LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g21 no. 3 ts. 4-5
  • Lobopo lo re Ruta Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lobopo lo re Ruta Eng?
  • Tsogang!—2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lobopo Lwa Rona lo lo Gakgamatsang—A lo Itlhagetse Fela?
    Tsogang!—2000
  • Lobopo lo Tletse ka Dilo Tse di Gakgamatsang
    Tsogang!—2009
  • Itumelele Lefatshe la Rona le Lentle
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • ‘Sengwe se a Tlhaela’—Ke Eng?
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2021
g21 no. 3 ts. 4-5
Batho ba mo godimo ga thaba ba lebile dinaledi. Yo mongwe o dirisa telescope.

Lobopo lo re Ruta Eng?

Lobopo lo sa ntse lo gakgamatsa baithutadinaledi. Mme ba tswelela ka go dira didirisiwa tse di ba thusang go ithuta ka lobopo. Ba ithutile eng?

Lobopo lo rulagane. Setlhogo sengwe se se tlhagang mo makasineng wa Astronomy se a re: “Masagaripa a dinaledi ga a tlalatlala mo loaping mme a rulagantswe jaaka bobi.” Go tla jang? Baitsesaense ba dumela gore go ka tswa go na le sengwe se re sa kgoneng go se bona se se tshwanang le foreimi e e dirang gore dinaledi le masagaripa a kgone go nna a rulagane.

A ke sengwe se se itiragaletseng fela? Go tlile jang gore lobopo lo rulagane jaana? Allan Sandage e ne e le mongwe wa baithutadinaledi ba ba neng ba atlegile thata mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng gape o ne a dumela mo Modimong.

O ile a re: “Ga ke dumele gore tsela e dilo di rulaganeng ka yone e itiragaletse fela. Go na le sengwe se se rulagantseng dilo tseno.”

Lobopo lo rulagantswe sentle gore go nne le botshelo. Akanya ka mogote o o tswang mo letsatsing. O tswa ka selekanyo se se rileng. Fa maatla a a dirang gore letsatsi le ntshe mogote a ka bo a le bokoa, letsatsi le ka bo le seyo. Mme fa maatla ao a ka bo a le maatla thata, letsatsi le ka bo le shele.

Go na le maatla kgotsa melao e mentsi mo lobopong e e dirang gore go nne le botshelo. Anil Ananthaswamy yo o kwalang ka dilo tsa saense a re fa maatla mangwe kgotsa molao mongwe o ne o ka fetolwa, “seo se ka bo se dirile gore go se ka ga nna le dinaledi, masagaripa a tsone le dipolanete. Botshelo le jone bo ka bo bo seyo.”

Lobopo lo dira gore batho ba kgone go tshela. Lefatshe le na le lefaufau le le lekaneng, metsi a a lekaneng le ngwedi o o lekaneng go le thusa gore le nne fa le leng teng. Makasine mongwe wa National Geographic o a re baitsesaense ba lemogile gore dilo tse di mo lefatsheng ke tsone tse di dirang gore polanate ya rona e nne yone fela e batho ba ka kgonang go tshela mo go yone.a

Mokwadi mongwe o ne a re: “Lefatshe le kgakala le dinaledi tse dingwe mo losagaripeng lwa rona.” Mme seo ke sone se se dirang gore go nne le botshelo mo lefatsheng. Fa lefatshe le ka bo le le gaufi le dinaledi tse dingwe kgotsa le le fa gare ga tsone marang a tsone a ne a ka dira gore botshelo bo nne thata mo lefatsheng. Baitsesaense ba re lefatshe le mo losagaripeng lo lo siametseng botshelo.

Moitsesaense mongwe yo o bidiwang Paul Davies a re: “Ga ke dumele gore botshelo mo lobopong bo itiragaletse fela. Ga se kotsi fela e e diragetseng mo loaping. . . . Go na le lebaka la go bo re le fano.” Davies ga a rute gore Modimo ke ene yo o dirileng lobopo le gore o bopile batho. O akanya eng? Lobopo le lefatshe di dirilwe ka tsela e e dirang gore go nne le botshelo mo lefatsheng. A tsela e di rulaganeng ka yone ga e bontshe gore go na le mongwe yo o di rulagantseng?

a Maikaelelo a setlhogo seno e ne e se go tlhalosa gore Modimo ke ene yo o bopileng batho le lefatshe. Mme e ne e le go tlhalosa gore lefatshe ke lone fela le le siametseng gore batho ba nne mo go lone.

Akanya ka seno:

Babegadikgang ba re bolelela gore maemo a bosa a tlile go nna jang le gore letsatsi le tlile go tlhaba le go phirima leng, le gore ngwedi e tla bo e le fa kae ka nako mang. Fa e le gore batho ba kgona go dira jalo, go raya gore go na le mongwe yo o tlhometseng dinaledi tsotlhe melao.

Monna o dirisa founo ya gagwe go bona gore letsatsi le a go phirima nako mang.
    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela