Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Eng fa ba Bangwe ba Bona Nyalo Nna ke Sa e Bone?
“Ke eletsa e kete nkabo ke nyalwa ke mongwe. Ke ne ke tla itumela tota.”—Cheryl.a
KA TLHOLEGO fela motho o batla lenyalo. Modimo o dirile banna le basadi ba kgatlhegelana fela ka tlholego. Mme o ile a dira lenyalo go nna selo se se neng se tla bofaganya monna le mosadi go ya go ile.—Genesise 1:27, 28; 2:21-24.
Go a utlwala he go bo o ka ikutlwa o kgobegile marapo kana o tlhokomologiwa fa o ise o nyalwe—segolobogolo fa bontsi jwa balekane ba gago ba setse ba le mo lenyalong. Ditsala di ka gakatsa maikutlo ano di akanya gore di go utlwela botlhoko. “Ke na le dingwaga tse 24, ga ke a nyalwa, e bile ga ke na yo ke fereanang le ene,” Tina a rialo. “Go ntse jaaka e kete mongwe le mongwe o tshwentswe ke go bo ke sa nyalwa mo e bileng go simololang go ntlhobaetsa. Ba dira gore ke ikutlwe ke le lefetwa kana gore go na le sengwe se se phoso ka nna.”
Mo bathong bangwe go se nyalwe go ka lebega e kete ke lebota le legolo le le ba kgoreletsang go bona boitumelo. Fa ngwaga mongwe le mongwe o fela, ba ka ikutlwa e kete go okeditswe ka boalo jo bongwe gape jwa ditena mo leboteng leo. Mosha a ka nna le boikutlo jwa gore ga a montle kana ga a kgatlhe. Mosadi mongwe wa moroba wa kwa Italy yo leina la gagwe e leng Rosanna a re: “Gantsi ke ikutlwa ke latlhilwe e bile ke sena mosola; go bonala e kete ga nkitla ke tsamaya ke nyalwa.” Makawana le one a ka nna le boikutlo jo bo ntseng jalo. Ka sekai, Frank o ne a simolola go nna le boikutlo jwa gore ditsala tsotlhe tsa gagwe di ne di kgatlha e bile di nna botlhale fa di sena go nyala. O ne a simolola go akanya gore le ene o ne a ka nna jalo fa a ka nyala.
A le wena o na le boikutlo jo bo ntseng jalo? Fa e le gore ga wa nyala, a ka dinako tse dingwe o a tle o ipotse gore a go na le sengwe se se phoso ka wena kana gore a o tla nna o le mongwe jalo go ya go ile?
Lenyalo—Ditlhamane le Boammaaruri ka Lone
Sa ntlha, mma re sekaseke kgopolo e e tlwaelegileng ya gore lenyalo ka bolone le leretse motho boitumelo. Ke boammaaruri gore lenyalo le ka nna le seabe mo go direng gore motho a itumele e bile gantsi go ntse jalo. Lefa go ntse jalo, ga se gore lenyalo ka bolone le dira gore motho a itumele. Tota le manyalo a a atlegileng thata a ka leretse motho “pitlagano mo nameng” ka tsela nngwe. (1 Bakorinthe 7:28) Motho a ka nna a itumetse mo lenyalong fa fela a kgaratlhela go intsha setlhabelo ka metlha le go dira ka natla. Selo se se kgatlhang ke gore, monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela e bong Jesu Keresete, o ne a sa nyala. A go na le yo o ka reng o ne a sa itumela? Legoka! O ne a itumedisiwa ke go dira go rata ga Jehofa.—Johane 4:34.
Tlhamane e nngwe ke ya gore lenyalo ke lone fela le ka tlosang motho bodutu. Ga go a nna jalo! Monna mongwe wa Mokeresete yo o nyetseng o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Mosadi wa me ga ise a ko a tsamaye a mpolelele maikutlo a gagwe kana go tlotla le nna motlotlo o o monate!” Basadi bangwe ba Bakeresete le bone ba ile ba ngongoregela gore banna ba bone ba palelwa ke go tlotla le bone kana gore ba bonala ba kgatlhegela tiro ya bone thata kana ditsala go gaisa bone. Ka maswabi, go tlwaelegile gore motho a bolawe ke bodutu a ntse a na le yo a nyalaneng le ene.
Gape go na le ba ba lebang lenyalo e le tsela ya go tshabela mathata a mo lapeng. Mosadi mongwe wa moroba yo o nyetsweng a re: “Ke akanya gore batsadi ba me ba ka bo ba nneile tshono ya gore ke gole go sekae. Lefa go ntse jalo, ba ne ba sa ntetle go nna le lekau kana go fereana le mongwe . . . Fa batsadi ba me ba ka bo nneile tshono eo, ke akanya gore nkabo ke sa nyalwa ke na le dingwaga tse 16. Lefa go ntse jalo ke ne ke batla go ba bontsha gore ke godile.”
O ka nna wa nna le boikutlo jwa gore molao wa kwa gae o gagametse thata. Mme gone, lenyalo le na le maikarabelo a a ka go thibelang go dira dilo dingwe tse o di batlang. Akanyetsa maikarabelo a a tlhokegang gore o kgone go nna le tiro ya boitshediso, go duela dikoloto, go baakanya dilo tsa mo ntlong le koloi, go apaya, go phepafatsa, go tlhwatswa diaparo gongwe le go godisa bana! (Diane 31:10-31; Baefeso 6:4; 1 Timotheo 5:8) Basha ba le bantsi ba iphitlhela ba sa itse gore ba dire eng fa ba lebana le maikarabelo ano a go nna mogolo.
Gape batho bangwe ba akanya gore lenyalo ke selo se se ka dirang gore ba itsege thata. Mme gone, ga o kake wa tlhomamisa gore batho ba bangwe ba tla itumelela go tsalana le wena—kana mogatso—fela ka gonne o nyetse. Batho ba go rata fa e le gore o pelonomi, o pelotshweu e bile ga o bogagapa, go sa kgathalesege gore a o nyetse kana ga wa nyala. (Diane 11:25) Tota lefa go le motlhofo gore banyalani ba tsalane le ditsala tse di nyetseng, monna le mosadi ba tshwanetse go gakologelwa gore ke “nama e le nngwe fela.” (Genesise 2:24) Selo se segolo se ba tshwanetseng go tshwenyega ka sone ke gore bone ka bobone ba dirisane sentle—e seng ka ditsala tsa bone.
A o Setse o Siametse Lenyalo?
Ke boammaaruri gore, lefa o ka lemoga gore dintlha tseno di a utlwala, o ka nna wa aga o ikutlwa o kgobegile marapo ka dinako tse dingwe. Seane sengwe sa bogologolo se tlhalosa kgang eno jaana: “Tsholofelo e e diegisiwang e tle e ngodise pelo.” (Diane 13:12) Ka sekai, Tony yo mmotlana o ne a nna a tlhontse ka gonne a sa nyala. O ne a simolola go nna le boikutlo jwa gore a ka nyalana le mongwe le mongwe. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Sandra o ne a kgobega marapo nako le nako fa a utlwa ka batho bangwe ba ba ratanang; o ne a tlhola a ipotsa gore ene tshono ya gagwe e tla tla leng.
Pele ga o itetla go nna o sa itumela, ipotse jaana, ‘A tota ke setse ke siametse lenyalo?’ Tota fa e le gore o santse o le mo dingwageng tsa bosha, karabo ke nnyaa! Kwa United States, manyalo a basha ba le bantsi a thubega mo dingwageng tsa one tsa ntlha tse tlhano fela.b Ke boammaaruri gore, basha bangwe ba ka nna ba bo ba dira dilo segolo go feta dingwaga tsa bone e bile ba ka kgona go atlega mo lenyalong. Mme seo ga se reye gore wena o tshwanetse go tsena mo lenyalong. A o ile wa itshekatsheka sentle go bona gore a o setse o siametse lenyalo?
Fa o nna fa fatshe o itshekatsheka sentle o tla kgona go itemoga. Ka sekai, o dira dilo segolo e bile o dira dilo sentle go le kana kang? A o kgona go somarela madi, kana o a fetsa a sa tswa go goroga fela? A o duela dikoloto tsa gago ka nako e e tshwanetseng? A o kgona go tlhomama mo mmerekong o le mongwe kana go dira tiro ya mo gae? A o tshedisana sentle le batho ba bangwe, ba ba jaaka badirimmogo le batsadi, kana a o aga o omane fela le bone? Fa go le jalo, o tlile go fitlhela go le thata go tshela sentle le motho yo o nyalaneng le ene.
Fa e le gore o santse o le mo dingwageng tsa bosha, o ka nna wa tshwanelwa ke go leta dingwaga tse di oketsegileng gore o kgone go gola sentle le go tlhomama gore o nne monna kana mosadi yo o molemo. Fa o lemoga dintlha tseno go ka nna ga go thusa gore o fetole dikakanyo tse o nang le tsone ka lenyalo le go lemoga gore o ka nna wa bona nyalo mo isagweng. Seno se tla go thusa gore o nne motho yo o ‘tlhomameng mo pelong’ ka boemo jwa gago jwa go bo o se mo lenyalong bobotlana ka lobakanyana.—1 Bakorinthe 7:37.
Go Ipaakanya Sentle
Mme go tweng fa e le gore o setse o fetile “dingwaga tsa bosha” (NW) e bile o ikutlwa o setse o siametse lenyalo? Go ka go kgoba marapo tota fa e le gore go na le batho ba sekae fela ba ba ka nyalanang le wena kana fa e le gore nako le nako o a ganwa fa o bolelela mongwe gore o a mo rata. Mme a seo ka bosone se kaya gore ga o kgatlhe? Legoka. Kgosi Solomone o ne a se ka a atlega fa a ne a leka go gapa lorato lwa mosetsana mongwe yo a neng a mo rata—mme kana o ne a humile e bile a le botlhale go gaisa batho botlhe ba ba kileng ba tshela! Mathata e ne e le eng? Mosetsana o ne a sa mo rate. (Sefela sa Difela 2:7) Le wena e ka nna ya bo e le gore ga o ise o kopane le motho yo lo tshwanelanang sentle le ene.
A o akanya gore ga o na ditebego tse dintle tse di ka dirang gore mongwe a go kgatlhegele? Ke boammaaruri gore ditebego tse dintle di ka thusa, mme ga se tsone fela di batlegang. Fa o akanya ka banyalani ba o ba itseng, a ga se boammaaruri gore mo go bone go na le ba boleele, ditebego le bontle jo bo sa tshwaneng? Kwantle ga moo, motho yo o boifang Modimo tota o tla kgatlhegela kafa o leng ka teng mo teng, a kgatlhegela “motho yo o sa bonaleng wa pelo.”—1 Petere 3:4.
Mme gone, o se ka wa bo wa tlhokomologa tebego ya gago; leka go lebega o le montle ka mo o ka kgonang ka teng. Fa o sa apare bothakga e bile o sa ipaakanye sentle, go tla dira gore ba bangwe ba akanye ka tsela e e sa siamang ka wena.c Mme gape, mekgwa e e sa kgatlheng ya go tlotla kana makoa mangwe mo bothong jwa gago di ka dira gore ba bangwe ba go tlhokomologe ba ise ba go itse sentle. Tsala e e godileng sentle kana motsadi wa gago a ka go bolelela fa e le gore o tlhoka go tokafatsa mo dilong tseno. O ka nna wa utlwa botlhoko fa ba go bolelela boammaaruri ka gone, mme gone, fa o go amogela gongwe go tla go thusa gore o tokafatse mme se se tla dira gore batho ba bangwe ba go kgatlhegele.—Diane 27:6.
Lefa go ntse jalo, lenyalo ga se lone le dirang gore motho a nne botlhokwa. Selo sa botlhokwa ke gore Modimo ene o go leba jang, mme “o leba pelo.” (1 Samuele 16:7) Ka gone, selo se o tshwanetseng go tshwenyega thata ka sone ke go ratwa ke Jehofa e seng lenyalo. Se letle gore e nne lone le o akanyang thata ka lone kana go bua thata ka lone. Nna kelotlhoko fa o tlhopha ba o tsalanang le bone, mmino o o o ratang le dilo tse o itlosang bodutu ka tsone.
Ke boammaaruri gore keletso ya go bona lenyalo ga e kitla e nyelela, mme o se ka wa tshoga. Nna pelotelele. (Moreri 7:8) Go na le go akanya gore o hutsitswe ka go bo o se mo lenyalong, sola molemo kgololesego eo o nang le yone ya go bo o se mo lenyalong le tshono e o nang le yone ya go direla Modimo kwantle ga go kgoreletsega. (1 Bakorinthe 7:33-35, 38) Fa go ntse go ya o ka nna wa bona nyalo—gongwe ka bonako jo o sa bo akanyang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina mangwe a fetotswe.
b Bona setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . Re Nyalane Re sa Le Bannye—A re Tla Atlega?” mo makasineng wa rona wa May 8, 1995.
c Go bona dikakanyo tse di tlhamaletseng ka kgang eno, bona kgaolo 10 le 11 ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
O ka ikutlwa o tlhokomologiwa fa balekane ba gago ba nyalwa