LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 7/15 ts. 21-24
  • O Rarabolola Jang Dikgotlhang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Rarabolola Jang Dikgotlhang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgotlhang Tse Dipotlana
  • Go Rarabolola Dikgotlhang Tse Di Masisi
  • A O Ka Kgona go Itshwarela Motlhofo?
  • O ka Gapa Morwarraago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • O ka Rarabolola Jang Dikgotlhang ka Lorato?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • ‘Tswelelang lo Itshwarelana lo Gololesegile’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Itshwarele go Tswa Pelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 7/15 ts. 21-24

O Rarabolola Jang Dikgotlhang?

O ne o tsamaya botlhaswa—mme tlou e e dirilweng ka letsopa le lesweu e e leng ya boraro mo go tse tlhano tse di tlhomaganeng e ne ya wa go tswa kwa godimo ga setupu sa fa go gotsetswang molelo gone. Tlou eno ya letsopa le lesweu e tshwanetse go baakanngwa. Fa go sa nne jalo, sete ga e ne e lebega sentle. Lefa go ntse jalo, di dirwa ka tsela e e botswerere, mme wena ga o ipone o tshwanelega. O tla tshwanelwa ke gore o kope dikakantsho kana gone go kopa modiri wa tsone yo o setswerere go go baakanyetsa yone.

GO UTLWANA ga bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya go tlhokega thata go gaisa mekgabisa fela e e sa reng sepe. Mopesalema o ne a opela jaana ka tshwanelo: “Bōnañ, go molemō yañ, go monate yañ, ha bana ba monna ba aga mmōgō ka pelo ñwe hèla.” (Pesalema 133:1) Ka dinako tse dingwe go rarabolola kgotlhang le Mokeresete ka wena e ka nna kgang e e masisi. Mo godimo ga moo, ba bangwe ga ba dire seno ka tsela e e tshwanetseng. Gantsi go “baakanya” go nna botlhoko go sa tlhokafale kana ga go dirwe ka botlalo sentle mo e leng gore go sala go na le dilo tse di supang gore kgang ga e a fela sentle.

Bakeresete ba bangwe ba batla go akaretsa bagolwane ba ba tlhomilweng go sa tlhokafale mo dikgannyeng tsa bone tse ba neng ba ka kgona go di itharabololela. Ba ka nna ba dira jalo ka gonne ba sa itse se ba tshwanetseng go se dira. “Bakaulengwe ba rona ba le bantsi ga ba itse gore ba ka dirisa kgakololo ya Bibela jang go rarabolola dikgotlhang tsa bone,” go ne ga akgela jalo mokaulengwe mongwe yo o itseng thata go neela kgakololo ya Bibela. “Gantsinyana,” o ne a oketsa jalo, “ga ba latele tsela ya ga Jesu ya go dira dilo.” Ka jalo, ke eng se tota Jesu a neng a se bolela mabapi le kafa Mokeresete a tshwanetseng go rarabolola dikgotlhang le mokaulengwe wa gagwe ka teng? Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore o tlwaelane sentle le kgakololo eno o bo o ithute kafa o ka e dirisang ka teng?

Dikgotlhang Tse Dipotlana

“Me ke gōna, ha u isa nèō ea gago u le ha sebeshoñ, me u gakologèlwa gōna ha oa ga eno a na le señwe nau, tlogèla nèō ea gago gōna ha pele ga sebesho, me u eè u letlanè le oa ga eno pele, me hoñ u itse go tla u isa nèō ea gago.”—Mathaio 5:23, 24.

Fa Jesu a ne a bolela mafoko ao, Bajuda ba ne ba tlwaetse go ntsha ditlhabelo, kana go isa dineo, kwa sebesong sa tempele kwa Jerusalema. Fa Mojuda mongwe a ne a diretse Moiseraele ka ene phoso, yo o kgopisitseng yo mongwe o ne a ka ntsha tshupelo yotlhe e e fisiwang kana tshupelo ya boleo. Sekai se se neng sa bolelwa ke Jesu se dira mo boemong jo bo masisi thata. Fa motho a le kwa sebesong mme a tla tloga a neela Modimo neo ya gagwe, o gakologelwa gore o kgopisitse morwarraagwe. Ee, Moiseraele o ne a tshwanetse go tlhaloganya gore go letlana le morwarraagwe go ne go tshwanetse go tla pele ga go dira tiro e e ntseng jalo ya bodumedi.

Le mororo ditshupelo tse di ntseng jalo di ne di tlhokega go ya ka Molao wa ga Moshe, tsone ka botsone di ne di se tlhwatlhwakgolo thata mo matlhong a Modimo. Moperofeti Samuele o ne a bolelela Kgosi Saulo yo o neng a sa ikanyege jaana: “A Yehofa o ka itumèlèla dichupèlō tse di hisiwañ le ditlhabèlō, yaka a itumèlèla go [utlwiwa ga, NW] lencwe ya ga Yehofa? Bōna, go utlwa go molemō bogolo go go isa chupèlō, le go reetsa bogolo go mahura a diphelehu.”—1 Samuele 15:22.

Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a boeletsa thulaganyo eno ya dilo tse di tshwanetseng go tla pele mme o bontsha barutwa ba gagwe gore ba tshwanetse go rarabolola dikgotlhang tsa bone pele ba isa ditshupelo tsa bone. Gompieno, go tlhokega gore Bakeresete ba ntshe ditshupelo tsa semoya—“chupèlō ea pakō . . . eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè.” (Bahebera 13:15) Lefa go ntse jalo, molaomotheo oo o santse o dira. Ka mo go tshwanang moaposetoloi Johane o bontsha gore e tla bo e le lefela gore mongwe a ipolele gore o rata Modimo fa a ila mokaulengwe wa gagwe.—1 Yohane 4:20, 21.

Se se kgatlhang ke gore, motho yo o gakologelwang gore o kgopisitse mokaulengwe wa gagwe o tshwanetse go tsaya kgato pele. Ka gone fa a bontsha boikokobetso jalo gongwe o tla atlega. Gongwe, motho yo o kgopisitsweng a ka nna a se ka a gana go dirisana mmogo le mongwe yo o tlang kwa go ene a dumela diphoso tsa gagwe. Molao wa ga Moshe o ne o bontsha gore sengwe le sengwe se se neng se tserwe ka phoso se ne se tshwanetse go busediwa sotlhe mme se ne se tshwanetse sa okediwa ka kgaogano ya botlhano. (Lefitiko 6:5) Ka mo go tshwanang go baakanya dikamano tse di nang le kagiso, tse di nang le kutlwano go tla nna motlhofo fa motho yo o kgopisitseng yo mongwe a bontsha gore eleruri o rata go dira gotlhe mo go tlhokegang, le go feta moo, gore a baakanye tshenyo e a ka tswang a e dirile.

Lefa go ntse jalo, ga se gantsi go leka go busetsa dikamano tse di nang le kagiso go atlega. Buka ya Diane e re gakolola gore go thata go rarabolola dikgotlhang le mongwe yo o palelwang ke go tsaya kgato. Diane 18:19 e bolela jaana: “Ñwana oa rra motho ha a kgopilwe o ba a le thata go heñwa bogolo go motse o o thata: me dikgañ tse di nntseñ yalo di nntse yaka mephakalègō ea kagō e e dithakō di thata.” Thanolo e nngwe e balega jaana: “Morwarramotho fa a kgopisitswe o thata go fenngwa go gaisa motse o o thata: Mme dikgang tsa bone di ntse jaaka mephakalego ya kago e e thata.” (The Englishman’s Bible) Lefa go ntse jalo, gongwe fa re leka ka bopeloephepa le ka boikokobetso kgabagare re tla atlega fa e le gore re dirisana le badumedi ka rona ba ba eletsang go itumedisa Modimo. Mme fa go bolelwa gore ke boleo jo bo masisi, go tlhokafala gore re dirise kgakololo ya ga Jesu e e kwadilweng mo go Mathaio kgaolo 18.

Go Rarabolola Dikgotlhang Tse Di Masisi

“Me ha oa ga eno a gu leohetse, ea u mo kaèlè molato oa gagwè lo le babedi hèla: e tla re ha a gu utlwile u tla bo u gapile oa ga eno. Me ha a gana go utlwa, a go eè moñwe hèla, leha e le ba le babedi nau, gore lehoko leñwe le leñwe le tlhōmamisiwè ka melomo ea bashupi ba le babedi, leha e le ba le bararo. Me ha a gana go utlwa bōnè, ea u bolèlèlè phuthègō: me ha a gana go utlwa le eōna phuthègō, mo go wèna u mo kaeè yaka chaba hèla, le mokgethisi.”—Mathaio 18:15-17.

Go ne go ka dirwa jang fa e le gore Mojuda (kana moragonyana, Mokeresete) o nna le mathata a a masisi le moobamedikaene wa ga Jehofa? Motho yo o akanyang gore o leofetswe o ne a tshwanetse go tsaya kgato pele. O ne a tshwanetse go buisana le yo o mo kgopisitseng mo sephiring. Eleruri go ka kgonega gore a gape morwarraagwe, segolobogolo fa e le gore e ne e le go tlhoka go utlwisisana fela mo go ka nnang ga baakanngwa ka bonako, e seng ka go leka go phutha batho gore ba mo tshegetse mo boemong jono. Sengwe le sengwe se ne se tla tsamaya ka thelelo fa e le gore ba ba amegang mo kgannyeng eo e ne e le bone fela ba ba itseng ka yone.

Lefa go ntse jalo, kgato ya ntlha e ka nna ya se ka ya wetsa kgang. Mo boemong jo bo ntseng jalo, Jesu o ne a bolela jaana: “A go eè moñwe hèla, leha e le ba le babedi.” Bano e ka nna basupi ba ba itseng kwa kgang e simologileng teng. Gongwe ba utlwile mongwe wa batho bano a senya mongwe leina, kana gongwe bao a yang le bone ba ne ba supela tumalano nngwe e e kwadilweng e jaanong batho bano ba babedi ba sa e dumelaneng. Mo letlhakoreng le lengwe, ba a yang le bone ba ka nna basupi fa go setse go ntshiwa mabaka a a bontshang se se bakileng bothata joo, jaaka bosupi jo bo kwadilweng kana jo bo buiwang fela ka molomo. Fano gape, ba tshwanetse go nna potlana ka palo—‘a le mongwe fela kana ba le babedi’—ke bone fela ba ba tshwanetseng go itse ka bothata jono. Seno se tla dira gore dilo di se ka tsa nna maswe le go feta fa e le gore kgang eo e ne e le fela go tlhoka go utlwisisana.

Motho yo o kgopisitsweng o tshwanetse go ikutlwa jang? A o tshwanetse go leka go isa Mokeresete ka ene kwa tlase le go batla gore a mo tlontlolole? Go ya ka kgakololo ya ga Jesu, Bakeresete ga ba a tshwanela go itlhaganelela go kgala bakaulengwe ba bone. Fa modiraphoso a lemoga phoso ya gagwe, a kopa maitshwarelo, a bo a leka go baakanya dilo, yo o leofetsweng o tla bo a ‘gapile wa ga bone.’—Mathaio 18:15.

Fa ba ne ba sa kgone go rarabolola kgang eo, ba ne ba tshwanetse go e isa kwa phuthegong. Kwa tshimologong, go ne go lebisitswe go bagolwane ba Bajuda mme moragonyana, go bagolwane ba phuthego ya Bokeresete. Modiraphoso yo o sa ikotlhayeng o ka nna a tshwanela gore a tlosiwe mo phuthegong. Seo ke sone se bolelwang ke go bo a tsewa “yaka chaba hèla, le mokgethisi,” e leng batho bao Bajuda ba neng ba sa itsalanye le bone. Kgato eno e e masisi e ne e ka se tsewe ke motho ope fela wa Mokeresete a le esi. Bagolwane ba ba tlhomilweng, ba ba emelang phuthego, ke bone fela ba ba neetsweng thata ya go tsaya kgato e e ntseng jalo.—Bapisa 1 Bakorintha 5:13.

Go bo go kgonega gore go ka kgaolwa modiraphoso yo o sa ikotlhayeng go bontsha gore Mathaio 18:15-17 ga e kaye dikgotlhang tse dipotlana. Jesu o ne a bolela ka dikgopi tse di masisi, lefa go le jalo e le tsa mofuta o o ka nnang wa rarabololwa fa gare ga batho ba le babedi fela ba ba amegang. Ka sekai, sekgopi e ka nna sa go pateletsa, se senya leina la motho yo o patelediwang fela thata. Kana e ka nna ya bo e le sa dikgang tsa madi, ka gonne ditemana tse di latelang di bontsha ka setshwantsho sa ga Jesu sa motlhanka yo o senang kutlwelobotlhoko yo o neng a itshwaretswe sekoloto sa gagwe se segolo. (Mathaio 18:23-35) Sekoloto se se sa duelweng mo nakong e e beilweng e ka nna bothata jwa nakwana fela jo bo ka rarabololwang motlhofo fela ke batho ba babedi ba ba amegang. Mme e ka nna boleo jo bo masisi, e leng bogodu, fa motho yo o adimileng madi a gana go a busa ka botlhogoethata gore a duele madi a a a kolotang.

Maleo a mangwe a ka se kgonege gore a rarabololwe fa gare ga Bakeresete ba babedi fela. Tlase ga Molao wa ga Moshe, maleo a a masisi a ne a tshwanetse a begiwa. (Lefitiko 5:1; Diane 29:24) Ka mo go tshwanang, maleo a a masisi a a leswefatsang phuthego a tshwanetse a begelwa bagolwane ba Bakeresete.

Lefa go ntse jalo, bontsi jwa dikgotlhang fa gare ga Bakeresete ga di wele mo mokgweng ono.

A O Ka Kgona go Itshwarela Motlhofo?

Morago fela fa Jesu a sena go tlhalosa kafa dikgotlhang tse di masisi di ka rarabololwang ka teng, o ne a ruta thuto e nngwe e e botlhokwa. Re bala jaana: “Hoñ ga tla Petere, a mo raea, a re, Morèna, kana oa ga echo o ka nteohèla ga kaee, me ke nne ke mo ichwarèle, a ke ga shupa? Yesu a mo raea, a re, Ga ke gu ree gore e nnè ga shupa; me ka re, e nnè ga mashomè a shupa ga shupa.” (Mathaio 18:21, 22) Mo lekgetlong le lengwe Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe go itshwarela ga “shupa ka letsatsi.” (Luke 17:3, 4) Go phepafetse, he, gore balatedi ba ga Keresete ba kgothalediwa gore ba rarabolole dikgotlhang tsa bone ka gore ba itshwarelane.

Eno ke karolo e e tlhokang boiteko jo bogolo. “Bakaulengwe ba bangwe tota ga ba itse go itshwarela,” go ne ga bolela jalo motho yo o nopotsweng kwa tshimologong. O ne a oketsa jaana: “O ka re ba gakgamala fa mongwe a tlhalosa gore a ka itlhophela go itshwarela, lebaka la konokono e le gore go tle go nne le kagiso mo phuthegong ya Bokeresete.”

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe; hèla yaka Morèna a lo ichwaretse, le lona lo dihè hèla yalo.” (Bakolosa 3:13) Ka gone, pele re ka ya go mokaulengwe yo o re kgopisitseng, go tla bo go le molemo go akanya ka dipotso tse di latelang: A o nkgopisitse ka sengwe se se masisi mo e leng gore go tlhokafala gore ke bue le ene ka sone? A ruri go ka se kgonege gore ke lebale dikgotlhang tse di fetileng ka moya wa Bokeresete tota? Fa ke ne ke le ene, a ke ne ke ka se batle gore ke itshwarelwe? Mme fa ke tlhopha gore ke se ka ka mo itshwarela, a ke ka lebelela gore Modimo o arabe dithapelo tsa me o bo o intshwarela? (Mathaio 6:12, 14, 15) Dipotso tse di ntseng jalo ruri di ka re thusa gore re nne batho ba ba itshwarelang.

Jaaka Bakeresete, boikarabelo jo bongwe jwa rona jo bo botlhokwa ke go dira gore go nne le kagiso mo phuthegong ya batho ba ga Jehofa. Ka gone, a re diriseng kgakololo ya ga Jesu. Seno se tla re thusa gore re itshwarele motlhofo fela. Moya o o ntseng jalo wa go itshwarela o tla dira gore go nne le lorato lwa bokaulengwe lo e leng lone lotshwao lo lo tlhaolang barutwa ba ga Jesu.—Yohane 13:34, 35.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bakeresete ba ka rarabolola dikgotlhang tsa bone ka go dirisa kgakololo ya ga Jesu

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela