Basupi ba ga Jehofa ba Thusitse Gore go Nne le Kgatelopele mo Karong ya Pelo
LEKWALODIKGANG la New York la Daily News ya August 27, 1995, le ne le na le pego ya setlhogo se se reng, “Go Ara Kwantle ga go Tshela Madi.” E ne ya bolela gore New York Hospital-Cornell Medical Center e ne “e tlile go senola mokgwa o mosha o o dirang gore madi a seka a tshologa thata fa motho a ariwa pelo—e e tshwanang le e David Dinkins yo o kileng ya nna Ratoropo a neng a kopa go ariwa ka yone—go sa tshologe le fa e le lerothodi la madi tota.”
Lekwalodikgang leno le ne la re: “Molemo wa mokgwa ono o mosha o o tlhamilweng ka ntlha ya se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang . . . o tla lemotshega ka diketekete tsa didolara tse dikokelo di tla di somarelang le tsela e balwetse ba tla babalesegang ka teng mo bodiphatseng jwa madi a a nang le ditwatsi.” Dr. Todd Rosengart, mokaedi wa thulaganyo ya kokelo eno ya go ara go sa dirisiwe madi o ne a re: “Gone jaanong re kgona go fokotsa selekanyo sa ka tlwaelo sa madi a molwetse mongwe le mongwe a a tlhokang ka nako ya fa a dirwa karo eno go tloga go diyuniti tse pedi go ya go tse nnè re se fokotsa go fitlha re sa ba tshele sepe.”
Dr. Karl Krieger yo e leng ngaka ya bookelo jono e e arang pelo o ne a re: “Ka go fokotsa go tshela batho madi a a abilweng le dilo tse di nang le madi, gape re kgona go fokotsa bodiphatsa jwa go tsenwa ke letshoroma la morago ga karo le go tshwaetsega go ka gale go amanang le go tshelwa madi.”
Baitse bangwe ba bolela gore “karo eo e e dirwang kwantle ga go tshela madi e fokotsa lobaka lo molwetse a lo fetsang a le kwa phaposing ya balwetse ba ba mo maemong a a masisi thata morago ga go ariwa—go tloga go diura di le 24 kana go feta, go ya go di le thataro fela. Balwetse ba ba neng ba arilwe kwantle ga go tshelwa madi ba ne ba kgona go kokotlegela sentle ba bo ba letlelelwa go tswa mo kokelong mo diureng di le 48 pele ga ba bangwe.” Seo se thusa dikokelo, puso le dikhampani tsa inshorense go somarela madi a mantsi thata. Dr. Rosengart o ne a akantsha gore “karo eno e ka thusa molwetse mongwe le mongwe go somarela bobotlana $1600 [R5800].”
Pego ya Daily News e ne ya tswelela ka go re:
“Selo se se gakgamatsang ke gore, mokgwa ono o mosha wa go ara ga o a simololwa ke baemedi bangwe ba tsa kgwebo kana ba tsa kalafi, o simolotswe ke batho ba ba tlhoafaletseng bodumedi. Basupi ba ga Jehofa—bao tumelo ya bone e sa ba dumeleleng go tshelwa madi—ba ne ba senka mokgwa o o neng o ka thusa bagodi ba bone ba ba tshwarwang ke bolwetse jwa pelo. . . .
“Ka ntlha ya go gakalelwa ke Basupi ba ga Jehofa, dingaka di ne tsa kopanya mekgwa ya bone ya go ngomaela madi le go dirisa diokobatsi tse disha. Gape ba ne ba lemoga tsela e ntšha ya go solegela molemo motšhine o o sa bolong go nna gone o o berekang jaaka makgwafo o o dirisiwang go boloka molwetse a tshela ka nako ya fa a ariwa pelo.
“Mo godimo ga balwetse ba Basupi ba ga Jehofa ba le 40 ba go neng ga lekelediwa kalafi eno ka bone, dikgwedi di le thataro tse di fetileng setlhopha sa New York-Cornell se ne sa simolola go ara batho ka kakaretso ba dirisa karo eno. ‘Fa e sale ka nako eo, ba kgonne go dira dikaro di le 100 kwantle ga go tshela madi go se ope yo o tlhokafalang,’ Krieger o ne a rialo. Palo ya batho ba ba swang fa go dirisiwa karo e e tlwaelegileng e ka nna 2,3%.”
Mo lefatsheng lotlhe dikokelo di le 102 di ile tsa oketsa didirisiwa tsa tsone ka go akaretsa dithulaganyo tseno tsa go ara kwantle ga go tshela madi mo go dirang gore di nne le mekgwa e e babalesegileng ya go ara balwetse botlhe mo lefatsheng lotlhe.