LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 9/8 ts. 30-32
  • Go Sukasukiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo—Nka Itshireletsa Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Sukasukiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo—Nka Itshireletsa Jang?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditsela Tsa go Tila go Sukasukiwa
  • Fa o Sukasukiwa
  • Nka Dirisana Jang le go Tlhorontshiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo?
    Tsogang!—2000
  • Go Tlhorontshiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo—Kafa o ka Itshireletsang ka Teng
    Tsogang!—1996
  • Nka Itshireletsa Jang Kwa Sekolong?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Nka Dira Jang fa ke Tshwenngwa ka Tsa Tlhakanelodikobo?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 9/8 ts. 30-32

Basha ba Botsa Jaana . . .

Go Sukasukiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo—Nka Itshireletsa Jang?

ANITA o na le dingwaga tse 16, o matlhagatlhaga e bile ke mmaditshegwana. Lefa go ntse jalo, o hutsafala tota fa a tlhalosa se se diragetseng bosheng jaana kwa sekolong sa bone. O gakologelwa jaana: “Mosimane mongwe yo o ratiwang thata mo sekolong o ne a nkgabelela mo phasitšhing mme a bo a simolola go ntshwaratshwara. O ne a tlhola a dira basetsana ba bangwe jalo—ba ne ba tlhola ba tshegatshega fa a ba dira jalo, mme go ne go sa nna jalo ka nna! Go ne ga se ka ga nthusa sepe fa ke ne ke mo kopa sentle gore a tlose diatla tsa gagwe mo go nna. O ne a sa tseye gore ke bua ke tlhoafetse.”

Ga se Anita fela yo o kileng a dirwa jalo. Go lebega go sukasukiwa ka tsa tlhakanelodikobo go ne go tlwaelegile mo metlheng ya Baebele. (Bapisa Ruthe 2:8, 9, 15.) Gompieno go aname ka tsela e e boifisang. Mosetsana mongwe a re: “Banna bangwe ba ne ba tlhola ba bua mafoko a ditlhapa ka mmele wa me kwa tirong.” Mme gone, gantsi go sukasukiwa go akaretsa se se fetang mafoko fela. O oketsa jaana: “Ba bangwe ba ne ba tle ba leke go ntshwaratshwara kana go ntlamparela.” Mosetsana mongwe yo o bidiwang René o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Ba ne ba tlhola ba ntshukatshuka thata mo ke neng ka tshwanelwa ke go tlogela tiro.”

Patlisiso nngwe ya bosheng jaana e ne ya bega gore diperesente di le 81 tsa barutwana ba mephato ya go tloga ka 6 go ya go 9 ba ne ba bolela gore ba kile ba sukasukiwa ka tsa tlhakanelodikobo bobotlana gangwe. U.S.News & World Report e bega gore “diperesente di le 65 tsa basetsana ba teng le diperesente di le 42 tsa basimane di ne tsa bolela gore di ile tsa tshwarwatshwarwa, tsa gogagogiwa kana go phoraphoriwa ka tsela ya tlhakanelodikobo.” Ee, seno se diragalela basimane le basetsana. Motsadi wa mosimane mongwe o gakologelwa jaana: “Ke ile ka tshosiwa ke tsela e basetsana ba sekolo sa morwaake ba leng pelokgale ka teng. Go tloga fa e sale a le dingwaga tse 12, ba ne ba tlhola ba mo founela ba sa kgaotse, ba mo kopa gore a intshe le bone, ba bua dilo tse di sokameng—le tse dingwe.”

Go ka nna motlhofo gore motho a tseye mokgwa ono o o maswe e se o o masisi go le kalo. Mosha mongwe o ne a akgela jaana: “Ka dinako tse dingwe ba go dira ka tsela ya metlae.” Lefa go ntse jalo, mo Bakereseteng ga se motlae! Ba a itse gore gantsi go sukasukiwa ka tsela ya tlhakanelodikobo go dirwa ka maikaelelo a go raela motho gore a wele mo boitsholong jo bo maswe, selo se Jehofa Modimo a se kgalang. (1 Bakorinthe 6:9, 10) Mo godimo ga moo, Lefoko la Modimo le laela gore makgarebe a tshwarwe “ka boitsheko jotlhe.” (1 Timotheo 5:2) Gape le kgatlhanong le “dinyao.” (Baefeso 5:3, 4) Ka gone, basha ba Bakeresete ga ba a tshwanela go letlelela go sukasukiwa ka tsela ya tlhakanelodikobo! Potso ke gore, O ka itshireletsa jang kgatlhanong le gone? Mma re bue ka ditsela tsa go go kganela.

Ditsela Tsa go Tila go Sukasukiwa

Dira gore o itsiwe o le motho yo o itsholang ka tsela ya Bokeresete. Jesu o ne a gakolola jaana: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho.” (Mathaio 5:16) Tsela e nngwe e o ka dirang seno ka yone ke go tlotla le ba o tsenang sekolo le bone le ba o berekang le bone ka dilo tse o di dumelang. Fa o itsiwe o le motho yo o nang le tumelo e e nonofileng e bile o itshola sentle thata ga go ka ke ga nna motlhofo gore ba go sukasuke.

Ela tlhoko moaparo wa gago le tsela e o ipaakanyang ka yone. Mo metlheng ya Baebele mekgwa mengwe e mosadi a neng a apara ka yone e ne e supa gore ke motho yo o nnang le maitsholo a a maswe. (Bapisa Diane 7:10.) Gompieno le gone, diaparo tse di hepisang di ka dira gore o ratiwe ke balekane ba gago lefa go ntse jalo, di bo di dira gore batho ba nne le megopolo e e phoso ka wena. O ka nna wa iphitlhela o dirile gore ba bong bo sele ba go kgatlhegele ka tsela e e sa siamang. Seno gape se ka direga fa mosetsana a itshasa makeup ka tsela e e tla dirang gore a lebege a godile go feta kafa a leng ka teng. Baebele e gakolola gore o ‘ikgabise ka diaparo tse di seng maphatsiphatsi, tse di bori le tekano.’—1 Timotheo 2:9.

Tlhopha ba o tsalanang le bone ka kelotlhoko. (Diane 13:20) Mme gone, batho ba tla go atlhola go ya ka bao o tsalanang le bone. Fa e le gore ditsala tsa gago di itsege ka go tlhola di bua thata ka batho ba bong bo sele, batho ba ka nna le dikakanyo tse di phoso ka wena.—Bapisa Genesise 34:1, 2.

Tila go itira e kete o ratana le mongwe. Ke boammaaruri gore ga go na molato ope fa motho a nna botsalano, mme lefa go ntse jalo, go leba motho wa bong bo sele ka tsela e e keteng wa mo kgatlhegela le go mo tshwaratshwara go ka dira gore a nne le kgopolo e e phoso ka wena. Ga go tlhokege gore o tle o tshwaratshwara motho fa o tlotla le ene. Latela Molao wa Sekagauta, o tshware batho ba bong bo sele ka tsela e le wena o batlang ba go tshwara ka yone—ka bori le ka tlotlo. (Mathaio 7:12) Tila go gapa maikutlo a batho ba bong bo sele ka go itshamekela fela. Go dira jalo ga go a siama, go ka dira gore ba nne le kgopolo e e phoso mme gape go kotsi. Baebele e botsa jaana mo go Diane 6:27: “A motho o ka tsaya molelo mo sehubeng sa gagwe, mme diaparo tsa gagwe di sa še?”

Fa o Sukasukiwa

Ke boammaaruri gore lefa o ka fetola moaparo, go ipaakanya kana tsela e o itsholang ka yone, ga go na motho yo o nang le tshwanelo ya go nna a go tshwaratshwara kana a bua dipuo tse di sokameng mo go wena. Tota le basha ba ba ipaakanyang sentle le ba ba nang le maitseo a mantle ba ile ba nna ba sukasukiwa. Ke eng se o ka se dirang fa seno se go diragalela? Dikakantsho dingwe ke tse.

Gana o menne phatla. Go itsege sentle gore batho bangwe ba na le go gana fa go ipuelelwa mo go bone ka tlhakanelodikobo mme e se gore tota ba a gana. Fa motho yo o go dirang a utlwa e kete o pelopedi, a ka nna a akanya gore tota ga se gore o a gana—kgotsa a ka nna le tsholofelo ya gore bobotlana o tla dumalana le ene—go fitlha o mmontsha gore tota o menne phatla. Kgakololo ya ga Jesu ya gore nnyaa wa rona e nne nnyaa e ka thusa thata mo kgannyeng eno. (Mathaio 5:37) O se ka wa nnela go nyenyanyenya kana o nna ditlhong. E bile o se ka wa letla gore tsela e o itshwarang ka yone, lentswe la gago kgotsa sefatlhego sa gago di supe se se farologaneng le se o se buang.

Galefa. Gantsi batho ba ba sukasukang ba bangwe ka tsa tlhakanelodikobo ba ela tlhoko tsela e o ganang ka yone. Lefa go ntse jalo, mo metlheng ya Baebele, basadi ba kwa Iseraele ba ne ba neilwe tshwanelo, tota re ka re maikarabelo a go itshireletsa mo bathong ba ba batlang go ba betelela. (Duteronome 22:23, 24) Le gompieno Mokeresete ga a tshwanela go nna le boikutlo jwa gore go tshwarwatshwarwa ka tsela e e sa siamang kana go atliwa ga go masisi go le kalo. Ga go a siama, go go diga seriti e bile go nyatsa Bokeresete jwa gago. O se ka wa go letlelela! “Ilang se se bosula,” Baebele e gakolola jalo!—Baroma 12:9.

Tsela nngwe e e thusang e o ka kganelang motho yoo gore a se ka a go sukasuka ke go galefa le go mo tsenya matlho a batho; gongwe o tla kgaotsa. Gakologelwa se se neng sa diragalela Anita yo o neng a umakiwa kwa tshimologong. Go ne ga se ka ga mo thusa sepe fa ka bonolo a ne a kopa motho yo o neng a mo sukasuka gore a tlogele go mo tshwara. Anita o re bolelela go re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go mo tsenya matlho a ditsala tsa gagwe ka go mmolelela gore a SE KA a ntshwara, ke goela kwa godimo!” Go ne ga felela ka eng? “Ditsala tsa gagwe tsotlhe di ne tsa mo tshega. O ne a fetsa lobakanyana a sa tlhole a le botsalano, mme malatsi a sekae moragonyana o ne a nkopa maitshwarelo a bo a ntshireletsa nako nngwe fa motho mongwe a ne a ntshwenya.”

Fa mafoko a sa thuse sepe, o ka nna wa tshwanelwa ke go tloga foo—kgotsa gongwe o tlhanole direthe—go tswa fa mothong yoo. Mme fa go sa kgonege, o na le tshwanelo ya go dirisa mekgwa yotlhe e e ka tlhokegang go itshireletsa mo mothong yoo. Mosetsana mongwe wa Mokeresete o ne a bua puo phaa a re: “Fa mosimane mongwe a ne a leka go ntshwara, ke ne ka mo kgorometsa thata ka tsela e ke neng ke ka kgona ka yone ke bo ke sia!” Ke boammaaruri gore seo ga se reye gore motho yoo ga a kitla a go tshwenya gape. Ka jalo o tla tshwanelwa ke go kopa mongwe gore a go thuse.

Bolelela mongwe. “Kgabagare ke ne ka tshwanelwa ke go dira jalo,” Adrienne wa dingwaga tse 16 o ne a dumela jalo. “Ke ne ka kopa batsadi ba me go nkgakolola gore ke dire eng fa mosimane mongwe yo ke neng ke tsaya gore ke tsala e e molemo a ne a ntshwenya. Fa ke ne ke gana, o ne a nnela go ntshwenya a sa kgaotse jaaka e kete e ne e le motshameko.” Batsadi ba ga Adrienne ba ne ba mo naya kgakololo e e neng ya mo thusa gore a fenye bothata joo.

Batsadi ba gago le bone ba ka go thusa gore o fenye tsela e maikutlo a gago a ka amegang ka yone ka ntlha go sukasukiwa a a jaaka go tlhabiwa ke ditlhong, poifo kana go swaba. Ba ka nna ba go gomotsa ka go go lemotsha gore ga se molato wa gago go bo o dirilwe jalo. Gape ba ka nna ba tsaya dikgato tsa go go sireletsa mo isagweng.

Ka sekai, ba ka nna ba swetsa gore go molemo gore morutabana kana badiredibagolo ba sekolo ba itsisiwe ka bothata joo. Dikolo di le dintsi tsa United States di na le melao e e tlhamaletseng e e malebana le go sukasukiwa ga barutwana ka tsa tlhakanelodikobo e bile di tsaya kgang ya teng e le masisi tota.

Ke boammaaruri gore ga se badiredi botlhe ba bagolo ba sekolo ba ba tla tsayang kgang eno e le masisi. Earlisha wa dingwaga tse 14 o bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe mo sekolong sa rona barutabana ba a rogana le go itshwara ka tsela e e maswe go gaisa le bana. Motho ga a itse gore o ka kopa thuso mo go mang.” Ke gone ka moo e neng ya re fa a bega gore o a sukasukiwa go neng ga twe o feteletsa dilo tse di sa reng sepe. Lefa go ntse jalo, Earlisha o ne a se ka a kgobega marapo. O ne a ikopanya le basetsana ba bangwe ba barataro ba le bone ba neng ba tshwarwatshwarwa le go sukasukiwa ke ene mosimane yo o neng a mo dirile jalo. O bolela jaana: “Mogokgo o ne a simolola go dumela fa seo e le bothata jo bo masisi morago ga gore re ye kwa go ene re le barataro.” Kgabagare o ne a kgona go kganela gore a se ka a tlhola a direlwa selo se se maswe seo.

Kopa gore Modimo a go thuse. Fa ka dinako tse dingwe o ikutlwa e kete o mo mongobong wa ditau kwa sekolong, gakologelwa gore Jehofa Modimo o ne a kgona go sireletsa moperofeti Daniele mo mongobong wa ditau wa mmatota. (Daniele 6:16-22) Le wena Jehofa a ka go thusa. O tlhaloganya mathata a o rakanang le one kwa sekolong. Mme fa maemo a nna maswe thata, o ka mo kopa gore a go thuse—o goela kwa godimo fa go tlhokega! O se ka wa tshaba kana wa tlhabisiwa ditlhong ke go itsiwe o le motlhanka wa Modimo wa boammaaruri. Baebele e solofetsa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa jaana: “O tlamela mewa ya baitshepi ba gagwe; o ba golola mo seatleng sa baikepi.”—Pesalema 97:10.

Seno ga se kaye gore o tla gololwa ka kgakgamatso mo seemong seo. O tshwanetse go leka ka bojotlhe go itshireletsa. Latela melaometheo ya Baebele. Nna tekatekano mo tseleng ya gago ya go bua le go ipaakanya. Nna kelotlhoko fa o na le ba bong bo sele. Ka go dira jalo o ka kgona go itshireletsa gore o se ka wa sukasukiwa.

Fa e kare morago ga o sena go bala makasine ono, o bo o nna le dipotso dipe go tswa mo Baebeleng, tsweetswee o se ka wa tshaba go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono. (Bona tsebe 5.)

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

O se ka wa nna pelopedi fa o gana mongwe a go sukasuka; a nnyaa wa gago e nne nnyaa!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela