LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 9/8 ts. 28-29
  • Go Ara Kwantle ga Madi—Melemo ya Gone e a Lemogiwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ara Kwantle ga Madi—Melemo ya Gone e a Lemogiwa
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mekgwa Eno e a Dira e Bile e Babalesegile
  • “Tekanyetso e go Laolwang Boleng Jwa Selo ka Yone”
  • Kalafi le Karo Tse di sa Diriseng Madi di Batliwa Fela Thata
    Tsogang!—2000
  • Basupi ba ga Jehofa ba Thusitse Gore go Nne le Kgatelopele mo Karong ya Pelo
    Tsogang!—1996
  • Kopano e e Tlhomologileng e e Malebana le go Ara Kwantle ga Madi Kwa Moscow
    Tsogang!—1999
  • Dilo Dingwe tsa Boleng Jo Bo Tshwanetseng Tseo Di Ka Dirisiwang mo Boemong jwa go Tshelwa Madi
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 9/8 ts. 28-29

Go Ara Kwantle ga Madi—Melemo ya Gone e a Lemogiwa

KA 1996 Royal College of Surgeons of England e ne ya gatisa bukana e e bidiwang Code of Practice for the Surgical Management of Jehovah’s Witnesses. Dingaka tse di arang di akgetse jaana mo bukaneng eo: “Dikotsi tsa go tshelwa madi di dira gore motho a batle go akanyetsa mekgwa e mengwe fa go kgonega.”

AHA NEWS e e gatisitsweng ke American Hospital Association, le yone e begile lebaka la go bo jaanong go ile ga lemogiwa melemo ya go ara kwantle ga tshelo ya madi. Makasine ono o o tswang beke le beke o boletse jaana: “Se se simologileng e le tumelo ya bodumedi se fetogile go nna selo se kalafi e se dirisang thata le sa boranyane jwa saense jo bo gatetseng pele. Kalafi le karo e e sa diriseng madi, tse di buelelwang ke dithuto tsa motheo tsa Basupi ba ga Jehofa, ga e tlhole e le kgang fela ya dilo tsa semoya mo bathong mme jaanong e dirisiwa thata mo dikamoreng tsa go ara mo lefatsheng lotlhe.”

Tokololo ya bofelo ya ngwaga wa 1997 ya makasine o o tlatseletsang wa Time e ne e na le setlhogo se se neng se bontsha lebaka la go bo dingaka di le dintsi di buelela mokgwa wa go ara go sa dirisiwe madi. Setlhogo seno se boletse jaana: “Go boifa AIDS ke le le losi fela la mabaka.” Setlhogo seno se ne sa bega segolobogolo ka tiro e e dirilweng kwa New Jersey Institute for the Advancement of Bloodless Medicine and Surgery ya Englewood Hospital, kwa Englewood, kwa New Jersey.

Time e boletse seno: “Setheo seno se di goga kwa pele gareng ga maokelo a a fetang a le 50 kwa U.S. a jaanong a arang kwantle ga madi. Kwantle ga gore ba dirise madi gotlhelele, ba dirisa mekgwa e e farologaneng ya karo e pele e neng e tla tlhoka tshelo ya madi, le botegeniki jo bongwe jo bo fokotsang go latlhegelwa ke madi kana bo go emisa gotlhelele.”

Mekgwa Eno e a Dira e Bile e Babalesegile

Matseno a setlhogo seno sa Time a ne a bua ka maitemogelo a ga Henry Jackson yo madi a gagwe a neng a dutla thata a dutlela mo teng mme go tapegile diperesente di le 90 tsa madi a gagwe e bile go fokoditse selekanyo sa hemoglobin go nna se se diphatsa sa digerama di le 1,7 mo desilitareng nngwe le nngwe. Jackson o ne a tseelwa kwa Englewood Hospital go tswa bookelong jo bongwe kwa New Jersey jo bo neng bo sa batle go mo alafa kwantle ga go mo tshela madi.

Kwa bookelong jwa Englewood, a tlhokometswe ke Dr. Aryeh Shander, Jackson o ne a neelwa “motswako o o maatla wa dilo tse di oketsang aene le dibitamene, mmogo le seokobatsi se se ‘nonofileng’ se se agang madi, erythropoietin e e itiretsweng e leng, [horomone nngwe ya diphilo e e itiretsweng e e dirang gore moko wa lerapo o ntshe disele tse dikhibidu tsa madi]. Labofelo, o ne a neelwa dieledi dingwe tse di tsenngwang mo ditshikaneng tsa madi tse di neng di tla dira gore madinyana a gagwe a a neng a setse a boe a elele mo mmeleng.”

Time e begile gore malatsi a le mmalwa moragonyana, “bookelo jole jwa ntlha bo ne jwa founa go botsa gore a Jackson o sule. Shander o ne a ba bolelela a kgatlhegile gore, ‘Ga se fela gore ga a swa, mme gape o fodile e bile o tloga a tswa mo bookelong, mme go ise go ye kae o tla bo a simolola tiro ya gagwe ya ka gale.’”

Mo potsolotsong ya mo thelebisheneng ka November 28, 1997, Dr. Edwin Deitch, yo o leng motsamaisi mo thulaganyong ya kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone kwa University Hospital, kwa Newark, kwa New Jersey o ne a tlhalosa kafa go batlisisa ka karo e go sa dirisiweng madi mo go yone go simologileng ka teng: “Basupi ba ga Jehofa . . . ba tsere matsapa a magolo thata ba leka go batla batho ba ba ka ba arang kwantle ga madi. Dingwe tsa ditlamorago tsa dipatlisiso tseo di bontshitse gore ba ne ba dira botoka go feta kafa go neng go lebeletswe ka teng, [go feta] batho ba ba neng ba tshelwa madi.”

Dr. Deitch o ne a oketsa jaana: “Madi a ka dira gore thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e se ka ya kgona go dira sentle a ba a baka mathata a go tshwaetsega morago ga karo; a dira gore motho a nne mo kotsing ya go boa a tshwarwa ke kankere gape, ka jalo le fa gone madi a ne a le molemo mo mabakeng mangwe, go fitlhetswe gore a na le mo a sa siamang gone.” Dr. Deitch o konetse jaana ka karo e go sa dirisiweng madi mo go yone: “Go phepafetse gore e na le diphelelo tse di molemo mo molwetseng tse di se nang mathata a makalo e bile [e] tlhwatlhwatlase. Mme ka gone e molemo thata mo maemong otlhe.”

Ka jalo, jaaka Time e boletse, “balwetse ba le bantsi ba ikuela gore ba newe kalafi e e babalesegileng le e e molemonyana go feta go tshelwa madi.” Makasine ono o begile gape gore: “Go ya ka dipalo dingwe, 25% ya batho ba ba tshelwang madi mo U. S. ga go tlhokege gore ba a tshelwe. Gape go na le dilo tse di bontshang gore balwetse ga ba kgone go itshokela dilekanyo tse di kwa godimo thata tsa hemoglobin jaaka go ne go akanngwa pele le gore bogolo jang batho ba basha ba na le polokelo ya madi mo mebeleng ya bone. . . . [Shander] o tlhomamisegile gore go se dirise madi ke selo se se molemo le se se botoka mo balwetseng ba le bantsi.”

Le fa gone go tsenwa ke bolwetse ka ntlha ya go tshelwa madi e le yone kotsi e kgolo, go na le dikotsi tse dingwe gape. Dr. Shander o tlhalositse jaana: “Madi a a bolokilweng fa a sena go tsidifadiwa le go bolokiwa, ga a tlhole a kgona go tsamaisa okosejene jaaka madi a a sa ntseng a itekanetse. Ke gone re simololang go bona se tota se diregang fa re tshela motho madi.”

“Tekanyetso e go Laolwang Boleng Jwa Selo ka Yone”

Time e ne ya konela jaana: “Selo sa bofelo ke madi a go a jang: mo e ka nnang didolara di le 500 [diranta di le 2485] nako le nako fa motho a tshelwa madi, go akaretsa le madi a mangwe a botsamaisi, madi otlhe a a duelwang a nna gareng ga didolara di le dimilione di le 1000 [diranta di le dimilione di le 4970] le didolara di le dimilione di le 2000 [diranta di le dimilione di le 9900] ka ngwaga, selo se sengwe gape se se tshwanetseng sa tlhotlheletsa gore go akanyediwe mekgwa e mengwe gape ya kalafi.” Ditshenyegelo tse di kwa godimo thata tsa tshelo ya madi jaanong go bonala e le lone lebaka le legolo le le dirang gore ba le bantsi ba rate karo e go sa dirisiweng madi mo go yone.

Sharon Vernon yo o leng motsamaisi wa Center for Bloodless Medicine and Surgery kwa St. Vincent Charity Hospital, kwa Cleveland, Ohio, o boletse seno ka go alafa balwetse go sa dirisiwe madi: “Go a ata ka gonne dingaka di a lemoga gore go alafa kwantle ga go dirisa madi ke tekanyetso e e laolang boleng jwa dilo fa go tsenwa mo go somareleng madi. Maitemogelo a re bontshitse gore le e leng ditlamo tsa inshorense tse gantsi di sa dirisaneng le rona, di romela batho kwa go rona ka gonne go ba somarela madi.”

Eleruri go ara go sa dirisiwe madi jaanong go tsewa tsia thata mo lefatsheng la tsa kalafi, mme e bile e le ka mabaka a le mmalwa.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Ditshwetso Tsa Bosheng Tsa Dikgotlatshekelo

Ditshwetso di le pedi tsa dikgotlatshekelo tse di neng tsa dirwa kwa Illinois kwa U.S.A. ka November le ka December 1997 e ne e le tsa botlhokwa tota. Mo go ya ntlha, Mary Jones yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a newa didolara di le 150 000 (R745500) e le tuelo ka gonne a ile a tshelwa diyuniti di le pedi tsa madi ka 1993 le mororo a ne a boletse ka phepafalo gore ga a batle mofuta ono wa kalafi. Ano ke madi a mantsi thata a a kileng a neelwa Mosupi ka go bo a utlwisitswe botlhoko mo maikutlong ka ntlha ya go tshelwa madi a sa batle.

Kgetsi ya bobedi yone e malebana le Mosupi yo ka nako eo a neng a le moimana e bong Darlene Brown, yo o neng a tshelwa madi ka dikgoka go twe go bolokwa leseanyana la gagwe le le iseng le tsholwe la dibeke di le 34. Ka December 31, 1997 Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya kwa Illinois e ne ya tlhalosa tshwetso ya yone ka go bolela gore “go tshela motho madi ke mokgwa wa go alafa o o kgoreletsang mmele wa motho yo mogolo go dira jaaka o tshwanetse.” Kgotlatshekelo ya Boikuelo e ne ya sobokanya tshwetso ya yone ka go bolela gore “tlase ga molao wa Naga eno, . . . ga re ka ke ra dirisa molao go patelela mosadi yo o moimana gore a dumalane le kalafi e e tla tshwenyatshwenyanang le mmele wa gagwe.”

Ka February 9, 1998, Kgotlatshekelokgolo ya kwa Tokyo e ne ya fetola tshwetso ya kgotlatshekelo e e kwa tlase, e e neng e laotse gore ngaka e ne e dirile sentle fa e ne e tshela Misae Takeda madi ka nako ya fa a ne a dira karo ka 1992. Kgotlatshekelokgolo e ne ya bolela gore “tshwanelo ya molwetse ya go tlhopha kalafi e tshwanetse ya tlotlwa. Go ne go se kafa molaong gore a tshelwe madi.” Misae Takeda o ne a newa bokana ka di-yen di le 550 000 (R21 000) ka ntlha ya seo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela