LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 3/8 ts. 6-8
  • Go Tlhoka Tiro—Go Bakwa Ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhoka Tiro—Go Bakwa Ke Eng?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mabaka A go Bo Bothata Jono bo le Teng
  • Sebetso se se Amang Batho Botlhe
  • A go Lebega Go na Le Ditharabololo Dingwe?
  • Sebetso sa go Tlhoka Tiro
    Tsogang!—1996
  • Go Lelekwa mo Tirong—Tlalelo E Kgolo mo Mothapiweng
    Tsogang!—1991
  • Go Nna o sa Tlhoke Tiro—Ka Tsela Efe le Gone Leng?
    Tsogang!—1996
  • Go Diragetseng ka “Tiro ya Botshelo Jotlhe”?
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 3/8 ts. 6-8

Go Tlhoka Tiro—Go Bakwa Ke Eng?

MO DINAGENG di le mokawana batho ba le bantsi ba patelesega gore ba itlamele ka go dira tiro e e bokete ya diatla ka diura tse dintsi le ka bofefo jo bo lapisang, le e leng go dira tiro e e kotsi ka tuelo e e kwa tlase. Go tla go fitlha bosheng jaana batho ba bantsi mo dinageng tse dingwe ba ne ba dumela ka botlalo gore fela fa ba ka hirwa ke khampani nngwe e kgolo kgotsa ke lephata lengwe le le tlhomilweng ke goromente, ba ne ba tla bereka go fitlha ba tlogela tiro. Mme gompieno ga go tlhole go lebega go na le dikgwebo kgotsa ditlhopha tsa bagwebi tse di kgonang go naya motho tiro e a e eletsang le go tlhomamisa gore ba tla tswelela ba ntse ba bereka mo maemong ape fela. Ka ntlha yang?

Mabaka A go Bo Bothata Jono bo le Teng

Diketekete tsa basha ga di kgone go bona tiro fa e le gone ba simololang go bereka—go sa kgathalesege gore a ba na le dikirii ya kwa kholetšheng kgotsa nnyaa. Ka sekai, kwa Italy, palo e e fetang nngwetharong ya batho ba ba sa berekeng ke ya batho ba ba nang le dingwaga tse di fa gare ga 15 le 24. Palogare ya ba ba setseng ba bereka ba ba lekang go boloka ditiro tsa bone e a oketsega, mme ka jalo go thata le go feta gore basha ba bone ditiro fa e le gone ba simololang go bereka. Le mo basading—ba e leng gore ba batla ditiro ka dipalo tse di oketsegileng—go na le palo e e kwa godimo ya batho ba ba sa kgoneng bo bona ditiro. Ka jalo, palo e kgolo thata ya batho ba e leng gone ba berekang e kgaratlhela gore e hirwe.

Go simologa ka nako ya fa go sena go nna le metšhine ya madirelo, didirisiwa tsa botegeniki di fokoditse batho ba ba tshwanetseng go bereka. Ka ntlha ya palo e ntsi ya batho ba ba neng ba tshwanetse gore ba bereke, babereki ba tiro ya diatla ba ne ba solofetse gore metšhine e ne e tla fokotsa tiro kgotsa le e leng go e fedisa. Lefa metšhini e e iperekisang e ile ya fefosa ditiro le go fokotsa dikotsi tse dintsi, e ile ya fokotsa gape le ditiro. Batho ba ba emeng golo go le gongwe fela ba sa tlhabolole kitso ya bone ba itsenya mo kotsing ya go nna nako e telele ba sa hirwa fa ba sa ithute bokgoni jo bosha jwa go dira dilo dingwe.

Re mo kotsing ya go nna le dithoto tse dintsintsi tsa bagwebi. Bangwe ba akanya gore re ka se tlhole re oketsa sepe. Mo godimo ga moo, bareki ga ba bantsi ka gore batho ba ba berekang ga ba bantsi. Ka jalo madirelo a dira dilo tse dintsi go feta tse di ka dirisiwang. Madirelo a magolo a a neng a agetswe gore a kgone go dirisana le koketsego ya dilo tse di dirwang a a tswalwa kgotsa a a fetolwa gore a dire ditiro dingwe di sele ka go bo a sa tlise poelo epe. Ditiragalo tse di tshwanang le eno go na le ba di ba amang—batho ba ba felelwang ke ditiro. Fa ikonomi e wela tlase, go batliwa babereki ba ba seng bantsi, gape ditiro tse di senyegang ka dinako tsa kwelotlase ga di ke di nna teng gape ka nako ya fa kgwebo e oketsega. Go phepafetse gore go tlhoka ditiro ga go bakiwe ke selo se le sengwe.

Sebetso se se Amang Batho Botlhe

E re ka mongwe le mongwe a ka amega, go latlhegelwa ke tiro ke sebetso se se amang batho botlhe. Dinaga tse dingwe di dirisa maano a a farologaneng gore di sireletse ba ba santseng ba bereka—ka sekai, ba fokotsa diura tse batho ba di berekang ka beke ba bo ba fokotsa madi a ba a ba duelang. Lefa go ntse jalo, seno se ka nna sa senyetsa ba bangwe ba ba santseng ba batla tiro diphatlha tsa go e bona.

Batho ba ba hirilweng le ba ba sa kgoneng go bona tiro botlhe ba ngongorega gantsintsi ka mathata a a amanang le tiro. Mme fa ba ba sa hirwang ba batla ditiro tse disha, ba ba hirilweng ba leka go sireletsa ditiro tsa bone—maikaelelo a mabedi a a sa dumalaneng ka dinako tsotlhe. “Ba ba berekang gantsi ba kopiwa gore ba bereke diura tse ditelelenyana. Ba ba sa berekeng ba nna fela ba sa bereke. Go na le matshosetsi a gore setšhaba se ka nna sa arogana ka bobedi  . . . mo letlhakoreng le lengwe, ba ba berekang diura tse diteleletelele mme mo letlhakoreng le lengwe ba ba sa berekeng gotlhelele, ba e leng gore re ka re ba ikaegile gotlhelele ka dithuso tsa batho ba bangwe,” go bolela jalo makasine wa kwa Italy, Panorama. Baitse ba bolela gore kwa Yuropa, maungo a katlego ya ikonomi a ile a ipelelwa thatathata ke batho ba ba setseng ba bereka, go na le ke ba ba sa berekeng.

Mo godimo ga moo, go tlhoka ditiro go amana le seemo sa ikonomi ya mo lefelong leo, mo e leng gore mo ditšhabeng tse dingwe, tse di tshwanang le Jeremane, Italy le Spain dilo tse di tlhokegang mo lefelong le le rileng mo nageng e le nngwe fela di farologana thata. A babereki ba ikemiseditse go ithuta bokgoni jo bosha kgotsa le e leng go fudugela mo lefelong le lengwe kgotsa kwa nageng e nngwe? Seno gantsi e ka nna ya nna kgang ya makgaolakgang.

A go Lebega Go na Le Ditharabololo Dingwe?

Gantsi, batho ba solofela gore dilo di tla tokafala fa ikonomi e tokafala. Mme batho ba bangwe ba a belaela mme ba akanya gore dilo ga di ne di tokafala go fitlha mo e ka nnang ka ngwaga wa 2000. Ba bangwe ba akanya gore go setse go simolotse go tokafala mme matswela a teng a tswa ka bonya jaaka seo se bonala ka go fokotsega ga palo ya batho ba ba hirwang kwa Italy. Go tokafala ga ikonomi ga se gore go raya go fokotsega ga batho ba ba sa kgoneng go bona ditiro. Lefa gone koketsego e siame, dikgwebo di bona go le botoka gore di dirise batho ba di setseng di ba hirile go na le go hira ba bangwe—ke gore, go na le “koketsego ya batho ba ba senang ditiro le mororo ikonomi yone e tokafala.” Mo godimo ga moo, gantsi palo ya batho ba ba sa berekeng e oketsega ka bofefo go gaisa ya ditiro tse disha tse di nnang teng.

Gompieno diikonomi tsa setšhaba di fetoga go nna tsa lefatshe ka bophara. Baitseanape bangwe ba tsa ikonomi ba akanya gore go bopiwa ga mafelo a magolo a kgwebo a a sa tlhaoleng ka bosetšhaba jaaka a North American Free Trade Agreement (NAFTA) le Asia-Pacific Economic Cooperation (APEC) go ka nna ga tlhotlheletsa tokafalo ya ikonomi ya lefatshe. Lefa go ntse jalo, mokgwa ono o dira gore madirelo a magolo a itshetlele kwa go sa duelweng badiri madi a mantsi teng, mo go felelang ka gore batho ba ditšhaba tse di tlhabologileng ba latlhegelwe ke ditiro. Gape, badiri ba ba sa humang go le kalo ba felelwa ke madi a bone a e seng a sepe. Ga se gore go itletse fela gore mo dinageng tse dintsi, batho ba bantsi ba bo ba ne ba gwanta le e leng ka tsela ya thubakanyo, kgatlhanong le ditumalano tseno tsa papadisano.

Baitse ba akantsha ka dilo tse dintsi tsa go lwantshana le go tlhoka ditiro. Tse dingwe e bile di a ikganetsa, di ikaegile ka gore a di akantshitswe ke baitseanape ba tsa ikonomi, boradipolotiki kgotsa babereki ka bobone. Go na le ba ba akantshang gore dikhampani di kgothadiwe gore di oketse badiri ba tsone ka go di fokoletsa lekgetho. Ba bangwe ba gakolola gore puso e tsenye letsogo ka botlalo. Ba bangwe ba akantsha gore batho ba bereke ka tsela e e farologaneng ba dira ka diura tse di fokoditsweng. Seno se setse se dirilwe mo dikhampaning dingwe tse dikgolo, lefa gone mo lekgolong le le fetileng la dingwaga, diura tse batho ba di berekang mo bekeng di fokoditswe ka go latelana mo ditšhabeng tsotlhe tse di tlhabologileng mme kwantle ga go fokotsa go tlhoka ditiro. Moitseanape wa tsa ikonomi Renato Brunetta o bolela gore, “fa nako e ntse e ya, molao mongwe le mongwe o felela o sa dire, go na le ditshenyegelo tse di fetang melemo.”

Makasine wa L’Espresso, o konela ka gore, “ga re a tshwanela go itsietsa, bothata jono bo dingalo.” A bo thata mo bo ka se rarabololweng? A go na le sengwe se se ka rarabololang bothata jwa go tlhoka ditiro?

[Lebokoso mo go tsebe 8]

Bothata Jwa Bogologolo

Go tlhoka ditiro ke bothata jwa bogologolo. Ka makgolokgolo a dingwaga, batho ba ile ba iphitlhela ka dinako tse dingwe ba latlhegetswe ke ditiro e se ka go rata ga bone. Fa tiro e sena go fediwa, diketekete tsa babereki ba ba neng ba le mo tirong nngwe ya go aga di ile tsa iphitlhela di sena ditiro tsone ka botsone—go fitlha ba hirwa go sele. Mo nakong eno yotlhe ba ne ba sena tshireletso epe.

Mo Metlheng ya Bogare, “lefa gone ka nako eo bothata jwa go tlhoka ditiro bo ne bo seo jaaka re bo itse jaanong,” batho ba ba sa berekeng bone ba ne ba le teng. (La disoccupazione nella storia [Hisitori ya go Tlhoka Tiro]) Lefa go ntse jalo, mo metlheng eo, ba ba neng ba sa bereke ba ne ba lebiwa jaaka ba ba senang mosola kgotsa ba ba tshelang matshelo a a senang maikarabelo. Ka lekgolo la bo19 la dingwaga, basekaseki ba bantsi ba Boritane “ba ne ba amanya batho ba ba sa berekeng le batho ‘ba ba sa itshwareng sentle’ le batho ba ba itsamaelang fela ba ba lalang kwa ntle kgotsa ba ba tsamayang mo diterateng bosigo,” go tlhalosa jalo Porofesa John Burnett.—Idle Hands.

“Boammaaruri jwa gore go tlhoka tiro ke bothata tota,” bo ile jwa lemogiwa kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga kana mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga. Go ne ga tlhomiwa makgotla a a kgethegileng a puso gore a tlhotlhomise le go rarabolola bothata, jaaka Select Committee of the British House of Commons kaga “Go Tshwenyega ka go Tlhoka Tiro,” ka 1895. Go tlhoka tiro e ne e le sebetso se se iteileng batho botlhe.

Tiragalo eno e ntšha e ne ya iponatsa ka selekanyo se segolo, segolobogolo morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe. Kgotlhang eo, e tiro ya go dira dibetsa e neng e le ntsi thata ka ntlha ya yone, e ne ya fedisa go tlhoka tiro gotlhelele. Mo masimologong a bo1920, dinaga tsa Bophirima di ne tsa lebagana le dikwelotlase tse di neng tsa felela ka Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi e e simologileng ka 1929 mme ya ama diikonomi tsotlhe tsa mafatshe a a tlhabologileng. Morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe, dinaga tse dintsi di ne tsa tokafala mo itsholelong, mme go tlhoka ditiro go ne ga fokotsega. Mme Organization for Economic Cooperation and Development ya re, “go ka twe mathata a gompieno a go tlhoka tiro a simologile mo magareng a bo1960.” Babereki ba ile ba tlhaselwa ke mathata a mangwe gape ka lebaka la mathata a oli ka bo1970 le ka ntlha ya go dirisiwa thata ga dikhomputara mme seo se ile sa dira gore batho ba kgaolwe mo ditirong. Go tlhokega ga ditiro go ile ga tswelela go ntse go tlhatloga ka selekanyo se segolo, go tsenelela le mo ditirong tsa mo ofising le tsa bomanenjere, tse pele go neng go tsewa gore di sireletsegile.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go batla ditiro tse di oketsegileng ka kgang ga go ne go rarabolola mathata a go tlhoka tiro

[Motswedi wa Setshwantsho]

Reuters/Bettmann

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela