LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 2/8 ts. 14-15
  • Se O ka Se Dirang fa o Kgopisa ba Bangwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se O ka Se Dirang fa o Kgopisa ba Bangwe
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Fa o Isa Neo ya Gago fa Sebesong”
  • “Tlogela Neo ya Gago . . , o Ye”
  • Se O ka Se Dirang fa o Kgopisa ba Bangwe
  • O ka Agisanya Jang Pele le Mokaulengwe wa Gago?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • O Rarabolola Jang Dikgotlhang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • O ka Rarabolola Jang Dikgotlhang ka Lorato?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Dira Gore Mafoko a ga Jesu a Tlhotlheletse Tsela e o Dirang Dilo ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 2/8 ts. 14-15

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Se O ka Se Dirang fa o Kgopisa ba Bangwe

GO NA le sengwe se se sa siamang. O kgona go se bona. Mokaulengwe wa gago wa Mokeresete o a go tila. Ga a ise a bue gore ke eng se se mo tshwenyang, mme o go dumedisa sewelo fela—le gone o dumedisa fela fa wena o mo dumedisa pele! A o tshwanetse gore o mo latele o mmotse gore molato ke eng?

‘Ke mathata a gagwe,’ o ka nna wa akanya jalo. ‘Fa e le gore ke mo dirile sengwe, o tshwanetse gore a tle go bua le nna ka gone.’ Gone ee, Baebele e kgothaletsa motho yo o kgopisitsweng gore e nne ene a simololang go letlana le mokaulengwe wa gagwe. (Bapisa Mathaio 18:15-17.) Mme go tweng ka motho yo o kgopisitseng yo mongwe? Fa e le gore o na le sengwe se a tshwanetseng go se dira, ke eng?

Mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng, Jesu o ne a bolela jaana: “Ke gone, fa o isa neo ya gago o le fa sebesong, mme e re o le foo o bo o gakologelwa fa wa gaeno a na le sengwe nao, tlogela neo ya gago teng fa pele ga sebeso, o ye o letlane le wa gaeno pele, foo o itse go tla o isa neo ya gago.” (Mathaio 5:23, 24) Ela tlhoko gore Jesu o ne a lebisitse mafoko a gagwe fano mo mothong yo o kgopisitseng yo mongwe. O tshwanetse go dirang gore a rarabolole kgang? Go araba potso eo, a re sekasekeng gore mafoko a ga Jesu a ne a kaya eng mo bareetsing ba gagwe ba Bajuta ba lekgolo la ntlha la dingwaga.

“Fa o Isa Neo ya Gago fa Sebesong”

Jesu fano o tlhalosa kgang ka tsela e e phepafetseng: Moobamedi mongwe wa Mojuta o tlile Jerusalema go nna teng mo moletlong mongwe wa ngwaga le ngwaga. O na le neo—e e ka tswang e le phologolo—eo a tlileng go e ntshetsa Jehofa setlhabelo.a Go ntsha setlhabelo e ne e se ngwaokobamelo fela e e senang mosola. Buka ya Judaism—Practice and Belief e tlhalosa jaana: “Go tlhaola mafura, diphologolo tse di senang selabe, o bona jaaka di tlhatlhobiwa ke batho ba ba nang le bokgoni jwa go dira jalo, go tsamaya ka tsone go fitlha diyate [dimetara] di sekae go tswa fa pele ga sebeso se go gotsitsweng mo go sone, go di ntsha, go di baya matsogo mo tlhogong, go ipolela boitshekologo kana molato, kana go ntsha phologolo setlhabelo, go e kgaola molala, kana le e leng go e tshwara fela—dilo tseno tsotlhe di ne di supa kafa nako eo e neng e le botlhokwa ka teng le kafa e boifisang ka gone. . . . Go ne go sena motho ope yo a neng a dumela gore Modimo o laetse gore tiro eno yotlhe e dirwe . . . yo o neng a se ka a tseega maikutlo.”

Ka jalo mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:23, 24 a ne a dira gore bareetsi ba gagwe ba akanye ka nako e e neng e le botlhokwa thata e bile e boifisa mo moobameding wa Mojuta. Mokanoki mongwe wa Baebele o tlhalosa seemo seno jaana: “Moobamedi o setse a tsene mo Tempeleng; o fetile mo dikgotleng tsa yone di le mmalwa, Kgotla ya Baditšhaba, Kgotla ya Basadi, Kgotla ya Banna. Kwa pele ga tsone e ne e le Kgotla ya Baperesiti eo batho fela ba neng ba sa letlelelwa go tsena mo go yone. Moobamedi o eme mo logoreng, o tla tloga a neela moperesiti setlhabelo sa gagwe; diatla tsa gagwe di mo godimo ga [tlhogo ya phologolo] gore a ipolele.”

Ka nako e e botlhokwa eno, moobamedi yono o gakologelwa gore mokaulengwe wa gagwe o na le sengwe kgatlhanong le ene. E ka nna ya bo e le segakolodi sa gagwe se se mmolelelang jalo kana o ka nna a bo a bone gore mokaulengwe wa gagwe o kgopisitswe ka ntlha ya tsela e a mo tshwarang ka yone. O tshwanetse go dira eng?

“Tlogela Neo ya Gago . . , o Ye”

esu o tlhalosa ka gore “tlogela neo ya gago teng fa pele ga sebeso, o ye.” Ka ntlha yang? Ke eng se se leng botlhokwa ka nako eo go gaisa go isetsa Jehofa setlhabelo? “O letlane le wa gaeno pele,” Jesu o tswelela pele a tlhalosa jalo, “foo o itse go tla go isa neo ya gago.” Ka jalo moobamedi yono o tlogela setlhabelo sa gagwe se tshela fa pele ga sebeso sa ditlhabelo tse di fisiwang ka molelo mme o tsamaya a ya go batla mokaulengwe wa gagwe yo o kgopisitsweng.

Kwantle ga pelaelo, e re ka e ne e le moletlo, mokaulengwe yo o kgopisitsweng o tshwanetse a bo a le fa gare ga baeti ba sedumedi ba ba thologetseng Jerusalema. Jerusalema ka boyone ka mebila le matlo a a kgotlaganeng, e na le baagi ba bantsi. Mme lefa go ntse jalo, go na le moletlo mme motse o tletse ka baeti.b

Lefa gone batho ba ba tswang kwa motseng o le mongwe ba ne ba tsamaya botlhe le go thibelela mo lefelong le le lengwe, go bona mongwe mo motseng o o tletseng ka batho e ne e ka nna matsapa tota. Ka sekai, ka nako ya Moletlo wa Diobo, baeng ba ne ba tlhoma diobo gongwe le gongwe mo motseng le mo ditseleng le mo ditshingwaneng tse di dikologileng Jerusalema. (Lefitiko 23:34, 42, 43) Lefa go ntse jalo, moobamedi wa Mojuta o tshwanetse gore a batle mokaulengwe wa gagwe yo o kgopisitsweng go fitlhela a mmona. O tla dirang morago ga foo?

Jesu a re, “o letlane le wa gaeno.” Polelwana ya Segerika e e ranotsweng ka gore “o letlane” e tswa mo lediring (di·al·lasʹso) le le rayang “‘go dira phetogo, go ananya,’ le ‘go letlana.’” Fa moobamedi yono wa Mojuta a sena go dira matsapa a a kalo go bona mokaulengwe wa gagwe yo o kgopisitsweng, o senka go letlana le ene. Morago ga foo, Jesu a re a ka nna a boela kwa tempeleng mme a ntshe neo ya gagwe ka gonne Modimo o tla e amogela jaanong.

Ka jalo, mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:23, 24 a re ruta thuto e e botlhokwa thata: Go letlanya, kana go dira kagiso, go tla pele ga setlhabelo. Tsela e re tshwarang baobamedikarona ka yone e amana ka tlhamalalo le kamano ya rona le Modimo.—1 Johane 4:20.

Se O ka Se Dirang fa o Kgopisa ba Bangwe

Go tweng he, fa wena o iphitlhela o le mo boemong jo bo tlhalositsweng mo tshimologong ya setlhogo seno—o lemoga gore o kgopisitse moobamedikawena? Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Ka go dirisa kgakololo ya ga Jesu, dira gore e nne wena pele yo o yang kwa mokaulengweng wa gago. Ka boikaelelo bofe? A ke go mo tlhomamisetsa gore ga a tlhoke gore a ikutlwe a kgopisegile? Nnyaa le e seng! Bothata e ka tswa e se fela go sa utlwisise. Jesu o ne a re “o letlane” le ene. Fa go kgonega, dira gore boikutlo joo jwa letlhoo bo tloge mo pelong ya gagwe. (Baroma 14:19) Ka jalo, o ka nna wa tshwanela gore o dumele gore mokaulengwe o utlwile botlhoko, o se ka wa ganetsa. Gape o ka nna wa tshwanela gore o mmotse jaana, ‘Nka dirang go baakanya seemo?’ Gantsi o tlhoka go kopa fela maitshwarelo ka boammaaruri. Lefa go ntse jalo, mo maemong a mangwe, motho yo o kgopisitsweng o ka nna a tlhoka nako ya gore a buse maikutlo.

Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore go sa kgathalesege maiteko a mantsintsi a o ntseng o a dira ga o kgone go letlana le ene? Baroma 12:18 ya re: “Fa go ka nna jalo, lo nne kagiso le batho botlhe, ka fa nonofong ya lona.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka jalo o ka nna wa tlhatswega pelo gore fa wena o ile wa dira matsapa a go dira kagiso, Jehofa o tla itumelela go amogela kobamelo ya gago.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Nako e ba neng ba tlwaetse go tlisa ditlhabelo ka yone e ne e le ka nako ya meletlo e meraro e e farologaneng mo ngwageng—wa Tlolaganyo, wa Pentekosete le wa Diobo.—Duteronome 16:16, 17.

b Diphopholetso tsa palo ya baeti ba sedumedi ba ba neng ba thologela kwa Jerusalema wa bogologolo go tla meletlong di a farologana. Rahisitori wa Mojuta wa lekgolo la ntlha la dingwaga Josephus o fopholetsa gore go ne go na le Bajuta ba ba ka nnang dimilione tse tharo ba ba neng ba tlile moletlong wa Tlolaganyo.—The Jewish War, II, 280 (xiv, 3); VI, 425 (ix, 3).

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela