A Motho le Phologolo Ba Ka Nna Felo go le Gongwe?
KE KA ntlha yang fa diphologolo tsa naga di fokotsega jaana mo dikarolong tse dintsi tsa Afrika? (Bona lebokose le le mo tsebeng e e lebaneng le eno.) Bangwe ba bolela gore se se bakwa ke go oketsega ka bonako ga baagi ba kontinente eno.
Gone go boammaaruri gore dikarolo tse dintsi tsa Afrika, segolo jang tse di leng gaufi le metsemegolo di na le baagi ba bantsi thata. Gape, kwa dikarolong tsa magae, tlhaga e setse e feditswe ke diphologolo tse dintsi tse di ruilweng ke balemi. Ka sekai, akanya ka dikarolo tse di nang le baagi ba bantsi tsa Venda, Gazankulu, le Kangwane, tse di leng fa molelwaneng wa Kruger National Park. Dinagamagae tseno tsa batho ba bantsho di ne tsa tlhongwa go ya ka molao wa pele wa Afrika Borwa wa tlhaolele mme baagi ba teng ba pitlagane go tswa go ba le 70 go ya go batho ba ba fetang 100 mo sekwerekilometareng. Ga go monate go tsamaya mo dikarolong tseno fa o ya go itumelela malatsi a boikhutso kwa Kruger National Park. “Batho ba ba nnang fa melelwaneng . . . ba humanegile, gantsi ga ba na ditiro e bile ba bolawa ke tlala,” go tlhalosa jalo pampiri nngwe ya dikgang ya Afrika Borwa ya Sowetan. “Diphologolo,” go bolela jalo pampiri nngwe ya dikgang ya lefelo leno ya The Natal Witness, “di tshela mo mafulong a matalana kafa letlhakoreng le lengwe la terata.”
Go ya ka dipego tsa bosheng, batho ba ba laolang Kruger Park ba batla go thusa batho ba ba nnang mo molelwaneng wa paraka eno. Mme go ne go tla diragala eng fa go ne go ka tlosiwa diterata tse di sireleditseng mme batsomi, badisa, le bathibeledi ba letliwa go tsena mo teng? Batho ba ba buelelang go sirelediwa ga dipholgolo ba boifa gore kgabagare diphologolo tsa naga di ne di tla bolawa tsotlhe, jaaka go diragetse kwa dinageng tse dingwe.
Mafelo a a laolwang sentle a diphologolo tsa naga di sireleditsweng mo go one a botlhokwa thata mo go sireletseng diphologolo tsa naga, segolobogolo mo dikarolong tse di nang le baagi ba bantsi thata. Mafelo ano a di sireleditsweng mo go one gape a ka tlisa madi a mantsi go tswa mo bajanaleng ba dinaga di sele. (Bona lebokose le le mo tsebeng ya 5.) “Mafelo ano,” go konela jalo mmegadikgang wa Moafrika ebong Musa Zondi, mo setlhogong sa Sowetan se se umakilweng fa godimo, “di dira gore diketekete tsa batho di bone tiro—segolobogolo ba ba nnang gaufi le mafelo ano a di sireleditsweng mo go one. Mo godimo ga moo, ke boswa jwa rona. Ga go na mpho epe e e botoka e re ka e tlogelelang bana ba rona e e gaisang mafelo ano.”
A go Ntsifala ga Baagi Ke Gone Fela go Tshosetsang?
Go ntsifala ga baagi go feta selekanyo ga se gone fela go tshosetsang diphologolo tsa naga tsa mo Afrika. Ka sekai, akanya ka dinaga tse nne tse dikgolo tsa Afrika tse di bapileng: Namibia, Botswana, Angola, le Zambia. Tseno di dira lefelo le le fetang India, mme lefa go ntse jalo tsela e baagi ba yone ba ntseng ka yone fa ba kopantswe ba dira batho ba le barataro fela mo sekwerekilometareng. Selekanyo seno ga se kae fa se bapisiwa le kafa baagi ba ntseng ka teng kwa dinageng tse di tshwanang le Jeremane, e e nang le ba le 222 mo sekwerekilometareng; Borithane, e e nang le batho ba le 236 mo sekwerekilometareng; le India, e e nang le ba le 275 mo sekwerekilometareng! E bile tota, tsela e baagi ba ntseng ka yone mo Afrika yotlhe e leng batho ba le 22 mo sekwerekilometareng, e kwa tlase thata ga palogare ya lefatshe ya ba le 40.
“Baagi ba Afrika ba ntse ba oketsega ka bonako,” go dumela jalo Richard Bell wa kwa Zambia mo bukeng ya Conservation in Africa, “mme tsela e baagi ba ntseng ka yone fela ka kakaretso e santse e le kwa tlase fa go sa balelwe mafelo mangwe a a nang le baagi ba bantsi.”
Malwetsi, mauba, bogodu jwa diphologolo tsa naga jo bo rulagantsweng mo dinageng di le dintsi, dintwa tsa selegae, le go sa tlhokomelweng ga balemi ba kwa magaeng, tsotlhe di dira gore diphologolo tsa naga tsa mo Afrika di fokotsege.
Kgogakgogano e e fa gare ga babusi ba bagolo ba se e kileng ya bo e le Soviet Union le dinaga tsa Bophirima e ile ya felela ka dintwa tse dintsi go ralala Afrika, tse mo go tsone matlhakore oomabedi a neng a tlisa dibetsa tse di kotsi thata mo kontinenteng eno. Gantsi, dingwe tsa dibetsa tse di itirisang tseno di ne di dirisiwa go bolaya diphologolo tsa naga gore go fepiwe masole le go bona dibetsa tse dingwe gape ka go rekisa dinaka tsa ditlou, dinaka tsa ditshukudu, le ditlhogo tsa diphologolo tse dingwe le dilo dingwe tse di dirilweng ka tsone. Go bolawa ga diphologolo tsa naga ga go a ka ga khutla fa Ntwa ya Molomo e khutla. Dibetsa tseno di santse di le teng mo Afrika. Lokwalodikgang lwa Africa South lo bega jaana ka dintwa dingwe tsa selegae tsa mo Afrika, tsa kwa Angola: “Go bolaya diphologolo kwantle ga tetla ya molao mo go neng go setse go tletsetletse ka nako ya ntwa, go oketsegile thata fa esale ntwa e emisiwa gonne masole a jaanong a sa tlholeng a lwa ga a laolwe ke ope.” Mme ntwa eno e ile ya tsoga gape.
Magodu a le mantsi a diphologolo tsa naga ba baya matshelo a bone mo kotsing ka gonne ba bona madi a mantsi thata. “Lonaka lo lo longwe fela lwa [tshukudu] lo ka ja [diranta di ka nna 70 000],” go bega jalo pampiri nngwe ya dikgang ya mo Afrika, ya The Star. Mongwe yo o buelelang go sirelediwa ga diphologolo, Dr. Esmond Martin, o ne a etela kwa nageng nngwe kwa Asia ka 1988 mme a fitlhela gore tlhwatlhwa ya kilogerama e le nngwe ya lonaka lwa tshukudu e oketsegile gararo go tloga go R4 520 go ya go R13 750 mo dingwageng di le tharo.
Ke Mang Yo O Tla Itayang Pele?
Go ile ga tsewa dikgato tse di gagametseng go leka go bontsha batho kotsi e e bakiwang ke go batliwa ga dinaka tsa ditlou le tsa ditshukudu. Ka July 1989, dimilione tsa batho ba ba lebang thelebishene mo lefatsheng di ne tsa bona mokoa wa ditone di le 12 tsa dinaka tsa ditlou, tsa boleng jo bo neng bo fopholediwa fa gare ga dimilione di le 9 le di le 18 tsa diranta, a fisiwa ka molelo ke tautona ya Kenya ebong Daniel arap Moi. Mokaedi wa lephata la diphologolo tsa naga kwa Kenya, Dr. Richard Leakey, o ne a bodiwa gore ke ka ntlha yang fa go ne ga senngwa jalo. “Go ne go sena tsela e re ka bontshang batho ba Amerika, Canada kana Japane ka teng gore ba tlogele go reka dinaka tsa ditlou fa re ne re santse re di rekisa,” o ne a araba jalo. Eleruri, ditiro tse di ntseng jalo di ile tsa dira gore batho ba dumelane le go thibelwa ga go rekisiwa ga dinaka tsa ditlou mo lefatsheng lotlhe. Go batliwa ga dilo tse di dirilweng ka dinaka tsa ditlou ke bareki go ne ga fokotsega thata.
Mme kgang e farologane fa go tla mo ditshukudung. Dinaka tsa ditshukudu di ntse di batliwa fela le mororo tautona ya Kenya a ne a tshuba tsa boleng jwa dimilionemilione tsa diranta ka 1990. (Bona lebokoso le le reng “Lebaka la Go Bo Dinaka Tsa Ditshukudu Di Ratiwa Thata Jaana,” tsebe 9.) Dinaga dingwe di shaga dinaka tsa diphologolo tseno go leka go sireletsa ditshukudu tse di ntseng di fokotsega thata. Ka dinako tse dingwe ke lebelo le go sa itsiweng gore ke mang yo o tlileng go itaya pele, lerumo le le idibatsang la ba ba batlang go di sireletsa kana tlhobolo ya othomathiki e e bolayang ya legodu la diphologolo.
Mokgwa O Mosha wa go Di Boloka
Batsomi ba Bophirima le ba ba buelelang go sirelediwa ga diphologolo ga ba a bolo go tseela kwa godimo kitso ya batho ba ba nnang kwa magaeng ya go latela phologolo ka motlhala. Eleruri, Baafrika ba bantsi ba na le kitso e e gakgamatsang thata ka diphologolo tsa naga. “Bontsi jwa kitso eno,” go tlhalosa jalo Lloyd Timberlake mo bukeng ya gagwe e go tweng Africa in Crisis, “ba e bolelelwa ke ba bangwe, mme seno se ka nna sa nyelela jaaka Baafrika ba tswa kwa magaeng ba ya kwa metsemegolong . . . Ka jalo lefatshe le mo kotsing ya go latlhegelwa ke se . . . Leslie Brownrigg yo o ithutang ka batho a ileng a se bitsa ‘patlisiso ya saense e e dirilweng ke batho ba bantsi ka makgolokgolo a dingwaga.’”
Mo nakong e e fetileng, dipuso tsa bokolone di ne tsa dira diparaka tsa setšhaba ka go leleka balemi ba ba neng ba tshela ka go ja diphologolo tsa naga ka dingwaga tse dintsi. Jaanong dipuso dingwe tsa mo Afrika di batla thuso ya balemi bano ba kwa magaeng ba ba sa bolong go tlhokomologiwa. Worldwatch Institute e bega jaana: “Dipuso tsa dinaga di le mmalwa mo borwa jwa Afrika ga di tlhole di laola diphologolo tsa naga di le nosi. Metse mengwe e le 10 mo go e 31 ya Game Management Areas ya kwa Zambia e neilwe thata mo diphologolong tsa naga; bogodu jwa diphologolo bo fokotsegile thata mme go lebega diphologolo tsa naga di oketsega ka ntlha ya seno.” Go begiwa gape gore balemi ba kwa magaeng ba a atlega fa ba leka go di sireletsa ka bobone, jaaka ba kgonne ka tshukudu e ntsho le ditlou tsa sekaka tsa Kaokoland kwa Namibia, kwa mafelong a a sireletsang diphologolo tsa naga a kwa Kangwane e e mo Afrika Borwa, le kwa dinageng tse dingwe tsa Afrika.
Le mororo mokgwa ono o lebega o ka atlega, ba ba buelelang go sirelediwa ga tsone ba tshwenyega ka gore go tla diragala eng mo isagweng. Mokgwa o mosha ono gone jaanong o lebega e le tharabololo ya nakwana fela. Fa nako e ntse e tsamaya, go oketsega ga baagi go tla nna e ntse e le bothata. “Mo lekgolong le le latelang la dingwaga,” go tlhalosa jalo U.S.News & World Report, “go lebeletswe gore baagi ba tlile go oketsega ka [dimilione di le dikete] tse 5, segolo thata mo dinageng tse di tlhabologang, tse e leng tsone tse di santseng di sireleditse diphologolo tsa naga mo polaneteng eno.”
Motho le phologolo ba simolola go lwa fa baagi ba ntse ba oketsega ba fudugela kwa mafelong a e neng e le naga fela. “Diphologolo tse dintsi tse dikgolo tsa Afrika ga di utlwane le mekgwa e go tlhabololwang dilo ka yone kwa magaeng, ka sekai tlou, kubu, tshukudu, nare, tau le kwena, mmogo le ditshephe tse dikgolwane, le ditshwene le dikolobe,” go tlhalosa jalo buka Conservation in Africa.
E re ka motho a sa lebega a kgona go rarabolola bothata jwa gore diphologolo tsa naga tsa Afrika di ka sirelediwa jang gore di tle di se ka tsa nyelela, ke mang yo o ka bo rarabololang?
[Lebokoso/Mmapa mo go tsebe 7]
“Dinare di fokotsegile go tloga go di le 55 000 go ya go di le 4 000, dikgama tsone go tloga ka di le 45 000 go ya go di le 5 000, dipitse tsa naga tsone go tloga go di le 2 720 go ya go tse di ka nnang 1 000, mme dikubu go tloga go di le 1 770 go ya go tse di ka nnang 260.”—Seno ke fa go ne go bapisiwa patlisiso e e dirilweng ka sefofane ka 1979 le ka 1990 kwa Marromeu Delta ya Mozambique le jaaka go ne ga begiwa mo lokwalodikgannyeng lwa African Wildlife, March/April 1992.
“Ka 1981 dipitse tsa naga di le 45 000 di ne tsa fuduga di ralala dinaga tsa majang [tsa kwa bokone jwa Botswana]. Mme ka 1991 go ne ga goroga di le 7 000 fela.”—Go tswa mo makasineng wa Getaway fa o ne o boeletsa bidio ya diphologolo tsa naga ebong Patterns in the Grass, ya November 1992.
“Fa re ne re etetse [kwa Togo, Afrika Bophirima] re fitlhetse palo ya ditlou tsa dikgwa e e itumedisang e bile re sa e solofela kwa Fosse aux Lions Nature Reserve . . . Fa di ne di balwa ka sefofane ka March 1991 di ne di le 130 tsotlhe. . . . [Mme mo lobakeng lo o kafa tlase ga ngwaga fela,] palo ya ditlou tse di kwa Fosse aux Lions e ne e wetse kwa tlase go nna 25.”—Go begilwe mo lokwalodikgannyeng lwa African Wildlife, March/April 1992.
[Mmapa]
(For fully formatted text, see publication)
Mafelo a go sirelediwang diphologolo tsa naga kwa go one a Afrika a na le seabe sa botlhokwa thata mo go sireletseng mefuta e mentsi ya tsone
AFRIKA
MOROCCO
WESTERN SAHARA
MAURITANIA
ALGERIA
MALI
TUNISIA
LIBYA
NIGER
NIGERIA
EGYPT
CHAD
SUDAN
DJIBOUTI
ETHIOPIA
CENTRAL AFRICAN REPUBLIC
CAMEROON
CONGO
Cabinda (Angola)
GABON
ZAIRE
UGANDA
KENYA
SOMALIA
TANZANIA
ANGOLA
ZAMBIA
MALAWI
NAMIBIA
ZIMBABWE
MOZAMBIQUE
BOTSWANA
MADAGASCAR
SOUTH AFRICA
SENEGAL
GAMBIA
GUINEA-BISSAU
GUINEA
BURKINA FASO
BENIN
SIERRA LEONE
LIBERIA
CÔTE D’IVOIRE
GHANA
TOGO
EQUATORIAL GUINEA
RWANDA
BURUNDI
SWAZILAND
LESOTHO
Fosse aux Lions
Nature Reserve
Masai Mara Game Reserve
Serengeti National Park
Marromeu Delta
Kruger National Park
Lewatle la Mediterranean
Lewatle le Lehibidu
Lewatle la India
Mafelo a a Umakilweng mo Setlhogong
Mafelo a Setšhaba a Magolo a Diphologolo
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Lebaka la Go Bo Dinaka Tsa Ditshukudu Di Ratiwa Thata Jaana
“THREE LEGS Brand Rhinoceros Horn Anti-Fever Water.” Leo ke leina la molemo mongwe o o ratiwang thata o o rekisiwang kwa Malaysia, o o bolelwang ke bakwadi ba buka ya Rhino ebong Daryl le Sharna Balfour. Pampitshana e e ngapareditsweng mo molemong ono e balega jaana: “Molemo ono o dirilwe ka kelotlhoko ka Lonaka lwa Tshukudu le Diokobatsi tse di Alafang Letshoroma, e bile seno se dirilwe se kaelwa ke Baitse. Molemo ono o dira dikgakgamatso fa o alafa ba ba tshwerweng ke: Malaria, Kgotelo ya mmele, Letshoroma le le amang Pelo le Mabogo le Maoto, Go Tsewa Ke Sedidi ka Ntlha ya Tlelaemate, Botsenwa, le go Opa ga Meno, jalo le jalo.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
Dilo tse di ntseng jalo di dumelwa thata kwa dinageng tsa Asia. Lonaka lwa tshukudu lo bonwa bonolo fela lo dirilwe metsi kana lo le boupe mo metsengmegolo e mentsi ya Asia. BoorraBalfour ba bolela jaana ka tsholofelo ya go dira gore batho ba se ka ba o rata: “Go nwa molemo wa lonaka lwa tshukudu ga go kake ga go alafa ka gope go tshwana fela le fa o ka tšhotlha dinala tsa menwana ya gago.”
Lonaka lwa tshukudu lo ratiwa ka lebaka le lengwe le le farologaneng kwa Yemen—le dirisediwa go dira mekgothi ya ditšhaka. Go ne ga leriwa ditone tse di fetang 22 ka bo1970, mme ga go bonolo go bona sengwe se ba ka se dirisang mo boemong jwa tsone. “Ba-Yemen,” go tlhalosa jalo boorraBalfour, “ba fitlhetse gore ga go na sepe se se thata le se sentle go gaisa lonaka lwa tshukudu. . . . Fa [mokgothi wa tšhaka] o ntse o dirisiwa thata o lebega bontle le go feta, o nna boserolwana jo bo phatshimang fa o ntse o tsofala.”
[Dikerafa/Ditshwantsho mo go tsebe 8]
(For fully formatted text, see publication)
2 720
1 000
1979 Palo ya dipitse tsa naga 1990
55 000
3 696
1979 Palo ya dinare 1990
1 770
260
1979 Palo ya ditshukudu 1990
45 000
4 480
1979 Palo ya dikgama 1990
Dipalo tse di bapisang tsa diphologolo tsa naga tsa 1979 le tsa 1990 go tswa kwa Marromeu Delta
[Motswedi wa Setshwantsho]
Bottom left: Safari-Zoo of Ramar-Gan, Tel Aviv