LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 11/15 ts. 18-23
  • A o Diragatsa Tshwanelo Yotlhe ya Gago mo Modimong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Diragatsa Tshwanelo Yotlhe ya Gago mo Modimong?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Gotlhe ke Boithamako Fela?
  • Boineelo le Tshwanelo ya Rona mo Modimong
  • Sekaseka Ditshwetso Tsa Gago ka Kelotlhoko!
  • Dilo Tse di Thusang go Gakologelwa Mmopi wa Rona yo Mogolo
  • Tshwanelo Yotlhe ya Rona mo Modimong
  • Diragatsa Tshwanelo Yotlhe ya Gago
  • Buka ya Bibela ya bo 21—Moreri
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Tshwanelo Yotlhe ya Motho”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Go Diragatsa Tshwanelo ya Rona mo Modimong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Moreri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 11/15 ts. 18-23

A o Diragatsa Tshwanelo Yotlhe ya Gago mo Modimong?

“Modimo o tlaa isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, le sengwe le sengwe se se subegileng, le fa se le molemo kgotsa se le bosula.”—MORERI 12:14.

1. Ke dilo dife tse Jehofa a tlamelang batho ba gagwe ka tsone?

JEHOFA o tshegetsa batho ba ba gakologelwang gore ke Mmopi wa bone yo Mogolo. Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng le ba naya kitso e e tlhokegang gore ba mo itumedise ka botlalo. Moya wa Modimo o o boitshepo o a ba kaela gore ba dire thato ya Modimo le go “ntsha maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo.” (Bakolosa 1:9, 10) Mo godimo ga moo, Jehofa o ba tlamela ka dijo tsa semoya le kaelo ya puso ya Modimo ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.” (Mathaio 24:45-47) Ka jalo he, batho ba Modimo ba bona masego a a tswang legodimong ka ditsela tse dintsi fa ba ntse ba direla Jehofa le go dira tiro e e botlhokwa ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi.—Mareko 13:10.

2. Ke dipotso dife tse di ka tlhagang malebana le tirelo ya rona go Jehofa?

2 Bakeresete ba boammaaruri ba itumelela go tshwarega mo tirelong e e boitshepo ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba kgobega marapo ba akanya gore maiteko a ba a dirang ga a thuse sepe. Ka sekai, ka dinako tse dingwe Bakeresete ba ba ineetseng ba ka nna ba ipotsa gore a go a tlhokega gore ba dire maiteko a magolo a ba a dirang. Fa tlhogo ya lelapa e akanya ka dilo tse di jaaka thuto ya lelapa le ditiro tse dingwe, a ka nna a tlelwa ke dipotso tse di latelang mo mogopolong: ‘A ruri Jehofa o itumelela se re se dirang? A re diragatsa tshwanelo yotlhe ya rona mo Modimong?’ Mafoko a a tlhabang botlhale a moreri a ka re thusa go araba dipotso tseno.

A Gotlhe ke Boithamako Fela?

3. Go dumalana le Moreri 12:8, tota ke eng se e leng boithamako jo bogolo?

3 Batho bangwe ba ka akanya gore mafoko a monna yono yo o botlhale ga a kgothatse—basha le bagolo le e seng. “Boithamako jwa maithamako, go bua Moreri; gotlhe ke boithamako fela.” (Moreri 12:8) Tota gone, ke boithamako jo bogolo gore motho a itlhokomolose Mmopi yo Mogolo fa a sa le mosha go fitlha a tsofala a sa mo direle, a sala ka jone botsofe fela. Gotlhe ke boithamako fela kana lefela mo mothong yo o ntseng jalo, tota le fa a ka swa a humile e bile a tumile mo lefatsheng leno le le namaletseng mo maatleng a yo o boikepo, Satane Diabolo.—1 Johane 5:19.

4. Ke eng fa go ka twe ga se gotlhe go e leng boithamako?

4 Ga se gotlhe go e leng boithamako mo batlhankeng ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba ipolokelang matlotlo kwa legodimong. (Mathaio 6:19, 20) Ba na le mo gontsi go go dira mo tirong e e nang le matswela ya Morena, mme ruri tiro eo ga se ya lefela. (1 Bakorintha 15:58) Mme gone, fa e le gore re Bakeresete ba ba ineetseng, a re nna re tshwaregile mo tirong e Modimo a re abetseng go e dira mo malatsing ano a bofelo? (2 Timotheo 3:1) Kana a re inaakantse le mokgwa wa botshelo o o sa farologaneng thata le wa baagelani ba rona? Ba ka tswa ba kopanela le madumedi a bone a a farologaneng e bile ba ineetse thata mo go one, ba nna gone ka metlha kwa matlong a one a kobamelo le go leka go tshela go ya kafa mofuta wa bone wa kobamelo o batlang ka teng. Gone mme, ga se baboledi ba molaetsa wa Bogosi. Ga ba na kitso e e leng yone ya boammaaruri ya gore motlha ono ke ‘motlha wa bokhutlo’ e bile ga ba tseye malatsi ano a re tshelang mo go one a potlakile.—Daniele 12:4.

5. Re tshwanetse go dira eng fa dilo tse gantsi di gagamalelwang mo botshelong di fetoga dilo tse re amegang thata ka tsone?

5 Jesu Keresete o ile a bua jaana ka motlha ono wa rona wa mathata: “Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo. Gonne fela jaaka ba ne ba ntse mo malatsing ao pele ga morwalela, baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi le Noa o tseneng mo teng ga araka ka lone; mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o ba o ba gogola botlhe, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.” (Mathaio 24:37-39) Go ja le go nwa ga go molato fa go dirwa ka tekanyo mme lenyalo lone ke thulaganyo e e simolotsweng ke Modimo ka boene. (Genesise 2:20-24) Le fa go ntse jalo, fa re lemoga gore dilo tse gantsi di gagamalelwang mo botshelong di setse di fetogile dilo tse re amegang thata ka tsone, ke eng fa re sa rapelele kgang eo? Jehofa a ka re thusa go nna re dira gore dilo tsa Bogosi di tle pele, re dire se se siameng le gore re diragatse tshwanelo ya rona mo go ene.—Mathaio 6:33; Baroma 12:12; 2 Bakorintha 13:7.

Boineelo le Tshwanelo ya Rona mo Modimong

6. Batho bangwe ba ba kolobeditsweng ba palelwa ke go diragatsa tshwanelo ya bone mo Modimong ka tsela efe e e botlhokwa?

6 Bakeresete bangwe ba ba kolobeditsweng ba tshwanetse go rapela ka tlhoafalo ka gonne ba sa tshele ka tsela e e dumalanang le tshwanelo ya bone ya bodiredi e ba ileng ba e tsaya fa ba ne ba ineela mo Modimong. Go setse go fetile dingwaga di sekae jaanong go kolobediwa batho ba ba fetang 300 000 ngwaga le ngwaga, mme gone, palo yotlhe ya Basupi ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa ga e oketsege go le kalo. Batho bangwe ba e neng e le baboledi ba Bogosi ga ba tlhole ba bolela dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, motho o tshwanetse go nna le seabe se segolo mo bodireding jwa Bokeresete pele ga a ka kolobediwa. Ka jalo ba itse taelo eno e Jesu a neng a e neela balatedi botlhe ba gagwe: “Tsamayang . . . lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetsa mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba ruta go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” (Mathaio 28:19, 20) Batho ba ba kolobeditsweng ba ba sa tlholeng ba tlhagafetse mo tirong ya go nna Basupi ba Modimo le ba ga Keresete ga ba diragatse tshwanelo yotlhe ya bone mo Mmoping wa bone yo Mogolo, kwantle le fa e le gore ba na le dikgoreletsi tse dikgolo tse di bakwang ke botsogo le dilo tse dingwe tse ba ka se kgoneng go di laola.—Isaia 43:10-12.

7. Ke eng fa re tshwanetse go phuthega mmogo ka metlha go tla go obamela?

7 Iseraele wa bogologolo e ne e le setšhaba se se neng se ineetse mo Modimong e bile se le mo kgolaganong ya Molao, batho ba sone ba na le maikarabelo mo go Jehofa. Ka sekai, banna botlhe ba ne ba tshwanetse go phuthegela kwa meketeng e e tshwarwang gararo ka ngwaga, mme monna ope fela yo o neng a sa keteke Tlolaganyo o ne a ‘kgaolwa’ ka go bolawa. (Dipalo 9:13; Lefitiko 23:1-43; Duteronome 16:16) Baiseraele ba ne ba tshwanelwa ke go phuthega mmogo go tla go obamela e le gore ba diragatse tshwanelo ya bone ya go nna batho ba ba ineetseng mo Modimong. (Duteronome 31:10-13) Go ne go se na Molao ope o o reng, ‘Dira selo seno fa e le gore o ka kgona.’ Mo bathong ba gone jaanong ba ineetseng mo go Jehofa ruri seno se gatelela botlhokwa jwa mafoko ano a ga Paulo: “A re akanyetsaneng go tlhotlheletsa loratong le ditirong tse di molemomogolo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme segolobogolo ka lo bona letsatsi le atamela.” (Bahebera 10:24, 25) Ee, go phuthega mmogo le badumedikarona ka metlha ke bontlhanngwe jwa tshwanelo e Mokeresete yo o ineetseng a nang le yone mo Modimong.

Sekaseka Ditshwetso Tsa Gago ka Kelotlhoko!

8. Ke eng fa mosha yo o ineetseng a tshwanetse go akanyetsa tirelo ya gagwe e e boitshepo ka thapelo?

8 Gongwe o mosha yo o ineetseng mo go Jehofa. O tla nna le masego a magolo fa o ka tswelela pele o dira gore dilo tsa Bogosi di tle pele mo botshelong jwa gago. (Diane 10:22) Ka go rapela le go rulaganya dilo sentle, o ka nna wa kgona go fetsa bobotlana dingwaga tsa gago tsa bosha mo tirelong nngwe ya nako e e tletseng—tsela e e molemo ya go bontsha gore o gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo. Fa o sa dire jalo, go batla dikhumo go ka nna ga go jela nako e ntsi le go gapa tlhokomelo ya gago. O ka nna wa tloga wa tshwana le batho ba bangwe wa nyala o sa ntse o le monnye le go itsenya mo dikolotong gore o nne le dithoto. Tiro ya gago ya maemo e ka nna ya go jela nako e ntsi le nonofo ya gago. Fa o na le bana, o ka nna wa tshwanelwa ke go sikara maikarabelo a lelapa ka masomesome a dingwaga. (1 Timotheo 5:8) O ka nna wa bo o sa lebala Mmopi wa gago yo Mogolo, mme gone go molemo go lemoga gore go rulaganya dilo go sa le gale, kana go se di rulaganye, go tla ama tsela e botshelo jwa gago bo tla nnang ka yone fa o setse o godile. Mo dingwageng tsa morago o ka nna wa ikwatlhaela go bo o ile wa se ka wa dirisa dingwaga tsa gago tsa bosha ka botlalo mo tirelong e e boitshepo ya Mmopi wa rona yo Mogolo. Ke eng fa gone jaanong o sa akanyetse ditebelelo tsa gago ka thapelo e le gore o itumelele go direla Jehofa tirelo e e boitshepo mo dingwageng tsa gago tsa bosha?

9. Ke eng se se ka nnang sa kgonega ka motho yo o setseng a godile yo o kileng a bo a rwele maikarabelo a magolo mo phuthegong?

9 Akanyetsa maemo ano a mangwe—a monna yo e kileng ya bo e le modisa wa “letsomane la Modimo.” (1 Petere 5:2, 3) Ka ntlha ya mabaka mangwe o ile a ikopela go tlogela maikarabelo ano. Ke boammaaruri gore o setse a godile jaanong e bile go ka nna ga nna thata gore a tswelele pele mo tirelong ya Modimo. Mme a e ka tswa e le gore o tshwanetse go iteka ka natla gape gore a tshwanelegele ditshiamelo tsa puso ya Modimo? A bo monna yono a ne a tla nna thuso e e molemo jang ne mo bathong ba bangwe fa a ne a ka rwala maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong! Mme e re ka go se motho ope yo o ka itshelelang a le nosi fela, ditsala le baratiwa ba gagwe ba tla itumela thata fa a ka oketsa tirelo ya gagwe ka tsela e e tla galaletsang Modimo. (Baroma 14:7, 8) Go feta tseo tsotlhe, Jehofa ga a kitla a lebala se motho ope fela a se dirang mo tirelong ya gagwe. (Bahebera 6:10-12) Ka jalo, ke eng se se ka re thusang go gakologelwa Mmopi wa rona yo Mogolo?

Dilo Tse di Thusang go Gakologelwa Mmopi wa Rona yo Mogolo

10. Ke eng fa moreri a ne a ka kgona go re neela dikaelo tse di malebana le go gakologelwa Mmopi wa rona yo Mogolo?

10 Moreri o ne a ka kgona go re neela dikaelo tse di ka re thusang go gakologelwa Mmopi wa rona yo Mogolo. Jehofa o ne a araba thapelo ya gagwe e e tswang pelong ka go mo abela botlhale jo bo sa tshwaneng le bope. (1 Dikgosi 3:6-12) Solomone o ile a dira dipatlisiso tse di tseneletseng tse di malebana le ditiro tsotlhe tsa motho. Mo godimo ga moo, o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go kwala dilo tse a neng a di lemoga e le gore di re solegele molemo. O ile a kwala jaana: “Gape, e re ka Moreri a ne a le botlhale, a fela a ruta batho kitso; ee, o ne a akanya, a batla, mme a rulaganya diane di le dintsi. Moreri a leka go lemoga mafoko a a lebosegang, le sone se se kwadilweng ka thokgamo, e bong mafoko a boammaaruri.”—Moreri 12:9, 10.

11. Ke eng fa re tshwanetse go amogela kgakololo e e molemo ya ga Solomone?

11 Thanolo ya Septuagint ya Segerika ya mafoko ano e balega jaana: “Mme mo godimo ga moo, e re ka moreri a ne a le botlhale, ka gonne a ne a ruta batho botlhale; e le gore tsebe e tle e utlwe se se monate go tswa mo ditshwantshong, moreri o ile a dira dipatlisiso tse di tseneletseng go ribolola mafoko a a itumedisang le go kwala dilo tse di siameng—mafoko a boammaaruri.” (The Septuagint Bible, e e ranotsweng ke Charles Thomson) Solomone o ne a leka go ama dipelo tsa babadi ba gagwe ka mafoko a a monate le ka dilo tse ruri di neng di kgatlha e bile di le mosola. E re ka mafoko a gagwe a a fitlhelwang mo Dikwalong a tlhotlheleditswe ke moya o o boitshepo, re ka amogela dilo tse a ileng a di lemoga le kgakololo ya gagwe e e molemo re sa belaele.—2 Timotheo 3:16, 17.

12. O ne o ka tlhalosa jang mafoko a ga Solomone a a kwadilweng mo go Moreri 12:11, 12 ka mafoko a gago?

12 Tota le fa mo motlheng wa ga Solomone go ne go se na mekgwa ya segompieno ya go gatisa, go ne go na le dibuka tse dintsi. Dibuka tseo di ne di tshwanetse go lejwa jang? O ne a re: “Mafoko a ba ba botlhale a tshwana le ditlhabapholo, fela jaaka dimapo tse di kokotetsweng di ntse, ba ba ineelang mo go phutheng dipolelwana ba ntse jalo; di neilwe go tswa kwa modiseng a le mongwe. Fa e le sepe fela kwantle ga tseno, morwaaka, reetsa tlhagiso: Ga go na bokhutlo jwa go dira dibuka tse dintsi, mme go ineela thata mo go tsone go lapisa nama.”—Moreri 12:11, 12, NW.

13. Mafoko a batho ba ba nang le botlhale jwa bomodimo a ka itshupa a tshwana jang le setlhabapholo, mme ke bomang ba ba tshwanang le “dimapo tse di kokotetsweng”?

13 Mafoko a batho ba ba nang le botlhale jwa bomodimo a tshwana le ditlhabapholo. Jang? A tlhaba mmadi kana moreetsi gore a dire diphetogo tse di tla dumalanang le mafoko ao a a tlhabang botlhale a o a balang kana a o a reeditseng. Mo godimo ga moo, batho ba ba ineelang “mo go phutheng dipolelwana,” kana mafoko a tota a tlhabang botlhale le a a mosola, ba ntse jaaka “dimapo tse di kokotetsweng,” kana tse di tsepamisitsweng. Go ka nna jalo ka gonne ditiro tse di molemo tsa batho bao di supa gore ba na le botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa mme ka jalo seo se ka thusa babadi kana bareetsi go nna ba tlhomame le go ba ema nokeng. Fa e le gore o motsadi yo o boifang Modimo, a ga o a tshwanela go dira maiteko otlhe a o ka a kgonang go nwetsa botlhale jo bo ntseng jalo mo mogopolong le mo pelong ya ngwana wa gago?—Duteronome 6:4-9.

14. (a) Ke dibuka tsa mofuta mang tse go seng mosola go “ineela thata” mo go tsone? (b) Ke dibuka dife tse re tshwanetseng go di tsaya tsia thata, mme ka ntlha yang?

14 Mme gone, ke eng fa Solomone a ile a bua jaana ka dibuka? Ebu, dibuka tse dintsintsi tsa lefatshe leno, di tletse fela ka megopolo ya batho fa di bapisiwa le Lefoko la ga Jehofa. Bontsi jwa megopolo eno e supa tsela ya go akanya ya ga Satane Diabolo. (2 Bakorintha 4:4) Ka gone, “go ineela thata” mo dibukeng tseo tsa lefatshe go ka se thuse motho ka molemo ope o o nnelang ruri. Tota e bile, bontsi jwa tsone di ka nna kotsi semoyeng. Jaaka Solomone, a re tlhatlhanyeng ka se Lefoko la Modimo le se buang malebana le botshelo. Seno se tla nonotsha tumelo ya rona le go re atamalanya thata le Jehofa. Go tlhoma mogopolo thata mo dibukeng tse dingwe le metswedi e mengwe ya tshedimosetso go ka re lapisa. Dibuka tse di ntseng jalo ga di a siama e bile di ka koafatsa tumelo ya motho mo Modimong le mo maikaelelong a gagwe segolobogolo fa e le tse di rotloetsang tsela ya lefatshe ya go akanya e e thulanang le botlhale jwa bomodimo. Jalo he, a re se lebaleng gore dikwalo tse di molemo go gaisa tsotlhe mo motlheng wa ga Solomone le wa rona ke tse di senolang botlhale jwa “modisa a le mongwe fela,” Jehofa Modimo. O re neile dibuka di le 66 tsa Dikwalo Tse di Boitshepo mme ke tsone tse re tshwanetseng go di tsaya tsia thata. Baebele le dikgatiso tse di molemo tsa ‘motlhanka yo o boikanngo’ di re thusa go nna le “kitso ya Modimo.”—Diane 2:1-6.

Tshwanelo Yotlhe ya Rona mo Modimong

15. (a) O ka tlhalosa jang mafoko a ga Solomone malebana le “tshwanelo yotlhe ya motho”? (b) Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re diragatse tshwanelo ya rona mo Modimong?

15 Fa moreri, e bong Solomone, a sobokanya tshekatsheko yotlhe ya gagwe, o ile a re: “Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho. Gonne Modimo o tlaa isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, le sengwe le sengwe se se subegileng, le fa se le molemo kgotsa se le bosula.” (Moreri 12:13, 14) Go boifa kana go tlotla Mmopi wa rona yo Mogolo ka tsela e e molemo go tla sireletsa rona, gongwe le malapa a rona gore re se ka ra inaakanya le tsela ya botshelo ya boeleele e e ka bakelang rona le baratiwa ba rona mathata a mantsintsi le mahutsana. Go boifa Modimo ka tsela e e molemo go itshekile e bile ke gone go e leng tshimologo ya botlhale le kitso. (Pesalema 19:9; Diane 1:7) Fa re na le temogo e e ikaegileng ka Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng mme re bo re dirisa kgakololo ya lone mo dilong tsotlhe, re tla bo re diragatsa “tshwanelo yotlhe” ya rona mo Modimong. Nnyaa, ga se kgang ya go dira lethathama la ditshwanelo. Go na le moo, se se batlegang ke gore re senke kaelo ya Dikwalo fa re rarabolola mathata a botshelo le gore ka metlha re dire dilo ka tsela ya Modimo.

16. Jehofa o tla dira eng malebana le katlholo?

16 Re tshwanetse go lemoga gore ga go na sepe se se ka fitlhegelang Mmopi wa rona yo Mogolo. (Diane 15:3) “O tlaa isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong.” Ee, Mogodimodimo o tla atlhola dilo tsotlhe, go akaretsa le tse di fitlhegetseng batho. Go itse dintlha tseno e ka nna selo se se ka re rotloeletsang go boloka ditaelo tsa Modimo. Mme gone, selo se segolo se se tshwanetseng go re rotloetsa e tshwanetse go nna go rata ga rona Rraarona wa selegodimo, ka gonne moaposetoloi Johane o ile a kwala jaana: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaolo tsa one; mme lefa go ntse jalo ditaolo tsa one ga di imele.” (1 Johane 5:3) Mme e re ka ditaelo tsa Modimo di diretswe gore di re solegele molemo go ya go ile, ruri ke selo se se tshwanetseng e bile ke se se molemo gore re di ikobele. Seno ga se mokgweleo mo bathong ba ba ratang Mmopi yo Mogolo. Ba batla go diragatsa tshwanelo ya bone mo go ene.

Diragatsa Tshwanelo Yotlhe ya Gago

17. Ke eng se re tla se dirang fa e le gore ruri re batla go diragatsa tshwanelo yotlhe ya rona mo Modimong?

17 Fa re le botlhale e bile ruri re batla go diragatsa tshwanelo yotlhe ya rona mo Modimong, ga re kitla re boloka ditaelo tsa gagwe fela mme gape re tla nna le poifo ya tlotlo ya go tshaba go mo kgopisa. Ee ruri, “go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale,” mme batho ba ba ikobelang ditaelo tsa gagwe ba na le “tlhaloganyo e e molemo.” (Pesalema 111:10; Diane 1:7) Ka gone, a re direng dilo ka botlhale mme re ikobele Jehofa mo dilong tsotlhe. Go dira jalo go botlhokwa segolobogolo gone jaanong, ka gonne Kgosi Jesu Keresete o setse a le gone, mme letsatsi la gagwe la go nna Moatlhodi yo o tlhomilweng wa Modimo le atametse.—Mathaio 24:3; 25:31, 32.

18. Re tla nna le matswela afe fa re ka diragatsa tshwanelo yotlhe e re nang le yone mo go Jehofa Modimo?

18 Gone jaanong Modimo o tlhatlhoba mongwe le mongwe wa rona. A re sekametse thata mo dilong tsa semoya, kana a re letleletse gore tlhotlheletso ya lefatshe e koafatse botsala jwa rona le Modimo? (1 Bakorintha 2:10-16; 1 Johane 2:15-17) E ka ne re basha kana re tsofetse, a re direng sotlhe se re ka se kgonang go itumedisa Mmopi wa rona yo Mogolo. Fa re ikobela Jehofa e bile re boloka ditaelo tsa gagwe, re tla tila dilo tse di se nang mosola tsa lefatshe leno la bogologolo le le tlogang le nyelela. Fa re dira jalo, re ka nna le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo tsamaisong e ntšha ya dilo e e solofeditsweng ke Modimo. (2 Petere 3:13) A bo tseno e le ditsholofetso tse di molemo jang ne mo bathong ba ba diragatsang tshwanelo yotlhe ya bone mo Modimong!

O ka Araba Jang?

◻ Ke eng fa o ka re ga se sengwe le sengwe se e leng boithamako?

◻ Ke eng fa mosha wa Mokeresete a tshwanetse go akanyetsa tirelo ya gagwe e e boitshepo ka thapelo?

◻ Ke dibuka tsa mofuta ofe tse go seng mosola go “ineela thata” mo go tsone?

◻ “Tshwanelo yotlhe ya motho” ke eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ga se gotlhe go e leng boithamako mo bathong ba ba direlang Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Lefoko la Modimo ga le tshwane le dibuka tse dintsi tsa lefatshe leno, lone le a lapolosa e bile le mosola

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela