LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/15 ts. 7
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bolaya Ditshukudu
  • Pipamolomo E e Sa Begiweng
  • Batho ba Dirisa Internet Kwa Afrika
  • Phologolo Ya Dinaka Tseo Tse di Tlhwatlhwakgolo
    Tsogang!—1995
  • A Motho le Phologolo Ba Ka Nna Felo go le Gongwe?
    Tsogang!—1993
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Lwantsha Tlolomolao ka Tšhaka ya Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 3/15 ts. 7
Ditshukudu tse pedi

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Dintlha ka Afrika

Mekgatlho le batho ba bantsi ba nna ba dira maiteko a go tokafatsa botshelo kwa Afrika. Le fa go ntse jalo, naga eno e sa ntse e na le mathata a le mantsi.

Go Bolaya Ditshukudu

Ka 2007 go ne ga bolawa ditshukudu di le 13 kwa Afrika Borwa mme ga bolawa di le 1 004 ka 2013. Le fa go bonwe dinaka tse dintsi jalo tsa ditshukudu, di sa ntse di batliwa thata ka gonne kilogerama e le nngwe ya tsone e ja madi a mantsi go feta gauta. Lenaka le le lengwe le ka rekisiwa ka dimilione di le feta 5 tsa diranta.

SE O KA AKANYANG KA SONE: A dipuso di ka kgona go fedisa tlolomolao?—Jeremia 10:23.

Pipamolomo E e Sa Begiweng

Motho a naya yo mongwe madi a pipamolomo

Mokgatlho wa Transparency International wa re mo lefatsheng lotlhe, dinaga tsa Afrika Botlhaba ke dingwe tsa dinaga tse mo go tsone batho ba ntshang pipamolomo thata. Le fa go ntse jalo, batho ba ka nna diperesente di le 90 ga ba bege dipipamolomo tseo. Mmueledi wa mokgatlho wa Kenya chapter a re: “Baagi ga ba bege bonweenwee jo bo dirwang ka gonne ba tsaya gore dipuso tsa bone di ka se dire sepe ka gone.”

SE BAEBELE E SE BUANG: “Pipamolomo e foufatsa batho ba ba bonang sentle.”—Ekesodo 23:8.

Batho ba Dirisa Internet Kwa Afrika

International Telecommunication Union ya re go ne go solofetswe gore batho ba ka nna diperesente di le 20 kwa Afrika ba bo ba dirisa Internet fa ngwaga wa 2014 o fela. Palo ya batho ba ba tsenang mo Internet ka founo ya selula kwa Afrika e oketsegile go menagane gabedi fa e bapisiwa le palogare ya lefatshe lotlhe.

1. Khomputara e bontsha kontinente ya Afrika; 2. Batho ba le 20 mo go ba le 100; 3. Letshwao le le lebileng kwa godimo le kwadilwe diperesente di le 20
    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela