Kafa Dijo Tse di Otlang di ka Tokafatsang Boitekanelo Jwa Gago ka Teng
ABO go itumedisa jang ne go bona ngwana yo o otliwang sentle! Lefa go ntse jalo, go nna le ngwana yo o itekanetseng sentle ga go itlele fela. Kate, Mo-Canada yo o nnang kwa Brazil o gakologelwa jaana: “Ka metlha go ja dijo tse di motlhoswana fela mme e le tse di otlang e ne e le selo se se botlhokwa thata kwa gaetsho, e se fela gore re ne re dirisa madi a mantsi mo dijong mme gape re ne re ipha nako e ntsi go di apaya le go di ja mmogo. Ka gonne mmè o ne a nna mo gae, re ne re tlhola re fitlhela go nkga dijo tse di monate letsatsi le letsatsi fa re tswa sekolong mme ka dinako tse dingwe go nkga phae kana a baka kuku.”
Lefa go ntse jalo, go ya ka The Economist, “mo bathong ba ba fopholediwang go [dimilione tse] 780 ba dinaga tse di humanegileng, a le mongwe mo go ba le batlhano ba baagi ba teng ga a kgone go ja dijo tse di lekaneng” le tse di otlang. “Dimilione di le dikete tse pedi tsa ba ba kgonang go ja dijo tse di lekaneng, ba tlhaela dibithamine le diminerale tse di tlhokegang.” Ga se fela gore motho yo o sa jeng dijo tse di otlang o tla koafala, mme gape ga a kitla a nna mosola mo go ba bangwe. Ke gone ka moo fa Eduardo Giannetti da Fonseca yo e leng moitseanape wa tsa ikonomi wa Yunibesithi ya São Paulo, kwa Brazil, a ne a bua ka bana ba ba tlhaelang dikotla, a ileng a nopolwa a re: “[Tshenyo eno ya dinonofo tse batho ba ka nnang natso] e maswe go gaisa selo sepe fela. . . . Ke dumela gore bana bano ba na le ditalente le bokgoni tse di felelang di fitlhegile ka ntlha ya lehuma. Fa maemo a bone a ne a ka fetoga, mo gare ga bone go ne go ka tswa Albert Einstein.” Makasine wa Veja o bolela jaana: “Ka ntlha ya go sa jeng dijo tse di otlang, naga ya rona e latlhegelwa ke batho ba ba ka nnang badiri ba ba dinatla e bile e latlhegelwa ke batho ba e neng e ka nna boramatlhale, ba kgona go tlhama dilo le go dira ka natla.” Ke gone ka moo batsadi ba ba botlhale ba lekang go thaela bana ba bone motheo o o nonofileng ka go ba fepa ka dijo tse di otlang le mororo ditlhwatlhwa tsa dilo di le kwa godimo.
Go Ipankela ka Tsela e e Botlhale
“Go ipankela sengwe” go kaya go “dira sengwe se se ka go solegelang molemo kana se se ka go thusang mo isagweng.” O ka ipankela jang ka dijo? Fa o ne o ka tshwanelwa ke go itlhophela, a o ne o ka itima menate kana dilo tsa maemo mme o bo o dirisa madinyana a gago a mannye go reka dijo tse di otlang?
“Ga re simolole go latswa fa re sena go tsholwa; bosupi bo bontsha gore thulaganyo ya tatso e simolola go dira nako e e telele pele ga re tsholwa,” go rialo The New Encyclopædia Britannica. Ka gone, gore o ke o kgone go simolola go otla ngwana sentle, mmaagwe o tshwanetse a bo a otlegile sentle. Kgato e e latelang—morago ga tsalo—ke go anyisa lesea lebele, ka gonne mashi a motho a na le mefuta yotlhe ya dikotla e bile a kgona go kganela malwetsi a a tlwaelegileng. Facts for Life, e leng kgatiso ya Ditšhaba Tse di Kopaneng e bolela jaana: “Mashi a lebele a le nosi fela ke sejo le seno se se di gaisang tsotlhe mo dikgweding di sekae tsa ntlha tsa botshelo jwa ngwana. Masea a tlhoka dijo tse dingwe mo godimo ga mashi a lebele fa a nna dikgwedi tse nnè go ya go tse thataro.”
Lefa mebele ya batho e kgona go ikalafa ka tsela e e gakgamatsang, re tshwanetse go e ngomaela. Go botlhokwa thata gore e nonotshiwe ka dijo tse di otlang fa motho a santse a le monnye. The World Book Encyclopedia ya re: “Fa motho a nna dingwaga tse 6, boboko jwa gagwe bo setse bo le bokete jo bo tletseng jwa diponto di le 3 (dikilogerama di le 1,4). Bontsi jwa disele tsa boboko bo teng fa motho a tsholwa, ka jalo, bokete jwa jone bo okediwa thatathata ke fa disele tseno di ntse di gola. Mo dingwageng tseo tse thataro, motho o simolola a ithuta le go nna le mekgwa e mesha ya maitsholo ka lobelo lo logolo go gaisa mo botshelong jwa gagwe.” Ka gone, lefa ngwana a ka ja dijo tse di otlang morago ga dingwaga tse thataro, o tla nna le disele di sekae fela tse disha tsa boboko. Kate o akgela jaana: “Dijo tse di otlang ke mpho e kgolo go di gaisa tsotlhe e batsadi ba ka e nayang bana ba bone. Tota lefa batsadi ba sa kgone go ba tlamela ka dilo tse go tweng di botlhokwa go gaisa mo botshelong, tse gantsi e leng menate fela, batsadi ba ba nayang bana ba bone sengwe se se ka dirang gore mo isagweng ba itekanele mo tlhaloganyong le mo mmeleng, ba a bo ba ba abela selo se se botlhokwa tota.”
Ke Eng fa go Tlhokega Dijo Tsa Mefutafuta?
Ngwana o tlhoka dijo tse di nang le diporoteine tse dintsi gore a kgone go gola sentle mo mmeleng le mo tlhaloganyong. Dijo tse di senang dikotla di dira gore tlhaloganyo ya ngwana e se ka ya kgona go tshwarelela dilo tsa sekolo mme ngwana a ka nna a se ka a tlhoafalela dilo, a tsenwa ke letsapa thata e bile a ka se ka a kgona go tlhoma mogopolo kana go gakologelwa se a se rutiwang. Bobotlana go na le malwetsi a le 25 a a bakwang ke go tlhaela nngwe ya dikotla tsa konokono—diporoteine, dibithamine, mafura a a botlhokwa kana dikotla tse dingwe.
Akanya ka kgang ya ga Joaquim. A re: “Lelapa la gaetsho le ne le humanegile. Lefa go ntse jalo, re ne re na le tshimo e mo go yone re neng re lema mo e ka nnang sengwe le sengwe se re neng re se ja. Dijo dingwe le dingwe tse re neng re di ja di ne di na le mmidi le borotho jwa korong le jwa rye tse di nang le dikotla tse di molemo thata. Mo e ka nnang letsatsi lengwe le lengwe mmè o ne a dira sopo e o neng a e dira ka merogo e e farologaneng, go akaretsa le dinawa mme e ne e re otla tota. Re ne re sa kgone go ja nama e ntsi, lefa go ntse jalo, re ne re ja tlhapi thatathata ya saradinese, ya cod le herring.” O oketsa jaana: “Mmè o ne a na le bana ba le batlhano, mme ga ke gakologelwe ke bona ope a lwala fa e se fela go tshwarwa ke mofikela le mokgotlhwane. Ke akanya gore re ne re thusiwa ke dijo tse di otlang tse re neng re di ja.” Mmè mongwe wa bana ba le supa o tlhalosa jaana: “Re ne re tlhoka go ba fepa ka dijo tse di otlang tse di sa jeng madi a mantsi. Ka jalo re ne ra ijalela tshingwana ya merogo, mme lefa e ne e le potlana, e ne e kgona go tlhagisa tse di lekaneng tse re neng re di tlhoka.” O oketsa jaana: “Bana ba rona ba ne ba se ke ba tshwarwa ke bolwetsi bope jo bo masisi mme e bile ba ne ba atlega thata mo dithutong tsa bone tsa sekolo.”
Mmele wa gago o tlhoka dikarolo tsa dikhemikale tse 22 tsa tse 103 tse di itsegeng gore di o otle. Le mororo go sa itsege palo e e tlhomameng ya dibithamine, diminerale le diporoteine tse mongwe le mongwe wa rona a di tlhokang, dijo tse di otlang di ka go tlamela ka tse o di tlhokang. Buka nngwe e ne ya re: “Selo se se ka go thusang gore o je dijo tse di otlang sentle ke fa o ja dijo tsa mefutafuta.”
Go tweng fa bana ba gago ba sa rate dijo dingwe tse di jaaka merogo e e botlhoko? Go ya ka motho mongwe yo e leng setswerere mo go apayeng, batsadi ba tshwanetse go apaya “mefuta yotlhe ya merogo e e leng gone mo tikologong ya bone. Bagolo ba le bantsi ga ba je merogo ka gonne ba ne ba sa tlwaelana le yone fa e ne e santse e le bana. E re ka merogo e na le faeba le mefuta e le mentsi ya dibithamine e bile e ja madi a a kwa tlase, batsadi ba tshwanetse go leka go e apeela bana ba bone ka metlha.” Ka jalo, ke eng fa o sa ithute mekgwa e mesha ya go apaya merogo le maungo gongwe o e tswakanya le moro kana setšhu? O ne a akantsha jaana malebana le se go tweng ke dikilojoule tse di tlhaelang: “Batsadi ba rekele bana ba bone dimonamone ka sewelo fela. Fa [bana] ba sena tsone, ga ba kitla ba di ja.”
Le mororo go ja dijo tse di siameng tse di lekaneng go ka fokotsa bothata jwa phepelotlase, batho bangwe ba ipakela mathata ka go ja thata. Go ja dikilojoule tse dintsi go feta tse mmele o di tlhokang go ka dira gore o none thata mo go ka go bakelang malwetsi a taebetese le mathata a pelo.a E re ka go sena setlhare sepe se se molemo go gaisa go ja ka mokgwa o o siameng, kakantsho e e molemo ke gore o fokotse go ja dijo tse di mafura, botshe, letswai le tagi e ntsi. Gape saetlopedia nngwe e bolela gore, “motho o tshwanetse go leka gore a se ka a tshwarwa ke tlala thata, go jewa ke bodutu, go tshwenyega thata mo maikutlong, go sulafalelwa, go tenega le go tsenwa ke letsapa le le feteletseng, e leng dilo tse di ka dirang gore motho a je thata.”
a “Baitse bangwe ba akanya gore go ka twe motho o nonne thata fa e le gore o na le bokete jo bo fetang jo bo ‘tshwanelang’ . . . boleele jwa gagwe, tsela e a agegileng ka yone le dingwaga tsa gagwe ka 20 lekgolong.”—The American Medical Association Family Medical Guide, tsebe 501. Bona gape le “Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Dirang Gore Ke Iphokotse Mmele?” mo go Tsogang! ya May 8, 1994, le “A go Iphokotsa Mmele ke Ntwa E e Sa Fenyegeng?” (ya Seesemane) ya May 22, 1989.
Pono e e Lekalekaneng ka Dijo le Boitekanelo
Baebele ga se buka e e ntshang ditaelo kaga mekgwa ya go ja; lefa go ntse jalo, e re thusa go nna tekatekano mo dilong tse di amanang le boitekanelo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa kgatlhanong le batho ba ba neng ba laela gore “go ilwe dijo tse Modimo o di tlhophetseng go amogelwa ka tebogo ke ba ba dumelang le ba ba itseng boammaaruri.” (1 Timotheo 4:3) Modimo o batla gore re kgotsofale le go somarela dilo tse re nang le tsone. “Bonnye fa bo na le poifo ya ga Jehofa, bo molemo bogolo go khumo e kgolo, fa e na le letshwenyo.”—Diane 15:16.
Gompieno ga go na motho ope yo o itekanetseng sentle. Ka jalo, ke eng fa o sa nne tekatekano ka go sa nne botlhaswa mme gape o sa tlhobaele ka tsela e e feteletseng? Go kgatlhegela dijo le tsa boitekanelo ka tsela e e feteletseng go ka dira gore re se ka ra dira dilo ka tekatekano.
Go sa kgathalasege maiteko a re a dirang go ipoloka re itekanetse, go ya kafa dilo di leng ka teng gone jaanong, kgabagare re tla tsofala re bo re swa. Lefa go ntse jalo, selo se se itumedisang ke gore Baebele e re tlhomamisetsa gore Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa phepelotlase le bolwetsi. Le mororo dithulaganyo tsa batho tsa go leka go fedisa leuba di paletswe, re ka solofela go bona lefatshe le mo go lone batho ba tla bong ba na le dijo tse dintsi tse di otlang.—Pesalema 72:16; 85:12.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
DIKAKANTSHO TSE DI KA THUSANG NGWANA WA GAGO GO JA KA MOKGWA O O SIAMENG
◻ Mo tlhomele sekao se se molemo.
◻ Se letle bana go ja fela dijo tse di ratwang ke bone.
◻ Tila go nna le dijo tse di sa otleng kana dimonamone mo ntlong.
◻ Ruta bana go rata mefuta e e farologaneng ya dijo.
◻ Tlhoma nako e e tsepameng e lo jang ka yone, go akaretsa le sefitlholo.
◻ Se letle dilo tse di bapadiwang mo thelebisheneng go tlhotlheletsa se o se jang.
◻ Se letle bana go ipha dijo mo setsidifatsing.
◻ Ruta bana go go thusa fa o apaya.
◻ Ba rute go anaanela dijo tse ba di newang letsatsi le letsatsi.