Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ Ke ka ntlha yang fa New World Translation of the Holy Scriptures mo go Isaia 11:6 e bolela gore “phiri e tla nna le phelehu ka lobakanyana”? A kagiso ya tsone e tla bo e se ya goyagoile?
Kagiso e e lapolosang e e tla bong e le mo diphologolong jaaka e perofesitswe mo go Isaia 11:6-9 e tla nna ya goyagoile. Mme Isaia 11:6 fa e ranolwa ka kelotlhoko e bolela ka phepafalo fela gore diphologolo tse di ntseng jalo ga di kitla di nna mmogo di sa kgaogane.
Isaia 11:6 e balega jaana mo go New World Translation of the Holy Scriptures: “Phiri e tla nna ka lobakanyana le phelehu, mme nkwe e tla botha le potsane, mme namane le tawana e e kgwisitsweng le e e fepilweng sentle di tla nna mmogo mme mosimanyana o tla di goga.”
Dithanolo tse dintsi tsa Bibela di balega jaana: “Phiri e tla nna [kana, “aga”] le kwanyana.” Dithanolo tse di ntseng jalo di ka nna tsa naya kgopolo ya gore phiri le nku di tla nna mmogo ka metlha, jaaka lelapa le lesha kana jaaka tsela ya tsone e ntšha ya go tshela.
Lefa go ntse jalo, lefoko la Sehebera le le ranotsweng jaaka “nna” kana “aga” le ke gur. Go ya ka mokwadi wa dibuka tse di tlhalosang mafoko William Gesenius, go kaya “go tsamayatsamaya, go nna ka lobakanyana, go nna mme eseng jaaka mo lapeng, ke gore jaaka motho yo o sa itsiweng, motswakwa, moeti.” (A Hebrew and English Lexicon of the Old Testament, e e ranotsweng ke Edward Robinson) Buka e e tlhalosang mantswe e e kwadilweng ke F. Brown, S. Driver le C. Briggs e naya bokao jono “go tsamayatsamaya le, go nna ka nako (e e tlhomilweng kana e e sa tlhomiwang), go nna jaaka setlabosheng . . . o sena tshiamelo ya go nna koo.”
Modimo o ne wa dirisa gur fa a ne a bolelela Aberahame gore a ye go nna ‘jaaka mojaki’ kwa Kanana. Tlhogo eno ya lotso e ne e se kitla e rua naga eo, mme e ne e tla nna jaaka moagi yo o sireleditsweng koo. (Genesise 26:3; Ekesodo 6:2-4; Bahebera 11:9, 13) Ka tsela e e tshwanang, Jakobe o ne a bolela gore o ne a tshela jaaka ‘mojaki’ mo kgaolong ya Harana, gonne o ne a tlile go boela kwa Kanana.—Genesise 29:4; 32:4.
Mo Paradaiseng eo Modimo o tla tlogang o e tlhoma, batho le diphologolo ba tlile go tshela ka kagiso. Kwanyana e tla bo e sa boife phiri kana namane e boifa nkwe. Jaaka ekete e batla go supa pharologano le kafa go ntseng ka teng gompieno, puo eo e naya le kgopolo ya gore phiri e tla bo e sireleditswe ke konyana.—Isaia 35:9; 65:25.a
Lefa go le jalo, e ka nna ya re ka nako eo diphologolo tse di ntseng jalo tsa bo di santse di ka tswa di na le mafelo a tsone a a kgethegileng. Diphologolo tse dingwe di tshwanela go nna mo dikgweng, tse dingwe mo dipoeng, tse dingwe fa thoko ga lotshitshi kana kwa dithabeng. Le eleng ka nako ya Paradaise ya ntlhantlha, Modimo o ne wa bua ka “diphōlōhōlō le dibatana.” (Genesise 1:24) Diphologolo tsa mo gae go lebega e ne e le tseo ka tlwaelo di neng di rata go nna gaufi le motho le fa a nnang teng. Dibatana, lemororo di ne di se bogale, go lebega di ne di nna kgakala le motho. Ka jalo, fela jaaka boperofeti jwa ga Isaia bo bolelela pele, phiri “e tla nna ka lobakanyana le phelehu,” mme ga e kitla e nna ka metlha le diphologolo tse di ntseng jalo tsa mo gae.
[Ntlha e e kwa tlase]
a The Bible in Living English e baya Isaia 11:6 ka tsela eno: “Phiri e tla bo e nna mo legaeng la nku.”
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]
Zoological Research Center, Tel-Aviv Hebrew University