LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 10/15 ts. 3-4
  • Ke Eng Fa go Utswa go Ntse go Oketsega Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Fa go Utswa go Ntse go Oketsega Jaana?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng Fa Batho Ba Utswa?
  • O Se Ka Wa Utswa
  • Ke Eng fa go Utswa go le Phoso?
    Tsogang!—1995
  • A ga Go Molato fa o Utswa ka Gonne o Humanegile?
    Tsogang!—1997
  • Ke Eng fa Batho ba Utswa mo Mabenkeleng?
    Tsogang!—2005
  • Le ka Motlha O se Ka wa Nna Legodu!
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 10/15 ts. 3-4

Ke Eng Fa go Utswa go Ntse go Oketsega Jaana?

ENE e le kwa Rio de Janeiro—ka Sontaga, ka October 18, ka 1992. Mešawa ya lewatle e e itsegeng thata ya Copacabana le Ipanema e ne e tletse ka batho. Go sa lebelelwa, digopa tsa basha di ne tsa tla fa mešaweng eno ya lewatle, bone ka bobone ba lwa mme ba utswa sengwe le sengwe se se tlhwatlhwakgolo se batho ba ba neng ba le mo mošaweng ba neng ba na le sone. Mapodisi a a neng a le mmalwanyana fela a ne a nna a lebeletse fela—a sa kgone go thusa batho ba ba tlhaselwang. E ne e kete Bakharioka le baeti ba lora toro e e tshosang go le motshegare.

Eleruri, bokebekwa jo bo akaretsang go utswiwa ga dithoto tsa batho bo setse bo tlwaelegile. Mo metseng e megolo, ke selo se se itsegeng gore magodu a thukhutha basha—mme ka dinako tse dingwe e bile ba a ba bolaya—gore ba ba tseele ditlhako tsa bone tse di nang le disola tsa rabara. Magodu a tsena mo matlong a batho ba le teng kana ba seyo. Fa badiri ba mo ntlong ba ba sa ikanyegeng ba sena go itse gore sengwe le sengwe se nna fa kae mo ntlong, ba utswa dibenyane le madi, mme morago ga foo ba nyelele. Ditlhopha di thukhutha mabenkele. Ditlhopha tse di ipopileng sentle di utswa le batho, jaaka fa go bonwa mo palong e e ntseng e oketsega ya batho ba ba utswiwang ka dikgoka kwa Brazil. Mme gongwe le wena o ka neela dikai tsa dilo tse di go diragaletseng ka bowena kana wa bolela ka se se diragetseng mo lefelong le o nnang mo go lone. Mme ke ka ntlha yang fa go na le bogodu jo bo kanakana?

Ke Eng Fa Batho Ba Utswa?

Le mororo go oketsega ga lehuma le go dirisiwa ga diokobatsi e le mabaka a mabedi a magolo, potso ga e a arabiwa. The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Go ile ga tlogelwa go senka lebaka le le lengwe fela la go bo go na le bokebekwa ka go bo go sena molemo ope go dira jalo.” Lefa go ntse jalo, yone saetlopedia eo e bolela gore mathata a a ntseng jaaka go utswa a nna teng “segolobogolo ka go bo basha ba ikutlwa ba se botlhokwa e bile ba galefisiwa ke lebaka la go bo ba sa kgone go bona dilo tse di bonalang le go itumelela botshelo jo bo tlwaelegileng.” Ee, ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dilo, batho ba bantsi ga ba bone tsela epe e ka yone ba ka kgonang go bona dilo tse ba di eletsang fa e se fela ka go utswa.

Lefa go ntse jalo, se se kgatlhang ke gore The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Selekanyo sa bokebekwa se nna se le kwa tlase thata kwa mafelong ao go nang le dingwao tse di tlhomameng koo batho ba dumelang gore tsela e ba tshelang ka yone e tla nne e tswelele e ntse jalo. Selekanyo sa bokebekwa se kwa godimo kwa mafelong a batho ba fudugelang kwa mafelong a mangwe le koo ba fetolang ditiro tsa bone tsa go itshedisa—ka tsholofelo ya go nna le isagwe e e itumedisang.” Saetlopedia eo e oketsa jaana: “Basha ga ba na ditshono tse dintsi tsa go bona tiro. Ditiro tsa batho ba ba senang boitemogelo bope jwa tiro di bonala di sa kgatlhe fa di bapisiwa le melemo e e bonwang ka bonako e bile e itumedisa ya bogodu. Gape basha ga ba tshabe go itsenya mo kotsing ya go tshwarwa ka go bo ga ba latlhegelwe ke sepe.”

Lefa go ntse jalo, batho ba bantsi ba ba senang tiro kana ba ba nang le ditiro tse di duelang madi a a kwa tlase ga ba utswe, mme gone batho ba ba dirang mo diofising le ba ba dirang ditiro tse eseng tsa mo ofising ba utswa kwa tirong jaaka e kete go utswa ke bontlhanngwe jwa madi a ba a amogelang. Mme tota, go dira ditiro tse di ntseng jalo tsa tsietso, go tlhokega gore motho e bo e le wa maemo a a rileng. A ga o ise o ke o utlwe ka matlhabisaditlhong mangwe a a akaretsang palo e kgolo ya madi e boradipolotiki, batho ba ba direlang puso le boradikgwebo ba nang le seabe mo go one? Kwantle ga pelaelo epe, ga se batho ba ba humanegileng fela ba ba utswang.

Gakologelwa gape gore dibaesekopo le dithulaganyo tsa thelebishene di dira metlae ka go utswa (motshameki yo mogolo e ka nna ya bo e le legodu), se se dirang gore go utswa go amogelwe le go feta. Gone mme, go lebelela difilimi tse di ntseng jalo go ka nna ga twe ke go itlosa bodutu, mme lefa go ntse jalo, batho ba bontshiwa gore ba utswe jang. A seno ga se neye batho mogopolo wa gore gongwe bokebekwa bo na le molemo mongwe ka tsela e e sa iponatsheng? Kwantle ga pelaelo, bogagapa, botshwakga, le kgopolo ya gore mongwe le mongwe wa utswa kwantle ga go otlhaiwa tsotlhe di dira gore bogodu bo oketsege. Go phepafetse gore re tshela mo nakong ya “dipaka tse di tlhokohatsañ” e e boleletsweng pele eo moya wa bopelotshetlha le go rata madi di renang mo go yone.—2 Timotheo 3:1-5.

O Se Ka Wa Utswa

Lefa lefatshe leno le tsaya dilo tse di bosula jaaka tse di siameng, go botlhokwa go utlwa taelo eno e e bolelang jaana: “Eo o ucwileñ a a se tlhole a ucwa.” (Baefesia 4:28) Motho yo o tsayang gore dilo tse di bonalang kana menate di botlhokwa thata a ka nna a itsietsa ka go akanya gore go utswa go na le molemo mongwe lefa go le kotsi. Mme lefa go ntse jalo go utswa ke selo se se masisi mo matlhong a Modimo mme go supa gore ga o rate batho ba bangwe. Mo godimo ga moo, le e leng go utswa go go sa reng sepe go ka nna ga dira gore pelo ya motho e thatafale. Mme go tweng fa motho a lebiwa jaaka motho yo o sa ikanyegeng? Ke mang yo o tla ikanyang legodu? Lefoko la Modimo le bolela jaana ka tsela e e botlhale: “Opè oa lona a se ka a boga botlhoko a le mmolai, kgotsa legodu, kgotsa modiha boshula.”—1 Petere 4:15.

Kwantle ga pelaelo o hutsafadiwa ke bogodu jo bo ntseng bo oketsega, mme batho ba ba nnang mo mafelong a a tletseng bokebekwa ba dira jang? Batho bangwe bao pele e neng e le magodu ba ile ba fetola jang mekgwa ya bone ya go tshela? A go utswa go tla tsamaya go fela mo lefatsheng lotlhe? Re go laletsa go bala setlhogo se se latelang se se reng, “Lefatshe Le go Senang Magodu mo go Lone.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela