LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 11/8 ts. 4-8
  • Re Diretswe go Tshelela Ruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Diretswe go Tshelela Ruri
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Keletso ya go Tshela
  • O Dirilwe o Kgona go Ikalafa
  • Sele
  • Boboko
  • Ke Eng fa re Tsofala e Bile re Swa?
    Tsogang!—1995
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tsofala?
    Tsogang!—2006
  • Bokgoni Jwa Disele Jwa go Itse Tiro ya Tsone
    A di Dirilwe ke Mongwe?
  • Moithuti wa Saense ya Ditshedi o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe
    Tsogang!—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 11/8 ts. 4-8

Re Diretswe go Tshelela Ruri

MMELE wa motho o dirilwe ka tsela e e gakgamatsang. Tsela e o bopegang o bo o gola ka yone e gakgamatsa tota. Mokwadi wa bogologolo o kile a khutsa jaana: “Ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang.” (Pesalema 139:14) Ka ntlha ya go itse tsela e mmele wa motho o gakgamatsang ka yone, borasaense ba le bantsi ba segompieno ga ba tlhaloganye lebaka la go bo motho a tsofala a bo a swa. A go ntse jalo le ka wena?

Moithutatshelo wa kwa Harvard University e bong Steven Austad o ne a kwala jaana: “Botsofe bo re wela ka metlha mme ke gakgamadiwa ke go bo batho ba le bantsi ba sa tseye gore ke karolo e kgolo ya masaitsiweng a tlholego.” Austad o ne a bolela gore, lebaka la go bo mongwe le mongwe a tsofala “le dira gore [go tsofala] go lebege go sa gakgamatse go le kalo.” Mme gone, fa o akanya sentle ka kgang eno, a go a utlwala go bo re tsofala e bile re swa?

Ngogola, Dr. Leonard Hayflick o ne a bolela kafa botshelo jwa motho le tsela e a golang ka yone di gakgamatsang ka yone a bo a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya How and Why We Age: “Morago ga go dira dikgakgamatso tse di simologang ka nako ya go ima go fitlha ka nako ya fa motho a tsalwa mme morago a bo a nna mogolo yo o nonofetseng go ka tlhakanela dikobo, tlholego e itlhophela go se dire selo se e neng e tshwanetse go nna sa motheo mo go direng gore dikgakgamatso tseo di tswelele pele go ya go ile. Go fetile masomesome a dingwaga batho ba ba ithutang mabaka a thutatshelo a go bo re tsofala ba ntse ba gakgamadiwa ke kgang eno.”

A le wena o gakgamadiwa ke go bo re tsofala re bo re swa? Ke eng fa go diragala? Hayflick o ne a akgela jaana: “Mo e ka nnang sengwe le sengwe se se diragalang mo mmeleng go tloga ka nako ya go ima go fitlha ka nako ya fa motho a godile sentle, se na le lebaka la go bo se direga mme ga go a nna jalo ka botsofe. Go thata gore motho a tlhaloganye lebaka la go bo re tsofala. Lefa re ithutile dilo di le dintsi ka se se diragalelang mmele fa re tsofala . . . , re santse re sa tlhaloganye gore ke eng fa go sena lebaka la go bo re tsofala re bo re swa.”

A e seng gore re ne re bopetswe go tshelela ruri mo lefatsheng e seng go tsofala le go swa?

Keletso ya go Tshela

Ruri o tshwanetse wa bo o lemogile gore mongwe le mongwe ga a rate go tsofala le go swa. Tota e bile, ba le bantsi ga ba rate go akanya gore dilo tseno di tlile go ba diragalela. Sherwin B. Nuland yo e leng ngaka ya kalafi o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya How We Die: “Go bonala go se ope wa rona yo tlhaloganyo ya gagwe e kgonang go tlhaloganya boemo jo re nnang mo go jone fa re swa, gore re nnela ruri re sa ikutlwe re sena mosola ope—re sa dire sepesepe fela.” A o itse motho mongwe yo o batlang go tsofala, go lwala le go swa?

Mme gone, fa e ne e le gore botsofe le loso ke dilo tsa tlholego tse di neng di le mo thulaganyong, a re ne re se kitla re di itumelela? Mme ga go a nna jalo. Ka ntlha yang? Tsela e re dirilweng ka yone e re thusa go araba potso eno. Baebele ya re: “[Modimo] o tsentse bosaenkae mo megopolong [ya rona].” (Moreri 3:11, Byington) Ka ntlha ya go eletsa go nnela ruri jalo, batho ga ba bolo go nna ba senka se se bidiwang gore ke motswedi wa go nnela mosha ruri. Ba batla go nna ba le basha go ya go ile. Seno se dira gore motho a botse go re, A go a kgonega gore re ka tshela lobaka lo loleelenyana?

O Dirilwe o Kgona go Ikalafa

Austad wa moithutatshelo o ne a bua kgang eno e e tlwaelegileng mo makasineng wa Natural History: “Re na le go akanya fa rona le diphologolo dingwe re tshwana fela le metšhine: ga re kake ra tila botsofe.” Mme ga go a nna jalo. Austad o ne a re: “Ditshedi di farologane gotlhelele le metšhine. Di kgona go ikalafa: dintho di a fola, marapo a alafega, malwetse a fola.”

Ka gone, motho a ka botsa potso eno e e kgatlhang, Ke eng fa re tsofala? Jaaka fa Austad a ile a botsa: “Mme jaanong ke eng fa [ditshedi] di tshwanetse go onala jaaka e kete ke metšhine?” E re ka dithishu tsa mmele di kgona go intšhafatsa, a di ne di sa tshwanela go tswelela jalo go ya go ile?

Mo makasineng wa Discover, Jared Diamond, yo e leng moithutatshelo yo o dumelang thutotlhagelelo, o ne a tlhalosa tsela e e gakgamatsang e ditshedi di kgonang go ikalafa ka yone. O ne a kwala jaana: “Sekai se motho a ka se lemogang sentle se se bontshang kafa mebele ya rona e kgonang go ikalafa ka teng ke tsela e ntho e iphodisang ka yone fa o gobetse. Diphologolo di le dintsi di kgona go dira jalo ka tsela e e gakgamatsang go gaisa ya rona: mekgatitswane e kgona go tlhoga megatla gangwe le gape fa e kgaogile, mefuta mengwe ya ditlhapi le makakauwe e kgona go tlhoga maoto a mangwe fa a kgaogile, dikhukhumba tsa lewatle di kgona go nna le mala a tsone gape.”

Malebana le tsela e meno a masha a melang ka yone, Diamond o ne a re: “Batho ba mela disete tse pedi tsa one, ditlou disete tse thataro mme maruarua a mela palo e e ka sekang ya lekanngwa fa di santse di tshela.” Morago ga moo o ne a tlhalosa jaana: “Ditshedi tse dinnye thata le tsone di kgona go intšhafatsa jalo ka metlha. Mmele wa rona o ntšhafatsa disele tse di kafa teng ga mala a rona gangwe morago ga malatsi mangwe le mangwe a sekae, tse di kafa teng ga setlha gangwe mo dikgweding dingwe le dingwe tse pedi mme disele tse di khibidu tsa madi a rona gangwe mo dikgweding dingwe le dingwe tse nnè.

“Fa e santse e le dimolekhule diporoteine di nnela go fetofetoga ka metlha ka selekanyo se se tshwanelang mofuta wa nngwe le nngwe; seno se dira gore dimolekhule tse di senyegileng di se ka tsa kgobokana. Ka jalo, fa o bapisa tsela e motho yo o mo ratang a lebegang ka yone gompieno le kafa a neng a ntse ka teng mo kgweding e e fetileng, a ka nna a lebega a sa fetoga, mme gone bontsi jwa dimolekhule dingwe le dingwe tse di bopang mmele wa gagwe di fetogile.”

Gangwe le gape mmele wa rona o tlhagisa disele tse disha mo boemong jwa tse di onetseng. Lefa go ntse jalo, disele dingwe tse di jaaka tsa dinyurone tsa boboko, di ka nna tsa se ka tsa tlhagisa tse disha. Lefa go ntse jalo, Hayflick o ne a tlhalosa jaana: “Fa sele e ntšhafaditse sengwe le sengwe se se mo teng ga yone ga e tlhole e le sele ele ya kwa tshimologong. Dinyurone tse o nang le tsone gompieno di ka nna tsa lebega e kete ke tsone disele tse o tsetsweng ka tsone, mme tota, bontsi jwa dimolekhule tsa teng tsa fa o ne o tsalwa . . . e ka nna ya bo e le tse disha. Ka jalo disele tse di sa ikgaoganyeng tse o tsetsweng ka tsone di ka nna tsa bo di fetogile!” Seno ke ka gonne dilo tse di mo teng ga disele tseo di a ntšhafadiwa. Ka gone, go bonala fa tsela e mmele o kgonang go intšhafatsa ka yone e tshwanetse go ka bo e dira gore re tshele go ya go ile!

Gakologelwa gore Dr. Hayflick o ne a bua sengwe ka “dikgakgamatso tse di simologang ka nako ya go ima go fitlha ka nako ya fa motho a tsalwa.” Dingwe tsa tsone ke dife? Fa re ntse re tlhalosa dilo tseno ka bokhutshwane, akanyetsa gore a go ka se kgonege gore go dirwe selo se a neng a se bitsa gore ke “sa motheo mo go direng gore dikgakgamatso tseo di tswelele go ya go ile.”

Sele

Motho yo o godileng o na le disele di ka nna dibilione di le 100, tse nngwe le nngwe ya tsone e raraaneng ka tsela e o ka se kang wa e tlhaloganya. Gore o bone kafa di raraaneng ka teng, makasine wa Newsweek o ne wa tshwantsha sele le toropo e kgolo e e nang le dikago tse dintsintsi. Makasine ono o ne wa re: “Diteishene tsa motlakase di tlhagisa nonofo e sele e e tlhokang. Difeketeri di tlhagisa diporoteine, tse di tlhokegang thata mo go rekisetseng dirwe tse dingwe dikhemikale. Mafaratlhatlha a tsamaiso ya dipalangwa a romela dikhemikale tse di maleba go tswa mo karolong e nngwe go ya go e nngwe mo teng ga sele le kwa ntle ga yone. Balebeledi ba melelwane ba laola dilo tse di tsenang le tse di tswang mo teng ga sele e bile ba kelotlhoko go lemoga dilo tse di kotsi tse di ka tsenang mo seleng. Masole a mmele a a katisitsweng sentle a eme sentle go ka lwa le baba ba ba ka tlhaselang. Go na le pusokgolo ya dijine e e etseng tlhoko gore dilo di tsamaye ka tolamo.”

Akanya fela kafa disele tse di ka tshwarang dibilione di le 100 tse di go bopang di nnileng gone ka teng. O simologile o le selenyana e le nngwe e e neng ya direga fa peo ya ga rraeno e kopana le sele ya lee ya ga mmaeno. Ka nako ya fa di kopana jalo, ke fa mo teng ga DNA (khutshwafatso ya deoxyribonucleic acid [molekhule o moleele o o tsentseng dibopapopego tsa kafa motho a tlileng go nna ka teng]) go setse go dirwa dipopego tsa selenyana eo e ntšha gore go tlhage se kgabagare e neng ya nna wena—sebopiwa se sesha gotlhelele. Ga twe fa go ne go ka “kwalwa” ditaelo tsotlhe tse di mo teng ga DNA, “di ne di tla tlala ka dibuka tsa ditsebe di le 600 di le sekete.”

Fa go ntse go ya, selenyana eo ya ntlha e ne ya simolola go ikgaoganya, go nna tse pedi, morago tse nnè, tse robedi, jalo le jalo. Kgabagare, morago ga malatsi a le 270—ao mo go one go neng go setse go na le disele di le dimilione di le diketekete tsa mefuta e e farologaneng mo teng ga mmaeno tse di neng tsa ipopa go nna losea—O ne wa tsalwa. Go ntse jaaka e kete selenyana ele ya ntlha e ne e na le phaposi e kgolo e e neng e tletse ka dibuka tsa ditaelo tse di tlhalosang kafa o tshwanetseng go dirwa ka teng. Mme selo se sengwe se se kgatlhang ke gore, tsone ditaelo tseo tse di raraaneng di ne di fetisediwa go tswa mo seleng e nngwe go ya go e e latelang. Ee, selo se se gakgamatsang ke gore, sele nngwe le nngwe ya mmele wa gago e na le tshedimosetso e e tshwanang kgo le e e neng e le mo seleng ele e e neng ya bopega fa peo e kopana le lee!

Gape akanya ka se. E re ka sele nngwe le nngwe e na le tshedimosetso e e ka tlhagisang disele tsa mefuta yotlhe, ditaelo tsa go dira disele tse dingwe di ne tsa kekologwa jang ka nako ya fa, ka sekai, go ne go dirwa disele tsa pelo? Go bonala fa sele eo jaaka moagi e ne ya tlhopha polane e e maleba mo kobotlong ya difaele tsa dipolane go dira disele tsa pelo. Sele e nngwe le yone e ne ya tlhopha polane e e farologaneng e e nang le ditaelo tse di tla bopang disele tsa ditshikana, e nngwe gape e ne ya tlhopha polane ya go dira disele tsa sebete, jalo le jalo. Eleruri, tsela eno e go leng thata go e tlhalosa e sele e kgonang go tlhopha ditaelo tse di tshwanetseng go bopa mofuta o o maleba wa sele ka yone mme gape e tla e kekologa ditaelo tse dingwe, ke sengwe sa dikai tse dintsi tsa “dikgakgamatso tse di simologang ka nako ya go ima go fitlha ka nako ya fa motho a tsalwa.”

Lefa go ntse jalo, ga se gone gotlhe. Ka sekai, disele tsa pelo di tshwanetse go tsibosiwa gore di tle di ngaologa ka selekanyo se se tshwanang nako le nako. Ka jalo, mo teng ga pelo go ne ga dirwa thulaganyo e e raraaneng ya go tlhagisa ditsibosi tsa sekamotlakase tse di dirang gore pelo e iteye ka lobelo lo lo tshwanetseng gore mmele o kgone go dira tiro e e rileng. Ruri seno se a gakgamatsa! Ke gone ka moo dingaka di ileng tsa bua jaana ka pelo: “E manontlhotlho go gaisa motšhine ope fela o o dirilweng ke motho.”

Boboko

Selo se se gakgamatsang go feta ke boboko jwa motho—selo se se raraaneng go gaisa tsotlhe mo mothong. Dibeke tse tharo morago ga go ima, disele tsa boboko di simolola go bopega. Fa nako e ntse e ya, disele tsa ditshikana tse di bidiwang dinyurone tse di ka tshwarang dimilione di le 100-000—tse di lekanang le lesagaripa la dinaledi la Milky Way ka bontsi—di kgobokana go itira boboko mo mothong.

Makasine wa Time o bega gore, “nngwe le nngwe ya tsone e okediwa ke dinyurone tse dingwe tse di ka tshwarang 10 000 mo bobokong mme e bo e romela melaetsa kwa go tse dingwe tse di diketekete.” Gerald Edelman yo e leng rasaense e e malebana le thulaganyo ya ditshikana o ne a bua jaana fa a ne a tlhalosa ka go kopana gono: “Karolo ya boboko e e ka lekanang le tlhogwana ya mokgwaro e na le dilo tse di bo momaganyang tse di ka tshwarang dimilione di le sekete tse di ka kopanang ka tsela e go ka tweng ke e e ka se kang ya tlhaloganngwa—e leng palo ya lesome le latelwa ke bolefela ba le dimilionemilione.”

Seno se dira gore boboko bo kgone go tshola dilo di le kana kang? Carl Sagan wa moithutadinaledi o ne a re boboko jwa motho bo ka boloka tshedimosetso “e e ka tlatsang dibolumo di le dimilione di le masome a mabedi tse di ka lekanang le dibuka tsa laeborari e kgolo go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng.” George Leonard wa mokwadi wa dibuka o ne a tlhalosa seno go ya pele ka go khutsa jaana: “Tota e bile gongwe re ka akantsha gore go tlhalosiwe kgang eno jaana ka tsela e e gakgamatsang: Dilo tse boboko jwa motho bo kgonang go di boloka ga di na selekanyo.”

Ka gone, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke dikakgelo tse di latelang: “Boboko ke selo se se raraaneng go gaisa dilo tsotlhe tse re santseng re tla di ribolola mo lobopong,” go ne ga rialo James Watson, yo e leng moithutatshelo wa dimolekhule e bile e le mongwe wa ba ba ribolotseng tsela e DNA e lebegang ka yone. Richard Restak yo e leng ngaka ya malwetse a boboko yo o kgatlhanong le gore go tshwantshiwe boboko le khomputara, o ne a re: “Tsela e boboko bo tlhomologileng ka yone e dirwa ke gore ga go na selo sepe se se itsegeng mo lobopong se se batlang se tshwana le jone.”

Borasaense ba thulaganyo ya ditshikana ba bolela gore mo lobakeng lo re lo tshelang gone jaanong, re dirisa karolo e potlana thata ya bokgoni jo boboko jwa rona bo nang le jone joo go ya kafa mongwe a fopholetsang ka teng re dirisang 1/10 000 kana 1/100 fela ya peresente e le nngwe ya jone. Akanya fela. A go a utlwala gore re newe boboko jo bo nang le bokgoni jo bo kalokalo fa e le gore re ne re sa direlwa go bo dirisa ka botlalo? A ga go utlwale gore, ka bokgoni jo bo kalokalo jwa go ithuta dilo tse di sa feleng, tota batho ba ne ba diretswe go tshela go ya go ile?

Fa e le gore go ntse jalo, ke eng fa re tsofala? Matsapa di a tsaya kae? Ke eng fa e re morago ga dingwaga tse 70 kana 80 re bo re swa le mororo go bonala fa mmele wa rona o ne o diretswe go nnela ruri?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Sele—E Dirilwe ka Tsela e e Gakgamatsang

Letha la Sele

Letlalonyana le le apesitseng sele le le laolang dilo tse di tsenang le tse di tswang mo teng ga yone

Nyutlelase

E apesitswe ke matha a mabedi, ke yone e e laolang dilo tsotlhe tse di diregang mo teng ga sele

Diraebosome

Ditogwanyana tse diasiti tsa amino di ikgobokanyang mo go tsone go itira diporoteine

Dikhoromosome

Di tsenya DNA ya sele, e e nang le popego ya dijini

Nucleolus

Ke lefelo le diraebosome di logaganelang fa go lone

Endoplasmic Reticulum

Matha a a tlhatlaganeng a a bolokang kana a a romelang diporoteine tse di dirilweng ke diraebosome tse di kgomaretseng mo go tsone (diraebosome dingwe di kokobala mo godimo ga sele)

Di-mitochondrion

Madirelo a ATP e leng dimolekhule tse di tlamelang sele ka nonofo

Golgi Body

Setlhopha sa dikgetsanyana tse di sepha-pati tsa letha tse di tsenyang diporoteine tse di diri-lweng ke sele le go di romela kwa dikarolong tse dingwe

Di-centriole

Di bapile le nyutlelase mme ke tsone tse di thusang fa go dirwa disele tse dingwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela