Ke Mang Yo O Sireletsang Diphologolo Tsa Naga tsa Afrika?
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! MO AFRIKA BORWA
GO NA le dipuo dingwe tse di seng monate tse di buiwang kaga tsela e Baafrika ba lebang boswa jwa bone jwa diphologolo tsa naga ka yone. Baeti bangwe ba re, ‘Ga ba di anaanele; ba di leba fela jaaka dijo le sengwe se ba ka bonang madi ka sone.’ Ke eng fa ba konela ka tsela eo? Gantsi o fitlhela mafelo a di sirelelediwang mo go one a tletse ka bajanala ba ba tswang kwa dinageng tsa Bophirima mme batho ba mo gae bone ba se bantsi. Mme, kgosi nngwe ya Mo-Zulu mo Afrika Borwa e kile ya tlhalosa jaana: “Batho ba bantsho ba na le mathata fa go tla mo go eteleng mafelo a diphologolo. Mo go rona go sireletsa diphologolo tsa naga ke sengwe se se dirwang ke batho ba ba tshelelang mo letlepung mme e bile ke bantsho ba sekae fela ba itsholelo ya bone e ba letlang go se itumelela.”
Bontsi jwa Baafrika gompieno, ga ba tshwane le borraabo ka gonne ba golela mo mafelong a ditakana tsa metsemegolo koo ba kgaoganeng gotlhelele le diphologolo tsa naga. Gape, batho ba ba nnang kwa dikgaolong gantsi ba humanegile e bile ga go na yo o ba thusang ka sepe. “Ke ba ba kgorang fela ba ba kgonang go nna le diphologolo tsa naga fela ka gonne ba di rata, ba rata go nna ba ntse ba di bona gape ba batla go di ithuta,” go ne ga tlhalosa jalo motho mongwe yo o tlhokomelang diphologolo wa kwa nageng nngwe kwa Afrika Bophirima.
Le mororo go na le mabaka ano a a sa jeseng monate, Baafrika ba rata go tshwantsha diphologolo tsa naga, jaaka o ka bona fa o ka etela lebenkele le le rekisang dilo tse di sa bonweng gongwe le gongwe tsa Afrika. Baithutamarope ba lemogile gore go tloga bogologolo diphologolo tsa naga di sa le di ntse di tshwantshiwa thata mo Afrika. A seo ga se supe gore ba kgatlhegela diphologolo tsa naga fela thata?
Akanya ka kgang ya ga Abel le Rebecca, ba ba jetseng malatsi a bone a boikhutso ka makgetlho a le mmalwa kwa mafelong a mantsi a diphogolo tsa naga di sireleditsweng mo go one mo borwa jwa Afrika. Lefa go ntse jalo, botlhe ba goletse mo metsesetoropong ya bantsho mo Afrika Borwa. Rebecca o ne a simolola go kgatlhegela diphologolo tsa naga ka ntlha ya disuu tse di tsenwang ke botlhe tse di kwa Johannesburg le Pretoria. “Fa ke santse ke le ngwana,” o a tlhalosa, “re ne re bona diphologolo tsa naga fela fa re etetse kwa disuung.”
Abel ene o ne a simolola go kgatlhegela diphologolo tsa naga ka tsela e e farologaneng. Gantsi o ne a etela borraagwemogolo ba ba neng ba nna kwa magaeng ka malatsi a boikhutso. O gakologelwa jaana, “Ntatemogolo o ne a tlhola a mpontsha diphologolo tse di farologaneng a bo a ntlhalosetsa mekgwa ya tsone. Ke gakologelwa a mpolelela ka matshwane le nonyane nngwe e nnye e e botlhale e e kgonang go go kaela kwa tswina e leng teng, e go dumelwang gore e kgona go bontsha diphologolo kwa matshwagong a dinotshe.” Abel o bolela kgang eno e e kgatlhang e e neng ya diragala fa e santse e le mosimanyana wa dingwaga tse 12.
“Letsatsi lengwe fa re ntse re tsamaya mo sekgweng, ntatemogolo o ne a mpontsha nonyane nngwe e nnye e go neng go lebega e kete e a re bitsa. E ne e le e e kgonang go go kaela kwa tswina e leng teng. Ka jalo re ne ra sala nonyane eno morago fa e ntse e fofa kwa pele ga rona e kotama ditlhare ka go latelana. Seno se ne sa tsaya lobaka lwa sephatlo sa ura. Kgabagare nonyane eno e ne ya nna mo kaleng ya setlhare ya bo e emisa go opela. Rremogolo o ne a nthaya a re re batle letshwago. Fela jaaka re ne re solofetse, re ne ra bona dinotshe di tsena di bo di tswa mo phatlheng nngwe kafa tlase ga leje. Ntatemogolo o ne a ntsha mamepe ka kelotlhoko. Fa a fetsa o ne a ntsha lenathwana la lemepe le le nang le mana a bo a le baya mo godimo ga leje. Eno e ne e le tsela ya go leboga nonyane eno go bo e re tlisitse fa letshwagong leno la dinotshe.”
Borasaense ba matshelo a diphologolo ba kwadile go le gontsi ka tsela eno e e gakgamatsang e motho le nonyane eno e e kgonang go kaela motho kwa tswina e leng teng ba dirisanang ka yone. “Ga nkitla ke bo ke lebala seo,” go bolela jalo Abel. “Go ne ga ntira gore ke batle go ithuta go le gontsi ka diphologolo tsa naga.”
Motho mongwe wa kwa Tanzania yo e kileng ya nna lesole la Masai, Solomon ole Saibull, yo moragonyana a neng a nna motho yo o buelelang go sirelediwa ga diphologolo tsa naga, o ne a bolela dintlha tsa kgang eno sentle fa a ne a tlhalosetsa mokwadi mongwe wa kwa Bophirima jaana ka bonolo: “Ke itse batho ba bantsi ba Afrika ba ba sa anaaneleng fela itsholelo e e leriweng ke go sirelediwa ga diphologolo tsa naga, mme gape le boleng jo bo ka se kang jwa lekanngwa jwa tsone . . . Batho bano—Baafrika—ke batho ba ba kgonang go nna mme ba lebe Tlhago fa e ntse e bonala ka ditsela tse di farologaneng tse di sa lemogiweng bonolo. Go wela ga letsatsi mo dithabeng tse ditalatala, dithunya le dikalana tse ditala le mafelo a a fa thoko ga dinoka le mekgatšha, dibopiwa tse di farologaneng le tse dintsintsi tse di gololesegileng—tsotlhe di kgatlha fela thata. Eleruri, go kgatlhiwa ke bontle ga go kwa Yuropa fela le kwa Amerika?”
Ee, mo baaging ba ba humanegileng ba makeishane le borasaense ba ba rutegileng thata—a botlhe ga ba kgatlhiwe ke boswa jwa diphologolo tsa naga tsa Afrika? Motho mongwe wa kwa Jeremane yo o ithutelang go nna ngaka ya diphologolo yo o neng a etetse Afrika Borwa le Kruger National Park bosheng jaana o ne a re: “Ke fitlhetse dilo tsa tlhago le diphologolo tsa naga eno di kgatlha e bile di itumedisa thata. Ke ne ke sa itse gore motho o ka kgona go itapolosa le go sireletsa diphologolo ka selekanyo seno gonne ga re na diphologolo tse dintsi tse dikgolo e bile ga go na mafelo a a lekaneng kwa Jeremane.”
Bajanala ba kgatlhiwa gape ke mafelo a magolo a diphologolo tsa naga di sireleditsweng mo go one kwa Botswana, Namibia, le Zimbabwe. Mme gongwe bontsi jwa diphologolo tse dikgolo tsa mo Afrika di bonwa ka bontsi thata mo teng le mo tikologong ya Serengeti National Park ya kwa Tanzania le Masai Mara Game Reserve ya kwa Kenya. Diparaka tseno tse di itsegeng thata di tshwaragane e bile diphologolo tsa tsone ga di a tswalelwa ka sepe. Makasine wa International Wildlife o tlhalosa gore, “Ka bobedi, Serengeti le Mara di na le diphologolo tsa naga tse dintsi go gaisa mo lefatsheng: dikgokong di le dimilione di le 1,7, ditshephe di le 500 000, le dipitse tsa naga di le 200 000, le diphofu di le 18 000, le palo e kgolo ya ditlou, ditau, le matlotse.
John Ledger, morulaganyi wa lokwalodikgang lwa Afrika Borwa lwa Endangered Wildlife, o ne a etela la ntlha kwa Kenya ka 1992 mme a tlhalosa gore ke ‘lefelo le lentle fela thata.’ O ne a kwala jaana, Masai Mara “e tshwanetse ya bo e tshwana fela le mafelo a bogologolo a Cornwallis Harris [mokwadi le motsomi wa lekgolo la bo19 la dingwaga] a neng a a bona, jaaka fa a ne a ntse a sekaseka naga ya Afrika Borwa ka bo1820. Dinaga tse dikgolo tsa majang, ditlhare tsa mebitlwa tse di gasameng, le diphologolo tse dintsi tsa naga, tsotlhe di fitlha kwa kgakala kwa leitlho le sa fitlheng teng!”
Setshwantsho sa Bontle jwa Nako E E Fetileng
Se se utlwisang botlhoko ke gore gompieno re fitlhela go na le palo e potlana thata ya diphologolo mo mafelong a mantsi a Afrika go na le tse bathibeledi ba Yuropa ba neng ba di bona mo makgolong a dingwaga a a fetileng. Ka sekai, monna wa ntlha yo mosweu o ne a thibelela ka 1824 kwa lefelong le e neng ya nna kolone ya Borithane ya Natala (e jaanong e leng karolo ya Afrika Borwa). Kolone e nnye eno e ne e tletse ka diphologolo tse dintsi tsa naga mo e leng gore kgwebo ya yone e kgolo e ne e le go rekisa ditlhogo tsa diphologolo tse di suleng le dilo tse dingwe tse di bonwang mo diphologolong tsa naga tse di neng di tsomiwa. Mo ngwageng o le mongwe fela go ne ga romelwa matlalo a dikgokong le a dipitse tsa naga a le 62 000 go tswa kwa boemakepeng jwa Durban, mme mo ngwageng o mongwe gape o seno se neng sa dirwa ka selekanyo se se kwa godimo fela thata mo go one, go ne ga romelwa ditone di feta 19 tsa dinaka tsa ditlou kwa dinageng tse di kwa ntle. Ka bonako fela ke fa baagi ba basweu ba setse ba feta 30 000 mme lefa go ntse jalo diphologolo di ne di setse di bolailwe ka bontsi. “Go setse diphologolo di sekae fela,” go ne ga bega jalo mmakaseterata wa Natala ka 1878.
Selo se se tshwanang le seno se se botlhoko se ne sa diragala kwa dikarolong tse dingwe tsa Afrika koo dipuso tsa bokolone di neng tsa letla gore diphologolo tsa naga di bolawe go tla go fitlha mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga. Tsaya Angola ka sekai, e e neng ya bona boipuso mo go Portugal ka 1975. “Rekoto ya puso ya pele ya bokolone,” go kwala jalo Michael Main mo bukeng ya gagwe ya Kalahari, “ga e kgatlhe le eseng. Diploma Legislativo Number 2242 ya 1950 e ne ya bolela gore motho a ka tsoma ka go rata fela mo Kgaolong ya Huila gonne ba ne ba batla go e dira lefelo le go ka ruelwang dikgomo kwa go lone. Go ne ga felela ka gore go bolawe diphologolo tsa naga tse dintsi thata . . . Go ne ga bolawa mo e ka nnang diphologolo tsotlhe tse dikgolo tsa diamusi. Go ne ga fopholediwa gore tse di neng tsa bolawa di ne di akaretsa ditshukudu tse dintsho di le 1 000, dithutlwa di le makgolo a le mmalwa, le dikgokong, dipitse tsa naga le dinare di le diketekete di le masomesome. Diploma e ne ya se ka ya fetolwa ka dingwaga tse di ka nnang pedi le sephatlo, mme tshenyo e ne e setse e dirilwe, e bile go bolailwe diphologolo tsotlhe.”
Mme lefa go ntse jalo, seemo se ntse jang gompieno, mme go tlile go diragala eng ka diphologolo tsa naga tsa mo Afrika mo isagweng?
[Lebokoso mo go tsebe 5]
Mafelo A Diphologolo tsa Naga Di Sireleditsweng mo go One A A Tsenyang Madi
Mafelo a go sireleditsweng diphologolo mo go one le diparaka tsa setšhaba tsa Afrika a gasame mo kontinenteng e kgolo eno mo disekwerekilometareng di le 850 000. Seo se lekana le lefelo la bogolo jo bo fetang Borithane le Jeremane di kopane.
Mo mafelong a mantsi ano a go sireleditsweng diphologolo tsa naga kwa go one, o kgona go bona mefuta e metlhano ya diphologolo tse dikgolo—tlou, tshukudu, tau, lengau le nare. Fa gare ga dintsu tse dikgolo tse di fofang kwa godimo le dikhukhwane tse di pitikang maloko a tsone go kgabaganya ditsela, go na le dibopiwa tse dingwe tse dintsi tse di kgatlhang fa o di leba.
Diketekete tsa bajanala ba ba tswang kwa moseja di itumedisiwa ke diphologolo tseno tsa naga. Ngwaga le ngwaga batho ba ba di kgatlhegelang thata ba dirisa diranta di le dimilione di le dikete tse tharo mo dinageng tse di sireleditseng diphologolo tseno tsa naga. Ee, mafelo a diphologolo tsa naga di sireleditsweng mo go one a tsenya madi.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Mo dingwageng tse di seng kae tse di fetileng go ile ga bolawa dikete tse di senang palo tsa diphologolo tsa naga mo Afrika Borwa ngwaga le ngwaga go batliwa ditlhogo tsa tsone le matlalo a tsone
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy Africana Museum, Johannesburg