Ke Eng Fa Go Na Le Ditlhagiso tse Eseng Tsone Di Le Dintsi Jaana?
Bokhutlo jwa Lefatshe—Bo Gaufi go le Kana Kang?
GO NA le polelo nngwe ka mosimane mongwe yo o neng a disa dinku tsa motse. Ka ntlha ya go batla gore go thaakanngwe ditsebe, nako nngwe o ne a tlhaba mokgosi a re, “Phiri! Phiri!” fa tota gone phiri e ne e seyo. Baagi ba ne tswa ba tsere melamu go ya go leleka phiri, mme erile ba tsena koo ba fitlhela go sena phiri. Selo seo se ne sa mo jesa monate mo eleng gore mosimane o ne a boeletsa mokgosi wa gagwe gape. Mme baagi ba motse ba ne ba tswa gape ka melamu ya bone, mme fa ba tsena koo ba ile ba lemoga gore ke tlhagiso e nngwe gape e e seng yone. Mme erile kgabagare phiri ya tla, mme mosimane a tlhaba mokgosi a re, “Phiri! Phiri!” mme baagi ba motse ba ne ba tsaya gore mokgosi wa gagwe ke tlhagiso e nngwe gape e e seng yone. Ba ne ba akeditswe gantsi thata.
Mme go setse go ntse fela jalo le ka ba ba buang ka bokhutlo jwa lefatshe. Go ralala makgolokgolo a dingwaga go tloga ka nako ya ga Jesu, go ile ga dirwa dipolelelopele di le dintsi tse di sa diragalang mo eleng gore bontsi ga bo sa tlhole bo di isa tlhogong.
Mo lekwalong le Gregory I, yo e neng e le mopapa go tloga ka 590 go ya go 604 C.E., a ileng a le kwalela kgosi nngwe kwa Yuropa, o ne a re: “Gape re eletsa go itsise Mmabatho gore, go tswa mo go ithuteng ga rona mafoko a Modimo Mogodimodimo mo Dikwalong tse di Boitshepo, bokhutlo jwa lefatshe la jaanong bo setse bo le gaufi le gore Bogosi jo bo sa khutleng jwa Baitshepi ga bo kgakala.”
Mo lekgolong la bo16, Martin Luther, mosimolodi wa Kereke ya Lutere, o ne a bolelela pele gore bokhutlo bo gaufi. Go ya ka motswedi mongwe, o ile a re: “Nna ka bonna, ke tlhomamisa gore letsatsi la katlholo le fa fela fa.”
Mabapi le sengwe sa ditlhopha tsa ntlha tsa Baptist, go begwa jaana: “Ba-Anabaptist ba masimologo a Lekgolo la Bolesome le Borataro ba ne ba dumela gore Mileniamo o ne o tla diragala ka 1533.”
“Edwin Sandys (1519-1588), Mobishopomogolo wa York le Mookamedi wa Ennyelane . . . a re, . . . ‘A re itseng gore go tla mo ga Morena go gaufi.’”
William Miller, yo go dumelwang thata gore ke ene a thaileng Kereke ya Adventist, o nopolwa a ile a re: “Ke tlhomamisa ka botlalo gore nako nngwe magareng a March 21, 1843, le March 21, 1844, go ya ka mokgwa wa go bala nako wa Sejuta, Keresete o tla tla.”
A mme go sa diragale ga dipolelelopele tseo go dira gore badibui e nne baperofeti ba maaka, go ya ka se se tlhalosiwang ke Duteronome 18:20-22? Temana eo e balega jaana: “Me moperofeti eo o tla italetsañ go bua lehoko ka leina ya me, ye ke sa le mo laolèlañ go le bua, kgotsa eo o tla buañ mo ineñ ya medimo e sele, moperofeti eouō a a shwè. Me ha u ithaea mo peduñ ea gago, u re, Re tla itse yañ lehoko ye Yehofa o sa le buañ? E re ha moperofeti a bua mo ineñ ya ga Yehofa, me ha selō seuō se sa tle, goñwe se sa dihale, ke shōna selō se Yehofa o sa se buañ.”
Go na le ba ba dirang dipolelelopele tse di gogang maikutlo tsa bokhutlo jwa lefatshe gore ba itsege le go oka baletedi, mme lefa go le jalo ba bangwe ba dumela tota gore dilo tse ba di buang di boammaaruri. Ba bolela mafoko a tsholofetso a a thailweng mo diphuthololong tse di itswelang mo go bone tsa ditemana dingwe tsa dikwalo kana tiragalo nngwe. Ga ba bolele gore dipolelelopele tsa bone ke tse ba di senoletsweng ke Jehofa ka sebele le gore ka lebaka leo ba perofeta mo leineng la ga Jehofa. Ka jalo, mo mabakeng a a ntseng jalo, fa se ba se buang se sa diragale, ga ba a tshwanela go tsewa jaaka baperofeti ba eseng bone ba go tlhagisiwang ka bone mo go Duteronome 18:20-22. Ka ntlha ya go bo e le batho ba ba dirang diphoso, ba ile ba seka ba leba dilo sentle.a
Kwa ntle ga go kgobiwa marapo ke go sa diragale ga tsa pele, bangwe go lebega ba tlhotlheleditswe ke go atamela ga ngwaga wa 2000 mme ba ile ba dira dipolelelopele tse dingwe gape ka bokhutlo jwa lefatshe. The Wall Street Journal ya December 5, 1989 e ne ya gatisa kgang ya setlhogo se se reng “Millennium Fever: Prophets Proliferate, the End Is Near.” Fa ngwaga wa 2000 o ntse o atamela, bareri ba ba farologaneng ba bolelela pele gore Jesu o e tla le gore dingwaga tsa bo1990 e tla nna “nako ya mathata a a iseng a ko a bonwe pele.” Ka nako ya fa go ne go kwalwa kgang eno, tiragalo ya bosheng e ne e diragala kwa Repaboliking ya Korea, koo Mission for the Coming Days, e neng ya bolelela pele gore ka October 28, 1992, bosigogare, Keresete o tla tla mme a bo a tseela badumedi kwa legodimong. Ditlhopha tse dingwe gape tse dintsi tse di buang ka letsatsi la matlhomola di ne tsa bolelela jalo.
Ditlhagiso tse dintsintsi tse eseng tsone di a swabisa. Di tshwana le mekgosi ya phiriphiri ya mosimane wa modisa—batho e a re go ise go ye kae ba bo ba sa di ise tlhogong, mme e re fa jaanong go tla tlhagiso ya boammaaruri, le yone ba bo ba e tlhokomologa.
Mme ke ka ntlha yang fa go ile ga nna le tshekamelo mo makgolokgolong a dingwaga go tla go fitlha motlheng wa rona ya go ntsha ditlhagiso tse eseng tsone, fela jaaka Jesu a ile a bolela gore go tla nna jalo? (Mathaio 24:23-26) Morago ga fa Jesu a sena go bolelela balatedi ba gagwe ka ditiragalo tse di neng di tla tshwaya go boa ga gagwe, o ne a ba raya a re, jaaka fa go kwadilwe mo go Mathaio 24:36-42: “Me kaga letsatsi yeuō, le nakō euō, ga go itse opè, leha e le baengele ba legodimo, leha e le Morwa, ha e se Rara a le esi hèla. Me yaka metlha ea ga Noa e ne e nntse, go tla ga Morwa Motho go tla nna hèla yalo. . . . Ke gōna disañ: gonne ga lo itse letsatsi ye Morèna oa lona o tla tlañ ka yeōna.”
Ba ne ba bolelelwa gore ba seka ba lebelela le go ipaakanya fela mme gape ba ne ba tshwanetse go lebelela ka tlhologelelo. Baroma 8:19 ya re: “Gonne tlhologèlèlō ea lobopō e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo.” Re le batho re na le mokgwa wa gore fa re solofetse sengwe ka pelo yotlhe mme re se emetse ka tlhologelelo, re raelesege go akanya gore tsholofelo ya rona ga e kgakala le go diragadiwa lefa fa gongwe bosupi bo tlhaela. Ka ntlha ya tlhologelelo ya rona ya ditlhagiso tse e seng tsone di ka nna tsa dirwa.
Mme jaanong, ke eng se se tla farologanyang tlhagiso ya boammaaruri mo go e eseng yone? Go bona karabo, tsweetswee bona setlhogo se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ka ntlha ya go lebelela ka tlhoafalo go tla gape ga ga Jesu, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba supa dinako tse go ileng ga itshupa fa e se tsone. Ka ntlha ya seno bangwe ba ile ba ba bitsa baperofeti ba e seng bone. Lefa go le jalo, mo mabakeng ano otlhe, ga ba ise ba ko ba bolele gore ba bua dipolelelopele tseo mo ‘leineng la ga Jehofa.’ Ga ba ise ba ko ba re, ‘Ano ke mafoko a ga Jehofa.’ The Watchtower, e e leng lekwalodikgang la konokono la Basupi ba ga Jehofa, e ile ya re: “Ga re na mpho ya go perofeta.” (January 1883, tsebe 425) “Mme ebile ga re re mafoko a rona a sisimogwe kana a tsewe gore ga a na diphoso.” (December 15, 1896, tsebe 306) The Watchtower gape ile ya re go bo bangwe ba na le moya wa ga Jehofa “ga go reye gore bao ka nako eno eleng basupi ba ga Jehofa ba tlhotlheleditswe. Ga go reye gore mafoko a a mo makasineng ono wa The Watchtower a tlhotlheleditswe ebile ga a kake a nna le phoso le gore gape ga a na diphoso.” (May 15, 1947, tsebe 157) “The Watchtower ga e iphake gore se e se buang se tlhotlheleditswe, le fa e le gone gore se e se buileng ga se kake sa fetolwa.” (August 15, 1950, tsebe 263) “Bakaulengwe ba ba rulaganyang dikgatiso tseno ba ka dira diphoso. Mafoko a bone gaa a tlhotlhelediwa jaaka a ga Paulo le a bakwadi ba bangwe ba Bibela. (2 Tim. 3:16) Ka jalo, ka dinako tse dingwe go ile ga tlhokega gore go baakanngwe ditlhaloso, fa jaaka go ntse go sedifalela pele. (Dia. 4:18)”—February 15, 1981, tsebe 19.