Kafa o ka Tshelelang Ruri ka Teng
E RE ka mmele wa motho o na le bokgoni jwa go ka tshela lobaka lo loleele go feta lo batho ba lo tshelang gompieno, batho bangwe ba solofetse gore saense e ka nna ya ribolola tsela e e ka dirang gore re tshele go ya go ile. Dr. Alvin Silverstein o ne a kwala jaana: “Jaaka fa re ntse re nna le kitso e e oketsegileng ka dikhemikale tsa mmele le tsela e di dirang ka yone, re tla kgona go rarabolola dilo tsotlhe kaga botshelo. Re tla kgona go tlhaloganya . . . kafa motho a tsofalang ka teng.”
Seno se tla felela ka eng? Silverstein o ne a re, seo se tla lere “motlha o mosha mo hisitoring ya motho. Go tla bo go sa tlhole go na le ‘batsofe,’ ka gonne kitso e re tla bong re na le yone ya go fenya loso gape e tla dira gore batho ba nne basha go ya go ile.”
A batho ba tla kgona go dira jalo? Baebele e kgothatsa jaana: “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene. Mowa wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.” (Pesalema 146:3, 4) Jaaka fa re bone, batho ba paletswe ke go tlhaloganya bokoa jo re tsalwang re na le jone jo bo dirang gore re tsofale re bo re swe, tota e bile ba paletswe le ke go bo baakanya. Mmopi wa rona ke ene fela a ka kgonang go dira jalo.
Mme gone, a ke maikaelelo a Modimo gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng?
Maikaelelo a Modimo
Jehofa Modimo o ne a baya banyalani ba ntlha gore ba tshele kae? E ne e le mo lefatsheng la paradaise. Mme ba ne ba laelwa gore ba ‘ate ba ntsifale ba tlale ka lefatshe, ba le fenye.’ (Genesise 1:28) Ee, maikaelelo a Modimo e ne e le gore fa go ntse go ya, lefatshe lotlhe le tlale ka lelapa la motho le le tshelang ka tshiamo le tshela mmogo ka kagiso le boitumelo.—Isaia 45:18.
Le mororo Atame a ile a atlholelwa loso ka ntlha ya go se utlwe, maikaelelo a Modimo a kwa tshimologong a gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng la Paradaise ga a ka a fetoga. (Genesise 3:17-19) Modimo a re: “Ke ikaeletse le gone ke tlaa dirafatsa.” (Isaia 46:11; 55:11) Modimo o ne a bontsha gore maikaelelo a gagwe ka lefatshe ga a fetoga fa a ne a re: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.
Ka gonne e le Mmopi wa rona, Modimo a ka kgona go baakanya bogole jo bo dirang gore batho ba tsofale le go swa. O tla dira seo jang? E re ka re tsere bogole joo mo go Atame, Modimo o re ntsheditse setlhabelo sa thekololo sa botshelo jo bo itekanetseng jwa Morwawe, e bong Jesu Keresete, “gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16; Mathaio 20:28.
Ka gone, totatota Jesu Keresete o tsaya maemo a ga Atame wa ntlha ka go nna rraarona, kana moneibotshelo. Ke gone ka moo mo Baebeleng Jesu a bidiwang “Atame wa morago.” (1 Bakorinthe 15:45) Ka jalo, batho ba ba kutlo ba kaiwa ba tshwanelwa ke go amogela botshelo jo bo sa khutleng e le bana ba ga “Rara wa Bosakhutleng,” e bong Jesu Keresete, e seng go atlholelwa loso ka gonne e le bana ba moleofi Atame.—Isaia 9:6.
Ke boammaaruri gore, “Kgosi ya metlha” le “Rra Morena wa rona Jesu Keresete” ke Jehofa Modimo. (1 Timotheo 1:17; Tshenolo 15:3; Bakolosa 1:3) Mo godimo ga moo, Jesu Keresete ke “Rara wa Bosakhutleng” le “Mmoloki” wa rona e bile gape ke “Kgosana ya Kagiso.” (Luke 2:11) Ka gonne e le moemedi wa ga Rraagwe, Keresete o tla diragatsa taolo ya gagwe ya segosi ka go tlisa kagiso mo lefatsheng.—Pesalema 72:1-8; 110:1, 2; Bahebere 1:3, 4.
Mo pusong ya ga Jesu Keresete, lefatshe le tla bowa le nna Paradaise gape. Jesu o ne a re go tla direga, “mo Bošafatsong jwa dilo tsotlhe, fa Morwa Motho a dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo.” (Mathaio 19:28) Balatedi ba ba ikanyegang ba ga Keresete—ba palo yotlhe ya bone e leng 144 000—ba tla busa le ene ba busa lefatshe le le dirilweng Paradaise. (2 Timotheo 2:11, 12; Tshenolo 5:10; 14:1, 3) Dimilionemilione tsa batho di tla solegelwa molemo ke puso eo ya tshiamo ka go itumelela botshelo mo lefatsheng la Paradaise. Mongwe wa bone e tla bo e le senokwane se se neng sa bolawa le Jesu yo Jesu a neng a mo solofetsa jaana: “O tlaa nna le nna kwa Parataise.”—Luke 23:43.
Ka jalo, tota le basiamolodi ba ba suleng ba tla tsosiwa e bile ba tla newa tshono ya gore ba tshwanele go tshelela ruri mo lefatsheng. (Ditiro 24:15) Baebele e tlhalosa sentle kafa go tlileng go nyelediwa malwetse, botsofe le loso ka teng fa e re: “Modimo ka osi o tlaa nna nabo, o tlaa nna Modimo wa bone. O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”—Tshenolo 21:3, 4.
Tsela ya go Tshelela Ruri
Kwantle ga pelaelo o batla go nna mongwe wa ba ba tla ruang lefatshe le go nnela ruri mo go lone. Fa go le jalo, o tshwanetse go dira dilo tse di tla dirang gore o tshwanele go tshelela ruri mo Paradaiseng. Fa Jesu Keresete a ne a rapela Rraagwe wa selegodimo, o ne a bolela selo sa motheo se se ka dirang gore motho a tshwanele a re: “Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.
Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go nna le kitso eno e e ka go nayang botshelo. A o ko o ba kope fela, mme ba tla go etela ka nako e e go tshwanetseng go tla go tlotla le wena mahala ka maikaelelo a Modimo a go dira gore batho ba itekanele mo semoyeng le mo mmeleng. Nna le tsholofelo gore Mmopi wa rona yo e leng mothatayotlhe o na le bokgoni jo bo feletseng jwa go baakanya bogole jo re tsalwang ka jone jo bo dirang gore re tsofale le go swa. Nako eo e e tla, e bile e gaufi thata, e mo go yone botshelo bo tla bong bo sa tlhole bo le bokhutshwane jaana. Jehofa o tla dira gore batho ba gagwe ba ‘tshele ka bosakhutleng.’—Pesalema 133:3.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Mo pusong ya segosi ya ga Keresete go tla bo go sa tlhole go na le botsofe le loso