LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 7/8 ts. 30-32
  • Ke Eng fa go Utswa go le Phoso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa go Utswa go le Phoso?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo ba Utswa
  • A ke go Itebatsa Mahutsana?
  • Bankane le Tlhotlheletso ya Bone
  • Go Itse Kgopolo ya Modimo
  • Go Lwa le Thaelo
  • A ga Go Molato fa o Utswa ka Gonne o Humanegile?
    Tsogang!—1997
  • Ke Eng Fa go Utswa go Ntse go Oketsega Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ke Eng fa Batho ba Utswa mo Mabenkeleng?
    Tsogang!—2005
  • Go Utswa mo Mabenkeleng—Ke Mang yo o Amiwang ke Ditlamorago Tsa Gone?
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 7/8 ts. 30-32

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng fa go Utswa go le Phoso?

“Ke na le dingwaga tse 16 mme ke na le bothata jo bo masisi thata. Bosheng jaana ke ntse ke utswa tota. Gone jaanong ke tswa kwa mabenkeleng mme ke tlile ke utswitse dipara tse supa tsa manyena. Ke tshaba go bolelela ope ka bothata jono jwa me. Tsweetswee nthusang!”

MOSHA mongwe wa mosetsana yo a neng a tshwenyegile thata o ne a kwalela kholomo ya dikgakololo ya makasine mongwe jalo. Mokwadi mongwe o ne a bega jaana: “Dilwana tsa didolara di le dikete di le dimilione di le lesome [diranta di le dikete di le dimilione di le 35] . . . di a utswiwa kana di tsewa ka tsela nngwe mo mabenkeleng ngwaga le ngwaga [kwa United States]. Basha ba dira mo e ka nnang halofo ya batho ba ba tshwarelwang go utswa mo mabenkeleng.”

Go ya ka potsolotso nngwe ya bosheng, go feta nngwetharong ya baithuti ba sekolo se segolo (sekolo sa sekontari) ba dumela gore ba tle ba utswe mo mabenkeleng. Mme go ya ka potsolotso e nngwe e e neng ya dirwa ke Jane Norman le Myron Harris ba ba dirang dipatlisiso, “mo e ka nnang [basha] botlhe ba dumela gore ba kile ba itseela sengwe ba bo ba sa se duelele.”

Lebaka La go Bo ba Utswa

Legodu ke motho yo o tsayang selo sa motho yo mongwe ka boomo kwantle ga tetla ya gagwe. Ka dinako tse dingwe go ka lebega e kete go siame gore motho a utswe fa a tlhoka. Mosha mongwe yo o humanegileng o ne a gakologelwa jaana: “Ke ne ke tlaletswe. Ke ne ka pota ka kwa morago ga [resetšhurente ya dijo tse di botlhoswana] ke bo ke raga kgoro ya teng gore e bulege ke bo ke tsaya nama ya koko. Mme e ne e le gone gotlhe. Ke ne ke go dira fela ka gonne ke ne ke tshwerwe ke tlala.”

Seane sa Baebele sa re: “Batho ga ba nyatse legodu, fa le utswa gore mowa wa lone o kgore, motlhang le bolawang ke tlala.” Lefa go ntse jalo, bogodu ga bo a siama. Ke gone ka moo temana e e latelang eno ya Baebele e bontshang gore tota le legodu le le bolawang ke tlala “le tlaa lefa” ka go duedisiwa kotlhao e e botlhoko.—Diane 6:30, 31.

Mme gone, selo se se gakgamatsang ke gore, ke basha ba sekae fela ba ba utswang ka ntlha ya go bo ba tlhoka tota. Sekao se re nang le sone ke sa ga Mary Jane, yo o neng a ipolela jaana: “Ee, nkile ka utswa mo lebenkeleng mme tota go ne go gakgamatsa ka gonne ga ke itse gore ke eng fa ke ne ke utswa. Batsadi ba me ba nnaya madi a sengwe le sengwe. Ke ne ke sa tlhoke sepe.”a Makasine wa Seventeen le one o ne wa bega jaana: “Mo patlisisong e e neng ya dirwa ke National Crime Prevention Council, balatofadiwa ba le bantsi ba ne ba bolela gore ba ne ba utswa fela ka gonne ba ne ba batla sengwe sa mahala.” Basha bangwe ba ne ba bo ba ntsha seipato sa go nna dinalanyana ba re mabenkele a ‘turusa dilo thata’!

Basha ba bantsi ba utswa fela ka gonne ba batla go itlosa bodutu. Jeremy yo e kileng ya bo e le legodu o ne a tlhalosa jaana: “E ne e le selo se ke neng ke se dira fa ke tswa sekolong.” Bogodu gape bo lebega bo tshwana le motshameko o o diphatsa; bangwe ba itumelela go utlwa ba garoga pelo ka nako ya fa ba somela bolaose mo sepatšheng kana ba sukunyetsa compact disc mo kgetsing.

A ke go Itebatsa Mahutsana?

Ke boammaaruri gore go na le ditsela tse di seng kotsi tse motho a ka lwang le bodutu ka tsone go na le go itsenya mo kotsing ya go atlholelwa go ya kgolegelong. A e ka tswa e le gore go na le mabaka a mangwe gape a a dirang gore motho a itlose bodutu ka tsela e e ntseng jalo go na le fela gore o a bo a batla go itumela ka tsela nngwe? Baitse ba le bantsi ba dumela gore go ntse jalo. Ladies’ Home Journal e ne ya akgela ka gore basha bangwe “ba fitlhela go le bokete go itshokela mathata a fa ba ntse ba gola. Go lwa le batsadi, go tlhobogana le ditsala, go bona maduo a a kwa tlase thata mo ditlhatlhobong, go ka dira gore ba ikutlwe ba fekeetsega; go tlola molao go dira gore ba ikutlwe ba na le maatlanyana.”

Ee, le mororo motho a ka nna pelokgale go utswa, a ka nna a bo a tshelela mo khutsafalong e bile a utlwile botlhoko. Go ntse fela jaaka fa Baebele e bolela gore, “le mo setshegong pelo e tle e nne bohutsana.” (Diane 14:13) Bosupi bo bontsha gore motho a ka nna a bo a utswa ka gonne a tshwenyegile thata mo maikutlong. Basha bangwe ba ba utswang go fitlhetswe e le gore ba kile ba sotliwa fa e santse e le bana. Lefa bohutsana joo bo ka tswa bo bakiwa ke sengwe, boitumelo jo a bo utlwang fa a utswa bo ka tswa bo lebega bo nyeletsa selo sepe fela se se mmakelang bohutsana go sekae—e ka nna ka lobakanyana.b Tsaya ka sekai mosha mongwe wa Moamerika yo o neng a itumelela go utswa dikoloi fela gore a sasanke ka tsone. A re: “Go monate tota. O utlwa e kete o tshogile, o utlwa e kete o mo sediding.”

Bankane le Tlhotlheletso ya Bone

Baebele ya re: “Go ikopanya le ba ba bosula, go tle go bodise mekgwa e mentle.” (1 Bakorinthe 15:33) Boammaaruri jono bo itsege tota. Mokwadi, Denise V. Lang o ne a akgela jaana: “Ke ka sewelo o ka fitlhelang mosha a tsena mo mathateng a sa tlhotlhelediwa ke ope.” Gantsi bankane ba rotloetsana gore ba utswe sengwe. Se se utlwisang botlhoko ke gore basha ba bantsi ba a ineela fa ba gatelelwa.

“Ke ne ka tsalana le setlhopha sa basetsana bangwe fa ke le kwa sekolong se segolwane,” go bolela jalo Kathy yo mmotlana. Ke eng se o neng o tshwanetse go se dira gore o amogelwe mo setlhopheng seno? O ne o tshwanetse go utswa sekipa sa madi a a kwa godimo. “Ke ne ke batla go nna mongwe wa setlhopha seo, ka jalo ke ne ka ya kwa lebenkeleng go ya go utswa sekipa sa me,” o bolela jalo.

Go Itse Kgopolo ya Modimo

Go solofela go nna le selo se o senang madi a go se reka, go itumelela go dira sengwe se se kotsi, kana go ratiwa ke bankane go ka dira gore motho a kgatlhegele o utswa. Lefa go ntse jalo, mongwe wa Melao e e Lesome e e mo Baebeleng wa re: “O se ka wa utswa.” (Ekesodo 20:15) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore ‘magodu ga a kitla a rua bogosi jwa Modimo.’ (1 Bakorinthe 6:10) Basha ba ba godisitsweng ka tsela ya Bokeresete ba tshwanetse go akanya thata ka kgopolo ya Modimo kaga seno. A bo e tla bo e le boitimokanyi jo bo kana kang go itira e kete o siame fa pele ga batho mme mo sephiring o le legodu! Moaposetoloi Paulo o ne a baya seno jaana: “Wena yo o rutang yo mongwe, a o bile ga o ithute? Wena yo o rerang gore motho a se ka a utswa, a o bile o a utswa?”—Baroma 2:21.

Selo se se tlhabisang ditlhong thata sa gore o ka nna wa tshwarwa, ke lebaka le le nonofileng la go tila mokgwa o o leswe wa go utswa. Legodu lengwe le lebotlana le ne la bolela jaana fa le sena go tshwarwa: “E ne e kete nka swa.” Go itse fela gore Jehofa “o ila bogodu” ke lebaka le le nonofileng go a feta otlhe la go tila go ineela fa o tlhotlhelediwa—kana o rotloediwa—go utswa. (Isaia 61:8) Lefa motho a ka kgona go fitlha bogodu jwa gagwe mo badiring ba lebenkele, mapodisi le batsadi, motho ga a kake a iphitlhela Jehofa. Kgabagare o tlile go senoga.—Isaia 29:15.

Gakologelwa gape gore, boleo bo thatafatsa motho. (Bahebere 3:13) Go utswa dilo tse dinnye go fetela mo go direng ditiro tse dingwe tse di maswe thata kana tse di kotsi. Ka sekai, Roger yo mmotlana o ne a simolola go tshela jaaka senokwane ka go utswa madi mo sepatšheng sa ga mmaagwe. Fa nako e ntse e tsamaya o ne a tsamaya a digela basadibagolo fa fatshe a bo a utswa dipatšhe tsa bone!

Go Lwa le Thaelo

Gone ke boammaaruri gore fa motho a ne a setse a simolotse go utswa mo sephiring, go ka se nne motlhofo gore a tlogele. “E ne e kete ke tshwakgogile,” mosha mongwe o ne a dumela jalo. Ke eng se se ka thusang mosha go fetola ditsela tsa gagwe?

Bolelela Modimo boleo jwa gago. O tla “itshwarela ka botlalo” ba ba ikwatlhaelang diphoso tsa bone mme ba mmolelela diphoso tsa bone ba sa fitlhe.—Isaia 55:7.

Batla thuso. Bontsi jwa batho ba ba balang makasine ono ba tlwaelane le phuthego ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong la bone. Batho ba ba ntseng jalo ba ka senka balebedi ba Bakeresete ba mo lefelong la bone mme ba ba kope gore ba ba thuse semoyeng le go ba thusa go baakanya. (Jakobe 5:14, 15) Batsadi ba ba tshelang ka melaometheo e e siameng ya boitsholo le bone ba ka thusa le go tshegetsa fela thata. Fa e le gore motho o dira tiro e e maswe eno ka ntlha ya go hutsafala, go utlwa botlhoko kana go jewa ke bodutu, a ka thusega thata fa a ka bua le mongwe yo o kutlwelobotlhoko.—Diane 12:25.

Busetsa beng ditsabone. Mo Molaong wa ga Moshe, magodu a ne a tshwanetse go busa dilo tse a di utswileng a bo a ntshe le morokotso. (Lefitiko 6:4, 5) Go dira jalo ga go golole segakolodi sa motho fela mme go gatelela mo go ene botlhoko jo ba bangwe ba bo utlwang fa ba utsweditswe. Baebele e solofetsa gore fa motho a “busa se o ne a se tsere ka bogodu, a sepela mo ditaong tsa botshelo . . . , ruri o tlaa tshela, ga a ketla a swa.”—Esekiele 33:15.

Bolaya maikutlo a go tswa pelo le a bopelotshetlha. Wa bofelo mo Melaong e e Lesome wa re, “o se ka wa eletsa . . . le fa e le sepe se e leng sa mongwe ka wena.” (Ekesodo 20:17) Fa go na le sengwe se o se tlhokang tota—kana se o se batlang—mme o ka se ka wa se kgona, gongwe o ka bona tsela ya go se berekela gore o bone madi a go se reka. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jaana: “Yo o utswileng a a se tlhole a utswa, mme bogolo a a dire, a dire se se molemo ka diatla tsa gagwe.”—Baefeso 4:28.

Ela tlhoko ba o tsalanang le bone. “Fa o na le tsala kana setlhopha sa ditsala tsa gago se dira sengwe se se phoso kana se dira bokebekwa, le wena o tla lejwa o le molato fela ka gore o ne o le teng foo,” mokwadi, Denise Lang o gakolola jalo. Nna le nonofo ya go gana fa bankane ba go raya ba re o dire sengwe se se seng kafa molaong.—Diane 1:10-19.

Akanya kafa go utswa go utlwisang ba bangwe botlhoko ka teng. Legodu le ikakanyetsa fela le le nosi. Lefa go ntse jalo, Jesu o re gakolola jaana: “Ke gone tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, le lona lo ba direleng fela jalo.” (Mathaio 7:12) Fa motho a ithuta go akanyetsa ba bangwe, ga a kitla a dira sengwe se se tla ba utlwisang botlhoko.

Akanya kafa go tla felelang ka teng ka wena. (Bagalatia 6:7) Go na le gore o akanye kafa go tlileng go nna monate ka teng fa o na le sebenyane kana sedirisiwa se o ka se kang wa kgona go se reka, akanya kafa go tlileng go tlhabisa ditlhong ka teng fa o ka tshwarwa o bo o go atlholelwa; akanya fela ka kgobo e o tla e leretseng batsadi ba gago le one Modimo ka boone! Eleruri o tlile go swetsa ka gore go utswa ga se selo se se siameng.

Fa e ka re morago ga o sena go bala makasine ono, o bo o nna le dipotso dipe fela go tswa mo Baebeleng, tsweetswee o se ka wa tshaba go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono. (Bona tsebe 5.)

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Maina mangwe a fetotswe.

b Ga re bue ka kleptomania—go sa direng sentle ga tlhaloganyo go go dirang motho gore a ikutlwe a tlhotlheletsega go utswa. Dingaka di bolela gore kleptomania e nna teng ka sewelo, e tshwara diperesente di le 5 tsa batho ba go itsegeng gore ba utswa mo mabenkeleng. Bolwetse jono gantsi bo alafiwa ka melemo.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Gantsi batho ba ba utswang mo mabenkeleng ba diragalelwa ke matlhabisaditlhong a go tshwarwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela