LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 2/8 ts. 27-30
  • ‘Sengwe se a Tlhaela’—Ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Sengwe se a Tlhaela’—Ke Eng?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhaela—Go Dumela Boammaaruri Jo bo Sa Ratiweng
  • Modimo, go Tlhama, le Melao E e Sa Fetogeng ya Fisikisi
  • Selo sa Tlholego se Motho a se Tlhokang
  • Dikarabo di Bonwa mo Bukeng
  • Lobopo Lwa Rona lo lo Gakgamatsang—A lo Itlhagetse Fela?
    Tsogang!—2000
  • Lobopo lo Tletse ka Dilo Tse di Gakgamatsang
    Tsogang!—2009
  • Mmopi a ka Dira Gore Botshelo Jwa Gago bo Nne le Bokao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Lobopo lo re Ruta Eng?
    Tsogang!—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 2/8 ts. 27-30

Lobopo lo lo Gakgamatsang

‘Sengwe se a Tlhaela’—Ke Eng?

MORAGO ga go leba dinaledi mo bosigong jo bo apogileng jo bo lefifi, re tsena mo ntlong ka ntlha ya go sitwa re ntse re bonyabonya, mme megopolo ya rona e santse e tletse ka bontlentle jo re bo boneng e bile re ipotsa dipotso tse dintsi. Ke eng fa lobopo lo dirilwe? Lo tswa kae? Lo ya kae? Tseno ke dipotso tse bontsi jwa batho bo lekang go di araba.

Morago ga go fetsa dingwaga tse tlhano a dira dipatlisiso tse di neng tsa mo tlhoka gore a nne gone kwa dikhonferenseng tsa saense le kwa ditheong tsa dipatlisiso mo go tsa thutalobopo go ralala lefatshe, Dennis Overbye wa mokwadi wa saense o ne a tlhalosa motlotlo o a nnileng le one le Stephen Hawking yo e leng mankge yo o itsegeng thata wa fisikisi jaana: “Kwa bokhutlong ke ne ka kopa Hawking go ntlhalosetsa selo se ke neng ke sa bolo bo eletsa gore Hawking a ntlhalosetse sone: Kwa re yang teng fa re swa.”

Lefa gone mafoko ano a sa bewa ka tsela e e tlhamaletseng, a senola go le gontsi ka motlha ono wa rona. Dipotso tseno ga di a lebisa thata kwa dinaleding ka botsone le kwa dithutong tsa baithutalobopo le dikgopolo tse ba ganetsanang mo go tsone. Gompieno batho ba santse ba eletsa thata go itse dikarabo tsa dipotso tsa motheo tse di ileng tsa tshwenya batho ka dimileniamo: Ke eng fa re le mono? A go na le Modimo? Re ya kae fa re swa? Re ka bona kae dikarabo tsa dipotso tseno? A re ka di bona mo dinaleding?

Mokwadi yo mongwe wa saense e bong John Boslough o ile ba bolela gore jaaka fa batho ba ntse ba tlogela bodumedi, borasaense ba ba jaaka baithutalobopo ba ile ba fetoga “baperesiti ba mmatota ba motlha ono. Ke bone, e seng baeteledipele ba bodumedi, ba jaanong ba neng ba tla senolang masaitsiweng otlhe a lobopo ka bonya ka bonya, e seng ka sebopego sa semoya, mme e le ka gore batho botlhe ba ba lebe e le ba ba tloditsweng.” Lefa go ntse jalo, a ba ka senola masaitsiweng otlhe a lobopo le go araba dipotso tsotlhe tse di ileng tsa tshwenya batho ka dingwagangwaga?

Ke eng se baithutalobopo ba se senolang jaanong? Bontsi bo nnetse go oketsa ditlhaloso tsa “thutabodumedi” ya big bang e e fetogileng bodumedi jwa lefatshe mo motlheng ono wa rona le mororo ba nnetse go ganetsana ba sa fetse ka tshedimosetso ya teng. Boslough o ne a re: “Lefa go ntse jalo, go ya ka dilo tse disha tse di lemogilweng le tse di e ganetsang, go bonala fa thuto eno ya big bang, e simolola go tlhalosa dilo ka tsela e e tshwanang le e thuto ya popo e tlhalosang dilo ka yone. Mo masimologong a bo1990, thuto eno ya big bang e ne e . . . palelwa thata ke go araba dipotso tse di botlhokwatlhokwa.” O ne a oketsa ka gore, “bontsi jwa batho ba ba neng ba ruta thuto eno ba ne ba dumela gore e ne e se kitla e kgona go fetsa dingwaga tsa bo1990 e ntse e le teng.”

Gongwe dilo dingwe tse baithutalobopo ba di fopholetsang di tla direga, gongwe ga go ne go nna jalo—fela jalo, go ka nna ga bo go na le dipolanete tse di tshwaraganeng mo karolong e e phatsimang thata ya nebula ya Orion, gongwe ga go a nna jalo. Boammaaruri jo bo ka sekang jwa fetolwa ke gore ga go ope mo lefatsheng yo o tlhomamisang dilo tseno. Go rutiwa dithuto tse dintsintsi, lefa go ntse jalo, basekaseki ba ba ikanyegang ba dumalana le se Margaret Geller a ileng a se lemoga, gore go sa kgathalasege dilo tse di tlhalosiwang ka manontlhotlho, go bonala go na le sengwe se se botlhokwa se se tlhaelang mo tseleng e gone jaanong saense e tlhaloganyang lobopo ka yone.

Go Tlhaela—Go Dumela Boammaaruri Jo bo Sa Ratiweng

Bontsi jwa borasaense—go akaretsa le bontsi jwa baithutalobopo—ba tshegetsa thuto ya gore dilo di itlhagetse fela. Ga ba batle go dumela gore popo e nnile gone ka go bopiwa ka botlhale le ka maikaelelo e bile ba gana gotlhelele go dumela gore Modimo ke ene Mmopi. Tota e bile ga ba batle go akanya le eseng fa seo se ka nna jalo. Pesalema 10:4 e nyatsa motho yo o boikgogomoso yo o “sa direng dipatlisiso dipe; se a se akanyang fela ke go re: ‘Ga go na Modimo.’” (NW) Mo go ene dilo di nnile gone fela ka Tshoganetso. Lefa go ntse jalo, jaaka fa kitso e ntse e oketsega e bile bosupi bo ntse bo oketsega jwa gore dilo ga di a tshogana fela di le gone, borasaense ba simolola go ipata ka dilo tse di sa utlwaleng tse di jaaka botlhale le botlhami. Akanya ka dikai tse di latelang:

“Go na le sengwe se se ntseng se tlhaela mo dipatlisisong tsa thutalobopo. Gore motho a itse gore Lobopo lo tswa kae, fela jaaka go rarabolola morabaraba wa Rubik wa popego e e dintlhana tse thataro, go batla gore motho a bo a le botlhale,” go ne ga kwala jalo Fred Hoyle, moithutafisikisi ya thutadinaledi mo bukeng ya gagwe ya The Intelligent Universe, tsebe 189.

“Fa ke ntse ke ithuta lobopo go ya pele le go ithuta tshedimosetso ya tsela e le bopegileng ka yone, ke lemoga bosupi jo bontsi jwa gore ka tsela nngwe lobopo lo tshwanetse lwa bo lo ne lo itse gore re tla nna teng.”—Disturbing the Universe, ka Freeman Dyson, tsebe 250.

“Ke dikarolo dife tsa Lobopo tse di neng di le botlhokwa thata tse di neng tsa dira gore dibopiwa tse di jaaka rona di nne gone, a mme gone Lobopo lono lwa rona lo ne lwa nna le dilo tseno ka go tshogana di le gone fela kana a di nnile gone ka ntlha ya go akanya go go tseneletseng? . . . . A go na le thulaganyo nngwe e e tseneletseng e e dirileng gore Lobopo lo tshwanele batho?”—Cosmic Coincidences, ka John Gribbin le Martin Rees, ditsebe xiv, 4.

Fred Hoyle le ene o akgela jaana ka dilo tseno mo go tsebe 220 ya buka ya gagwe e e nopotsweng fa godimo: “Go bonala dilo tseno di amana le dilo tsa tlholego ka tsela ya gore di tshogane fela di le teng. Lefa go ntse jalo dilo tseno tse di tshoganeng fela di le teng tse di leng botlhokwa thata mo botshelong di dintsi thata mo e bileng go tlhokegang tlhaloso ya gore di nnile gone jang.”

“Ga se fela gore motho o tshwanela lobopo. Lobopo lo tshwanela motho. Akanya gore lobopo lo ne lo ka nna jang fa mongwe wa melao e e botlhokwatlhokwa ya fisikisi o ne o ka fetolwa ka tsela nngwe ka diperesente di sekae? Motho o ne a ka se ka a kgona go tshela mo lobopong lo lo ntseng jalo. Seo ke selo se se botlhokwa thata mo go nneng gone ga batho. Go ya ka seno, gore botshelo bo bo bo le gone, go ikaegile ka tsela e lefatshe le berekang ka yone le e le dirilweng ka yone.”—The Anthropic Cosmological Principle, ka John Barrow le Frank Tipler, tsebe vii.

Modimo, go Tlhama, le Melao E e Sa Fetogeng ya Fisikisi

Ke melao efe e e sa fetogeng ya fisikisi e e leng botlhokwa thata gore botshelo bo nne gone mo lobopong? Pego nngwe ya The Orange County Register ya January 8, 1995, e ne ya tlhagisa lenaane la melao eno e e sa fetogeng e sekae. E ne ya gatelela kafa dilo tseno di tshwanetseng tsa bo di tsamaisana thata ka teng, ka go re: “Selekanyo sa bontsi jwa dilo tsa motheo tsa melao e e sa fetogeng ya tlholego tse di tlhalosang lobopo—ka sekai, go fetofetoga ga ileketerone, kana lobelo lo lo tlhomameng lwa lesedi kana selekanyo sa nonofo ya maatla a a botlhokwa a tlholego—se tlhomame ka tsela e e gakgamatsang thata, dingwe e le ka palo e e latelwang ke dipalo tse 120 morago ga khoma. Gore lobopo lo lo nang le dilo tse di tshelang lo tswelele pele, dilo tseno di tshwanetse tsa bo di le ka selekanyo se di batlegang ka sone fela. Fa di ka farologana go sekae fela—sephatlonyana sa motsotswana fale le fale, sephatlonyana sa milimetara fale le fale—lobopo lo ka bo lo sule e bile lo sa tlhagise sepe se sesha.”

Morago ga foo, mokwadi wa pego eno o ne a umaka selo sengwe se se sekeng se umakiwa: “Go bonala fa e le selo se se utlwalang go dumela gore masaitseweng mangwe a ne a tsenelela mo tiragalong eno, gongwe e le mongwe yo o botlhaletlhale yo o neng a dirisa maatla a gagwe ka maikaelelo gore dilo tse di mo lobopong di tsamaisane sentle fa a ne a baakanyetsa gore re nne gone.”

George Greenstein yo e leng porofesa wa thutadinaledi le thutalobopo le ene o ne a kwala lenaane le leleele la melao eno e e sa fetogeng la dilo tsa tlholego mo bukeng ya gagwe ya The Symbiotic Universe. Gareng ga tse di thathamisitsweng e ne e le melao e e sa fetogeng e e tlhomameng thata mo e leng gore fa e ka fetoga go sekaenyana fela, go ne go se kitla go nna le atomo epe, naledi le lobopo. Tshedimosetso e e feletseng ya tsela e dilo tseno di amanang ka yone e thathamisitswe mo bokosong e e mono. Gore botshelo bo nne gone, di tshwanetse go nna teng. Di raraane thata mme gongwe di ka nna tsa se ka tsa tlhaloganngwa ke babadi botlhe, lefa go ntse jalo, tsone le tse dingwe, di tsewa di le botlhokwa thata ke baithutafisikisi ya thutadinaledi ba ba ithutetseng seo.

E ne ya re fa lenaane la dilo tseno le ntse le oketsega, Greenstein o ne a tsena mo tlalelong. O ne a re: “Dilo tseno tse di tshoganeng fela di le gone di dintsi thata! Fa ke ntse ke bala go ya pele, ke simolola go tlhatswega pelo gore ‘dilo tseno tse di tshoganeng fela di le gone’ tota di ka se bo di itiragaletse fela ka tshoganetso. Mme fa go tlhatswega pelo gono go ntse go oketsega jaana, go na le selo sengwe se le sone se neng sa oketsega. Tota le gone jaanong ga ke kgone go tlhalosa ‘sengwe’ seno ka mafoko. E ne e le phetogo e kgolo thata, mme ka dinako tse dingwe selo seo e ne e kete ke selo sa mmatota. Ke ne ke nnela go tsenwa ke tsebetsebe.  . . . A e ka se bo e le gore kgabagare re iphitlhetse fela re thulane le bosupi jwa saense jwa gore go na le Mongwe yo Mogolo re sa ikaelela? A ke Modimo yo o neng a tsenelela mme ka jalo a bopa lobopo lono ka manontlhotlho gore mo isagweng le re solegele molemo?”

Ka ntlha ya go tenwa le go tshosiwa ke tsela eo e a neng a akanya ka yone, ka bonako fela Greenstein o ne a boela gape kwa thutabodumeding ya gagwe ya saense a bo a re: “Modimo ga se ene tharabololo.” Lebaka leo ga le utlwale—ke fela gore o ne a tenwa ke kakanyo eo, a sa batle go e dumela gotlhelele!

Selo sa Tlholego se Motho a se Tlhokang

Tota ga se gore re batla go nyatsa tiro e kgolo e borasaense ba ba tlhoafetseng ba e dirileng go akaretsa le baithutalobopo. Basupi ba ga Jehofa segolobogolo ba anaanela dilo di le dintsi tse ba di ribolotseng malebana le popo tse di senolang maatla le botlhale le lorato tsa Modimo wa boammaaruri, Jehofa. Baroma 1:20 e bolela jaana: “Dilo tse di sa bonaleng tsa one, e bong nonofo ya one e e sa khutleng, le bomodimo jwa one, di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dirilweng; jalo batho bao ba bo ba se na seipato.”

Dipatlisiso le tiro ya borasaense ke tsela ya tlholego e motho a tsibogelang selo sa botlhokwa thata se batho ba se tlhokang ka yone fela jaaka dijo, bonno le diaparo. O tlhoka go itse dikarabo tsa dipotso dingwe tse di malebana le isagwe le lebaka la go bo botshelo bo le gone. Modimo “o dirile dipelo tsa batho di eletsa bosaenkae; lefa go ntse jalo, ba ka se kgone go tlhaloganya ka botlalo dilo tse Modimo a di dirileng go tloga kwa tshimologong go fitlha kwa bokhutlong.”—Moreri 3:11, The Holy Bible—New International Version.

Seo ga se selo se se bosula. Go kaya gore batho ba ka se kgone go itse gotlhe, mme legale ga ba ne ba felelwa ke dilo tse disha tse ba ka di ithutang: “Ka leba tiro yotlhe ya Modimo, ka re, motho ga a kake a lemoga tiro e e dirwang tlase ga letsatsi; gonne le fa motho a inaya letsapa jang go e lemoga, le fa go ntse jalo ga a ketla a e lemoga; ee, le gone le fa motho yo o botlhale a gopola go e itse, le fa go ntse jalo, ga a ketla a nonofa go e lemoga.”—Moreri 8:17.

Borasaense bangwe ba bolela gore kakanyo ya gore go dumela mo Modimong ke gone go go ka “rarabololang” kgang, e bolaya keletso ya motho ya go dira dipatlisiso go ya pele. Lefa go ntse jalo, motho yo o dumelang gore Modimo ke Mmopi wa legodimo le lefatshe o na le tshedimosetso e ntsi thata e e kgatlhang e a ka e ribololang le masaitsiweng a mantsi a a ka a bipololang. Go nna jaaka e kete o newa tetla ya go tswelela pele a itumelela go ribolola le go ithuta dilo tse disha!

Ke mang yo o ka ganang taletso ya Isaia 40:26? “Kalelang matlho a lona godimo, lo bone.” Re ile ra kalela matlho a rona kwa godimodimo kwa mo ditsebeng tseno di sekae, mme re ile ra kgona go lemoga ‘sengwe se se tlhaelang’ se baithutalobopo ba ileng ba se ka ba kgona go se lemoga. Gape re ile ra kgona go lemoga dikarabo tse di botlhokwatlhokwa tsa dipotso tse di ileng tsa tshwenya batho ba le bantsi go ralala dingwaga.

Dikarabo di Bonwa mo Bukeng

Dikarabo tseno ga di bolo go nna gone, lefa go ntse jalo, fela jaaka batho ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu, bontsi jwa batho bo ile jwa iphoufatsa matlho, jwa ikaba ditsebe le go kgwaralatsa dipelo tsa bone gore ba se ka ba bona dikarabo tse di sa dumalaneng le dithuto tsa batho kana mokgwa o ba itlhophetseng go tshela ka one. (Mathaio 13:14, 15) Jehofa o re boleletse kwa lobopo lono lo tswang teng, kafa le nnileng gone ka teng le gore ke bomang ba ba tla nnang mo go lone. O re boleletse gore batho ba ba nnang mo lefatsheng leno ba tshwanetse go le lema le go tlhokomela dimela le diphologolo tse di tshelang le bone mo go lone ka lorato. Gape o re boleletse gore go diregang fa motho a swa, gore ba tla bowa ba tshela gape le se ba tshwanetseng go se dira gore ba tshelele ruri mo lefatsheng.

Fa e le gore o ka rata go utlwa dikarabo tseno go ya kafa Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo e bong Baebele le di tlhalosang ka teng, tsweetswee bala dikwalo tse di latelang: Genesise 1:1, 26-28; 2:15; Diane 12:10; Mathaio 10:29; Isaia 11:6-9; 45:18; Genesise 3:19; Pesalema 146:4; Moreri 9:5; Ditiro 24:15; Johane 5:28, 29; 17:3; Pesalema 37:10, 11; Tshenolo 21:3-5.

Ke eng fa o sa bale dikwalo tseno le lelapa la gago kana le baagisani kana le setlhopha sa ditsala tsa gago maitseboa mangwe kwa legaeng la gago? Ruri seo e tla nna motlotlo o o rutang le o o kgatlhang thata!

A o kgatlhiwa thata ke masaitsiweng a lobopo le bontlentle jwa lone? Ke eng fa o sa dire gore o itse Ene yo o lo bopileng botoka? Magodimo a a sa ikutlweng ga a na sepe le tsela e re ratang go itse thata ka one le e re a gakgamalelang ka yone, mme Jehofa Modimo yo o a bopileng le yo e leng Mmopi wa rona, ene o amega ka batho ba ba boikokobetso ba ba kgatlhegelang go itse ka ene le ka popo ya gagwe. Gone jaanong batho ba lalediwa jaana lefatshe ka bophara: “‘Tlaa!’ Le yo o utlwang, a a ka a re: ‘Tlaa!’ Le yo o nyorilweng a a tle; yo o ratang a a tseye metsi a botshelo, a a tseye fela a se na theko.”—Tshenolo 22:17.

A bo eno e le taletso e e amang pelo jang ne go tswa kwa go Jehofa! Lobopo ga lwa nna gone ka ntlha ya tiragalo nngwe e e senang tlhaloganyo e e neng ya thunya, lo nnile gone ka go bopiwa ke Modimo yo o nang le botlhale jo bo senang selekanyo le yo o neng a na le maikaelelo yo o neng a akantse ka wena go tloga fela kwa tshimologong. O dirisa maatla a gagwe a a senang selekanyo ka metlha le ka kelotlhoko go thusa batlhanka ba gagwe. (Isaia 40:28-31) Matswela a o tla a bonang ka ntlha ya go mo itse a tla nna magolo thata fela jaaka lobopo lono lo lo boitshegang!

“Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; phuthologo le yone e supa tiro ya diatla tsa one.”—Pesalema 19:1.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Lenaane La Mengwe Ya Melao Ya Tlholego E E Sa Fetogeng E E Dirang Gore Botshelo Bo Nne Gone

Dipopego tsa ileketerone le porotone di tshwanetse tsa lekana mme di sa tshwane; nyuterone e tshwanetse go fekeetsa porotone ka diperesentenyana di sekae; themperetšha ya letsatsi le tsela e tlelorofole e monyiwang ka yone di tshwanetse go tsamaelana pele ga fotosentesese e direga; fa maatla a magolo a ne a ka nna bokoa go sekae, letsatsi le ne le se kitla le kgona go tlhagisa motlakase ka tsela ya go fetoga ga dilo tsa nuklea, mme fa a ne a ka nna magolo thata, ditukise tse di tlhokegang gore le tlhagise motlakase di ne di tla biloga thata ka tsela e e sa laolegeng; fa dimolekule tsa dinyutlelase tse di fa gare ga bogare jwa dinaledi tse dikgolo tse dikhibidu di ka bo di sa farologane, go ne go se kitla go nna le elemente epe e e fetang heliamo; fa lefaufau le ka bo le na le dintlhana tse di kwa tlase ga tse tharo, go ne go se kitla go kgonega gore kelelo ya madi le thulaganyo ya methapo e tsamaisane; mme fa lefaufau le ka bo le na le dintlhana tse di fetang tse tharo, dipolanete di ne di se kitla di kgona go dikologa letsatsi ka tsela e e tlhomameng.—The Symbiotic Universe, ditsebe 256-7.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

A Go Na Le Yo O Boneng Bokete Jwa Me Jo Bo Latlhegileng?

Losagaripa la Andromeda fela jaaka masagaripa otlhe a a kgolokwe, lo dikologa mo loaping ka tsela e e kgatlhang jaaka e kete ke kgwanyape e e boitshegang. Baithutadinaledi ba kgona go bala lebelo le masagaripa a dikologang ka lone go tswa mo maranyeng a lesedi mme fa ba dira jalo, ba ribolola sengwe se se gakgamatsang thata. Lebelo le a dikologang ka lone go bonala go le thata go le dumela! Go bonala fa masagaripa otlhe a a kgolokwe a dikologa ka lebelo le legolo thata. A dira jaaka e kete dinaledi tse di bonalang tsa lesagaripa di patagantswe le lesedinyana le le kgolokwe la selonyana se se lefifi se o kgonang go se bona fela ka thelesekoupo. James Kaler wa moithutadinaledi o dumalana ka go re: “Ga re itse gore selonyana seo se se lefifi se bopegile jang.” Baithutalobopo ba fopholetsa gore se bakilwe ke diperesente di le 90 tsa bokete jo bo sa bonweng. Ba shwegashwega dipelo gore ba e bone e le mo popegong ya di-neutrino kana sengwe fela se se sa itsiweng mme e le selo se segolo thata.

Fa o ka bona bokete joo jo bo nyeletseng, itsise baithutalobopo ba gaeno ka bonakonako!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela