Diane tsa Sezulu—Di Re Lemotsha Sengwe ka Aferika
SETŠHABA sa Mazulu, se se nnang mo kgaolong e e bothitho le mouwane ya lotshitshi lo lo kafa botlhaba lwa Aferika Borwa, se ile sa rua boswa jwa diane tse di monate thata tse di nang le thuto ka botshelo ka tsela eo eleng ya Seaferika eletota. Ga go gakgamatse go bo go buiwa thata ka kgomo mo dianeng tsa Mazulu, ereka e le sedirisiwa se se rategang thata se se tsayang karolo e kgolo mo matshelong a bone.
Tsaya ka sekai, kafa Mozulu a tlhalosang ka teng se se ka diragalang fa barena ba babedi ba leka go laola ntlo e le nngwe fela. Seo se tla bo se le diphatsa fela jaaka go tlhatlhela ‘poo tse pedi mo lesakeng le le lengwe fela.’ (Akukho zinkunzi zahlala ndawonye.)
Mme re santse re bua ka dikgomo jalo, monko o o bogale wa lenaka le le shang mo molelong o o orwang, o bosula fela thata mo go mongwe le mongwe yo eleng gore o tla bo a le gaufi. Ka jalo, motho a ka nna a bua jaana, ka motho yo o senang maitseo yo o ratang go omana: “Ke yo, o a bo a tshuba lonaka gape.” (Ushis’ uphondo.)
Go ithwalela morwalo o eleng wa gago mo botshelong go tsewa e le nonofo e e botlhokwa thata ke batho ba le bantsi. Mme go ntse fela jalo le ka Mazulu. Ka jalo, tlhogotshweu mongwe yo o botlhale a ka nna a akgela jaana: “Ga o a tshwanela go tshaba maikarabelo a gago, gonne ‘tlou ga e nke e imelwa ke lopo e le sa yone.’” (Akundlovu yasindwa umboko wayo.)—Bapisa Bagalatia 6:5.
Fa mongwe a ne a ka rakana le tshukudu e gaketse mo nageng, go bona setlhare se a ka se palamang e ne e tla nna thuso e e molemolemo. Ka jalo, ke sone se seane se reng: “E re o gopola tshukudu o ikanye setlhare!” (Ungakhulumi ngobhejane kungekho sihlahla eduze.) Tlhagiso ya seane seo e papametse.
Ka tsela e e tshwanang, go leka go dira dilo tse dintsi tse di farologaneng ka nako e le nngwe fela go ka felela go go paledisitse go fetsa sepe sa tsone. Mazulu a re, “O ka se ka wa lelekisa diphala di le pedi ka nako e le nngwe fela.” (Ungexoshe mpalambili.) Mongwe le mongwe yo o kileng a leka go dira seno o a itse gore fela fa o simolola go tlhoafalela go tshwara phala e le nngwe, e nngwe ka nako eo e tla bo e inaya naga. Thuto ya seno ke eng? Dira selo se le sengwe fela ka nako e le nngwe fela.
Batho ba le bantsi ka kakaretso ba ila botlhogoethata jo bo senang tlhaloganyo. Mazulu a tlhalosa motho yo o tlhogoethata jalo ka tsela e e matsetseleko a riana: “O ne a apeelwa le leje, leje la butswa e ne a sala.” (Kwaphekwa yena kwaphekw’ itshe, kwavuthw’ itshe kuqala.)
E re le mororo diane tsa batho di sa tlhotlhelediwa jaaka tse di mo Bibeleng, bontsi jwa tsone di re ruta mekgwa e e re thusang go tswelela sentle mo botshelong.—Diane 1:5, 6.
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
SETLHARE SE SE LATELANG 10KM