Sebetso sa go Tlhoka Tiro
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA ITALY
Ke seemo fela se se tlhobaetsang mo dinageng di le mmalwa tse di tlhabologileng—mme gape se tlhorontshitse le dinaga tse di tlhabologang. Se ile sa tlhasela le mafelo a go neng go lebega se seo teng. Se ama makgolokgolo a dimilione tsa batho—ba bontsi jwa bone e leng bommè le borre. Ke “matshosetsi a ntlha” mo peditharong ya batho ba kwa Italy. Se tlisa mathata a masha a loago. Ke bontlhanngwe jwa modi wa mathata a a dirang gore basha ka bontsi ba inaakanye le diokobatsi. Se dira gore dimilione tsa batho di se bone boroko mme dimilione tse dingwe e nne tse di tshogileng gore se gaufi le go ba tlhasela . . .
“LETLHOKO la ditiro go bonala e le nngwe ya ditiragalo tse di sa tlwaelegang tse di boifiwang thata tsa motlha wa rona,” go dumela jalo Organization for Economic Cooperation and Development (OECD). “Selekanyo sa tiragalo eno e e sa tlwaelegang le matswela a teng ga di itsiwe,” go kwala jalo Commission of European Communities, mme “go dirisana le yone go thata.” Moitse mongwe o ne a re, “ke sepoko se se boetseng mo Khontinenteng e Kgologolo go tla go tlhorontsha batho mo diterateng tsa yone.” Mo European Union (EU), batho ba ba sa kgoneng go bona ditiro jaanong ba tshwara dimilione tse 20, mme ka October 1994, kwa Italy fela ba ne ba tshwara 2726 000. Go ya ka fa khomišinara, Padraig Flynn wa European Union a akanyang ka teng, “go rarabolola letlhoko la ditiro ke kgwetlho e kgolo ya loago le ya itsholelo e re lebaneng nayo.” Fa e le gore ga o bereke kgotsa o le mo kotsing ya go latlhegelwa ke tiro ya gago, o itse gore go dira gore o boife go le kana kang.
Mme go tlhoka ditiro ga se bothata jwa kwa Yuropa fela. Go tlhasetse dinaga tsotlhe tsa Amerika. Go tlhasetse le mo Afrika, Asia le Oceania. Ditšhaba tsa kwa Yuropa Botlhaba di ile tsa lebagana le bothata joo mo dingwageng tsa bosheng jaana. Ke boammaaruri gore ga go tlhasele ka tsela e e tshwanang gongwe le gongwe. Mme go ya ka baitseanape bangwe ba tsa ikonomi, dipalo tsa batho ba ba sa kgoneng go bona ditiro kwa Yuropa le kwa Amerika Bokone di tla nna di ntse di le kwa godimo ka nako e telele go gaisa mo masomeng a dingwaga a a fetileng.a Gape seemo se “senyediwa pele ke go oketsega ga batho ba ba dirang ditiro tse di sa ba kgotsofatseng tse ba sa di rutelwang le ke go senyega ka kakaretso ga boleng jwa ditiro tse di leng teng,” go bolela jalo moitseanape wa tsa ikonomi Renato Brunetta.
Tiragalo E e Sa Ritibadiweng ke Sepe
Go tlhoka ditiro go ile ga ama dikarolo tsotlhe tsa ikonomi ka go latelelana: la ntlha temothuo eo ka metšhine ya yone e mentsintsi e e ileng ya ntsha batho mo ditirong; go tswa foo madirelo, a a amilweng ke go oketsega ga oli ka bo1970 go ya pele; mme gone jaanong karolo e e tlhasetsweng ke ya tirelomorafe e nang le mosola—papadi, thuto—tseo e leng dikarolo tse pele go neng go tsewa gore di ka se tlhaselwe ke sepe. Mo dingwageng tse di masome a mabedi tse di fetileng fa palo ya batho ba ba tlhokang ditiro e ne e ka feta diperesente tse 2 kana tse 3 e ka bo e ne ya tshosa batho thata. Gompieno go tsewa gore dilo di tsamaya sentle mo nageng e e tlhabologileng fa palo ya batho ba yone ba ba sa kgoneng go bona ditiro e le kwa tlase ga diperesente tse 5 kana tse 6, mme ditšhaba tse dintsi tse di tlhabologileng di na le dipalo tse di kwa godimo go feta tseo.
Go ya ka International Labor Organization (ILO), motho yo o sa kgoneng go bona tiro ke yo o sa berekeng, yo o ipaakanyeditseng go bereka, e bile a batla tiro a tlhoafetse. Mme jaanong go tweng ka motho yo o senang tiro ya nako e e tletseng kgotsa yo o kgonang go bereka fela diura di sekae ka beke? Tiro e e seng ya letsatsi lotlhe e lebiwa ka tsela e e farologaneng go ya ka dinaga tse di farologaneng. Mo ditšhabeng tse di rileng, batho ba ruri ba sa kgoneng go bona ditiro, ka fa molaong ba lebiwa jaaka ba ba berekang. Ditlhaloso tse di sa utlwaleng sentle tsa gore motho yo o berekang le yo o sa berekeng ke ofe, di dira gore go nne thata go bona gore ke mang yo ruri a sa berekeng, mme ka lebaka leno, dipalopalo di tlhalosa fela karolo ya se e leng gore eleruri se a direga. Patlisiso nngwe ya Yuropa ya re, “Le e leng palo e e itsiweng semmuso ya batho ba ba dimilione tse 35 [mo dinageng tsa OECD] ga e supe totatota ka fa go tlhoka ditiro go anameng ka teng.”
Matswela a a Botlhoko a go Tlhoka Tiro
Mme dipalo ga di bolele gotlhe. “Mathata a itsholelo le a go tlhoka ditiro a magolo thata,” go bolela jalo Commission of European Communities, mme “e seng fela ka ntlha ya ditshenyegelo tsa go namola ba ba sa kgoneng go bona ditiro mme gape le ka ntlha ya go latlhegelwa ke madi a makgetho a batho ba ba sa kgoneng go bona ditiro ba neng ba ka kgona go nna le seabe mo go one fa ba ka bo ba ne ba bereka.” Thuso ya madi ya batho ba ba sa kgoneng go bona ditiro e nna bokete le go feta, e seng fela mo pusong mme gape le mo bathong ba ba berekang, ba ba tshwanetseng go duela makgetho a a okeditsweng.
Go tlhoka tiro ga se kgang fela ya dipalo tsa batho. Maemo a a farologaneng a sala a ntse a le teng, ka gore sebetso seno se betsa batho—banna, basadi le basha ba bangwe ba maemo a a farologaneng. Go tlhoka tiro fa go kopanngwa le mathata a mangwe a ‘metlha eno ya bofelo’ go ka itshupa e le mokgweleo o o bokete. (2 Timotheo 3:1-5; Tshenolo 6:5, 6) Fa go sena mabaka ape a mangwe a a amang seemo, segolobogolo fa motho a amilwe ke “go nna a sa kgone go bona tiro ka lobaka lo loleele,” motho yo o ntseng a sa bereke ka nako e telele o tla thatafalelwa ke go bona tiro go gaisa pele. Se se utlwisang botlhoko ke gore ba bangwe ba ka nna ba se ka ba tlhola ba hirwa gape.b
Baithutatlhaloganyo ba ile ba lemoga gore bangwe ba batho ba ba tlhokang tiro gompieno ba nna le mathata a tlhaloganyo mmogo le go nna le maikutlo a a sa ritibalang, go swaba, go tswelela motho a itlhobogile le go sa itlotle. Fa motho yo o nang le bana ba a tshwanetseng go ba tlhokomela a latlhegelwa ke tiro, seo e nna masetlapelo a magolo mo go ene ka namana. Ba utlwa e kete botshelo jwa bone bo fedile. Ga ba sa tlhole ba bolokesegile. Tota e bile gompieno, baitse bangwe ba lemoga gore go na le “go tlhobaela mo go nnang go le teng,” mo go bakwang ke go bo motho a tshogile gore o ka nna a latlhegelwa ke tiro ya gagwe. Go tlhobaela mono go ka ama ditirisano tsa ba lelapa le gone go ka nna ga nna le matswela a a bosula, jaaka dipalo tsa batho ba ba sa kgoneng go bona tiro ba ba ipolaileng bosheng di bontsha. Mo godimo ga moo, bothata jwa gore mosha o tla palelwa ke go bona tiro fa a simolola go batla mmereko, ke nngwe ya dilo tse di dirang gore basha ba tsenelele mo thubakanyong le go nna disenyi mo setšhabeng.
‘Magolegwa a Tsamaiso e e Phoso’
Tsogang! e ne ya botsolotsa batho ba sekaenyana ba ba latlhegetsweng ke ditiro. Armando yo o nang le dingwaga di le 50 o ne a bolela gore go ne go raya “go bona maiteko a gagwe a dingwaga tse 30 a bereka a sa fitlhelela sepe, jaanong a tshwanela gore a simolole gape,” gape a ikutlwa “jaaka legolegwa la tsamaiso e e phoso.” Francesco o ne a ‘bona lefatshe le mo wela godimo.’ Stefano “o ne a ikutlwa a swabisitswe thata ke botshelo jwa gone jaanong.”
Mo letlhakoreng le lengwe, Luciano, yo o neng a kobiwa fa a sena go direla mo maemong a botegeniki jwa madirelo a magolo a dikoloi kwa Italy mo e ka nnang ka dingwaga di le 30, o ne a “ikutlwa a tenegile e bile a swabile fa a bona gore maiteko a gagwe le go nna motho yo o kelotlhoko, le go bo a ne a ikanyega mo dingwageng tse dintsi tseo tse a neng a dira ka tsone a ne a sa tsewe e le a sepe.”
Go Lebela Dilo Pele le Maswabi
Baitseanape bangwe ba tsa ikonomi ba ile ba tswelela ba lebeletse go diragala ga dilo tse di farologaneng thata. Ka 1930 moitseanape wa tsa ikonomi, John Maynard Keynes o ne a lebela dilo pele ka tsela e e nang le tsholofelo ka gore “mongwe le mongwe o tla bona tiro” mo dingwageng tse 50 tse di tlang, mme gape go ne go tla feta masome a dingwaga go ntse go tsewa gore go ne go tla kgonega gore batho ba bone ditiro tse di feletseng. Ka 1945 Charter ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne ya tlhoma mokgele wa gore go fitlhelelwe ditiro ka bofefo. Go tla go fitlha bosheng thata jaana go ne go dumelwa gore tswelopele e ne e tla raya gore batho ba ne ba tla bereka diura di sekae fela kwa tirong. Mme dilo ga di a ka tsa direga ka tsela e e ntseng jalo. Poelamorago e e masisi ya ikonomi mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng e bakile “mathata a a masisi a ditiro mo lefatsheng lotlhe fa e sale ka Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi ka bo 1930,” ga rialo ILO. Mo Afrika Borwa batho ba ba ka tshwarang dimilione tse 3,6 ga ba bereke, go akaretsa bantsho ba le dimilione tse tharo. Le e leng kwa Japane—kwa go neng go na le batho ba ba fetang dimilione tse pedi ba ba sa berekeng ngwaga o o fetileng—go na le mathata a a masisi.
Ke ka ntlha yang fa go tlhoka tiro e le sebetso se se anameng thata jaana? Go akantshitswe ditharabololo dife tse di ka thusang go re go fedisiwe?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Selekanyo sa batho ba ba sa kgoneng go bona ditiro ke diperesente tsa badiri botlhe ba ba sa kgoneng go bona ditiro.
b Ba “ba nang le nako e telele ba sa kgone go bona tiro” ke ba ba ntseng ba sa bereke ka dikgwedi tse di fetang 12. Mo EU mo e ka nnang sephatlo sa batho ba ba tlhokang tiro se wela mo setlhopheng seno.
[Mmapa mo go tsebe 2, 3]
(For fully formatted text, see publication)
Canada diperesente tse 9,6
U.S.A. diperesente tse 5,7
Colombia diperesente tse 9
Ireland diperesente tse 15,9
Spain diperesente tse 23,9
Finland diperesente tse 18,9
Albania diperesente tse 32,5
Afrika Borwa diperesente tse 43
Japane diperesente tse 3,2
Philippines diperesente tse 9,8
Australia diperesente tse 8,9
[Motswedi wa Setshwantsho]
Mountain High Maps™ copyright © 1993 Digital Wisdom, Inc.