Go Lelekwa mo Tirong—Tlalelo E Kgolo mo Mothapiweng
“Go ne ga nkgarola pelo ruri. Ke ne ke gamaregile.”—Manejara wa tsa ditlhaeletsano, yo o dingwaga di le 44.
“Go diga motho seriti mo go maswe. O ikutlwa o se motho wa sepe.”—Motlhankedimogolo wa tsa ditšhelete, yo o dingwaga di le 38.
“Re bopile itsholelo ya mofuta ofe eo e dirang gore batho ba latlhegelwe ke ditiro tsa bone ba sa ntse ba le basha jaana?”—Manejara wa lebenkele la diaparo, yo o dingwaga di le 47.
BATHO bano ba ile ba diragalelwa ke eng se se tshwanang? Mongwe le mongwe wa bone o ile a nna le bothata jo bo masisi jwa go lelekiwa mo tirong ya gagwe.
A o ko o lebelele dingwaga tsa babereki bao gape. E ne e setse e le bogologolo tota ba ntse ba dira, ka gone ba ka tswa ba ne ba ikutlwa gore tiro ya bone e ne e sireletsegile. Ebile ba ne ba setse jaanong ba le mo dingwageng tseo batho ba le bantsi ba tsayang gore ba amogela madi a le mantsi go gaisa ka tsone. Mme lefa go ntse jalo tiro ya bone e ne ya khutla ka bonako fela le gone go sa lebelelwa. “Ke ne ka bolelelwa gore ke ntshe sengwe le sengwe seo e leng sa me mo tafoleng eo ke neng ke berekela mo go yone le gore ke pake dilo tsa me,” go ne ga bolela jalo manejara wa ditlhaeletsano yo o umakilweng fa godimo. “Go ise go e kae, ke fa ke supa tiro ya me ka monwana. Ga diragala fela jalo ka ponyo ya leitlho.”
Go Diragetseng?
Go sa tlhomamang ga tsa itsholelo ga se selo se sesha. Go ile ga nna le dinako tseo ka tsone go neng go na le letlotlo le le lekaneng sentle mo dinageng di le dintsi, leo morago ga lone go ileng ga nna le lehuma kana go ileng ga nna le kwelotlase e kgolo ya tsa itsholelo. Mme go wela tlase ga tsa itsholelo ga bosheng jaana go go ileng ga diragala go ralala lefatshe, le eleng pele ga fa ntwa ya kwa Kgogometsong ya Persia e nna gone, go ile ga bontsha kafa itsholelo e ka senyegang bonolo fela ka gone le eleng morago ga dingwaga tsa letlotlo le le lekaneng sentle. Batho ba le bantsi, bangwe e le lekgetlo la ntlha, ba ile ba lemoga gore ba ne ba ka se ke ba lebe ditiro tsa bone le madi ao ba a amogelang jaaka tseo di seng botlhokwa go le kalo.
Go wela tlase gono ga itsholelo go ile ga tshwenya babereki thata. Dikhampani di ile tsa patelesega gore di fokotse ditshenyegelo tsa tsone ka moo di neng di ka kgona ka gone, seo gantsi se felelang ka gore bontsintsi jo bogolo jwa batho ba lelekiwe mo ditirong tsa bone. Le eleng kwa dinageng tse di humileng, tse di tletseng ka madirelo tseo di leng karolo ya Mokgatlho wa Tlhabololo le Kgwebisano ka Madi, go kile ga nna le batho ba le dimilione di le 25 bao ba neng ba tlhoka tiro kwa go tsone.
“Mo e batlang e nna letsatsi le letsatsi ditsala tseo di dirang kwa dikhampaning tse dikgolo di nteletsa mogala go mpegela gore ba lelekilwe mo tirong,” go ne ga bolela jalo mongwe yo o dirang tiro ya go kgabisa dilo tsa mo teng ga ntlo. “Tsela eo kgwebo ya dikhampani tseo ke dirisanang le tsone e neng e tswelela ka yone ngogola e wetse kwa tlase ka halofo.”
Gantsi batho bao ba lelekiwang mo ditirong tsa bone e ntse e le bao ba dirang tiro eo eseng ya mo diofiseng. Fa itsholelo e ne e wela tlase bosheng jaana, palo e e golang ya batho ba ba dirang tiro ya mo diofiseng le bone ba ile ba latlhegelwa ke ditiro tsa bone. “Tseno ke ditiro tsa mo diofiseng,” go ne ga bolela jalo Dan Lacey ebong morulaganyi wa dikgang wa lekwalodikgang la Workplace Trends, “ditiro tseo di neng tsa re dira gore re kgone go reka ntlo mo lefelong le lentle le le fa gaufi le gore re kgone go nna le dijanaga tse pedi.”
Tse dintsi tsa ditiro tseo di ne tsa latlhegela batho ba tsone mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng. Mme ebile babereki bao ba neng ba lelekiwa mo ditirong tsa bone ba ne ba iphitlhela, jaaka fa Newsweek e tlhalosa, “ba patikilwe ke dikoloto tse di beetsweng nako, malapa ao a santseng a le masha, dikoloto tse di boitshegang le isagwe e e letobo.”
Diphelelo tsa Gone Ke Eng?
Sotlhe seno se na le diphelelo di le pedi: Babereki bao ba lelekilweng mo tirong ba amega botlhoko tota mo maikutlong le mo go tsa madi. Bothata jwa madi bo itsiwe ke mang le mang. Fa lotseno lwa madi lo le lonnye, motho o tshwanetse go fetola tsela eo a tshelang ka yone. Mme go tlhoka tiro le gone go a ama mo maikutlong.
Ka sekai, tsela eo basha ba lebang go sireletsega ga tiro ka yone e a fetoga. Go bona tiro ka lesego fela go simolola go nna tsela fela e e amogelwang ya botshelo, e e tlwaelegileng. The Wall Street Journal e ne ya akgela gore letlhoko leno la gangwe le gape la tiro le dirile gore basha ba le bantsi ba kwa Borithani “ba se ka ba tlhola ba gola.”
Bao ba lelekiwang mo tirong morago ga dingwaga tsa go bereka mmereko o o nitameng ba amega ka mo go boteng le go feta mo maikutlong. “Fa motho a lelekilwe mo tirong,” go ne ga bolela jalo moithutatlhaloganyo yo mogolo ebong Neil P. Lewis, “ga se fela gore motho ga o amogele, mme gape o wa seriti.”
Ebile tota, baithutatlhaloganyo ba lemogile gore go tshwenyega thata mo maikutlong fa motho a lelekilwe mo tirong go tshwana le go tshwenyega thata mo maikutlong go go nnang gone fa moratiwa wa gago a swa le go go nnang gone fa go nna le tlhalo. Go garoga pelo ga ntlha go dira gore o galefe, o bo o hutsafala mme morago o bo o ineela. “Mo bathong bangwe go garoga pelo gono, go galefa, go hutsafala, le go ineela go kokobela morago ga malatsi a le mabedi,” go bolela jalo Lewis. “Ba bangwe go ba tsaya dibeke le dikgwedi.”
Gape go tshwenyega thata mo maikutlong go lemotshega fa bao ba lelekilweng mo tirong ba simolola go nwa nnotagi ka mo go feteletseng ebile ba ineela gore ba tshwakgolwe ke diokobatsi. Go felelwa ke tsholofelo gotlhelele go ka baka le eleng dintwa mo lelapeng kana ga baka gore lelapa le thubege. “Maikutlo ao a tshwanetse go ya golo gongwe,” go ne ga bolela jalo Stephen Pilster-Pearson ebong mokaedi wa lephata la go thusa bathapiwa kwa Yunibesithing ya Wisconsin, U.S.A., “ebile ke boammaaruri gore, le lengwe la mafelo ao, ke kwa gae.”
Moalogi mongwe wa yunibesithi kwa Hong Kong o ne a arabela le eleng ka tsela e e hutsafatsang le go feta, o ne a swetsa ka gore a ipolaye morago ga dingwaga di le tlhano a sa bone tiro. O ne a tsena fela mo seporong terena e ntse e tla.
Ka gone fa batho ba latlhegelwa ke ditiro, go amega se se fetang fela madi a bone a go reka. Ka gone, go tlhokega gore go tlhokomelwe dilo tse dingwe kwantle ga madi tse di amanang le bothata jono. Go kopanyelediwa le maikutlo a go gakatsega, mme malapa a tshwanetse go dirisana mmogo le go rarabolola mathata ka kutlwano.
[Lebokoso mo go tsebe 5]
A Ke Bokhutlo Jwa go Oketsega ga Itsholelo?
Ngogola, go ne ga begwa go tlhobaela go go leng gone ka ntlha ya matsubutsubu a metsi mo lewatleng la itsholelo lefatshe ka bophara. A o ko o akanye ka dikai di le mmalwa tsa seno:
Fora: “Lefatshe le atamela bokhutlo jwa lobaka lo loleele go a feta otlhe lwa go oketsega ga itsholelo goo le iseng le ke le tsamaye le nne le gone pele. . . . Fa e le gore ga go sepe se se kalokalo seo dinaga tsa Yuropa di tshwenyegang ka sone malebana le tsa itsholelo, ka di bona thuso ka go okelediwa itsholelo ke go fetoga naga e le nngwe ga dikarolo tse pedi tsa Jeremane, ga di kake tsa solofela go se amege gotlhelele. . . . Babapatsi ba lemogile gore kotsi e e tla.”—Le Monde, Paris.
Brazil: Go wela tlase ga itsholelo kwa United States go tlile “go feleletsa go anametse ebile go itemogelwa ke dinaga tse dingwe tse di tletseng ka madirelo mme, ka ntlha ya gone moo, go tlile go dira gore go romelwa ga dilo go tswa kwa merafeng e e sa tlhabologang go le kalo go kgoreletsege ka mo gogolo.”—Fôlha de S. Paulo, São Paulo.
Borithane: “Itsholelo ya kwa Borithane le yone, ka tlhatlogoditlhwatlhwa ya yone e go seng motlhofo go e khutlisa, selekanyo se se kwa godimo sa morokotso, le go oketsega ka bonya ga yone, e lebega e sa itumedise.”—Financial Times, London.
Canada: “Bathapi ba le bantsintsi ba batla babereki ba sekaenyana fela.”—The Toronto Star.
Jeremane: “Go tlhatlogela godimo thata ga ditlhwatlhwa tsa oli go go tshwanang le go go kileng ga nna gone ka ngwaga wa 1973 go setse go ntse go bonala . . . jaaka ditshupo tsa go wela tlase ga itsholelo.”—Neues Deutschland, Berlin.
Japane: “Ditlhwatlhwa tsa ditsha jaanong di tshwana le bomo eo e ka thunyangthunyang fela go sa twe sepe eo e dutseng fela fa gare ga mpa ya itsholelo ya lefatshe. Fa bomo eno e ne e ka letlwa gore e thunye mme ditlhwatlhwa tsa ditsha di bo di wela tlase, dibanka tsa Japane di ne di tla gosomanela mo teng jaaka fa [dikadimo] tsa madi tse di mo polokelong ya Japane di fetoga go nna tseo di batlang di se na mosola. Seno, le sone, se ne se tla simolola go digela itsholelo ya lefatshe ka bophara kwa tlase.”—Australian Financial Review, Sydney.
Lefa go ntse jalo, go khutla ga Ntwa ya kwa Kgogometsong fa ngwaga wa 1991 o ne o simolola go ne ga dira gore go simololwe gape go solofelwe gore itsholelo e tla tlhatlogela godimo go ralala lefatshe. Mme lefa go ntse jalo, go bonala gore itsholelo ya bosetšhaba ruri ke selo se se ka senyegang bonolo fela, segolobogolo fa go akanngwa ka bothata jwa sekoloto se se boitshegang seo se setseng se ntse se imela dinaga di le dintsi.