LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 11/8 ts. 8-9
  • Ke Eng fa re Tsofala e Bile re Swa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa re Tsofala e Bile re Swa?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mokgwa wa go Dira o o Nang le Diphoso
  • Karabo ke Eng?
  • Re Diretswe go Tshelela Ruri
    Tsogang!—1995
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tsofala?
    Tsogang!—2006
  • A o Ka Kgona go Tila Botsofe?
    Tsogang!—2006
  • A Ruri go a Kgonega go Tshela ka Bosakhutleng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 11/8 ts. 8-9

Ke Eng fa re Tsofala e Bile re Swa?

“KWANTLE fela ga gore go ile ga ribololwa gore go tsofala go simologa mo teng ga sele nngwe le nngwe, gompieno ga re itse sepe se se fetang se re neng re se itse mo lekgolong le le fetileng la dingwaga kaga selo sa konokono se se bakang botsofe,” Dr. Leonard Hayflick o ne a dumela jalo. Tota e bile, o ne a re: “Ga re itse lebaka lepe le le utlwalang la go bo re tshwanetse go tsofala.”

Diteko tsa laboratori tse di neng tsa dirwa dingwaga tse 30 tse di fetileng di ne tsa senola gore fa disele tse di tlwaelegileng tsa motho tse di tserweng mo loseanyaneng lo lo imilweng di ne di godisediwa mo lefelong le le di tshwanelang sentle, disele tseo di ne tsa swa morago ga go ikgaoganya ga 50. Kafa letlhakoreng le lengwe, disele tse di tserweng mo mothong o o tsofetseng thata di ne tsa ikgaoganya ka makgetlho a a fa gare ga a mabedi le lesome fela di bo di swa. Ka gone, buka ya National Geographic Society ya The Incredible Machine e ne ya akgela jaana: “Bosupi jwa diteko bo bontsha gore loso ke selo se mongwe le mongwe wa rona a tsalwang a na le sone.”

Lefa go ntse jalo, a go na le tsela e go ka dirwang gore sele e tswelele pele e ikgaoganya? Nnyaa, ga e yo. Boporofesa Robert M. Sapolsky le Caleb E. Finch, ba e leng baitse ba ba dirang dipatlisiso kaga botsofe ba ne ba tlhagisa kgopolo eno: “Eleruri go bonala fa kwa tshimologong dilo tse di tshelang tse di mo lefatsheng di ne di sa direlwa go swa.” Mme se se kgatlhang ke gore, tota le disele tsa motho tse di sa tlwaelegang ga di tsofale.

Buka ya The Body Machine, e e kwadilweng ke Dr. Christiaan Barnard, yo e neng ya nna ene wa ntlha go tsenya motho pelo ya motho yo mongwe, e ne ya tlhalosa jaana: “‘Disele tse di sa sweng’ tse di ileng tsa ribololwa di ile tsa dira gore baithutatshelo ba ba dirang dipatlisiso kaga botsofe ba sale ba akabetse, go fitlha go lemotshega gore tota disele tseo e ne e le tse di sa tlwaelegang.” Ee, mefuta mengwe ya disele tsa kankere e kgona go gola go ya go ile fa e tsentswe mo lefelong le le rileng! The World Book Encyclopedia e ne ya bolela jaana: “Fa borasaense ba ka kgona go lemoga tsela e disele tseno di kgonang go nnela ruri ka yone, ba ka nna ba kgona go tlhaloganya kafa sele e tsofalang ka teng.” Ka gone, gompieno go bonala fa disele dingwe tsa kankere di kgona go tshela lobaka lo loleele lo lo sa tlhomamang mo dilaboratoring, lefa go ntse jalo, disele tsa mefuta e e tlwaelegileng tsone di a tsofala di bo di swa.

Mokgwa wa go Dira o o Nang le Diphoso

A batho ba tsofala le go swa ka ntlha ya se The Body Machine e reng ke, “go palelwa ga disele [tse di ntseng ka tsela e e tlwaelegileng] go tswelela pele di ikatisa”? Fa e le gore go ntse jalo, buka eno e ne ya re, “go botlhokwa gore go batliwe e bile go tlhaloganngwe mokgwa o o nnetseng ruri wa nonofo eno gore o tle o laolwe ka maiteko a gore go okediwe boleele jwa botshelo jwa motho.”

O ka nna wa bo o gakologelwa go tswa mo setlhogong se se fetileng gore, Dr. Hayflick o ne a bua sengwe ka “dikgakgamatso tse di simologang ka nako ya go ima go fitlha ka nako ya fa motho a tsalwa mme morago a bo a nna mogolo yo o nonofetseng go tlhakanela dikobo.” Morago ga moo o ne a bua ka “selo se e neng e tshwanetse ya nna sa motheo mo go direng gore dikgakgamatso tseo di tswelele pele go ya go ile.”

Borasaense ba paletswe ke go ribolola tsela e e ka dirang gore ditshedi di tshele go ya go ile le mororo ba ile ba fetsa dingwaga tse dintsi ba dira maiteko ao. “Dilo tse di bakang botsofe e santse e le masaitsiweng,” go rialo buka ya The Incredible Machine.

Lefa go ntse jalo, selo se se bakang botsofe le loso tota ga se sephiri. Karabo e gone.

Karabo ke Eng?

Karabo re e bona mo go ene yo o dirileng “dikgakgamatso tse di simologang ka nako ya go ima go fitlha ka nako ya fa motho a tsalwa,” e bong, Mmopi wa rona yo o botlhale go gaisa botlhe, Jehofa Modimo. “Gonne motswedi wa botshelo o ntse nao,” Baebele ya rialo ka ene. “Itseng fa Jehofa e le ene Modimo, ke ene yo o re dirileng, mme re ba gagwe.”—Pesalema 36:9; 100:3.

Akanya fela kafa Jehofa Modimo a dirileng tsela e re golang ka yone mo popelong ka tsela e e gakgamatsang ka teng, jaaka e kete o kwadile buka ya ditaelo tse di tlhalosang kafa o tshwanetseng go nna motho yo o farologaneng gotlhelele ka teng! “Gonne o bopile diphilo tsa me; wa mpipa ke le mo sebopelong sa ga mme,” mopesalema wa Baebele o ne a kwala jalo. “Popego ya me ga e a ka ya go fitlhegela jale ka ke dirwa mo bosaitseweng . . . Matlho a gago a ne a bona go nna ga me ke ise ke bopege, mme mo lokwalong lwa gago go ne go kwadilwe ditokololo tsotlhe tsa me.” (Pesalema 139:13, 15, 16, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ga go na pelaelo gore, mmele wa rona o o dirilweng ka maatlametlo ga wa itlhagela fela!

Mme gone, fa e le gore Jehofa Modimo o re dirile re itekanetse gore re tshelele ruri, ke eng fa re tsofala e bile re swa? Karabo re e bona mo kgannyeng ya gore motho wa ntlha e bong Atame, yo Modimo a neng a mmaya mo legaeng le lentle mono lefatsheng, o ne a thibelwa go dira sengwe. Modimo o ne wa mo laela jaana: “O ka ja fela setlhare sengwe le sengwe sa tshimo ka go rata; mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, sone o se ka wa se ja gonne ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Genesise 2:16, 17.

Go ne ga direga eng? Go na le gore a utlwe Rraagwe wa selegodimo, Atame o ne a se ka a utlwa, a dumalana le Efa go ja setlhare seo. Ka ntlha ya bogagapa, ba ne ba dumela maaka a moengele mongwe wa motsuolodi. (Genesise 3:1-6; Tshenolo 12:9) Fela jaaka Modimo a ne a ba tlhagisitse, ba ne ba swa. Le mororo Atame le Efa ba ne ba dirilwe ba kgona go tshelela ruri, seo se ne se ikaegile ka gore a ba tla utlwa Modimo. Ba ile ba leofa ka go tlhoka go utlwa. Ka gonne jaanong e ne e le baleofi, ba ne ba fetisetsa bokoa jo bo bakang loso jo bo mo mebeleng ya bone mo baneng ba bone. “Jalo loso lwa fetela mo bathong botlhe.”—Baroma 5:12; Jobe 14:4.

Lefa go ntse jalo, seno ga se kaye gore ga go na tsholofelo ya gore go tla fenngwa botsofe le loso. Ga go a tshwanela go nna thata gore re dumele gore Mmopi wa rona yo o botlhale go gaisa botlhe a ka baakanya bogole bope fela mo dijining tsa rona le go dira gore re nne le nonofo ya go tshelela ruri. Mme gone o tla dira seno jang? E bile, ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re tle re itumelele botshelo jo bo sa khutleng jo a bo solofeditseng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela