LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/09 ts. 4-5
  • “Aterese” e e Tshwanelang ya Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Aterese” e e Tshwanelang ya Lefatshe
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Seterata” se se Tshwanelang Sentle
  • Moagelani yo o Tshwanelang Sentle
  • Go Sekama le go Dikologa ga Lefatshe ka Tsela e e Tshwanelang Sentle
  • Polanete e e Tshelang
    Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?
  • Thulaganyo ya Rona e e Tlhomologileng ya Masedi a Tlholego—Kafa go Diregileng ka Gone Gore e Nne Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Itumelele Lefatshe la Rona le Lentle
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Lefatshe—A le ‘Theilwe’ Fela ka Tshoganyetso?
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 2/09 ts. 4-5

“Aterese” e e Tshwanelang ya Lefatshe

GANTSI diaterese tsa rona di akaretsa naga ya rona, toropo le seterata. Fa re tshwantsha, re ka re losagaripa lwa Molala wa Tladi ke “naga” ya lefatshe, thulaganyo ya masedi a tlholego —e leng letsatsi le dipolanete tsa lone ke “toropo” ya lefatshe mme modikologo wa lone o o mo teng ga thulaganyo ya masedi a tlholego ke “seterata” sa lefatshe. Ka ntlha ya kgatelopele mo thutong ya dinaledi le mo fisikising, baitsesaense ba kgonne go nna le kitso e e boteng malebana le dilo tse di ka re solegelang molemo mo lefelong la rona le e leng karolo e nnye thata mo lobopong.

Sa ntlha, “toropo” ya rona e leng thulaganyo ya rona ya masedi a tlholego e mo karolong ya losagaripa lwa Molala wa Tladi e baitsesaense ba le bantsi ba reng ke galactic habitable zone. Lefelo leno le bokgakala jwa sekgala se lesedi le ka se tsamayang dingwaga di le 28 000 go tswa kwa letsatsing go tswa mo bogareng jwa thulaganyo ya masedi a tlholego mme le na le selekanyo se se tshwanelang sa dielemente tsa dikhemikale tse di tlhokegang go tshegetsa botshelo. Kgakalanyana le thulaganyo eno ya masedi, dielemente tseo di tlhaela thata; gaufi thata le yone go kotsi thata ka gonne go na le marang a mantsi a a kotsi le dilo dingwe tse di ka nnang kotsi. Makasine wa Scientific American wa re: “Re nna mo lefelong le le molemo go gaisa otlhe.”

“Seterata” se se Tshwanelang Sentle

“Seterata” sa lefatshe kgotsa modikologo wa lone o o mo teng ga thulaganyo ya masedi a tlholego e leng “toropo” ya lefatshe, le sone se tshwanela sentle fela jalo. Modikologo ono o o sekgala sa dikilometara tse di ka nnang dimilione di le 150 go tswa kwa letsatsing, o mo teng ga se baitsesaense ba reng ke circumstellar habitable zone, e e leng lefelo le mo go lone go seng tsididi thata mo e leng gore ditshedi di ka gatsela e bile le se mogote thata mo e leng gore ditshedi ka gadikega gone. Mo godimo ga moo, tsela e lefatshe le tsamayang mo go yone e batla e nna sediko, mo go dirang gore re bo re batla re le sekgala se se tshwanang go tswa kwa letsatsing ngwaga otlhe.

Mme letsatsi lone ke “bobolokelo jwa maatla” jo bo tshwanelang sentle. Le tlhomame, le bogolo jo bo lekaneng mme le ntsha selekanyo sa maatla se se tshwanelang sentle. Go a tshwanela go bo le bidiwa “naledi e e kgethegileng thata.”

Moagelani yo o Tshwanelang Sentle

Fa o ne o ka tshwanelwa ke go tlhophela lefatshe “moagelani” o ne o se kitla o tlhopha yo o botoka go gaisa ngwedi. Bophara jwa yone bo feta kwatara ya lefatshe go sekae. Ka jalo, fa le bapisiwa le dingwedi tse dingwe tse di leng mo thulaganyong ya rona ya masedi a tlholego, ngwedi wa rona o mogolo fa o bapisiwa le polanete e o leng mo go yone. Le fa go ntse jalo, seno ga se a diragala fela.

Boammaaruri ke gore, ngwedi ke one segolobogolo o dirang gore metsi a lewatle a tlhatloge, e leng selo se se botlhokwa mo tirisanong ya ditshedi le tikologo ya tsone mo polaneteng. Ngwedi gape o thusa gore tsela e ase ya lefatshe e dikologang mo go yone e se ka ya fetoga. Fa e ne e se ka ngwedi wa rona o o tshwanelang sentle, polanete ya rona e ka bo e reketla jaaka topo e e dikologang, gongwe e bile e bo e menogela mo letlhakoreng la yone! Mme ka ntlha ya seno, diphetogo tsa tlelaemete, tsa go tlhatloga ga metsi a lewatle le tse dingwe di ne di tla baka kotsi e kgolo.

Go Sekama le go Dikologa ga Lefatshe ka Tsela e e Tshwanelang Sentle

Go sekama ga lefatshe ka selekanyo sa didikirii di le 23,5 go dira gore go nne le modikologo wa dipaka tsa ngwaga le ngwaga, dithemperetšha tse di lekalekaneng e bile go dira gore go nne le ditlelaemete tse dintsi tse di farologaneng. Buka ya Rare Earth—Why Complex Life Is Uncommon in the Universe ya re: “Go sekama ga polanete ya rona go bonala ‘go tshwanela botshelo sentle thata.’”

Selo se sengwe gape se se tshwanelang sentle ke boleele jwa motshegare le jwa bosigo jo bo bakiwang ke go dikologa ga lefatshe. Fa nako e lefatshe le dikologang ka yone e ka nna telele go sekae, letlhakore la lefatshe le le lebileng kwa letsatsing le ne le tla gotela thata mme le lengwe le nne tsididi thata mo le neng le tla swa dikgapetla. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa malatsi a ne a le makhutshwane, gongwe a le boleele jwa diura di sekae fela, go dikologa ka bonako ga lefatshe go ne go tla baka ditlamorago tse dingwe tse di kotsi le diphefo tse di maatla tse di tsubutlang.

Ee, sengwe le sengwe ka polanete ya rona—go tloga ka “aterese” go ya go lobelo lo e dikologang ka lone go fitlha ka moagelani wa yone e leng ngwedi—di bontsha gore polanete ya rona e dirilwe ke Mmopi yo o akanyang le yo o botlhale.a Moitsefisikisi yo mongwe e bile e le motho yo o dumelang mo kgopolong ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe e bong Paul Davies a re: “Tota le baitsesaense ba e leng balatolamodimo ba tla amiwa thata ke selekanyo, bogolo, kutlwano, matsetseleko le botswerere jwa lobopo.”

A botswerere jo bo ntseng jalo bo ka itiragalela fela kgotsa a bo bontsha gore ke sengwe se se dirilweng ka maikaelelo? Akanya ka potso eo fa o ntse o bala setlhogo se se latelang se se khutshwane, se se tlotlang ka disireletsi tse pedi tse di gakgamatsang tse di sireletsang botshelo mo lefatsheng kgatlhanong le dikotsi tse di tswang kwa lefaufaung.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Sengwe se se botlhokwa thata se se dirang gore lobopo lotlhe lo tswelele lo le teng ke maatla a manè a magolo a tlholego a a laolang dilo: maatlakgogedi, maatla a a gogelang a motlakase, maatla a a nonofileng le a a bokoa a nuklea. Maatla a go buiwang ka one fa godimo a dirilwe sentle ka tsela e e gakgamatsang.—Bona kgaolo 2 ya buka ya Is There a Creator Who Cares About You? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

A O TSAMAYA KA LOBELO LO LO FETANG LWA LERUMO LA TLHOBOLO?

Ka nako ya fa o fetsa go bala lebokoso leno, o tla bo o setse o tsamaile dikilometara di le diketekete—o tsamaya ka thelelo! Akanya ka se se latelang.

Lefatshe le bophara jwa dikilometara di le 40 000 mme le dikologa gangwe ka diura dingwe le dingwe di le 24. Ka jalo, motho yo o emeng mo ekhweitheng kgotsa yo o gaufi le yone o tsamaya ka lobelo lwa dikilometara di le 1 600 ka ura. (Mme gone, dikarolo tsa lefatshe tse di tsididitsididi di dikologa gone fela mo di leng gone di sa sute.)

Lefatshe ka bolone le dikologa letsatsi ka dikilometara di le 30 ka motsotswana, fa thulaganyo yotlhe ya masedi a tlholego e dikologa fa gare ga losagaripa lwa Molala wa Tladi ka lobelo lwa dikilometara di le 249 ka motsotswana. Fa go bapisiwa le lobelo lwa marumo a ditlhobolo, one a tsamaya ka lobelo lo lo fetang kilometara go se kae ka motsotswana.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

Milky Way: NASA/JPL/Caltech

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]

Earth: Based on NASA/Visible Earth imagery

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela