LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 9/8 ts. 17
  • Lentswe le le Lengwe mo Tidimalong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lentswe le le Lengwe mo Tidimalong
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bosula Jwa Ba-Nazi bo a Senolwa
    Tsogang!—1995
  • A Polao ya Kgailo e ka Boa ya Direga Gape?
    Tsogang!—2001
  • “Nako ya go Didimala”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Lebaka La go Bo Dikereke Di ne Di Didimetse
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 9/8 ts. 17

Lentswe le le Lengwe mo Tidimalong

GO NE ga bolawa selalome dingwaga tse 50 tse di fetileng. Fa lefatshe kgabagare le bula digaretene di leba tsela e Third Reich e phutlhameng ka yone, polao e e maswe eo e ne e le toro e e tshosang thata e go neng go le thata go e tlhaloganya. Masole le batho fela ba ne ba leba setopo sa selalome seno se se neng se bolaile batho ba le bantsi ba tshogile ba sena mafoko.

Nako nngwe kwa tshimologong ya ngwaga ono, diketekete tsa batho di ne tsa keteka ngwaga wa bo50 wa go gololwa ga batho kwa dikampeng tsa pogisetso ka go gwanta ka tidimalo kwa mabaleng a tsone a e leng marope fela. Ba ne ba leka go lekanya bogolo jwa tlolomolao e e dirilweng. Ka go bo, kwa kampeng e go neng go bolaelwa batho kwa go yone ya Auschwitz fela, go ne ga bolawa batho ba le 1 500 000! E ne e le nako ya tidimalo, nako ya go akanya ka bosetlhogo jo motho a bo diretseng motho yo mongwe. Fa ba ntse ba lebile diobene tsa teng tse jaanong di tsidifetseng, dikgolegelo tse di senang batho le mekoa ya ditlhako tse di gapilweng ka dikgoka tse go seng ope yo o di tshwenyang, ba tlelwa ke dipotso tse dintsi tse di hutsafatsang.

Batho gompieno ba a tshoga; ba a galefa. Polao ya Kgailo eo dimilione di le mmalwa di neng tsa bolawa go rulagantswe, e senola kafa Bo-Nazi e neng e le bolalome jo bo maswe ka teng. Mme gone, batho ba ne ba ikutlwa jang ka nako eo? Ke bomang ba ba neng ba bua? Ke bomang ba ba neng ba didimala fela?

Batho ba le bantsi ba ne ba simolola go utlwa ka dipolao tseo tsa kgailo fa Ntwa ya Lefatshe II e khutla. Buka ya Fifty Years Ago—Revolt Amid the Darkness e tlhalosa jaana: “Dinepe le difilimi tsa dikgang tse di neng di supa thata mafelo le dikampa tse go neng go bolaelwa kwa go tsone tse batho ba neng ba gololwa kwa go tsone ke di-Allies ka 1944 le 1945 di ne tsa senolela batho ka kakaretso, segolobogolo ba kwa bophirima, dilo tse di tshosang tse di diragetseng.”

Lefa go ntse jalo, le pele dikampa tseno tsa polaelo di tlhongwa, lentswe lengwe le ne le ntse le bolela gore Bo-Nazi bo kotsi le dirisa Tsogang!, one makasine ono o o o tshotseng mo seatleng. Kwa tshimologong o ne o bidiwa The Golden Age mme moragonyana wa bidiwa Consolation ka 1937. Dimakasine tseno, tse di neng di gatisiwa ke Basupi ba ga Jehofa di ne tsa tlhagisa ka bodiphatsa jwa Bo-Nazi go simolola ka 1929, di dira tumalanong le tsebe ya kafa ntle e e neng e re, “Lokwalopaka lwa Dintlha, Tsholofelo le Kgothatso.”

Consolation e ne ya botsa jaana ka 1939: “Motho a ka didimala jang ka naga e e tshwanang le Jeremane e kwa go yone go diragalang dilo tse di tsitlisang marapo, koo batho ba le 40 000 ba ba senang molato ba tshwarwang fela ka nako e le nngwe; koo ba le 70 ba bone ba neng ba bolawa ka bosigo bo le bongwe fela kwa kgolegelong e le nngwe; . . . koo matlo otlhe, ditheo le dikokelo tsa batsofe, bahumanegi le batho ba ba sa kgoneng go itirela sepe, koo matlo otlhe a bana ba dikhutsana a senngwang?”

Tota ruri, motho o ne a ka didimala jang? Ka nako ya fa lefatshe lotlhe le ne le sa itse kana le itlhokomolosa dipego tse di tsitlisang marapo tse di tswang kwa Jeremane le dinaga tse e neng e di busa, Basupi ba ga Jehofa bone ga ba a ka ba didimala. Ba ne ba ikutlwela ka bobone bosetlhogo jwa puso ya Bo-Nazi mme ba ne ba se ka ba boifa go bua ka jone.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 17]

U.S. National Archives photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela