Go Namolwa ke Khukhwane ya Tlabue ya mo Afrika!
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! MO AFRIKA BORWA
MO MAKGOLONG a dingwaga a mabedi a a fetileng, ke mang yo o neng a ka kgona go bonela pele gore dikgomo fa di ne di tlisiwa e le la ntlha mo Australia, di ne di tla baka mathata a a boitshegang mo nageng eo?
Fa nako e ntse e tsamaya, mafulo a a neng a tletse ka maloko a dikgomo a ne a dira gore bojang bo se kgone go gola sentle mo mafelong mangwe kana le e leng go dira gore dikgomo di se kgone go bo fula. Mekoakoa ya boloko e ne kgabagare ya atisa dintsi tse di neng tsa tlhorontsha naga. Tota e bile, go ya ka pego e e neng ya tswa mo lekwalodikgannyeng lwa Africa—Environment & Wildlife, ka bo 1970, mathata ano a ne a setse a ntsifetse mo a neng a fetogile “dipharagobe tse di tlhagetseng ikonomi le ikholoji ka selekanyo se se boitshegang.” Go ne ga lekanyediwa gore “diheketere tse di ka fetang dimilione tse pedi tsa masimo a a siametseng go ungwa, di ne tsa senyega ngwaga le ngwaga . . , selekanyo se segolo thata sa naeterojene se ne se sa boele gape mo mmung ka ntlha ya boloko jo bo neng bo sa kategele mo mmung, mme e bile dintsi di ne di ntsifetse ka selekanyo se se boitshegang.”
Phoso e ne e bakilwe ke eng? Ka tlwaelo, mo Afrika, dikhukhwane tsa tlabue di ne di kgona go tlosa boloko mo tlhageng ka bofefo le kafa tshwanelong. Boloko jo bo neng bo kategetse mo mmung bo ne bo nontsha mmu le go o letafatsa gore o tle o kgone go thusa dimela gore di gole. Seno he se ne se thusa mo go fokotseng losika lwa dintsi tse di ka gobatsang dilo le go fedisa mae a parasaete, mme seno se bo se itsa bolwetse jo bo bakwang ke baketeria gore bo seka jwa gola.
Lefa go ntse jalo, selo se masetlelara a ntlha a Australia a neng a seka a se tsaya tsia e ne e le gore dikhukhwane tsa tlabue tsa Australia, di ne di kgona go tlosa boloko jo bonnye jo bo omileng le jo bo dithokolo jwa diphologolo tsa naga eo, mme di sa kgone boloko jo bontsi jo bo metsi, jwa dikgomo.
Ke eng se se neng se tla dirwa? Go rora dikhukhwane tsa tlabue go tswa dinageng di sele! Ka sekai, mefuta ya tse di tswang mo Afrika (tse go nang le mefuta ya tsone e le 2000), e kgona go tlosa namane e tona ya boloko jo bo metsi jo bo tshwanang le jwa ditlou. Dikhukhwane tseno ga di palelwe ke go tlosa boloko jwa dikgomo. Mme abo go tlhokega palo e ntsintsi ya dikhukhwane gore di kgone go dira tiro e e ntseng jalo! Africa—Environment & Wildlife e bega gore mo parakeng nngwe ya diphologolo, “go ile ga fitlhelwa dikhukhwane tse di ka tshwarang 7000 mo totomeng e le nngwe fela ya boloko jwa tlou,” mme mo parakeng e nngwe ga kokoanngwa di le “22 746 . . . mo totomeng ya selekanyo sa dikilogerama di le 7 ya boloko jwa tlou mo diureng di le 12 fela.” Ako o akanye fela kafa go tlhokegang ka teng palo e e boitshegang ya dikhukhwane gore di tle di kgone go tlhasela namane e tona ya mathata a a kwa Australia!
Legale, se se itumedisang ke gore seemo se tokafala fela thata gone jaanong—a bo dikhukhwane tsa tlabue tsa mo Afrika di ile tsa thusa jang ne.