LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 6/8 ts. 7-8
  • Ba ne ba Direlang Jalo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba ne ba Direlang Jalo?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Bogosi Jwa Gago a bo Tle”
  • A Modimo O ne A Mpampetsa go Rekisiwa ga Makgoba?
    Tsogang!—2001
  • Ntwa E e Sa Bolong go Lowa go Fedisa Bokgoba
    Tsogang!—2002
  • A Baebele e Mpampetsa Bokgoba?
    Tsogang!—2011
  • Go Gololwa mo Bokgobeng—Bogologolo le Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 6/8 ts. 7-8

Ba ne ba Direlang Jalo?

BATHO ba ne ba ntsha seipato sefe sa go dira kgwebo ya makgoba? Borahisitori ba bolela gore batho ba le bantsi ba ne ba sa bone phoso epe mo go direng batho makgoba go fitlha ka lekgolo la bo18 la dingwaga. Buka ya The Rise and Fall of Black Slavery e akgela jaana: “Ka nako ya fa Columbus a iphitlhela a le kwa West Indies, kereke le dikwalo tse e neng e di dumelela ga di a ka tsa kaela batho bao ba e neng e tlile go nna masetlelara gore go rekisa batho ka dikgoka go ne go ka nna ga tsewa e le selo se se sa siamang lefa gone baruti bangwe ba ile ba nna ba bua kgatlhanong le gone ka tsela e e sa tlhamalalang. . . . Ga go ope yo o ileng a akantsha gore batho ba nne kgatlhanong le go dira batho makgoba go go ileng ga anama le dinaga tsotlhe tsa Yuropa.”

Morago ga fa kgwebo ya makgoba e e neng e dirwa go kgabaganya Atlantic e sena go anama thata, baruti ba le bantsi ba ne ba dirisa dintlha tsa bodumedi go buelela bokgoba. Buka ya American Slavery e bolela jaana: “Baruti ba Porotesetante [kwa Amerika] ba nnile le seabe se segolo mo go bueleleng go dira batho makgoba . . . Gongwe ntlha ya bodumedi e e neng ya anama thata e bile e dumelwa go gaisa tsotlhe e ne ya nna kakanyo ya gore bokgoba e ne e le lengwe la maano ao Modimo o ileng a a dirisa gore batho bao go fitlha jaanong e leng baheitane ba bone masego a go nna Bakeresete.”

Lefa go ntse jalo, tsela e makgoba a neng a bogisiwa botlhoko thata le ka bosetlhogo ka yone e ne e sa dumalane le seipato sa gore ba ne ba dirwa jalo gore ba bone “masego a go nna Bakeresete.” Ka jalo, badiradikolone le bakwadi le boradifilosofi ba Yuropa ba ne ba ipolelela gore bantsho ga ba tshwane le basweu. Edward Long, molemi yo o neng a kwala buka ya History of Jamaica, o akgela jaana: “Fa re akanya ka tsela e batho bano ba leng ka yone, le tsela e ba farologaneng le batho ba bangwe botlhe ka yone, a ga re a tshwanela go konela ka gore ke ba mofuta o sele?” Matswela a go akanya jalo a ne a tlhalosiwa jaana ke mmusi wa Martinique: “Ke fitlhile mo jaanong ke akanyang thata gore motho o tshwanetse go tshwara Bantsho jaaka dibatana.”

Kgabagare batho ba ba kgatlhegelang ikonomi le ba ba kutlwelobotlhoko ba ne ba nna le seabe mo go khutliseng kgwebo eo ya makgoba e e neng e dirwa go kgabaganya Atlantic. Go tloga fela kwa tshimologong Baafrika ba ne ba lwa le gore ba se ka ba dirwa makgoba, mme e ne ya re mo dingwageng tsa bofelo tsa lekgolo la bo18 la dingwaga, go tsuologa jalo go ne go aname. Beng ba bone ba ba neng ba simolola go boifa ba ne ba lemoga fa maemo a bone a le mo kotsing. Ba ile ba bo ba simolola go belaela gore a e seng gore go ne go tla nna tlhwatlhwatlase gore ba hire batho fa go tlhokega go na le go ema bokgoba nokeng.

Ka yone nako eo, batho ba le bantsi ba Yuropa le Amerika ba ne ba simolola go nna kgatlhanong le bokgoba ka ntlha ya mabaka a maitsholo, a bodumedi le kutlwelobotlhoko. Mekgatlho e e buelelang gore bokgoba bo fedisiwe e ne ya simolola go nonofa. Matswela a bokgoba a ne a nna a tswelela lefa gone dinaga di le dintsi di ile tsa fedisa kgwebo ya makgoba semolao go tloga ka 1807 go ya pele.

Motseletsele wa lenaneo la thelebishene la The Africans: A Triple Heritage, le ne la bua jaana ka tsela e e amang pelo ka barwa le barwadi ba Afrika: “Bogologolo pele ga malatsi a bokgoba, re ne re nna kwa . . . Afrika. Mme batswakwa ba ne ba tla ba bo ba tla go tsaya bangwe ba rona. Gompieno jaana re gasagasame thata jaana mo e bileng letsatsi le se keng le wela mo ditlogolwaneng tsa Afrika.” Dimilionemilione tsa bana ba Afrika ba gone jaanong ba nnang kwa Amerika Bokone le Borwa, kwa Caribbean le Yuropa, kwantle ga pelaelo ke ka ntlha ya kgwebo eo ya makgoba.

Batho gompieno ba santse ba ganetsana kaga gore ke molato wa ga mang go bo go ile ga nna le kgwebo ya makgoba go kgabaganya Atlantic. Basil Davidson, moitse wa hisitori ya Afrika o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The African Slave Trade: “Afrika le Yuropa di nnile le seabe ka bobedi.”

“Bogosi Jwa Gago a bo Tle”

Go na le sengwe se re ka se ithutang—selo sengwe se se amanang le puso ya motho. Monna yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Ke sekasekile ditiro tsotlhe tsa kgatelelo tse di kileng tsa dirwa kafa tlase ga letsatsi,—bonang tlhe! khutsafalo ya ba ba gateletsweng, mme ga go ope yo o ba gomotsang e bile bagateledi ba bone ba nonofile.”—Moreri 4:1, Rotherham.

Ka maswabi, mafoko ao a a kwadilweng bogologolo pele ga kgwebo ya makgoba mo Afrika, a santse a le boammaaruri le gompieno. Go santse go na le batho ba ba gateletsweng le bagateledi mme e bile kwa dinageng dingwe go santse go na le makgoba le beng ba one. Bakeresete ba a itse gore ka puso ya Bogosi jwa Modimo, Jehofa o tla tloga a “golola motlhoki mogang o lelang; le mohumanegi yo o se nang mothusi.” (Pesalema 72:12) Ka ntlha ya lone lebaka leo le a mangwe, ba tswelela pele ba rapela Modimo jaana: “Bogosi jwa gago a bo tle.”—Mathaio 6:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela