LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 10/15 ts. 17-22
  • O ka Gapa Morwarraago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Gapa Morwarraago
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne A Bolelang?
  • Leka go Gapa Mokaulengwe wa Gago
  • Go Senka Thuso Ya ba Ba Godileng
  • Maiteko a Bofelo A go Mo Gapa
  • O Rarabolola Jang Dikgotlhang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Boloka Phuthego E na Le Kagiso e Bile e le Phepa
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Etsa Modimo ka go Nna Kutlwelobotlhoko Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Bagolwane, Bontshang Gore lo Kutlwelobotlhoko le Gore lo Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 10/15 ts. 17-22

O ka Gapa Morwarraago

“Tsamaya o ye go baya molato wa gagwe mo pepeneneng fa gare ga gago le ene lo le losi. Fa a go reetsa, o gapile morwarraago.”—MATHAIO 18:15.

1, 2. Jesu o ne a neela kgakololo efe e e molemo malebana le go rarabolola diphoso?

FA Jesu a ne a setse ka lobaka lo lo kwa tlase ga ngwaga, o ne a ruta barutwa ba gagwe dithuto tse di botlhokwa. O ka di bala mo go Mathaio kgaolo 18. Nngwe ya tsone e ne e le malebana le botlhokwa jwa go nna boikokobetso jaaka bana. Go tswa foo o ne a gatelela gore re tshwanetse go tila go kgopisa “mongwe wa ba bannye bano” e le gore ba se ka ba nyelela. Morago ga moo Jesu o ne a oketsa ka thuto e nngwe e e botlhokwa, kgakololo e e molemo malebana le go rarabolola mathata gareng ga Bakeresete.

2 O ka tswa o gopola mafoko ano a gagwe: “Fa morwarraago a dira boleo, tsamaya o ye go baya molato wa gagwe mo pepeneneng fa gare ga gago le ene lo le losi. Fa a go reetsa, o gapile morwarraago. Mme fa a sa reetse, tsaya a le mongwe kgotsa ba le babedi ba bangwe o tsamaye le bone, e le gore ka molomo wa basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo kgang nngwe le nngwe e tle e tlhomamisiwe. Fa a sa ba reetse, bua le phuthego. Fa a sa reetse le eleng phuthego, a a nne mo go wena fela jaaka motho wa merafe le jaaka mokgethisi.” (Mathaio 18:15-17) Ke leng re ka dirisang kgakololo eo, mme re tshwanetse go nna le maikutlo a a ntseng jang fa re e dirisa?

3. Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe ka diphoso tsa ba bangwe?

3 Setlhogo se se fetileng se ile sa gatelela gore e re ka rotlhe re sa itekanela e bile re sekametse mo go direng diphoso, re tshwanetse go lwela go itshwarela. Go tshwanetse ga nna jalo segolobogolo fa re utlwisitswe botlhoko ke se Mokeresetekarona a se buileng kana a se dirileng. (1 Petere 4:8) Gantsi go botoka gore o iphapaanye molato oo—ka go mo itshwarela le go lebala ka one. Re ka tsaya go dira seno e le tsela ya go dira gore go nne le kagiso mo phuthegong ya Bokeresete. (Pesalema 133:1; Diane 19:11) Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe o ka ikutlwa gore o tshwanetse go rarabolola kgang eo ka go bua le mokaulengwe kana kgaitsadi yo o go utlwisitseng botlhoko. Mo kgannyeng e e ntseng jalo, mafoko a ga Jesu a a fa godimo a ka re kaela.

4. Tota re ka dirisa Mathaio 18:15 jang malebana le diphoso tsa ba bangwe?

4 Jesu o gakolola gore “o ye go baya molato wa gagwe mo pepeneneng fa gare ga gago le ene lo le losi.” Go molemo go dira jalo. Dithanolo dingwe tsa Sejeremane di baya kgang eno ka gore, mo lemotshe phoso ya gagwe “lo lebilwe ke matlho a le manè fela,” ke gore, a gago le a gagwe. Gantsi fa o bua le ene ka bopelonomi lo le babedi fela, go nna motlhofo go rarabolola bothata. Mokaulengwe yo o buileng kana yo o dirileng selo se se go kgopisitseng kana yo o ileng a se ka a go tshwara sentle a ka nna bonako go dumela phoso fa o tla o le nosi. Fa batho ba bangwe ba le gone, motho yo o sa itekanelang a ka itatola kana a leka go ntsha seipato sa se a se dirileng. Mme fa o bua le ene “lo lebilwe ke matlho a manè fela,” o ka nna wa fitlhela gore kgang e bakilwe fela ke go se tlhaloganyane e seng phoso ya ka boomo. Fa loobabedi lo sena go lemoga gore e bakilwe ke go se tlhaloganyane, lo ka e rarabolola, lo sa letle gore dilo tse di sa reng sepe di gole mme di senye kamano ya lona. Ka jalo, molaomotheo wa Mathaio 18:15 o ka dirisiwa le mo diphosong tse dinnye tsa letsatsi le letsatsi.

O ne A Bolelang?

5, 6. Go ya ka kgang e go buiwang ka yone, Mathaio 18:15 e ne e bua ka maleo a a ntseng jang, mme re lemoga seo ka eng?

5 Mme gone, kgakololo eno ya ga Jesu e malebana le dilo tse di masisi thata. Jesu o ile a re: “Fa morwarraago a dira boleo.” Ka tsela nngwe, “boleo” e ka nna phoso epe fela kana molato. (Jobe 2:10; Diane 21:4; Jakobe 4:17) Le fa go ntse jalo, kgang e Jesu a neng a bua ka yone e bontsha gore boleo jo a buang ka jone ke jo bo masisi. Bo ne bo le masisi thata mo bo neng bo ka feleletsa bo dirile gore modiraphoso a tsewe “jaaka motho wa merafe le jaaka mokgethisi.” Mafoko ao a bolelang?

6 Barutwa ba ga Jesu ba ba neng ba utlwa mafoko ao ba ne ba itse gore bagabone ba ne ba ka se etelane le Baditšhaba. (Johane 4:9; 18:28; Ditiro 10:28) Ba ne ba tila bakgethisi, e leng batho ba e neng e le Bajuda mme ba fetogile bagateledi ba batho. Ka jalo, totatota Mathaio 18:15-17 e ne e bua ka maleo a a masisi, e seng go kgopisana kana go direlana diphoso go batho ba ka go itshwarelanang motlhofo le go lebala ka gone.—Mathaio 18:21, 22.a

7, 8. (a) Bagolwane ba tshwanetse go sekaseka maleo a mofuta ofe? (b) Go ya ka Mathaio 18:15-17 Bakeresete ba babedi ba ka rarabolola maleo a mofuta ofe?

7 Go ya ka Molao, maleo mangwe a ne a batla se se fetang fela gore motho yo o molato a itshwarelwe. Maleo a a jaaka go tlhapatsa, botlhanogi, kobamelo ya disetwa le maleo a tlhakanelodikobo a a jaaka kgokafalo, boaka le bosodoma a ne a tshwanetse go begwa le go sekasekwa ke bagolwane (kana baperesiti). Go ntse jalo le mo phuthegong ya Bokeresete. (Lefitiko 5:1; 20:10-13; Dipalo 5:30; 35:12; Duteronome 17:9; 19:16-19; Diane 29:24) Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore mofuta wa maleo a Jesu a neng a bua ka one fano a ne a ka rarabololwa ke batho ba babedi. Dikai: Motho mongwe o senya mogagabo leina ka ntlha ya go galefa le go nna lefufa. Mokeresete o saena tumalano ya gore o tla dira tiro nngwe ka didirisiwa dingwe le gore o tla e fetsa mo letsatsing le le rileng. Motho mongwe o dumela gore o tla duela yo mongwe ka letlha le le beilweng kana le le rileng. Motho mongwe o tlhomamisetsa mothapi wa gagwe gore fa a ka mo ruta tiro, (tota le fa a ka ya go bereka go sele) o tla fetsa nako e e rileng a sa mo tseele bareki kana go dira kgwebo ya gagwe mo lefelong lengwe.b Fa go ka direga gore mokaulengwe yono a se ka a dira jaaka a ne a solofeditse mme a bo a sa bontshe go ikwatlhaela se a se dirileng, ruri seo e ka nna kgang e e masisi. (Tshenolo 21:8) Mme gone, dikgang tse di ntseng jalo di ka rarabololwa ke batho bano ba babedi.

8 Mme gone, o tla rarabolola kgang eo jang go ya pele? Gantsi mafoko a ga Jesu a ile a tsewa a na le dikgato tse tharo. A re sekaseke nngwe le nngwe ya tsone. Go na le gore o di tseye e le dikgato tse di gagametseng tsa semolao, leka go tlhaloganya bokao jwa tsone, o sa lebale gore boikaelelo jwa gago jo bogolo ke eng.

Leka go Gapa Mokaulengwe wa Gago

9. Ke eng se re tshwanetseng go nna re se gopotse fa re dirisa kgakololo ya Mathaio 18:15?

9 Jesu o ile a simolola jaana: “Fa morwarraago a dira boleo, tsamaya o ye go baya molato wa gagwe mo pepeneneng fa gare ga gago le ene lo le losi. Fa a go reetsa, o gapile morwarraago.” Ga go pelaelo gore eno ga se kgato e e ikaegileng ka kgang ya go belaela fela. O tshwanetse wa bo o na le bosupi kana tshedimosetso e e tlhamaletseng e o ka e dirisang go thusa mokaulengwe wa gago go lemoga gore o dirile phoso mme o tshwanetse go baakanya dilo. Go molemo go e tsibogela ka bonako, o sa letle gore kgang e gole kana gore maikutlo a gagwe a gakale. Gape o se lebale gore go nna o akanya thata ka yone go tla go utlwisa botlhoko. E re ka o tshwanetse go bua le ene lo le babedi fela, tila go bua le batho ba bangwe ka yone pele ga o bua le ene, o leka gore ba go utlwele botlhoko kana go intlafatsa leina. (Diane 12:25; 17:9) Ka ntlha yang? Ka ntlha ya boikaelelo jwa gago.

10. Ke eng se se ka re thusang go gapa mokaulengwe wa rona?

10 Boikaelelo jwa gago e tshwanetse go nna gore o gape mokaulengwe wa gago, e seng go mo otlhaya, go mo tlhabisa ditlhong kana go mo utlwisa botlhoko. Fa e le gore go boammaaruri gore o phoso, o mo kotsing ya go senya botsala jwa gagwe le Jehofa. Ruri o batla gore a tswelele pele e le mokaulengwe wa gago wa Mokeresete. Go ka direga thata gore o atlege mo go seo fa o leka go bua le ene o ritibetse, o tila go dirisa mafoko a a tlhabang kana go bua le ene ka tsela ya go mo latofatsa. Fa o ntse o bua le ene jalo ka lorato, se lebale gore loobabedi ga lo a itekanela, lo baleofi. (Baroma 3:23, 24) Fa a lemoga gore ga wa ka wa tsamaya o seba ka ene le gore tota o batla go mo thusa, kgang e ka nna ya rarabologa. Go bua jalo le ene o tlhamaletse e bile o le pelonomi go tla go thusa thata fa go ka lemotshega gore loobabedi lo ne lo le molato ka tsela nngwe kana fa e le gore tota bothata bo ne bo bakilwe fela ke go se tlhaloganyane.—Diane 25:9, 10; 26:20; Jakobe 3:5, 6.

11. Tota le fa motho yo o phoso a sa re reetse, ke eng se re ka se dirang?

11 Fa o mo thusa go lemoga gore o dirile phoso le gore e masisi, a ka nna a tlhotlheletsega go ikwatlhaya. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore, a ka nna a kgorelediwa ke boikgogomoso. (Diane 16:18; 17:19) Ka jalo, le fa a ka simolola ka go se dumele phoso e bile a sa ikwatlhaye, o ka nna wa ema go sekae pele ga o tsaya dikgato tse dingwe. Jesu ga a ka a re ‘o ye go baya molato wa gagwe mo pepeneneng gangwe fela.’ E re ka e le boleo jo lo ka kgonang go bo rarabolola, akanyetsa go ya go bua le ene gape o dirisa kgakololo ya Bagalatia 6:1 mme “lo lebilwe ke matlho a le manè fela.” O ka nna wa atlega. (Bapisa Jude 22, 23.) Le fa go ntse jalo, go tweng fa e le gore o tlhatswegile pelo gore o dirile boleo mme ga a ne a go reetsa?

Go Senka Thuso Ya ba Ba Godileng

12, 13. (a) Jesu o ile a tlhalosa kgato efe ya bobedi e e ka tsewang fa go rarabololwa bothata? (b) Ke dilo dife tse di tshwanelang tse di ka elwang tlhoko fa go dirisiwa kgato eno?

12 A o ne o ka rata ba bangwe ba go tlhoboga ka bonako fa o dirile molato mongwe o o masisi? Nnyaa. Go a tshwanela he go bo Jesu le ene a ile a bontsha gore ga o a tshwanela go tlhoboga mokaulengwe wa gago mo maitekong a gago a ntlha fela a go dira gore lo tswelele pele lo obamela Modimo mmogo ka tsela e e amogelegang. Jesu o ile a tlhalosa kgato ya bobedi: “Fa a sa reetse, tsaya a le mongwe kgotsa ba le babedi ba bangwe o tsamaye le bone, e le gore ka molomo wa basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo kgang nngwe le nngwe e tle e tlhomamisiwe.”

13 O ile a re tsaya “a le mongwe kgotsa ba le babedi.” Ga a ka a re fa o sena go tsaya kgato ya ntlha, o gololesegile go gasa kgang eo mo bathong ba bangwe, go itsise molebedi wa potologo, kana go kwalela bakaulengwe ka bothata joo. Le fa o ka tswa o tlhatswegile pelo gore o dirile phoso, ga go ise go tlhomamisiwe seo ka botlalo. Ga o ne o batla go anamisa tshedimosetso e e phoso e e ka feleletsang e dirile gore o tsewe o le mosebi. (Diane 16:28; 18:8) Gone mme, Jesu o ile a re o ka tsaya motho a le mongwe kana ba le babedi. Ka ntlha yang? Mme e ka nna bomang?

14. Re ka ya le mang fa re tsaya kgato ya bobedi?

14 O leka go gapa mokaulengwe wa gago ka go mo lemotsha ka mabaka gore o dirile boleo le go mo thusa gore a ikwatlhaye mme ka go dira jalo go nne le kagiso gareng ga gago le ene le Modimo. Gore o atlege mo go seo, go ka nna molemo fa “a le mongwe kana ba le babedi” e ka nna batho ba ba boneng phoso eo. Gongwe ba ne ba le teng fa e direga, kana ba na le tshedimosetso e e utlwalang sentle ya se se diragetseng (kana se se sa diregang) fa kgang e amana le tsa kgwebo. Fa basupi ba ba ntseng jalo ba seo, o ka tla le batho ba ba nang le maitemogelo mo kgannyeng eo mme ka jalo ba ka kgona go tlhomamisa gore a se se diragetseng ruri ke phoso. Mo godimo ga moo, fa go ka direga gore moragonyana ba tlhokege, ba ka nna basupi ba se se ileng sa buiwa, ba tlhomamisa dintlha tse di ileng sa bolelwa le maiteko a a ileng a dirwa. (Dipalo 35:30; Duteronome 17:6) Ka jalo, ga ya tshwanela go nna fela batho ba ba sa tseyeng letlhakore, batsereganyi; le fa go ntse jalo, go nna gone ga bone go tshwanetse ga go thusa go gapa motho yono yo e leng mokaulengwe wa gago le wa bone.

15. Ke eng fa bagolwane ba Bakeresete ba ka thusa thata fa re tsaya kgato ya bobedi?

15 Ga go tlhokege gore batho ba o tlang le bone e bo e le bagolwane mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, banna ba ba godileng sentle ba e leng bagolwane ba ka thusa thata ka ntlha ya ditshwanelego tsa bone tsa semoya. Bagolwane ba ba ntseng jalo ba ntse “jaaka boipoteletso mo phefong, le boitekeletso mo ledimong; jaaka dinoka tsa metsi mo sekakeng, jaaka moriti wa lefika le legolo mo nageng e e lapisang.” (Isaia 32:1, 2) Ba na le maitemogelo mo go akantshaneng le batho le mo go lolamiseng bakaulengwe le bokgaitsadi. Mme motho yo o dirileng phoso o na le lebaka le le molemo la go tshepa banna ba ba ntseng jalo ba e leng “dimpho ka banna.”c (Baefeso 4:8, 11, 12) Go tlotla ka kgang jalo mo pele ga batho ba ba ntseng jalo ba ba godileng sentle le go rapela le bone, go ka fetola maemo mme ga thusa go rarabolola kgang e e neng e bonala e gana go rarabologa.—Bapisa Jakobe 5:14, 15.

Maiteko a Bofelo A go Mo Gapa

16. Kgato ya boraro e Jesu a ileng a e tlhalosa ke efe?

16 Fa kgato ya bobedi e sa kgone go rarabolola kgang, ruri balebedi ba phuthego ba tla tshwanelwa ke go nna le seabe mo kgatong ya boraro. “Fa a sa [reetse motho yoo kana ba babedi], bua le phuthego. Fa a sa reetse le eleng phuthego, a a nne mo go wena fela jaaka motho wa merafe le jaaka mokgethisi.” Seo se akaretsa eng?

17, 18. (a) Ke sekao sefe se se ka re thusang go tlhaloganya gore go “bua le phuthego” go kaya eng? (b) Re ka dirisa kgato eno jang gompieno?

17 Ga re tseye gore seno se bolela gore re tshwanetse go bolela boleo kana phoso ka nako ya kokoano ya ka metlha ya phuthego yotlhe. Lefoko la Modimo le re lemotsha kgato e e tshwanetseng go tsewa. Akanya ka se se neng se tshwanetse go dirwa kwa Iseraele bogologolo fa motho e ne e le motsuolodi, legodu le letagwa: “Fa monna a na le ngwana wa mosimane yo o logwadi, yo o tsuololang, yo o ganang go utlwa lentswe la ga rraagwe, kgotsa lentswe la ga mmaagwe, mme le fa ba mmetsa a gane go ba utlwa, foo boorraagwe le mmaagwe ba mo tshware, ba mo ise kwa bagolwaneng ba motse, le kwa kgotleng ya felo ga gagwe; ba reye bagolwane ba motse wa ga gabo, ba re: ‘Ngwana yo wa rona o logwadi, o a tsuolola, o gana go utlwa lentswe la rona; ke motho wa ditlhapelo mo go tsheleng ga gagwe, e bile letagwa.’ Banna botlhe ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka maje.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Duteronome 21:18-21.

18 Maleo a motho yoo a ne a sa tlisiwe le go atlholwa fa pele ga setšhaba sotlhe kana morafe otlhe wa bone. Go na le moo, batho ba e neng e le “bagolwane” e ne e le bone ba ba atlholang kgang eo e re ka e ne e le baemedi ba phuthego. (Bapisa Duteronome 19:16, 17 malebana le kgang e e neng e atlholwa ke “baperesiti le baatlhodi ba lobaka loo.”) Le gompieno, fa go tlhokega gore go tsewe kgato ya boraro, bagolwane, ba ba emelang phuthego, ke bone ba atlholang kgang. Le bone boikaelelo jwa bone ke gore fa go kgonega, ba gape mokaulengwe wa bone wa Mokeresete. Ba bontsha seno ka go dira dilo ka tolamo, ba sa atlhole kgang pele ga e sekasekwa kana go gobelela.

19. Ke eng se bagolwane ba ba tlhophilweng go tla go reetsa kgang ba tla lekang go se dira?

19 Ba tla leka go sekaseka dintlha tsotlhe go bona bosupi jo bo tlhokegang go tlhomamisa gore a ke boammaaruri gore go dirilwe boleo (kana gore bo sa ntse bo dirwa). Ba batla go sireletsa phuthego gore e se ka ya senyega le gore e se ka ya tsenwa ke moya wa lefatshe. (1 Bakorintha 2:12; 5:7) Ba tla dirisa ditshwanelego tsa bone tsa semoya go leka “go rotloetsa ka thuto e e itekanedisang mmogo le go kgalemela ba ba ganetsang.” (Tito 1:9) Re solofela gore motho yono yo o phoso ga a ne a tshwana le Baiseraele ba moporofeti wa ga Jehofa a ileng a kwala jaana ka bone: “Ke tlaa lo neelela tšhaka, mme lo tlaa ikobela kgailo; ka go bo e rile ke bitsa lwa se ka lwa araba; e rile ke bua lwa se ka lwa utlwa; mme lwa dira se se bosula mo matlhong a me, lwa itshenkela sone se ke sa se itumelelang.”—Isaia 65:12.

20. Jesu o ile a re go dirweng fa moleofi a gana go reetsa e bile a sa ikwatlhaye?

20 Le fa go ntse jalo, ga se gantsi modiraphoso a ka nnang le boikutlo jo bo ntseng jalo. Fa go ka nna jalo, kaelo ya ga Jesu e tlhamaletse: “A a nne mo go wena fela jaaka motho wa merafe le jaaka mokgethisi.” Morena o ne a sa bolele gore o nne makgwakgwa kana go batla go utlwisa motho botlhoko. Le fa go ntse jalo, kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e tlhamaletse malebana le go tlosa moleofi yo o sa ikwatlhaeng mo phuthegong. (1 Bakorintha 5:11-13) Tota seno le sone se ka felela ka gore moleofi a gapiwe.

21. Go ka nna ga direga eng ka motho yo o lelekilweng mo phuthegong?

21 Re kgona go lemoga seno mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa wa sesenyi. Jaaka go tshwantshitswe, morago ga gore moleofi yono a fetse nako a dule mo legaeng le le lorato lwa ga rraagwe, o ile “a itharabologelwa.” (Luke 15:11-18) Paulo o ile a bolelela Timotheo gore badiraphoso bangwe morago ga nako ba ka ikwatlhaya mme “ba boele ba akanye ka tsela e e tshwanetseng gore ba tswe mo serung sa ga Diabolo.” (2 Timotheo 2:24-26) Re solofela gore motho ope fela yo o leofang a sa ikwatlhae mme go bo go tlhokega gore a lelekwe mo phuthegong, o tla ikutlwa a latlhegetswe—ke go tsalana le Modimo le botsala jo bo lorato jwa Bakeresete ba ba ikanyegang le go kopana le bone—mme a itharabologelwe.

22. Re ka boa ra gapa mokaulengwe wa rona jang gape?

22 Jesu ga a ka a tsaya baditšhaba le bakgethisi e le batho ba ba neng ba ka se sokologe. Mongwe wa bakgethisi, e bong Mathaio Lefi, o ile a ikwatlhaya, ‘a sala Jesu morago’ ka mmatota, a ba a tlhophiwa go nna moaposetoloi. (Mareko 2:15; Luke 15:1) Go ntse jalo le gompieno, fa moleofi a sa “reetse le eleng phuthego” mme a lelekwa mo go yone, re ka solofela gore morago ga nako o tla ikwatlhaya mme a tlhamalatse ditsela tsa gagwe. Fa go ka direga jalo mme a boela gape mo phuthegong, re tla itumelela gore re ile ra kgona go gapa mokaulengwe wa rona gore a boele gape mo kobamelong ya boammaaruri.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Cyclopedia ya ga McClintock le Strong ya re: “[Bakgethisi] ba nako ya [Tesetamente] e Ntšha ba ne ba tsewa e le majelathoko le batlhanogi, ba itshekololwa ke go bo ba tsalana le baheitane le go dirisiwa ke bagateledi. Ba ne ba tsewa ba tshwana fela le baleofi . . . Ba ne ba kekologwa, batho ba maemo ba ne ba ka se bonwe ba na le bone, ba ne ba itshelela fela le batho ba ba neng ba kgethololwa jaaka bone.”

b Dikgang tsa kgwebo kana tsa madi tse di akaretsang go tsietsa kana boferefere di ka akarediwa mo boleong jo Jesu a neng a bua ka jone. Ka sekai, fa Jesu a sena go neela kaelo e e kwadilweng mo go Mathaio 18:15-17, o ne a bua setshwantsho sa batlhanka (bathapiwa) ba ba neng ba kolota motho madi mme ba palelwa ke go mo duela.

c Mokanoki mongwe wa Baebele o ile a re: “Ka dinako tse dingwe go a tle go direge thata gore modiraphoso a sekegele tsebe kgakololo ya batho ba babedi kana ba bararo (segolobogolo fa e le batho ba ba tlotlegang) go feta ya motho a le mongwe, segolobogolo fa motho yoo e le yo ba kileng ba bo ba sa utlwane le ene.”

A o A Gakologelwa?

◻ Mathaio 18:15-17 e bua segolobogolo ka boleo jo bo ntseng jang?

◻ Re tshwanetse go gakologelwa eng fa re tsaya kgato ya ntlha?

◻ Ke bomang ba ba ka thusang fa go ka tsewa kgato ya bobedi?

◻ Ke bomang ba ba nnang le seabe fa go tsewa kgato ya boraro, mme re ka gapa mokaulengwe wa rona jang gape?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bajuda ba ne ba tila bakgethisi. Mathaio o ile a sokologa mme ya nna molatedi wa ga Jesu

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Gantsi re ka kgona go rarabolola kgang re “lebilwe ke matlho a le manè fela”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela