Dijo Tse di Lekanang Botlhe!
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA BRAZIL
O KA nna wa bo o na le dijo tse dintsi tse di nonotshang mme o sa itumela. Gore o nne le boitumelo jwa boammaaruri le jo bo nnelang ruri, go tlhokega sengwe se sele—dijo tsa semoya. Jesu o ne a bolela jaana: “Motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.”—Mathaio 4:4.
Kafa letlhakoreng le lengwe, go gana Lefoko la Modimo go ka dira gore motho a bolawe ke tlala ya semoya jaaka fa go boleletswe pele jaana mo go Amose 8:11: “Ke tlaa tsosa leuba mo lefatsheng, e seng leuba la dijo le fa e le lenyora la metsi, fa e se leuba la go utlwa lefoko la ga Jehofa.” Lefa go ntse jalo, tlala ya semoya e ka tilwa. Jesu o ne a bolela jaana: “Go sego ba ba humanegileng mo moweng . . . Go sego ba ba bolawang ke tlala le lenyora ka ntlha ya tshiamo; gonne ba tlaa kgorisiwa.” (Mathaio 5:3, 6) Dijo tse di monate tsa semoya di nonotsha tumelo ya rona le tsholofelo ya rona ka isagwe fela jaaka fa dijo tse di lekaneng tse di nang le dikotla di nonotsha mmele wa rona. Re ka solofela lefatshe le le ntseng jang?
Dijo Tse di Lekaneng Botlhe
Akanya fela go na le lefatshe le le nang le dijo tse di monate le tse di otlang. Lefatshe le le senang dintwa, dikotsi tsa masetlapelo kana masetlapelo a a bakang tlala kana phepelotlase e e koafatsang batho le go dira gore ba tshwenyege thata mo maikutlong. Ga go kitla go tlhola go nna le batho ba ba tlhokang magae kana ba ba tlhokang tiro ba ba itshelelang fela ka sopo e ba e fiwang e bile go ka se tlhole go nna le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tse di pateletsang batho go ja sengwe le sengwe fela go tlatsa mpa. “Go tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng, mo ditlhoeng tsa dithaba; loungo lwa one lo tlaa ebelega.” (Pesalema 72:16) Mme gone dilo tseno di tla nna teng jang? Ke mang yo o tla rarabololang bothata jwa phepelotlase?
Mmopi wa rona o tla supa gore o re tlhokomela ka lorato ka go re tlamela ka dijo tse di lekaneng tse re di tlhokang. Tota le maemo a bosa a lefatshe a tla laolega sentle mo go tla dirang gore go se ka ga nna le dijalo dipe tse di sa tlhogeng. “Ee, Jehofa o tlaa aba se se molemo; le lefatshe la rona le tlaa ntsha totafalo ya lone.” (Pes. 85:12) Mo godimo ga moo, lefa gone lefatshe le kgona go ntsha dijo tse di lekaneng, ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo tla fedisang bogagapa le kgatelelo tse di dirang gore batho ba se ka ba bona dijo ka go lekalekana mo go bakang phepelotlase le masetlapelo.
Ee, puso ya ga Jehofa ya selegodimo e tla tlhomamisa gore dithulaganyo dipe fela tsa temothuo le tsa dipalangwa di tla nna gone go tlamela batho ka dijo tse di otlang gongwe le gongwe kwa di batlegang teng. Balaodi ba Bogosi ga ba kitla ba humisa setlhotswana se se rileng sa batho ba bo ba tlogela bontsi bo sotlega. Go na le go tlogela batho ba itlhobogile e bile ba sena tsholofelo, masego a Bogosi a tla lere boitumelo jo bo tlhalosiwang e le moletlo wa dilo tse di monate o go boleletsweng pele ka one jaana mo go Isaia 25:6: “Jehofa wa masomosomo o tlaa baakanyetsa ditšhaba tsotlhe modiro wa dilo tse di nonneng, modiro wa majalwa a mafine a a itshekileng, wa dilo tse di nonneng tse di tletseng moko, wa majalwa a a itshekileng a a tlhotlhegileng sentlentle.”
Jaanong, a ko o akanye fela o bona tsela e go tshelwang ka yone gompieno ya go gaisana, e e ngomolang pelo le ya go tlhoka lorato e fetile go ya go ile. Ga go kitla go nna le ope yo o bopameng kana yo o lwalang. Ka gone, fa eleruri o batla go itumelela botshelo mo lefatsheng leo le lesha, sekegela tsebe mafoko ano a ga Jesu: “Se direleng dijo tse di nyelelang, direlang dijo tse di nnelang go ya go fitlha botshelong jo bo sa khutleng.”—Johane 6:27.
Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela go tla go ithuta Baebele le wena mahala kwa lelapeng la gago, tsweetswee kwalela go Watch Tower, Private Bag X2067, 1740, kana kwa go nngwe ya diaterese tse di tshwanetseng tse di mo tsebeng ya 5.