Diragatsa Tshwanelo Yotlhe ya Gago mo Modimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • “Boiha Modimo u bo u Tshegetsè Ditaolō tsa Ōna”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
si ts. 112-114

Buka ya Bibela ya bo 21—Moreri

Mokwadi: Solomone

Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Jerusalema

Go Wediwa ga go E Kwala: Pele ga 1000 B.C.E.

1. Buka ya Moreri e ne ya kwalwa ka boikaelelo bofe jo bo molemo?

BUKA ya Moreri e ne ya kwalwa ka maikaelelo a a molemo thata. Solomone, jaaka moeteledipele wa batho ba ba neng ba ineetse mo go Jehofa, o ne a na le boikarabelo jwa go ba bopaganya gore ba tle ba tshwarelele mo boineelong jwa bone ka boikanyego. O ne a dirisa kgakololo e e molemo ya buka ya Moreri a batla go diragatsa boikarabelo jono.

2. Boikaelelo jono bo tlhalosiwa jang ke leina la Sehebera la Moreri, ka go rialo go dira gore le tshwanele go na le leina la Segerika le la Seesemane?

2 Mo go Moreri 1:1 (NW) o ipitsa ‘mmitsa phuthego.’ Lefoko leo ka puo ya Sehehera ke Qo·heʹleth, mme mo Bibeleng ya Sehebera, buka eo e bidiwa ka leina leo. Septuagint ya Segerika e e bitsa Ek·kle·si·a·stesʹ, se se rayang “leloko la ekelesia (phuthego; pokano),” leo leina la Seesemane Ecclesiastes le bopilweng ka lone. Lefa go ntse jalo, Qo·heʹleth e ranolwa ka tshwanelo go twe ‘Mmitsa Phuthego,’ mme seno gape ke sereto se se tshwanelang Solomone. Se bolela boikaelelo jwa ga Solomone fa a ne a kwala buka eno.

3. Solomone e ne e le mmitsa phuthego ka tsela efe?

3 Kgosi Solomone e ne e le mmitsa phuthego ka tsela efe, mme o ne a phutha batho go tla go dira eng? O ne a phutha batho ba gagwe, Baiseraele, le balekane ba bone, bajaki. O ne a phutha batho bano botlhe go tla go obamela Modimo wa gagwe, Jehofa. Pele o ne a ile a agela Jehofa tempele kwa Jerusalema, mme fa a ne a e tshwaya o ne a ba bitsa botlhe, kana a ba phuthela go tla go obamela Modimo. (1 Dikg. 8:1) Jaanong, ka buka ya Moreri, o ne a batla go phuthela batho ba gagwe go dira ditiro tse di molemo le go ba latlhisa ditiro tsa boithamako, tse di senang mosola tsa lefatshe leno.—Mor. 12:8-10.

4. Go tlhomamisiwa jang gore Solomone ke mokwadi wa buka eno?

4 Lemororo Solomone a sa umakiwe ka leina ka tlhamalalo, ditshetla di le mmalwa di dira gore go seka ga nna ope yo o belaelang gore ke ene mokwadi wa buka eno. Moreri yono o ipolela fa e le “morwa Dafide” yo ‘o neng a le kgosi ya Iseraele mo Jerusalema.’ Ke Kgosi Solomone fela yo go ka buiwang jalo ka ene, ka gonne batlhatlhami ba gagwe mo Jerusalema ba ne ba busa mo Juda fela. Mo godimo ga moo, jaaka moreri yoo a kwala: “Ke ipapaletse botlhale yo bogolo go heta botlhe ba ba neñ ba le pele ga me mo Yerusalema: E, pelo ea me e na le tlwaèlanō e kgolo le botlhale le kicō.” (1:1, 12, 16) Solomone ke ene fela yo o neng a ntse jalo. Moreri 12:9 e re bolelela gore “o na a akanya, a batla, me a rulaganya diane di le dintsi.” Kgosi Solomone o ne a bua diane di le 3 000. (1 Dikg. 4:32) Moreri 2:4-9 e bolela ka dilo tse mokwadi a neng a di tlhoma; masimo a mofine, ditshingwana le diparaka; nosetsomasimo; batlhanka ba banna le ba basadi; letlotlo la selefera le gouta tse a neng a nna natso; le dilo tse dingwe tse a neng a di fitlhelela. Solomone o ne a dira dilo tseno tsotlhe. Fa mohumagadi wa Sheba a ne a bona botlhale le tlhogonolofalo ya ga Solomone, o ne a re: “Leha e le bontlha ñwe ke ne ke sa bo bolèlèlwa.”—1 Dikg. 10:7.

5. Buka ya Moreri e tshwanetse ya bo e ne ya kwalelwa kae le gone leng?

5 Buka eno e bolela fa e ile ya kwalelwa kwa Jerusalema ka go bolela gore moreri o ne a le kgosi “mo Yerusalema.” E tshwanetse ngwaga o e kwadilweng ka one e ne e le 1000 B.C.E., Solomone a setse a busitse ka nako e telele mo dingwageng tse 40 tse a neng a busa ka tsone, ebile e le morago ga a sena go dira ditiro di le mmalwa tse dikgolo tse go buiwang ka tsone mo bukeng eno mme e le pele ga a wela mo kobamelong ya medimo ya disetwa. Ka nako eno o tshwanetse a bo a ne a setse a na le kitso e ntsi kaga ditiro tsa lefatshe leno le go lelekisa go nna le dilo tse di bonalang ga lone. Ka nako eo o tshwanetse a bo a ne a santse a amogelwa ke Modimo ebile O mo tlhotlheletsa.

6. Go tsositswe dipelaelo dife malebana le gore a buka ya Moreri e tlhotlheleditswe, mme di ka ganediwa jang?

6 Re ka tlhomamisega jang gore buka ya Moreri e ‘tlhotlheleditswe ke Modimo’? Bangwe ba ka nna ba ganela gore e tlhotlheleditswe ka go bo e sa umake leina la Modimo, ebong Jehofa, lefa e le gangwe fela. Lefa go ntse jalo, eleruri e buelela kobamelo ya boammaaruri ya Modimo, mme e dirisa lefoko ha·ʼElo·himʹ, ‘Modimo wa boammaaruri’ kgapetsakgapetsa. Selo se sengwe se se ka nnang sa ngongoregelwa ke gore dibuka tse dingwe tsa Bibela ga di tsopole mo bukeng ya Moreri ka tlhamalalo. Lefa go ntse jalo, dithuto tse di rutwang mo bukeng eno le melaometheo e e kwadilweng mo go yone di dumalana ka botlalo le Dikwalo tse dingwe. Commentary ya ga Clarke, Bolumo III, tsebe 799, e bolela jaana: “Buka eno, e setlhogo sa yone e leng Koheleth, kana Moreri, e ne e ntse e amogelwa ke Kereke ya Bajuda mmogo le ya Bakeresete, gore e kwadilwe ka tlhotlheletso ya Mothatayotlhe; mme ebile go ne go dumelwa fa ka tshwanelo e le karolo ya Dikwalo tse di boitshepo.”

7. Ke dilo dife mo botshelong jwa ga Solomone jwa pele tse di neng tsa tshwanelegisa Solomone sentle go kwala buka ya Moreri?

7 “Batshwayadiphoso” ba batlhalefi ba selefatshe ba ile ba bolela gore buka ya Moreri ga e ya kwalwa ke Solomone le gore ga se karolo ya “lokwalō loñwe le loñwe” ka boammaaruri, e bolela gore puo le botlhajana tse di dirisitsweng mo go yone ke tsa nako ya moragonyana. Ba tlhokomologa tshedimosetso e kgolo e Solomone a tshwanetseng a bo a ne a e bapetse fa kgwebisanyo ya gagwe le merafe e mengwe mmogo le madirelo di ntse di gola, mmogo le mo batlotleging ba ba etang le batho ba bangwe bao a neng a amana nabo ba mafatshe a sele. (1 Dikg. 4:30, 34; 9:26-28; 10:1, 23, 24) Jaaka F. C. Cook a kwala mo go Bible Commentary ya gagwe, Bolumo IV, tsebe 622: “Botshelo, go akanya le puo tsa kgosi e kgolo eno ya Mohebera di tshwanetse tsa bo di ne di farologane thata le tsa Mohebera yo o tlwaelegileng ka baka la ditiro tse a neng a di dira letsatsi le letsatsi le ditiro tse dikgolo tse di kgethegileng tse a neng a di dira.”

8. Lebaka le legolo la gore buka ya Moreri ke karolo ya Dikwalo ke lefe?

8 Lefa go ntse jalo, a tota go tlhokega bosupi bo sele go gatelela gore buka ya Moreri ke karolo ya Dikwalo? Fa re tlhatlhobisa buka eno ka boyone re tla lemoga eseng fela gore yone ka boyone ga e ikganetse le gore e dumalana le Dikwalo tse dingwe, tseo e leng karolo ya tsone tota.

SEO SE LENG MO GO MORERI

9. Ke eng se moreri a se lemogang malebana le ditiro tse di dirwang ke batho?

9 Boithamako jwa tsela ya motho ya botshelo (1:1–3:22). Mafoko a ntlha a buka eno a bolela setlhogo sa yone: “Boithamakō yoa maithamakō, go bua Moreri; boithamakō yoa maithamakō, gotlhe hèla ke boithamakō.” A matsapa le go fufula ga motho go na le mosola? Dikokomana tsa batho di tla di bo di feta, medikologo ya tlholego e ipoeletsa gangwe le gape mo lefatsheng, ebile “ga go na sepè se sesha ha tlhatse ga letsatsi.” (1:2, 3, 9) Moreri o ikaeletse go senka le go dirisa botlhale mabapi le ditiro tse di tlisang matlhotlhapelo tse di dirwang ke batho, mme o fitlhela gore mo botlhaleng le mo boeleeleng, mo ditirong tse dikgolo le mo tirong ya bonatla, mo go jeng le mo go nweng, sengwe le sengwe ke “boithamakō le go belebetlèla phehō hèla.” O felela a ‘ila botshelo,’ botshelo jwa matlhotlhapelo le go lelekisa dilo tse di bonalang.—1:14; 2:11, 17.

10. Mpho ya Modimo ke eng, mme motho yo o leofileng o tlelwa ke eng labofelo?

10 Sengwe le sengwe se na le motlha wa sone—ee, Modimo o ‘dirile gore sengwe le sengwe se nne sentle mo motlheng wa sone.’ O batla gore dibopiwa tsa gagwe di ipelele botshelo mo lefatsheng. “Kea itse, go re, ga go na sepè se se molemō mo go bōnè bogolo go go itumèla le go diha molemō ka metlha eotlhe ea go tshela ga bōnè. Le gōna ke nèō ea Modimo, gore motho moñwe le moñwe a yè a nwè, me a yè monate ka letsapa yeotlhe ya gagwè.” Mme, a bo go swabisa jang ne! Ka gonne bowelo jwa batho ba ba leofileng bo tshwana le jwa diphologolo: “Yaka se señwe se shwa, se señwe le shōna sea shwa; E, di mōea moñwe hèla cotlhe; me motho ga a na tlotlomalō epè go heta diphōlōhōlō: gonne gotlhe ke boithamakō hèla.”—3:1, 11-13, 19.

11. Moreri o fa motho yo o boifang Modimo kgakololo efe e e botlhale?

11 Kgakololo e e molemo go bao ba boifang Modimo (4:1–7:29). Solomone o akgola baswi, ka gonne ga ba diragalelwe ke “dipatikō cotlhe ts[e] di dihwañ tlhatse ga letsatsi.” Go tswa foo o tswelela ka go tlhalosa ditiro tsa boithamako le tse di tlisang matlhotlhapelo. Gape ka botlhale o gakolola gore “batho go nna babedi go molemō bogolo go a le moñwe hèla” le gore “mogala o o dikala ditharo ga o ko o kgaoga ka bonakō.” (4:1, 2, 9, 12) O fa kgakololo e e molemo ka go phuthega ga batho ba Modimo ka go re: “U re u tsèna mo tluñ ea Modimo u nannabetsè lonaō loa gago; gonne go atamèla go utlwa.” O seka wa phamoga fela fa o bua le Modimo; a ‘mafoko a gago a nne makhutshwane,’ mme o neele Modimo se o mo ikanetseng sone. “Wèna, u boihè Modimo.” Fa bahumanegi ba patikwa, gakologelwa gore “moñwe eo o godimo ga eo o godimo o etse tlhōkō; me go na le ba ba godimo ga bōnè.” O lemotsha gore, motlhanka yo o seng wa sepe o tla robala boroko jo bo monate, mme mohumi ene o tlhobaediwa boroko ke go tshwenyega thata. Lefa go le jalo, o tlile mo lefatsheng a sa ikatega, mme mo tirong ya bonatla yotlhe eo a ileng a e dira, ga a kake a tswa le sepe mo lefatsheng leno.—5:1, 2, 4, 7, 8, 12, 15.

12. Ke kgakololo efe e e molemo e e newang malebana le dikgang tse di masisi tsa botshelo, le kafa botlhale bo nang le mosola go na le madi ka gone?

12 Motho o ka nna a nna le dikhumo le tlotlo e kgolo, mme a go na le mosola go tshela “dinyaga di le makgolo a le shomè a badilwe gabedi” fa a sa bona molemo ope? Go molemo go akanyetsa dikgang tse di masisi tsa botshelo le loso go na le go tsalana le dieleele “mo tluñ ea ditlhapèlō”; ee, go molemo go kgalemelwa ke motho yo o botlhale, ka gonne jaaka “thathanyègō ea mitlwa ha tlhatse ga pitsa, ditshègō tsa seeleele di nntse yalo.” Botlhale bo na le mosola. “Gonne botlhale ke phemèlō, hèla yaka madi e le phemèlō: me molemō o o gaisañ oa kicō, ke go re, botlhale bo boloka botshelō yoa eo o nañ nayō.” He, ke ka ntlhayang fa botshelo jwa motho bo tletse matlhotlhapelo? “Modimo [wa boammaaruri] o dihile motho a thōkgame; me ba senkile maanō a le mantsi.”—6:6; 7:4, 6, 12, 29.

13. Moreri o gakolola a bo a akgela a reng, mme a reng malebana le lefelo leo motho a yang kwa go lone?

13 Batho botlhe ba ya golo go le gongwe fela (8:1–9:12). Moreri o gakolola ka go re “u tshegetsè taolō ea kgosi”; mme o lemoga gore “pelo ea bana ba batho e [tlhomame] mo go bōnè ka mokgwa o o tletseñ, go tla ba diha boshula” ka go bo ba sa atlholelwe ditiro tse di bosula ka bonako. (8:2, 11) Ene ka boene o kgothaletsa batho gore ba ipele, mme go na le sengwe gape se se tlisang matlhotlhapelo! Batho ba mefuta yotlhe ba felela golo go le gongwe fela—mo losong! Se batshedi ba se itseng ke gore ba tla swa, “me bashwi ga ba itse sepè, . . . Se seatla sa gago se se bōnañ go se diha, u se dihè hèla ka nonohō ea gago; gonne ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ, kwa u eañ gōna.”—9:5, 10.

14. (a) Moreri o gatelela botlhale bofe jo bo nang le mosola? (b) Bokhutlo jwa dilo tsotlhe ke eng?

14 Botlhale jo bo nang le mosola le dilo tse motho o tlamegang go di dira (9:13–12:14). Moreri o bua ka matlhotlhapelo a mangwe gape, a a tshwanang le “boeleele bo beèwa mo tlotloñ e kgolo.” Gape o bua diane di le dintsi tsa botlhale jo bo nang le mosola, mme o bolela gore le eleng “bokau le bonna yo bo tletseñ ke boithamakō hèla”—kwantle ga motho a ka dirisa botlhale jwa boammaaruri. O bolela jaana: “U bo u gakologèlwè Mmopi oa gago mo metlheñ ea bokau yoa gago.” Kwantle ga moo, botsofe bo tla busetsa motho kwa loroleng lwa mmu fela a sa dira sepe, tumalanong le mafoko a moreri a a reng: “Boithamakō yoa maithamakō, . . . gotlhe ke boithamakō hèla.” Ene ka boene o ne a ruta batho kitso ka metlha, ka gonne “mahoko a ba ba botlhale a nntse yaka ditlhabi,” a tlhotlheletsa batho go dira ditiro tse di siameng, mme fa e le ka botlhale jwa lefatshe o tlhagisa ka go re: “Ga go na bokhutlō yoa go diha dikwalō di le dintsi; le go akanya mo gogolo ke letsapa mo nameñ.” Go tswa foo moreri o konela buka eo ka tsela e e molemolemo tota, a sobokanya sotlhe se a buileng ka sone kaga boithamako le botlhale a re: “Bokhutlō yoa mahoko ke yo; go utlwilwe gotlhe: Boiha Modimo, u bo u tshegetsè ditaolō tsa ōna; gonne mo, ke chwanèlō eotlhe ea motho. Gonne Modimo [wa boammaaruri, NW] o tla isa tihō ñwe le ñwe mo tshekoñ, le señwe le señwe se se shubegileñ, leha se le molemō kgotsa se le boshula.”—10:6; 11:1, 10; 12:1, 8-14.

LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA

15. Solomone o farologanya ditiro tse di tlisang matlhotlhapelo le tse di molemo jang?

15 Go na le gore ke buka e e tlhokisang tsholofelo, Moreri e kgabisitswe ka mafoko a botlhokwa a botlhale jwa bomodimo. Fa a ne a balolola dilo tse dintsi tse a neng a di fitlheletse tse a bolelang fa e le boithamako fela, Solomone ga a akaretse go agiwa ga tempele ya ga Jehofa e e kwa Thabeng ya Moria mo Jerusalema, lefa e le kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa. Ga a tlhalose mpho e Modimo o e mo fileng ya botshelo jaaka boithamako, mme o bontsha gore batho ba bo filwe gore ba ipele ba bo ba dire molemo. (3:12, 13; 5:18-20; 8:15) Ditiro tse di tlisang matlhotlhapelo ke tseo di dirwang go tlhokomologiwa Modimo. Rre o ka nna a bolokela morwa wa gagwe khumo, mme kudumedi nngwe e ka nna ya e senya yotlhe fela mo go sa saleng sepe. Selo se e leng sa botlhokwa go feta seo e ka nna go mo naya boswa jo bo nnelang ruri jwa dikhumo tsa semoya. Ke selo se se utlwisang botlhoko fela gore motho a nne le khumo e ntsi mme a sa kgone go e ipelela. Bahumi botlhe ba lefatshe ba welwa ke matlhotlhapelo fa ba “tloga” ka go swa, ba sa tshola sepe.—5:13-15; 6:1, 2.

16. Buka ya Qo·heʹleth, kana Moreri, e dumalana jang le dithuto tsa ga Jesu?

16 Mo go Mathaio 12:42, Keresete Jesu o ne a ipitsa “eo mogolo go heta Solomone.” Ereka Solomone a ne a tshwantshetsa Jesu, a re fitlhela mafoko a ga Solomone a a mo bukeng ya Qo·heʹleth a dumalana le dithuto tsa ga Jesu? Re fitlhela go na le ditshwani tse dintsi tota! Ka sekai, Jesu o ne a gatelela bogolo jwa tiro ya Modimo ka go re, “Rrè o nntse a diha le gompiyeno, le nna kea diha.” (Yoh. 5:17) Solomone le ene o bua ka ditiro tsa Modimo ka go re: “Hoñ ka leba tihō eotlhe ea Modimo, ka re, motho ga a kake a lemoga tihō e e dihwañ tlhatse ga letsatsi: ka gonne leha motho a inaea letsapa yañ go e lemoga, leha go nntse yalo ga a ketla a e lemoga; E, le gōna, leha motho eo o botlhale a gopola go e itse, leha go nntse yalo, ga a ketla a nonoha go e lemoga.”—Mor. 8:17.

17. Ke mafoko afe a a tshwanang a a bonwang mo go seo se ileng sa buiwa ke Jesu le Solomone?

17 Jesu mmogo le Solomone ba ne ba kgothaletsa baobamedi ba boammaaruri go kopana. (Math. 18:20; Mor. 4:9-12; 5:1) Dikakgelo tsa ga Jesu malebana le “bokhutlō yoa lehatshe” le “metlha ea Badichaba” di dumalana le mafoko a a neng a buiwa ke Solomone a go re “señwe le señwe se na le motlha oa shōna, le boikaèlèlō boñwe le boñwe tlhatse ga legodimo bo na le motlha oa yōna.”—Math. 24:3; Luke 21:24; Mor. 3:1.

18. Jesu le barutwa ba gagwe ba bua mafoko a a tshwanang le a ga Solomone fa ba fa tlhagiso efe?

18 Mo godimo ga tsotlhe, Jesu le barutwa ba gagwe ba bua mafoko a a tshwanang le a ga Solomone fa ba tlhagisa ka mamena a lorato lwa dilo tse di bonalang. Selo se se sireletsang tota ke botlhale, ka gonne bo “boloka botshelō yoa eo o nañ nayō,” go bolela jalo Solomone. “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa,” Jesu o bolela jalo. (Mor. 7:12; Math. 6:33) Mo go Moreri 5:10 go kwadilwe mafoko a a reng: “Eo o ratañ selefera ga a ketla a kgora selefera; le eo o ratañ letlōtlō ga a ketla a kgora loatō: se le shōna ke boithamakō.” Kgakololo e e tshwanang le eno fela thata ke eo e fiwang ke Paulo mo go 1 Timotheo 6:6-19 ya gore “go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe.” Go na le ditshetla tse di tshwanang le tseno tse di tsamaisanang tsa dintlha tse dingwe tsa thuto ya Bibela.—Mor. 3:17—Dit. 17:31; Mor. 4:1—Yak. 5:4; Mor. 5:1, 2—Yak. 1:19; Mor. 6:12—Yak. 4:14; Mor. 7:20—Bar. 3:23; Mor. 8:17—Bar. 11:33.

19. Re ka phuthegela mo kobamelong ya ga Jehofa gompieno re lebeletse eng se se itumedisang?

19 Puso ya Bogosi ya Morwa Modimo yo o rategang, Jesu Keresete, yo e rileng a le mo nameng a bo a le setlogolwana sa ga Kgosi Solomone, o tla dira gore go nne le batho ba mofuta o mosha mo lefatsheng. (Tshen. 21:1-5) Seo Solomone a neng a se kwala go kaela babusiwa ba gagwe mo bogosing jwa gagwe jwa tshwantshetso ke sa botlhokwa fela thata go botlhe bao ba solofetseng mo Bogosing jwa Modimo tlase ga Keresete Jesu. Mo bogosing joo batho ba tla dirisa yone melaometheo eo moreri a neng a e tlhoma mme ba tla ipela ka bosakhutleng mo mphong ya Modimo ya botshelo jo bo itumedisang. Jaanong eno ke nako ya go phuthegela mo kobamelong ya ga Jehofa, e le gore re iponele ka botlalo botshelo jo bo ipedisang mo Bogosing jwa gagwe.—Mor. 3:12, 13; 12:13, 14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela