Go Tlhorontshiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo—Kafa o ka Itshireletsang ka Teng
MOKWADI wa dimakasine, Gretchen Morgenson o ne a re: “Ga go na mosadi ope yo o tshwanetseng go lwa letsatsi le letsatsi le batho ba ba mo tlhaselang ka mafoko a a sa tlhamalalang kaga tlhakanelodikobo, e bile go tla bo go sa utlwale gore basadi ba lebelele go dira mo tikologong e e itshekileng e e senang boitshwaro jo bo sa itumediseng.” Se se itumedisang ke gore, maiteko a bahiri le dikgotlatshekelo a go dira gore mafelo a go dirwang kwa go one a babalesege a ile a nna le matswela a a molemo. Ka sekai, bodiphatsa jwa go isiwa kwa kgotlatshekelo bo ile jwa dira gore bahiri le bahiriwa mo lefatsheng lotlhe ba tokafatse maemo kwa ditirong. Dikhampani tse dintsi di tlhomile dithulaganyo tsa go rarabolola mathata ape fela a go sotliwa kwa tirong. Go tshwarwa dipokano le diseminara tsa go kaela bahiriwa gore ba tshwanetse go itshwara jang fa ba le kwa tirong.
Gone mme, go botoka go itse melao ya khampani le ya lefelo la ga eno o bo o e latele. (Baroma 13:1; Tito 2:9) Bakeresete ba ile ba bona go thusa thata go dirisa melaometheo ya Baebele. Fa o dirisa dikaelo tseno tse di tlhotlheleditsweng fa o dirisana le badirikawena go ka go thusa thata gore o se ka wa nna mongwe wa ba ba tlhorontshiwang ka tsa tlhakanelodikobo—kana wa go dira wena ka bowena.
Boitsholo jo bo Siameng mo Banneng
Akanya ka kgang ya kafa banna ba tshwanetseng go dirisana le basadi ka teng. Baitse ba bantsi ba tlhagisa gore o se ka wa ama motho wa bong bo sele. Ba tlhagisa ka gore go mo phanya legetla fela o supa botsalano go ka nna ga tsewa go raya sengwe se sele. “Dijuri di tsaya go ama motho go le masisi tota,” go bolela jalo mmueledi wa badiri, Frank Harty. Ke eng se a se akantshang? “Fa e le gore o tshwanetse go dira se se fetang go dumedisa motho ka seatla fela, o se ka wa go dira.” Ke boammaaruri gore Baebele ka boyone ga e tlhome molao ope o o gagamatseng mo kgannyeng eno.a Mme ka ntlha ya seemo sa jaanong sa melao le sa boitsholo, re tshwanetse go lo tlhagisa—segolobogolo ba ba tlwaetseng go ama ba bangwe ba sa itemoge fa ba bua.
Re tshwanetse go dumela gore ga go motlhofo go latela kgakololo e e ntseng jalo. Ka sekai, Glen, o goletse mo ngwaong ya kwa Spain. O bolela jaana: “Kwa ke tswang teng, batho ba tlwaetse go kampana go feta mono United States. Mo lelapeng la rona gantsi re atla baeng fa re ba dumedisa, mme fano re ne ra tlhagisiwa gore re se ka ra itlhaganelela go go dira.” Lefa go ntse jalo, melaometheo ya Baebele e thusa thata mo ntlheng eno. Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela lekawana Timotheo jaana: “O laye . . . makau jaaka bomonnao. Basadi ba ba godileng o ba laye jaaka fa e ka bo e le bommaago; le barweetsana jaaka bokgaitsadio, ka boitsheko jotlhe.” (1 Timotheo 5:1, 2) A mme seno ga se reye gore ga o kake wa ba ama ka tsela ya go batla go tlhakanela dikobo nabo, go ba hepisa kana go ba ama ka tsela e ba sa e rateng?
Molaomotheo oo o ka dirisiwa le mo puong. Ke gone ka moo Baebele e reng: “Boaka, le maswe otlhe, le fa e le boiphetlho, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, jaaka go tshwanetse baitshepi; le fa e le matlhapa, le fa e le puo ya dinyana, le fa e le dinyao, tse e leng dilo tse di sa tshwanelang.” (Baefeso 5:3, 4) Moitsemolao mongwe yo o buelelang ba ba tlhorontshiwang ka tsa tlhakanelodikobo, Kathy Chinoy, o akantsha gore pele o bua, akanyetsa kgang eno: “O ne o tla reng fa mmè, kgaitsadio kana morwadio a ne a ka diragalelwa ke seno?” Puo e e leswe, e e sa tshwanelang e nyenyefatsa yo o e buang le yo o e bolelelwang.
Go Thibela go Tlhorontshiwa
Motho a ka tila jang go tlhorontshiwa? Kgakololo e Jesu a neng a e naya barutwa ba gagwe fa a ne a ba roma mo loetong lwa bone lwa ntlha lwa go rera gongwe e ka nna ya dirisiwa mo kgannyeng eno: “Bonang, ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri; ke gone lo nneng botlhale jaaka dinoga, le bori jaaka maphoi.” (Mathaio 10:16) Lefa go ka nna jang, Mokeresete ga a kake a tlhoka se se ka mo thusang. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Botlhale bo tlaa go tsena mo pelong, . . . tlhalemaleje e tlaa go tlhodumela, tlhaloganyo e tlaa go boloka.” (Diane 2:10, 11) Ka gone, a re sekasekeng mengwe ya melaometheo ya Baebele e e ka go thusang go itshireletsa.
1. Ela tlhoko kafa o itsholang ka teng fa o na le badiri ba bangwe. Seno ga se reye gore o se nne botsalano kana o nne bogale, ka go bo Baebele e re kgothaletsa gore re ‘latele kagiso le batho botlhe.’ (Bahebere 12:14; Baroma 12:18) Mme e re ka Baebele e tlhagisa Bakeresete gore ba ‘tsamaele ba ba kwa ntle ka botlhale,’ go a utlwala gore o nne le maitseo a a siameng a kgwebo ka metlha, segolobogolo fa o dirisana le batho ba bong bo sele. (Bakolosa 4:5) Buka ya Talking Back to Sexual Pressure, e e kwadilweng ke Elizabeth Powell, e kgothaletsa badiri “go ithuta go farologanya go nna motho yo o itumetseng go go tshwanelang tiro ya bone le mofuta o mongwe wa go nna botsalano jo bo ka nnang jwa raya gore o tlile go dumela fa ba batla go tlhakanela dikobo nao.”
2. Apara ka tsela e e tlotlegang. Diaparo tsa gago di bolelela batho ka wena. Bogologolo mo metlheng ya Baebele, motho yo boitsholo jwa gagwe bo neng bo sa siama o ne a bonwa ka mofuta wa diaparo tsa gagwe. (Diane 7:10) Go ntse fela jalo le gompieno; diaparo tse di tsimpang, tse di gogelang, kana tse di bonaletsang di ka dira gore o kgatlhegelwe ke batho ba ba phoso. Ke boammaaruri gore batho bangwe ba ka nna ba akanya gore ba na le tshwanelo ya go apara sepe fela se ba se batlang. Mme fela jaaka mokwadi Elizabeth Powell a bolela, “fa o ne o bereka le batho ba ba neng ba akanya gore go utswa madi ga go phoso, ke ne ke tla go raya ke re o beye sepatšhe sa gago fa ba ka se kang ba se bona teng. . . . O tshwanetse go lemoga gore tikologo ya rona e leswe . . . mo maikutlong o bo o itshireletse gore o se ka wa tlhaselwa ka tsela epe.” Ka gone kgakololo ya Baebele e dumalana le dinako sentle. E kgothaletsa basadi gore ba “ikgabise ka diaparo tse di seng maphatsiphatsi, ba le bori le tekano.” (1 Timotheo 2:9) Apara ka tsela e e tlotlegang mme ga o kitla o tlhaselwa ka dipuo le ditiro tse di leswe.
3. Ela tlhoko ba o tsalanang nabo! Baebele e re bolelela ka lekgarejwana lengwe le le neng le bidiwa Dina le le neng la betelelwa. Go bonala a ne a dira gore motho yo a neng a mo tlhasela yono a mo kgatlhegele gonne o ne a tlhola a “tswa a ya go bona bomorwadia lefatshe” la Kanana—basadi ba ba neng ba itsege ka go tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe! (Genesise 34:1, 2) Go tshwana fela le gompieno, fa o tlhola o tlotla—kana o reetsa—badirikawena ba go itsegeng gore ba bua ka dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, batho ba ka nna ba swetsa ka gore o tla dumela fa ba go atamela ka tsa tlhakanelodikobo.
Seno ga se reye gore o tshwanetse go tlhokomologa ba o dirang le bone. Mme fa motlotlo o simolola go nna leswe, ke eng fa o sa tloge foo? Se se kgatlhang ke gore, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa bo ile jwa fitlhela gore go itsiwe ka boitsholo jo bontle go ba sireletsa gore ba se ka ba tlhorontshiwa.—1 Petere 2:12.
4. Tila maemo a a ka go bayang mo diphatseng. Baebele e re bolelela ka maano a lekawana lengwe le le neng le bidiwa Amenone a gore a sale a le nosi le lekgarebe le le neng le bidiwa Tamare gore a tle a tlhakanele dikobo nalo. (2 Samuele 13:1-14) Batho ba ba tlhorontshang ba bangwe ba ka nna ba dira ka tsela e e tshwanang gompieno, gongwe ba laletsa motho yo ba mo okametseng kwa tirong gore a tle go nwa seno nabo kana a sale morago ga tiro mme go sena lebaka lepe. Ela tlhoko ditaletso tse di ntseng jalo! Baebele ya re: “Motho yo o bonokopela a bona bosula mme a iphitlhe.”—Diane 22:3.
Fa o Tlhorontshiwa
Gone mme, banna ba bangwe ba tla nna ba leka go atamela mosadi ka ditsela tse di sa tshwanelang lefa a itshwara sentle. O tshwanetse go dira eng fa o dirwa jalo? Bangwe ba re o se ka wa galefa! ‘Go tlhakanela dikobo le mongwe wa kwa ofising go natetsha botshelo!’ go bolela jalo mosadi mongwe. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba ila seo, ga ba se lebe e le selo se se tshegisang kana gore ba a akgolwa. Ba ‘ila se se bosula’ mme ba lemoga gore fa go dirwa jalo gantsi boikaelelo ke go ba hepisetsa mo tlhakanelodikobong e e sa tshwanelang. (Baroma 12:9; bapisa 2 Timotheo 3:6.) Se ba se akanyang fela ke gore, boitshwaro joo jo bo leswe bo isa seriti sa bone jaaka Bakeresete kwa tlase. (Bapisa 1 Bathesalonika 4:7, 8.) O ka dira eng mo maemong a a ntseng jalo?
1. Bolela boemo jwa gago o nonofile! Baebele e re bolelela gore monna mongwe yo o neng a boifa Modimo yo o neng a bidiwa Josefe o ne a araba jaana fa a ne a gogelwa mo go direng boitsholo jo bo sa siamang: “Ga dirala ya re morago ga dilo tse, mogatsa mong wa gagwe a eletsa Josefe ka matlho; mme a re: ‘Robala le nna.’” A Josefe o ne a itlhokomolosa phepiso eo, a akanya gore bothata jono bo tla iphetela fela? O ne a dira se se farologaneng! Baebele e bolela gore o ne a gana mosadi yoo a le pelokgale a re: “Bosula jo bogolo jo ke ka bo dira jang, ke leofela Modimo?”—Genesise 39:7-9.
Ditiro tsa ga Josefe ke sekao se se molemo thata mo banneng le mo basading. Go itlhokomolosa—kana se se maswe le go feta, go tshosiwa—ke dipuo tse di akantshang leswe kana go ikutlwa o tlhaselwa ga go ke go fedisa sepe; go na le moo, poifo kana go sa nne pelokgale go ka dira gore di oketsege! Martha Langelan, yo o gakololang batho ka ditsela tsa go thibela go betelelwa, o tlhagisa ka gore babeteledi gantsi ba tlhorontsha motho ka tsa tlhakanelodikobo “go bona gore a mosadi o tla itwela fa ba ka mo tlhasela; fa a sa ba tseye tsia kana a tshoga fa ba ntse ba mo tlhorontsha, ba tsaya gore ga a kitla a dira sepe kana o tla tshoga fa a tlhaselwa.” Ka gone go botlhokwa thata gore o tseye kgato fela fa o simolola go tlhorontshiwa. Mokwadi mongwe o gakolola ka go re, “go gana ka bonako e bile o bua ka phepafalo gantsi go emisa boitshwaro jo bo kgopisang jwa motho yo o go tlhorontshang.”
2. A nnyaa wa gago e nne nnyaa! Jesu o ne a bolela seo mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng. (Mathaio 5:37) Polelo ya gagwe e tshwanela maemo ano thata, gonne batho ba ba tlhorontshang ba bangwe ga ba ineele motlhofo. Tota o tshwanetse go gagamala go le kana kang? Seo se ikaegile ka maemo le kafa motho yo o go tlhorontshang a dirang ka teng. Nonofa ka selekanyo se se tlhokegang gore a tlhaloganye boemo jwa gago. Ka dinako tse dingwe, polelo fela e e motlhofo, e e tlhamaletseng o bua o ritibetse e ka dira gore a tlhaloganye. Mo lebe mo matlhong fa o bua. Baitse ba akantsha dilo tse di latelang: (a) Bolela maikutlo a gago. (“Tota ga ke rate le eseng fa o . .”) (b) Bolela boitshwaro jo bo go kgopisang ka tlhamalalo. (“. . . fa o mpuisa puo e e leswe, ya matlhapa . . .”) (c) Bolelela motho ka tlhamalalo se o batlang gore a se dire. (“Ke batla gore o emise go bua le nna ka tsela eo!”)
Langelan o tlhagisa jaana: “Lefa go ntse jalo, le ka motlha, o se ka wa bo wa lwa. Go lwa (o mo kgopisa, o mo tshosetsa kana o mmuisa dipuo tse di leswe, go mo itaya ka sengwe, go kgwela motho yo o go tlhorontshang mathe) ga go thuse sepe. Go mo tlhasela ka mafoko go kotsi e bile ga go thuse gore o lwe fa a sa go tlhasele ka tsela e e tlhokang gore o itshireletse.” Kgakololo e e mosola eo e dumalana le mafoko ano a Baebele a a mo go Baroma 12:17: “Se dueleng bosula jwa ga ope ka bosula.”
Go tweng fa o tswelela o ntse o tlhorontshiwa le mororo o leka thata go go thibela? Dikhampani dingwe di tlhomile dithulaganyo tse di rarabololang mathata a go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo. Gantsi go bolelela motho yo o go tlhorontshang gore o tlile go isa ngongorego ya gago kwa thulaganyong e e ntseng jalo go tla mo dira gore a go tlogele. Mme e bile gape go ka nna ga se ka ga mo dira jalo. Se se botlhoko ke gore, gantsi ga go motlhofo gore monna kana mosadi a bone mookamedi yo o tlhaloganyang seno. Glen, yo o bolelang gore o ne a tlhorontshiwa ke mohiriwa mongwe wa mosadi, o ne a leka go ya go bega ngongorego ya gagwe. O gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke bolelela mookamedi ka gone, o ne a se ka a nthusa ka gope. Tota e bile, o ne a akanya gore go a tshegisa. Ke ne ka tshwanela go itisa mo mosading yoo le go mo tila.”
Bangwe ba ile ba leka go isa kgang kwa kgotlatshekelo. Mme madi a mantsi a a bonwang morago ga dikgetsi tse dingwe tsa kgotlatshekelo a o balang ka one mo metsweding ya dikgang a bonwa ka sewelo tota. Mo godimo ga moo, buka ya Talking Back to Sexual Pressure e tlhagisa jaana: “O tshwanetse wa bo o nonofile tota mo maikutlong e bile o na le nako fa o batla go rarabolola bothata jwa go tlhorontshiwa kwa kgotlatshekelo; go felela ka go lapa mo mmeleng mmogo le go ngomoga pelo.” Ke gone ka moo, Baebele e tlhagisang jaana: “O se ka wa potlakela go ya go [tsenya tsheko, NW].” (Diane 25:8) Fa ba sena go akanya sentle ka ditshenyegelo tsa go isa kgang kwa kgotlatshekelo le kafa maikutlo a bone le semoya sa bone se tla amegang ka gone, bangwe ba ile ba swetsa ka gore ba senke tiro e nngwe.
Go Fela ga go Tlhorontshiwa
Go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo ga se selo se sesha. Go tletsetletse fela jaaka mongwe le mongwe a na le pelo e e sa itekanelang, e e logang maano le e e bogagapa. Go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo mo setšhabeng ga go kitla go nyelediwa ke batho ba ba nang le thata mmogo le dikgetsi tsa kgotlatshekelo. Go tlhokega gore batho ba fetole dipelo tsa bone gore go tlhorontsha ba bangwe ka tsa tlhakanelodikobo go fele.
Gompieno, Lefoko la Modimo le moya wa gagwe di fetola batho ka tsela eo mo lefatsheng lotlhe. Go ntse jaaka e kete, diphiri le ditau di ithuta go itshwara jaaka dikwana kana dinamane fela jaaka go boleletswe pele mo boporofeting jwa ga Isaia. (Isaia 11:6-9) Basupi ba ga Jehofa ba thusa diketekete tse dintsi tsa batho ba pele e neng e le ‘diphiri’ ngwaga le ngwaga go fetola botho jwa bone gotlhelele e bile e le ka tsela ya leruri ka go ithuta le bone Baebele. Batho bano ba reetsa taolo ya Dikwalo ya gore ba ‘apole motho wa bogologolo, yo o bolang kafa dithatong tsa tsietso,’ mme ba o emisetse ka “motho yo moša, yo ka fa Modimong o bopilweng mo tshiamong, le mo boitshepong jwa boammaaruri.”—Baefeso 4:22-24.
Letsatsi lengwe, lefatshe le tla bo le tletse ka banna le basadi ba ba reetsang melao ya Baebele. Batho ba ba boifang Modimo ba nna ba tlhologeletswe letsatsi leo, fa go tla bo go sa tlhole go na le ope yo o sotliwang. Go fitlha nako eo e tla, ba itshokela dilo tse di leswe tse di ba diragalelang gompieno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tlhagiso ya ga Paulo e e mo go 1 Bakorinthe 7:1 ya gore ‘o se ka wa ama mosadi’ go lebega e bua ka tlhakanelodikobo e seng go ama fela go go sa kayeng sepe. (Bapisa Diane 6:29.) Mo ditemaneng tse di latelang eno, Paulo o kgothaletsa motho go nna a sa nyala mme o tlhagisa batho kgatlhanong le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.—Bona “Dipotso Tse di Tswang go Babadi” go Tora ya Tebelo ya April 1, 1973.
[Mafoko a a mo go tsebe 7]
“A o ne o ka rata go bona mmè, kgaitsadio kana morwadio a dirwa jalo?”
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Go nna le maitseo a a siameng a kgwebo le go apara ka tsela e e tlotlegang go ka go sireletsa mo go tlhorontshiweng
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba ithuta go tshwarana ka tlotlo