LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 2/15 ts. 3
  • Itumelele Lefatshe la Rona le Lentle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itumelele Lefatshe la Rona le Lentle
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thulaganyo ya Rona e e Tlhomologileng ya Masedi a Tlholego—Kafa go Diregileng ka Gone Gore e Nne Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Maatla a go Bopa—“Modiri wa Legodimo le Lefatshe”
    Atamalana le Jehofa
  • “Aterese” e e Tshwanelang ya Lefatshe
    Tsogang!—2009
  • Lobopo lo re Ruta Eng?
    Tsogang!—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 2/15 ts. 3

Itumelele Lefatshe la Rona le Lentle

BAITHUTADINALEDI ba lemogile gore legae la batho ke tlhakanyana fela fa le bapisiwa le lobopo lotlhe. Ga go na gope go sele mo lobopong kwa go nang le botshelo teng. Ke mo polaneteng e e leng Lefatshe fela mo go nang le maemo a a siametseng botshelo.

Gape, re ka itumelela botshelo mo kgolokweng eno e ntle. Go monate tota go thuthafadiwa ke letsatsi fa go le tsididi! Ke mang wa rona yo o ka reng ga a kgatlhiwe ke tlhabo e ntle ya letsatsi kgotsa phirimo ya lone? Tota e bile, letsatsi la rona ga le itumedise ditemosi tsa rona fela. Le botlhokwa tota gore re kgone go tswelela re tshela.

Ka dingwaga di le dintsintsi, maatlakgogedi a letsatsi a ntse a tshwere lefatshe le dipolanete tse dingwe mo medikong e e sa reketleng. Mme jaaka bana ba sekolo ba rutwa, thulaganyo yotlhe ya masedi a tlholego e tsamaya mo modikong go ralala bogare jwa losagaripa lwa Molala wa Tladi. Mme mo losagaripeng lwa rona letsatsi ke nngwe ya dinaledi di feta dibilione di le 100 tse di dikologang bogare jwa losagaripa lwa Molala wa Tladi.

Losagaripa lwa Molala wa Tladi lo tshwerwe ke maatlakgogedi mo setlhopheng sa masagaripa a ka nna 35. Ditlhopha tse dikgolo di na le masagaripa a ka nna diketekete. Thulaganyo ya rona ya masedi a tlholego e ka bo e sa tlhomama sentle jaana fa e ka bo e le mo setlhopheng se segolo se se kitlaneng sa masagaripa. Mme kafa go ntseng ka teng, ke dikarolo di le mmalwa tsa lobopo “tse di tshwanelang gore mo go tsone go ka nna le botshelo jo bo raraaneng jaaka jwa rona,” go ya ka Guillermo Gonzalez le Jay W. Richards mo bukeng ya bone ya The Privileged Planet.

A go nna teng ga botshelo mo polaneteng eno go itiragaletse fela? A ke matswela a “go thunya mo gogolo” mo go tweng go kile ga direga? Kana a botshelo bo na le bokao jo bogolo thata mo polaneteng eno e ntle e e bidiwang Lefatshe?

Batho ba bantsi ba dirile tshwetso ya gore legae la rona la mo lefatsheng le ne le diretswe gore go nne le botshelo mo go lone.a Mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng, mmoki mongwe wa Mohebera o ne a boka lefatshe le magodimo. O ne a re: “Fa ke bona magodimo a gago, ditiro tsa menwana ya gago, ngwedi le dinaledi tse o di baakantseng, motho yo o nang le go swa ke eng?” (Pesalema 8:3, 4) Mmoki yono o ne a dumela gore go tshwanetse ga bo go na le Mmopi. A go a utlwala go dira tshwetso e e ntseng jalo mo motlheng wa rona wa saense?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Buka ya Dipesalema, segolobogolo Pesalema 8.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 3]

The Illustrated Science Encyclopedia—Amazing Planet Earth ya re: “Fa motho a le kgakala, Lefatshe le phatsima jaaka dibenyane tse di pududu mo lefifing la lefaufau.”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Globe: U.S. Fish & Wildlife Service, Washington, D.C./NASA

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela