LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w08 8/1 ts. 31
  • A Lefatshe le Tla Falola?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Lefatshe le Tla Falola?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefatshe
    Tsogang!—2014
  • A Lefatshe le Tlile go Senngwa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Tla Diragalang ka Polanete e Go Tweng Lefatshe?
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • “Le mo Lefatsheng, Jaaka Kwa Legodimong”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
w08 8/1 ts. 31

Babadi ba a Botsa

A Lefatshe le Tla Falola?

Lefatshe ga le kitla le senngwa ke masetlapelo le fa e le ape. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega ka seo? Ka gonne Modimo o solofetsa gore lefatshe “ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.” (Pesalema 104:5) Baebele ya re, le fa “kokomana e tla e bile kokomana e tsamaya, lefatshe le nnetse ruri ka bosakhutleng.”—Moreri 1:4, New International Version.

Mo go Pesalema 104:5 go nnela ruri ga lefatshe go gatelelwa ka mafoko a mabedi a a neng a dirisiwa mo mokwalong wa ntlhantlha wa Sehebera wa temana eo—ʽoh·lamʹ e e kayang “ka bosakhutleng” le ʽadh e e kayang “bosaengkae.” ʽOh·lamʹ e ka nna ya ranolwa go twe ke “dingwaga di le dintsi” kgotsa “ka bosakhutleng.” Go ya ka Harkavy’s Students’ Hebrew le Chaldee Dictionary, ʽadh e kaya “nako e e rileng, ka bosakhutleng, ka bosaengkae.” Mafoko ano a mabedi a Sehebera a bontsha go nnela ruri ga lefatshe. Akanya ka mabaka a mangwe a mararo a a theilweng mo Baebeleng a a bontshang gore lefatshe le tla nnela ruri ka bosakhutleng.

La ntlha, Modimo o ne a bopa lefatshe gore le nniwe ke batho—gore le nne paradaise e ntle ya lefatshe lotlhe e seng gore le nne lefelo le le kgakgabetseng. Isaia 45:18 ya re Jehofa ke, “Mmopi wa magodimo, Ene Modimo wa boammaaruri, Mmopi wa lefatshe le Modiri wa lone, Ene Yo o le tlhomamisitseng thata, yo o sa le bopelang lefela, yo o le bopetseng go nniwa.”

La bobedi, Modimo ga a bolo go solofetsa gore batho ba ba mo ikobelang ba tla nnela ruri ka kagiso mo lefatsheng. Mika 4:4 e solofetsa jaana: “Ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o go buile.” Ka jalo, go ya ka boikaelelo jwa Modimo, lefatshe le tshwanetse go nna legae la batho ka bosakhutleng fa go sa nne jalo, ditsholofetso tsa gagwe e tla bo e le tsa lefela.—Pesalema 119:90; Isaia 55:11; 1 Johane 2:17.

La boraro, Modimo o neile batho boikarabelo jwa go tlhokomela lefatshe leno. Lefoko la Modimo la re: “Fa e le magodimo, magodimo ke a ga Jehofa, Mme lefatshe o le neile bana ba batho.” (Pesalema 115:16) A rre yo o lorato a ka naya ngwana wa gagwe mpho e ntle mme morago ga moo a bo a e tsaya le go e senya? Go ka se ka ga nna jalo! Ka tsela e e tshwanang, Jehofa ga a kitla a dira jalo ka lefatshe le banni ba lone, ka gonne “Modimo ke lorato.”—1 Johane 4:8.

Jesu Keresete o ne a tlhomamisa jaana malebana le se Rragwe a se buang: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Mme Modimo, yo a ka se kang a aka, o solofetsa jaana: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29; Tito 1:2.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

Globe: Based on NASA photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela