Phologolo Ya Dinaka Tseo Tse di Tlhwatlhwakgolo
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! MO AFRIKA BORWA
KA TSHOGANETSO tshukudu e ne e mo tlhasela ka lobelo lo logolo. Monna wa batho o ne a ikolopela kafa letlhakoreng le lengwe a bo a tabogela kwa setlhatshaneng se se neng se le fa gaufi. Lefa go ntse jalo, tshukudu e ne ya retologa ka bofefo jo bo gakgamatsang e sa mo neye sebaka sa go sianela kwa lefelong le le babalesegileng. E ne ya mo dikolosa setlhare makgetlho a sekae pele ga e mo goga ka lenaka e mo latlhela kwa godimo. Monna wa batho o ne a ruthaganela mo magetleng a tshukudu pele ga a itaagana fa fatshe. Ke yoo o rapaletse, a solofetse gore e tla mo gataka kana e mo tlhaba ka lonaka gore a swe. Fa tshukudu e mo atamela, monna yono o ne a tsholetsa leoto la gagwe mme tshukudu ya mo nkgankga fela e bo e itsamaela!
Eno ke tshukudu e ntsho ya Afrika—e matlhagatlhaga thata, e rata ntwa, e pelwana. Fa tshukudu e ka dupa kana ya utlwa sengwe se e sa se boneng (ga e kgone go bona sentle), e tla bo e tabogela kwa selong seo e le matlhagatlhaga—go sa kgathalesege gore a ke terena kgotsa ke serurubelenyana! Le mororo e le boleele jwa dimetara tse 1,5 fa magetleng e bile e le bokete jwa dikilogerama di le 1 000, e kgona go taboga ka lobelo lwa dikilometara di le 55 ka ura e bile e kgona go retologa ka bofefo jo bogolo thata!
Ka dinako tse dingwe fa e taboga jalo e a bo e le go thetha fela kgotsa go itshamekela fela. Yuilleen Kearney, yo a kileng a rua tshukudu e ntsho e e bidiwang Rufus, o bolela gore “Rufus o ne a tlhola a itumela tota fa a thuntsha dithole.” O gakologelwa gore nako nngwe Rufus o ne a tla a “gagasa, a suma e bile a thula” ditlhare, “a tla a taboga a raletse tshingwana a bo a fitlha a ema tsi fa pele ga mathudi a ntlo, a pagama disetepise ka iketlo a bo a fitlha a rapama fa thoko ga setulo [sa gagwe] sa maikaego.”
Batho ba le bantsi ba ba ileng ba ithuta tshukudu e ntsho ba e rata fela jalo. Le fa go ntse jalo, botlhe ba a dumalana gore ditshukudu di a farologana go ya ka mekgwa ya tsone fela jaaka batho le bone ba farologana. Ka gone, o ikele tlhoko mo go tse di pelwana! Buka nngwe ya bojanala e e itsegeng thata mo borwa jwa Afrika e tlhagisa batho gore “le ka motlha ba se ka ba tshepa” tshukudu e ntsho “le gore ba tsamaele kgakala le yone.” Selo se se utlwisang botlhoko ke gore, gantsi tsela e batho ba e tshwarang makgwakgwa ka yone ke yone e e dirang gore e nne bogale jalo. Porofesa Rudolf Schenkel, yo o neng a falola tiragalo e e tlhalositsweng fa godimo fa a ne a tlhasetswe ke tshukudu, o tlhalosa gore motho ke ene mmaba a le mongwe fela wa tshukudu.
Go tweng ka tshukudu e nngwe ya Afrika, e tshweu? Tsela e e leng bonolo ka yone e dirile gore e farologane thata le ntsalaayone yo o bosilo. Gape e feta e ntsho gabedi ka bogolo mo go dirang gore e nne yone phologolo ya boraro e e tshelang mo nageng ka bogolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Tlhogo ya yone e kgolo e boima thata mo go tlhokang banna ba le bane gore ba e tsholetse! Lefa go ntse jalo, e bonako fela jaaka ntsalaayone yo montsho.
Gantsi fa tshukudu e tshweu e bona motho mo sekgweng, e mo utlwa kgotsa e mo dupelela, e tla tshaba ka ntlha ya letshogo. Lefa go ntse jalo, buka ya Rhino, ya ga Daryl le Sharna Balfour e tlhagisa gore motho a se ka a tsaya gore e tla dira jalo ka metlha. Ba bolela gore, “batho ba le bantsi bosheng jaana ba ile ba gobadiwa ke ditshukudu tse ditshweu go feta tse dintsho,” ba oketsa ka gore gongwe seo se bakiwa ke gore batho ba e “tlhaetsa matlho.”
Se e Ratang go Itlosa Bodutu ka Sone
Go na le sengwe se tshukudu ya Afrika e se ratang thata. E rata seretse thata—se sentsi tota! O tla fitlhela di le dintsi di oketsa mosepele fa di atamela mogobe wa seretse o di o ratang thata e bile di lela ka boitumelo fa di ntse di o atamela. Boorra Balfour, ba ba neng ba tlhola ba di lebile fa di dira jalo, ba bolela gore tshukudu e tla inwetsa mo seretseng ka bonya, “o bo o utlwa phologolo eno e e itumetseng e kgwa mowa e bo e rapama ka letlhakore le lengwe metsotso e sekae . . . pele ga e tswelela ka go tlhapa, gantsi e bidikama mo go sone ka mokwatla e ntse e ragaragela maoto kwa godimo.”
Ka dinako tse dingwe o tla fitlhela mefuta eno e mebedi ya ditshukudu e ipitika mo mogobeng o le mongwe e bile di itumelela nako eo ya go itlosa bodutu mmogo. Rufus yo mmotlana yo go builweng ka ene fa godimo, o ne a tlhola a itumelela go ipitika jalo mo seretseng mo “ka dinako tse dingwe a neng a tlhola a itatlhela mo teng a bo a supoga a tswa pele ga a fetsa go tlhapa a ya go tabogataboga go dikologa tshingwana a tlola jaaka pitse pele ga a boela gape mo teng ga mogobe.”
Lefa go ntse jalo, seretse ga se di thuse fela gore di itumele jalo. Se dira gore di kgone go kgobokana mmogo le ditshukudu tse dingwe le diphologolo tse dingwe tse di ratang seretse, se thusa tshukudu go leleka dintsi tse di ratang go e loma e bile se timola mogote wa letsatsi mo mmeleng wa yone. Ke gone ka moo ka dinako tse dingwe o ka fitlhelang tshukudu e fetsa diuraura e le mo mogobeng e sa fetse.
Di Farologana Jang?
Motho a ka farologanya ditshukudu tseno jang? A mme gone go ntse jalo gore e nngwe e ntsho mme e nngwe yone e tshweu? Nnyaa. Tsotlhe di kwebu ka mmala—mme bokwebu jwa teng bo a farologana—fa e le gore gone o tla kgona go bona bokwebu jwa tsone. Se tota o tla se bonang ke mmala wa seretse se e sa tswang go bidikama mo go sone se se apesitseng letlalo.
Lefa go ntse jalo o ka di farologanya go ya ka popego ya molomo wa tsone. Pounama e e kwa godimo ya tshukudu e ntsho e e jang dikala le matlhare a ditlhare e motsu mme e e dirisa go tshopa matlhare kana dikalanyana tsa ditlhatshana. Ka jalo leina le le tshwanetseng la yone ke tshukudu e e molomo o motsu. Tshukudu e tshweu yone e tshela ka go fula. Ka gone, melomo ya yone e sephaphathi mo e kgonang go kgetla tlhaga jaaka sesegabojang. Ke gone ka moo leina la yone le le tshwanelang thata e leng tshukudu e e molomo o sephaphathi. Lefa go ntse jalo, di tlwaelegile thata ka gore ke tshukudu e ntsho le e tshweu e leng maina a go bonalang a tlile le masetlelara a bogologolo a Badatšhe a a neng a tla mo borwa jwa Afrika.
Dinaka Tseo Tse di Tlhwatlhwakgolo
Leina la tshukudu la Seesemane e bong rhinoceros le tswa mo mafokong a mabedi a Segerika a a kayang “lonaka lo lo mo nkong.” Mme dinaka tsa tshukudu di dirilwe ka eng? Batho bangwe ba tlhalosa gore di dirilwe ka moriri o o tshopagantsweng, ka jaana di rata go kgoboga mo thithong ya tsone. Lefa go ntse jalo, Dr. Gerrie de Graaff, mogakolodi wa saense wa National Parks Board ya Afrika Borwa, o bolela gore ga se moriri wa mmatota, go na le moo, “go ya ka maekeresekoupu, di tshwana le ditlhakwana [tsa diphologolo tse di nang le ditlhakwana].”
Dinaka tseno di gola fela jaaka dinala tsa menwana. Tshukudu nngwe e ntsho e e itsegeng thata e e bidiwang Gertie e ne e na le le le boleele jwa dimetara tse 1,4, mme dinaka tsa tshukudu e ntsho tsone di gola go fitlha di nna dimetara tse pedi! Mme fa go ka direga gore lonaka lo robege, ka jaana ka dinako tse dingwe go tle go direge jalo, go tla tlhoga le lengwe le le golang ka lobelo lwa disentimetara tse robedi ka ngwaga.
Ke eng fa dinaka tsa tshukudu di le tlhwatlhwakgolo jaana? Batho ba le bantsi ba di dirisetsa go dira melemo, ba bangwe ba itumelela go nna le molelema wa thipa e mokgothi wa yone o dirilweng ka lenaka la tshukudu. Di ratiwa thata e bile kgwebo ya tsone e gola ka lobelo lo logolo mo go dirang gore batho ba ba bogagapa ba bolaye diketekete tsa ditshukudu go dira madi a mantsi.
Tshukudu e tshweu e e kileng ya bo e le gaufi le go nyelela, gone jaanong ga e tlhole e le mo kotsing ya go nyelela ka ntlha ya maiteko a basomarelatlhago. Mme ga go a nna jalo ka ntsalaayone yo montsho. Go simolotswe mekgwa e mesha ya go kganela bonokwane jo bo ntseng bo anama ka go kgaola dinaka tsa diphologolo tseno. Lefa go ntse jalo go bonala fa letsholo leno le legolo le sa atlege go le kalo. Ka ntlha ya tsela e dinaka tsa tshukudu di leng tlhwatlhwakgolo ka yone mo kilogerama e le nngwe ya tsone e ka jang R7 000, dinokwane tsa teng di bona go tshwanela gore di robe le sekgontinyana sa lonaka lo lo setseng lwa tshukudu e e kgaotsweng lonaka. Lefa go ntse jalo, re solofela gore bogagapa jwa motho ga bo ne bo atlega go nyeletsa phologolo eno e e kgatlhang thata e le gore dikokomana tse di tlang le tsone di tle di kgone go e itse.
[Mafoko a a mo go tsebe 18]
O ka farologanya jang tshukudu e ntsho le tshukudu e tshweu e re ka tsotlhe di le kwebu?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Tshukudu e tshweu le namane ya yone
[Motswedi wa Setshwantsho]
National Parks Board of South Africa