LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 11/8 ts. 11
  • Yo O Tla Sireletsang Diphologolo tsa Rona tsa Naga

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Yo O Tla Sireletsang Diphologolo tsa Rona tsa Naga
  • Tsogang!—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diphologolo Tsa Naga di a Fela—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ke Mang Yo O Sireletsang Diphologolo Tsa Naga tsa Afrika?
    Tsogang!—1993
  • A Lefatshe le Tla Falola?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A Lefatshe la Rona le Tla Tsamaya le Senngwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 11/8 ts. 11

Yo O Tla Sireletsang Diphologolo tsa Rona tsa Naga

MOTHO o sale a ntse a itumelela go ithuta diphologolo tsa naga go tloga fela kwa tshimologong ya hisitori ya gagwe. Se se utlwisang botlhoko ke gore, fela fa Modimo o sena go letla motho go ja nama, o ne a se ka a tlhola a di anaanela me a di bolaya go sa tlhokege a bo a di tsoma ka bosetlhogo a batla ditlhogo tsa tsone fela.—Genesise 2:19, 20; 9:2; 10:9; 25:27.

Mme batho bangwe ba ne ba tswelela ba itumelela diphologolo tsa lefatshe tsa naga. Mo e ka nnang dingwaga di le 3 000 tse di fetileng, mafoko a a mo go Pesalema 104 a ne a kwalwa ke motho mongwe yo o neng a rata diphologolo tsa naga. O umaka diphologolo tse di farologaneng tsa naga ka maina, jaaka dipitse tsa naga, ditau, dipodi tsa dithaba, dipela le dinonyane. Dilo tse mopesalema a di ithutileng ka dinonyane, melodi ya tsone, le diphologolo, di ne tsa mo tlhotlheletsa gore a bolele jaana a baka: “[Jehofa] U di dihile ka botlhale cotlhe hèla.”—Pesalema 104:10-12, 17-21, 24.

Eleruri, go a tshwanela go bo Jehofa Modimo a itumedisiwa ke dilo tse dintlentle tse a di bopileng. (Genesise 1:31) Ka jalo, re ka tlhomamisa gore ga a kitla a letla gore diphologolo tsa lefatshe tsa naga tse di setseng di bolawe tsotlhe. Go dumelana le seo, Modimo o ne a tlhotlheletsa mopesalema gore a kwale tshedimosetso e e tshwanetseng go kgatlha botlhe ba ba ratang diphologolo tsa naga. Re bolelelwa gore ‘lefatshe . . . ga le kake la tshikhinngwa ka bosakhutleng.’ (Pesalema 104:5) Go amega ka tsela eo ka gore dilo tse di mo polaneteng eno di nnele ruri go akaretsa dibopiwa tse di leng mo go yone. (Isaia 45:18) Jesu Keresete o ne a gatelela gore Modimo o amega ka dibopiwa tsa naga fa a ne a bolela jaana: “Dithaga di le tlhano a ga di rekwe ka madinyana a le mabedi? me go bo go se epè ea cōna e e lebalwañ ha pele ga Modimo.” (Luke 12:6) Tsela e Modimo o amegang ka yone ka dibopiwa tsa gagwe e gatelelwa gape mo go Pesalema 104, temana ya 14, e e balegang jaana: “O tlhogisetse dikgomo boyañ, le eōna merōgō go nna thushō ea batho; gore a tlè a ntshè diyō mo mbuñ.”

Go dumelana le dintlha tseno, Jehofa Modimo ga a kitla a itshokela batho ba ba mo latolang gore o teng le ba ba tshosetsang go senya isagwe ya lefatshe leno le diphologolo tsa yone tsa naga ka bosakhutleng. Pesalema 104 e gatelela seno ka go konela ka mafoko ano a a re tlhomamisetsang: “A baleohi ba nyèlèdiwè ba tlogè mo lehatshiñ, me a baikepi ba se tlhole ba leeō gopè.”—Pesalema 104:35.

A bo go gomotsa jang ne go itse gore Modimo o boletse fa o ikaeletse go “senya ba ba senyañ lehatshe.” (Tshenolō 11:18) Ka nako eo boperofeti jo bongwe jo jaanong bo diragadiwang ka tsela ya tshwantshetso bo tla diragadiwa ka mmatota. Ka sekai, Jehofa Modimo o bolela jaana ka moperofeti wa gagwe Hosea: “Ke tla re mo motlheñ ouō ke ba dihèle kgōlaganō le diphōlōhōlō tsa naga, le dinōnyane tsa loapi, le dilō tse di gagabañ tsa lehatshe: ke tla rōba bora le chaka le tlhabanō mo lehatshiñ, me ke tla ba rōbatsa ka polokègō.”—Hosea 2:18; Isaia 11:6-9.

Ikakanye o setse o le mo lefatsheng le le tlang leo la Paradaise. A bo eo e tlile go nna nako e e itumedisang jang ne! ‘Lefa go ntse jalo,’ o ka nna wa ipotsa jaana, ‘ke eng se ke tlhokang go se dira gore ke bone masego a a ntseng jalo?’ Sa ntlha, o tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo. Mme jaanong, Jehofa Modimo o solofetsa ba ba ineelang gore ba kaelwe ke Bibela ka tsela eno e e itumedisang thata: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela