Dijo Tse o di Jang di Otla go le Kana Kang?
KA MMEGADIKGANG WA “TSOGANG!” KWA BRAZIL
O tlhopha jang dijo tsa gago? Ke eng se se go tlhotlheletsang fa o reka dijo? A ke tsela e di phuthetsweng bontle ka yone? Tlhwatlhwa ya tsone? Tsela e di apeegang motlhofo ka yone? Mafoko a di retiwang ka one fa di bapatswa? Kana a ke tsela fela e di lebegang ka yone le e di latswegang ka yone? Go tlhopha sentle go tla supa gore a o ja dijo tse di otlang kana tse di sa otleng, gore a o tokafatsa botsogo jwa gago kana gore a o a bo koafatsa.
KHUMANEGO ke yone selo se segolo se se bakang phepelotlase. Lefa batho ba bantsi ba na le dijo tse dintsi, dimilione tse dingwe di bona dijo tse di otlang ka sewelo fela. “Mo lelapeng leno la rona re ja sengwe le sengwe se re kopanang le sone,” go ne ga rialo rre mongwe wa bana ba barataro wa moagi kwa Brazil. Gantsi seno se akaretsa borotho jo bo tsenneng le kofi e e tswapogileng kana reise le dinawa. Totatota, go ya ka pego ya Food and Agriculture Organization ya Ditšhaba Tse di Kopaneng, 20 lekgolong ya baagi botlhe ba lefatshe e bolawa ke tlala. Lefa leuba le aname thata mo dinageng dingwe tsa Afrika, go na le palo e e fetang eno ya batho ba ba bolawang ke tlala kwa Asia. Tota le kwa United States go begwa gore 12 lekgolong ya baagi botlhe ba teng, kgotsa batho ba le dimilione tse 30, ga ba kgone go ja dijo tse di lekaneng.
Ga se fela gore go sa je dijo tse di nang le dikotla go ka go koafatsa, mme gape go ka go bolaya. “Phepelotlase e e bakwang ke mekgwa e e seng molemo ya go fepa bana, e bolaya bana ba le bantsi ga 10 go gaisa leuba,” go akgela jalo William Chandler wa modiradipatlisiso. “Phepelotlase le letshololo le le bakang go felelwa ke metsi mo mmeleng ke malwetsi a a bolayang go gaisa otlhe mo lefatsheng.” UNICEF (United Nations Children’s Fund) e bega jaana: “Ga go na leroborobo lepe la bolwetsi, morwalela, kana thoromo ya lefatshe kana ntwa epe e e kileng ya bolaya bana ba le 250 000 mo bekeng e le nngwe fela.” Mme go ya ka boemedi joo jwa UN, eo ke palo ya bana ba ba swang lefatshe ka bophara ka ntlha ya phepelotlase le ka ntlha ya malwetse a e a bakang. Totatota, phepelotlase e gobatsa ka tsela e e boitshegang: E koafatsa nonofo ya go ithuta dilo tsa sekolo, e koafatsa palo ya batho ba ba ka berekang, tlhagisodikuno le boleng jwa dikuno bo wela kwa tlase.
Lefa go ntse jalo, go ja dijo tse di siameng tse di lekaneng go ka fenya go tlhaela dikotla le mathata a mangwe a a jaaka anemia le malwetsi a mangwe. Dilo tse puso e thusang ka tsone tse di jaaka go tlamela dikolo ka dijo tsa motshegare le mekgatlho ya go abela batho disopo, di ka tokafatsa mathata a phepelotlase mo dikarolong dingwe, lefa go ntse jalo, go ya ka badiredibagolo ba UNICEF, go tlhokega diranta di le dimilione di le dikete tse 91 ngwaga le ngwaga go fokotsa palo ya bana ba ba swang ba sa le bannye ka ntlha ya letshololo, nyumonia le mmoko. ‘Ke madi a a boitshegang,’ bangwe ba ka nna ba rialo. Mme go begwa gore Baamerika ba dirisa one madi a a kalo go reka ditlhako tsa metshameko ka ngwaga, Bayuropa le bone ba dirisa a a kalo go reka beine. Kgwetlho e nngwe ke ya go fokotsa dilo tse di senngwang. Le mororo go fopholediwa gore batho ba Brazil ba le dimilione tse 32 ba bolawa ke tlala, Lephata la Temothuo la Brazil le bega gore “dikuno tsa thobo [tse di ka jang diranta di le dimilione di le dikete tse 5,4] tse di senyegang fa di romelwa ka dipalangwa kana fa di beilwe mo mabolokelong di bakela naga ya rona ditshenyegelo tsa 18 go ya go 20 lekgolong ya dikuno tsa temothuo.” Ditšhaba tse dintsi di na le mathata a a masisi mo go tsa temothuo, go nosetsa dijalo, go boloka dijo, le go di rwalela kwa mafelong a a farologaneng; lefa go ntse jalo, lefatshe le santse le ka kgona go tlhagisa dijo tse di lekaneng go tlamela batho botlhe. Ka jalo, o ka itebaganya jang le kgwetlho ya go fepa lelapa la gago?
Madi ga a Lekana
Mo dinageng tse di tlhabologang gantsi batho ba kgona go fepa ba malapa a bone ka go nna le mebereko e mebedi kana e meraro. Kwa Brazil, ngwaga le ngwaga batho ba le dimilione tse 1,5 ba kgaogana le malapa a bone le ditsala go ya go senka mebereko le dijo kwa ditoropong tse dikgolo. Le mororo ka tsela nngwe go itekanela ga batho go ikaegile ka se ba se jang, ba dirisa karolo e ntsi ya madi a bone mo diaparong, matlo le dipalangwa.
Lefa go ntse jalo, selo se se itumedisang ke gore, dijo tse di tlwaelegileng tse di jaaka reise, dinawa, mmedi, ditapole, khasaba le dipanana fa di na le namanyana le tlhapi, ke dijo tse dikgolo tsa malapa mo lefatsheng lotlhe. José Eduardo de Oliveira Dutra yo e leng moitseanape wa dijo kwa Brazil o ne a re: “Motswako wa dinawa le reise o na le dikotla tota. Ka dijo tseno tse di bonwang motlhofo e bile di le tlhwatlhwatlase re ka kgona go fenya leuba [mo nageng eno].” Ee, go ka tswa go na le dijo tse di tlhwatlhwatlase le tse di nang le dikotla kwa o nnang teng. Kgotsa gongwe lo ka kgona go itemela dijo dingwe.
Le mororo o ka tswa o na le madi a a lekaneng, a o a dirisetsa go rekela lelapa la gago dijo tse di otlang? Kgotsa a o tlhotlhelediwa ke mafoko a a retang a a dirisiwang go bapatsa dijo tse di botshe kana dijo tse di senang dikotla mme ka gone o tlhokomologa tse di nang le diporoteine, diminerale le dibithamine? A tatso ya dijo e botlhokwa go gaisa tsela e di otlang ka yone? The World Book Encyclopedia e akgela jaana: “Gore batho ba itekanele sentle, go tlhokega gore ba nne le kitso ya motheo kaga mmele wa motho le tsela e o dirang ka yone. Ke ka go dira jalo fela ba ka kgonang go lemoga se se ka ba thusang go nna ba itekanetse kana se se ka ba koafatsang. Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go rutwa ka ga boitekanelo.”
Ke boammaaruri gore, ga re tshelele go ja fela, lefa go ntse jalo, dijo di botlhokwa thata mo botshelong jwa rona. Baebele e bolela fa go ja sentle e le tuelo ya go bereka ka natla fa e re: “Ke neo ya Modimo gore motho mongwe le mongwe a je a nwe, mme a je monate ka letsapa lotlhe la gagwe.” (Moreri 3:13) A o leba dijo tse di otlang di le botlhokwa e bile di tlhokega? Fa go le jalo, tsweetswee tlhatlhoba setlhogo se se latelang se se tlhalosang kafa dijo tse di otlang di ka tswelang wena le lelapa la gago mosola ka teng.