LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 7/8 ts. 19
  • Dipolelelopele Tsa Bokhutlo Jwa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipolelelopele Tsa Bokhutlo Jwa Lefatshe
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng Fa Go Na Le Ditlhagiso tse Eseng Tsone Di Le Dintsi Jaana?
    Tsogang!—1993
  • A Bokhutlo Jwa Lefatshe bo Gaufi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Lebaka La go Bo Bontsi bo Dumela Gore Lefatshe le Tla Khutla
    Tsogang!—1995
  • Bokhutlo Jwa Lefatshe—Poifo, Kgatlhego le go Kgobega Marapo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 7/8 ts. 19

Dipolelelopele Tsa Bokhutlo Jwa Lefatshe

“Go setse go fetile diketekete tsa dingwaga baperofeti ba lefifi ba ntse ba bolelela pele gore lefatshe le tloga le fela.”—Premonitions: A Leap Into the Future.

KA 1033, dingwaga di le 1 000 fela morago ga loso lwa ga Keresete, baagi ba Burgundy kwa Fora ba ne ba tshelela mo poifong ka gonne go ne go boleletswe pele gore lefatshe le ne le tla khutla mo go one ngwaga oo. Ba ne ba simolola go solofela tota gore sengwe se se maswe thata se e tla fa ditsuatsue tse dintsi di ne di senya ka tsela e e sa tlwaelegang thata mme morago go latela leuba le legolo. Batho ba le bantsi ba ne ba simolola go supa phatlalatsa gore ba a ikwatlhaya.

Masome a dingwaga a sekae pelenyana ga moo, batho ba le bantsi ba ne ba dumela gore bokhutlo jwa lefatshe bo ne bo le gaufi ka nako ya fa go ne go atamela sekete sa dingwaga Keresete a sena go tsholwa (go ya ka tatelano ya ditiragalo e e neng e dumelwa ka nako eo). Ditiro tsa botaki le tsa ngwao di ne di batla di emisitswe ka nako eo kwa matlong a baitlami kwa Yuropa. Eric Russell o ne a akgela jaana mo bukeng ya gagwe ya Astrology and Prediction: “Gantsi diwili tse di neng di dirwa mo dingwageng tsa bofelo tsa lekgolo la dingwaga la bolesome di ne di simolola ka mafoko a a reng, ‘e re ka ke bona fa bokhutlo jwa lefatshe bo atamela.’”

Martin Luther, yo o neng a simolola Diphetogo Tsa Boporosetante ka lekgolo la bo16 la dingwaga o ne a bolelela pele gore bokhutlo jwa lefatshe bo ne bo le gaufi mo motlheng wa gagwe. Buka nngwe e bolela gore o ne a re: “Nna ke a dumela gore letsatsi la katlholo le fela fa.” Mokwadi yo mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Luther o ne a itsise gore masetlapelo a bofelo a gaufi ka go lomaganya ditiragalo tsa hisetori le dipolelelopele tsa Baebele.”

Mo lekgolong la bo19 la dingwaga William Miller, yo go dumelwang thata gore ke ene yo o thaileng Kereke ya Adventist, o ne a bolelela pele gore Keresete o ne a tla boa a tla gape nako nngwe fa gare ga March 1843 le March 1844. Ka gone, batho bangwe ba ne ba solofetse gore ba tla tseelwa legodimong.

Bosheng fela jaana, bodumedi bongwe jwa kwa Ukraine jo bo bidiwang gore ke Great White Brotherhood bo ne jwa bolelela pele gore bokhutlo jwa lefatshe bo ne bo tla tla ka November 14, 1993. Kwa U.S.A., moefangele mongwe wa mo radiong, Harold Camping, o ne a bolela gore lefatshe le ne le tla khutla ka September 1994. Ga go na pelaelo ya gore matlha ano a go neng ga bolelelwa pele gore lefatshe le ne le tla khutla ka one a ne a le phoso.

A seno se dirile gore batho ba se ka ba tlhola ba dumela gore lefatshe le tla khutla? Ga go a nna jalo. U.S.News and World Report ya December 19, 1994, e ne ya akgela jaana: “Jaaka fa mileniamo o mosha wa ngwaga wa 2000 o ntse o atamela, seno se dira gore go tlhage dipuo di le dintsi tsa boperofeti kaga letsatsi la tshenyego.” Makasine ono o ne wa bega gore “mo e ka nnang diperesente di le 60 tsa Baamerika di akanya gore lefatshe le tlile go khutla nako nngwe mo isagweng; mo e ka nnang nngwetharong ya bone batho bano e akanya gore bokhutlo bo tla tla mo masomeng a sekae a dingwaga a a tlang.”

Ke ka ntlha yang fa go ile ga bolelelwa pele thata jaana ka bokhutlo jwa lefatshe? A go na le mabaka a a utlwalang a gore re dumele gore le tla khutla?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela