Dintsi Tseo Tse di Ferosang Sebete—A Di na Le Mosola go Feta Jaaka o Akanya?
BONTSI jwa rona re tsaya gore dintsi di a tena e bile ka tlhamalalo fela di kotsi mo setšhabeng. Mme baitse ba thutotshelo ba lemoga gore dintsi, lefa gone di ka tswa di tshwenya jang, di na le mosola o montsi go feta jaaka re ka akanya.
Mefuta e mentsi ya tsone e senya nako e ntsi e etela dithunya, marekisetso a dijo a a fang bareki ba one ba ditshenekegi tswina mmogo le modula. Dintsi tse dingwe tse di ka gogang dikotla mo moduleng—mo e leng tiro e kgolo tota—di ikaegile ka dijo tseno tse di nayang maatla gore di kgone go baya mae.
Fa di etela dithunya ka go farologana ga tsone, dintsi di tsaya ditlhaka tsa modula o o bongapa, o o ikgomaretsang mo mebeleng ya tsone. Ntsi e le nngwe e e neng ya tlhatlhobiwa ke baitse ba thutotshelo e ne e na le ditlhaka tse 1200 tsa modula mo mmeleng wa yone! Fa go ntse go batlisisiwa ka mo go oketsegileng gore dintsi di thusa ka eng fa modula o tswa mo karolong e e rileng ya sethunya o ya kwa go e nngwe, baitsesaense ba ne ba lemoga gore dithunya tse dingwe di ikaegile ka tsone gore di tshele.
Makasine wa Natural History o tlhalosa ditekeletso tse di ileng tsa dirwa kwa Colorado, kwa Amerika Bokone. Dintsi tse di tlwaelegileng tsa losika lwa Muscidae, tse di tshwanang le dintsi tsa ntlo, di ne tsa gasiwa ka mebala e e galotseng gore di tle di bonwe motlhofo. E ne ya re fa babatlisisi bangwe ba sena go ela tlhoko ditiro tsa tsone tsa letsatsi le letsatsi, ba gakgamala fa ba ne ba lemoga gore dintsi di botlhokwa thata mo dithunyeng dingwe tsa kwa nageng go gaisa dinotshe le gore di ne di fofa thata mo lefelong le gore di le keleke go gaisa dinotshe.
Tiro ya dintsi e botlhokwa go le kana kang? Dithunya tse dingwe di ne di khurumeditswe ka letloa gore di se ka tsa etelwa. Dithunya tseno di ne tsa se ka tsa ntsha peo gotlhelele—di farologana thata le tse di neng di ntsha maungo tse di neng di bapile le tsone tse di neng di tsentswe modula ke dintsi. Lefa gone dithunya tse dingwe di ne di tsenngwa modula ke dinotshe, mo mefuteng e mengwe e e tshwanang le leloba la naga kgotsa geranium ya naga, kwa mafelong a a kwa godimo, diperesente tse 90 tsa tiro eno di ne di dirwa ke dintsi.
Go tweng ka tshwetso ya ga Carol Kearns le David Inouye, babatlisisi ba babedi? “Ka jalo he, mo dithunyeng tse dintsi tsa naga tsa kwa Colorado Rockies dintsi di gaisa dinotshe, dirurubele, le dinonyane tsa segaolane . . . Fa ditshenekegi tseno tse batho ba di tlhoileng di ka bo di seyo, dithunya tse dintsi tsa naga tse di dirang gore go etela dipoa tse di tletseng tlhaga tsa dithaba e nne sengwe se se ipedisang, di ne di tla palelwa ke go ntsha peo.” Kwantle ga pelaelo, dintsi di mosola!