LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 6/8 ts. 11-13
  • Ntsi ya Tsetse—A ke Sebetso sa Afrika?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ntsi ya Tsetse—A ke Sebetso sa Afrika?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • E Ikotla ka Madi
  • E Bolaya Diphologolo
  • E Bolaya Batho
  • Lefoko la go Iphemela
  • Ntshi e e Fofang ka Ponyo ya Leitlho
    A di Dirilwe ke Mongwe?
  • Bothata jo bo Golang Jwa Malwetse a a Anamisiwang ke Ditshenekegi
    Tsogang!—2003
  • Bofofu Jwa Noka—Go Fenya Sebetso Seno se se Botlhoko
    Tsogang!—1995
  • Haltere ya Ntsi
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 6/8 ts. 11-13

Ntsi ya Tsetse—A ke Sebetso sa Afrika?

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA NIGERIA

RE NE re sa tswa go fudugela kwa motseng mongwe wa selegae kwa Afrika Bophirima. Re ne re le mo teng ga sekgwa sa boboatsatsi. Letsatsi lengwe go le motshegare, mosadi wa me o ne a re a sena go tsena mo ntlwaneng a goa a re: “Go na le seboba mo teng mo!”

Seboba seo se ne sa betsega sa tswa ka bonako mo ntlwaneng eo mme sa tsena mo ntlwaneng ya go tlhapela. Ke ne ka phamola tshitswana ya sebolayaditshenekegi mme ka e alola le go tswala lebati. Ntsi eo e ne e sa bonale gope. Ka bonakonyana, e ne ya fofela mo sefatlhegong sa me. E a ntlhasela! Ke ne ka leka go e bolaya ka matsogo a me a a neng a fofa mo phefong mme ka se ka ka atlega. E ne ya fofela kwantle ga fensetere. E ne ya thibelwa ke sesiro sa fensetere. Ntsi e ne ya kalela mo go sone.

Ke ne ka itebaganya le yone mme ka e gasa ka sebolayaditshenekegi ka selekanyo se segolo. Mo maemong a a tlwaelegileng fela fa o ka gasa tshenekegi nngwe le nngwe fela ka tsela eo, e swa gone fela foo. Mme e seng ntsi eno. E ne ya tswelela e ntse e fofa fela mo ntlwaneng ya go tlhapela.

Selo seno se thata tota! Ke ne ke sa belaele gore sebolayaditshenekegi seo se tla bereka le gore ntsi eo e tla tloga e wela fatshe. Mme ga e a ka ya wa. Fa e se na go kotama gape, ke ne ka e gasa gape la bobedi. E ne ya boa ya fofa gape.

Tota ntsi eno e e fetang tse dingwe ka nonofo, ke ya mofuta ofe? Labofelo e ne ya swa fa ke ne ke e gasa thata gabedi ka tlhamalalo.

Ke ne ka rwala digalase tsa me mme ka tlhatlhoba setshedi seo ka kelotlhoko. E ne e le kgolwane go feta ntsi fela e e tlwaelegileng, lefa gone e ne e sa lekane le seboba. Diphuka tsa yone di ne di tshophaganye kafa morago ga yone, di dira gore e lebege e rethefetse go farologana le ntsi fela e e tlwaelegileng. E ne e na le lebolela le letelele le e keteng lemao le le neng le lepelela go tswa mo molomong wa yone.

Ke ne ka tlhaeletsa mosadi wa me ka re: “Selo seno ga se seboba. Ke ntsi ya tsetse.”

Tiragalo eno e ne ya ntemotsha ka botlalo kafa go nnileng thata ka gone go fedisa ntsi eno mo legaeng la yone le le disekwerekilometara di le dimilione tse 11,7, mo Afrika e e leng kgaolo e e fetang United States ka bogolo. Ke ka ntlha yang fa batho ba batla go e fedisa? E pegilwe melato e meraro. Molato wa ntlha:

E Ikotla ka Madi

Go na le mefuta e le 22 e e farologaneng ya ntsi ya tsetse. Tsotlhe di nna mo borwa jwa Sahara mo Afrika. Tsotlhe, tse ditonanyana le tse dinamagadi, di nwa madi a diphologolo tse di nang le marapo a mokokotlo, di nwa madi a a lekanang le bokete jwa mebele ya tsone go menagane gararo ka nako e le nngwe.

Di loma diphologolo tse di farologaneng tse di fulang—tsa mo Afrika le tse e seng tsa teng. Gape le batho di a ba loma. Di loma ka tsela ya go phunyetsa kwa tengteng gore go nne botlhoko fa di nwa madi. Di dira gore go babe le go nna botlhoko ka nako e e tshwanang. Di dira boruruge.

Dintsi tsa tsetse di itse go dira tiro ya tsone ka botswerere. Ga di senye nako di nnetse go fofafofa go dikologa tlhogo ya gago. Di kgona go fofela motho jaaka lerumo mme di bo di ema di re tsi, jaaka e kete di gata mariki di be di kotama mo sefatlhegong sa gago ka bonolo bo e leng gore ga o kgone go di utlwa. Di ka nna jaaka magodu; ka dinako tse dingwe ga o itse le gore di utswile madi mangwe go fitlha di sena go tsamaya—fa se se tla bong se go saletse fela e le go sekaseka ditshenyegelo tsa gago.

Gantsi di rata nama e e sa apesiwang sepe. (Di lebega di rata ka fa morago ga molala wa me!) Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, di bona go le botoka gore di gagabe ka fa teng ga leoto la borokgwe kana ka fa teng ga letsogo la hempe pele ga di phunya tshika gore di monyetse madi. Kgotsa fa di rata, di kgona go loma diaparo—seo ke kgetsi e potlana mo tshenekeging e e kgonang le go phunya letlalo le le thata la tshukudu.

Batho ba latofatsa tsetse e seng fela ka gore e botlhale mme gape ka gore e leferefere. Nako nngwe fa ke ne ke leka go bolaya e nngwe ka sebolayaditshenekegi, e ne ya fofela mo ntlwaneng ya me ya go baya diaparo mme ya iphitlha mo borokgwaneng jwa me jwa go shapa. Malatsi a mabedi moragonyana fa ke ne ke apara borokgwana joo, e ne ya ntoma gabedi! Mo lekgetlhong le lengwe, ntsi ya tsetse e ne ya iphitlha mo sepatšheng sa mosadi wa me. O ne a tsamaya ka sepatšhe a ya kwa ofising, mme fa a ne a re o tsenya seatla sa gagwe mo teng ga sone, ntsi eo e ne ya mo loma mo seatleng. Go tswa foo e ne ya fofa mo kamoreng eo, e tsosa tlhakatlhakano mo babereking ba ofisi. Mongwe le mongwe o ne a emisa go bereka a leka go e bolaya.

Ka jalo molato wa ntlha o ntsi ya tsetse e o pegwang ke gore ke senwamadi se se lomang botlhoko thata. Molato wa bobedi:

E Bolaya Diphologolo

Mefuta mengwe ya dintsi tsa tsetse e anamisa bolwetse jo bo bakwang ke diparasaete tse di bidiwang trypanosomes. Fa ntsi ya tsetse e monyetsa madi a phologolo e e nang le bolwetse, e metsa madi a a nang le diparasaete. Tseno di golela le go ntsifalela mo teng ga ntsi eo. Fa ntsi eo e loma phologolo e nngwe, diparasaete di tswa mo ntsing eo di bo di tsena mo mading a a elelang mo teng ga phologolo eo.

Bolwetse joo ke jwa trypanosomiasis. Jo bo tsenang diphologolo jone bo bidiwa nagana. Diparasaete tsa nagana di gola sentle thata mo mading a diphologolo tse dintsi tsa mo Afrika, segolobogolo tshepe, nare, dinoko, diphuti, diphala le dikolobe tsa naga. Diparasaete ga di bolaye diphologolo tseno.

Mme diparasaete di bolaya leruo le le sa tlholegeng mo Afrika—dikammele, dintša, ditonki, dipodi, dipitse, dimoulo, dikgomo, dikolobe le dinku. Go ya ka makasine wa National Geographic, nagana e bolaya dikgomo di le dimilione tse tharo ngwaga le ngwaga.

Barui ba dikgomo, jaaka Bamasai ba kwa Afrika Botlhaba, ba ithutile go tila mafelo a ntsi ya tsetse e leng ntsi mo go one, mme leuba le go tlhoka mafudiso gantsi go dirile gore ba palelwe ke go dira seo ka dinako tse dingwe. Ka nako ya leuba la bosheng jaana, malapa a mane a a neng a na le dikgomo di le 600 a ne a swelwa ke e le nngwe letsatsi le letsatsi ka ntlha ya ntsi eno. Lesalon, mogolwane wa lelapa lengwe mo go bone, o ne a re: “Rona Bamasai, re batho ba ba pelokgale. Re tlhaba tau ka segai, re lebagana le nare e e tlhaselang. Re bolaya mokwepa, re lebagana le tlou e e galefileng. Mme fa e le ka orkimbai [ntsi ya tsetse]? Re tlhotswe.”

Go na le melemo e e ka fodisang bolwetse jwa nagana, mme dipuso tse dingwe di letla gore di dirisiwe fela ka kaelo ya batho ba tsa kalafi ya leruo. Seno se dirwa ka lebaka le le utlwalang, ka gore go fa phologolo molemo o le monnye ga go e tsenye fela mo kotsing ya go swa mme gape go atisa diparasaete tse di palelang melemo. Go ka ketefalela morui wa dikgomo yo o mo sekgweng gore a bone ngaka ya diphologolo ka bofefo gore e mo alafele diphologolo tsa gagwe tse di swang.

Melato ya ntlha e mebedi kgatlhanong le ntsi ya tsetse e itshupile e se e e ka ganediwang—e ikotla ka madi gape e anamisa bolwetse jo bo bolayang diphologolo. Mme go na le mo go oketsegileng. Molato wa boraro:

E Bolaya Batho

Batho bone ga ba tsenwe ke nagana trypanosome. Mme ntsi ya tsetse e fetisetsa mofuta o mongwe wa trypanosome go tswa mo mothong yo mongwe go ya mo go yo mongwe. Mofuta ono wa trypanosomiasis o bidiwa bolwetse jwa kotselo. O se ka wa akanya gore motho yo o nang le bolwetse jwa kotselo o robala thata go feta selekanyo. Bolwetse jono ga se jwa boroko jo bo monate. Bo simolola ka gore motho a ikutlwe a sa tsoga sentle, a na le letsapa le le feteletseng, le letshoroma. Go tswa foo motho o nnela go otsela a sa kgaotse, letshoroma le legolo, ditlhabi mo malokololong, dithisu tse di rurugileng le sebete se se budulugileng le lebete. Fa jaanong bo setse bo gaketse, fa diparasaete di tlhasela mafaratlhatlha a ditshikana tsa boboko, molwetse o koafala tlhaloganyo, o a gonoga, o idibala kidibalo e kgolo a bo a tlhokafala.

Mo tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga, bolwetse jwa kotselo, bo ne jwa tlhasela kontinente ya Afrika. Magareng ga 1902 le 1905, bolwetse joo bo ne jwa bolaya batho ba ba ka tshwarang 30 000 gaufi le Lake Victoria. Mo masomeng a dingwaga a a neng a latela, bolwetse jono bo ne jwa anamela kwa Cameroon, Ghana le Nigeria. Mo metseng e mentsi, nngwe tharong ya batho ba teng ba ne ba tsenwa ke bolwetse, mo go neng ga tlhoka gore batho ba bantsi ba tlosiwe mo mekgatšheng ya dinoka. Ditlhopha tse di tsamayang tsa bongaka di ne tsa alafa diketekete tse di makgolo tsa batho. Leroborobo leo le ne la fokotsega la bo la fela kwa bofelong jwa bo1930.

Gompieno bolwetse joo bo tlhasela batho ba ka nna 25 000 ngwaga le ngwaga. Go ya ka World Health Organization, batho ba ba fetang dimilione tse 50 mo dinageng tse 36 tsa kwa borwa jwa Sahara ba mo kotsing ya go tsenwa ke bolwetse joo. Lefa gone bolwetse jwa kotselo bo bolaya fa bo sa alafiwe, go na le melemo e e bo alafang. Bosheng jaana go ne ga dirwa seokobatsi sengwe se se bidiwang eflornithine go fodisa bolwetse joo—sa ntlha sa mofuta wa sone mo dingwageng di le 40.

Batho ga ba bolo go lwa le ntsi ya tsetse le bolwetse jo e bo anamisang. Ka 1907, Winston Churchill o ne a kwala ka letsholo la ikuelo la go fedisa ntsi ya tsetse: “E logelwa letloa le le kitlaneng e sa rekegelwe go e thathetsa ka lone.” Fa re leba kwa morago, go bonala sentle gore “letloa le le kitlaneng” la ga Churchill le ne le na le matshoba a makima mo go lone. Buka ya Foundations of Parasitology e bolela jaana: “Go tla go fitlha jaanong, dingwaga tse 80 tsa go fedisa ntsi ya tsetse ga di a thusa mo go kalo mo go kganeleng go anama ga ntsi ya tsetse.”

Lefoko la go Iphemela

Mmoki mongwe wa Moamerika, Ogden Nash, o ne a kwala jaana: “Modimo ka botlhale jwa Gagwe o dirile ntsi, mme a lebala go re bolelela gore ka ntlha yang.” Lefa gone go le boammaaruri gore Jehofa Modimo ke Mmopi wa dilo tsotlhe, ga go boammaaruri le e seng gore o a lebala. O re letla gore re iponele dilo tse dintsi ka borona. Go tweng ka ntsi ya tsetse? A go na le sengwe se se ka buiwang go sireletsa molotsana yono?

Gongwe sengwe se se nonofileng se re ka e sireletsang ka sone go fitlha jaanong ke gore tiro ya yone ya go bolaya dikgomo e sireleditse diphologolo tsa dinaga tsa mo Afrika. Dikarolo tse dikgolo tsa mo Afrika di tshwana le dinaga tse di bojang tsa kwa bophirima jwa United States—naga eno ka boyone e kgona go tlamela leruo la mo gae. Ka thuso ya ntsi ya tsetse, diphologolo tse di ruilweng di bolawa ke di-trypanosome tse di sa bolayeng diphologolo tsa mo Afrika tse di fulang.

Batho ba le bantsi ba dumela gore fa e ka bo e se ka ntsi ya tsetse, ditsha tse dikgolo tse di mo Afrika tse di beetsweng diphologolo di ka bo di emiseditswe ke metlhape ya dikgomo. Willie van Niekerk, mokaedi mongwe wa kampa ya diphologolo tsa naga kwa Botswana o ne a re: “Ke rotloetsa ntsi ya tsetse. Fa lo ka fedisa ntsi ya tsetse, dikgomo di tla ntsifala, mme dikgomo ke tsone tse di senyang le go swafatsa kontinente ya Afrika.” O ne a oketsa ka gore: “Ntsi eno e tshwanetse go tlogelwa.”

Legale, ga se gore mongwe le mongwe o dumalana le seo. Tsela e kgang e bewang ka yone ga e kake ya tlhatswa monna yo o lebileng bana ba gagwe kgotsa dikgomo tsa gagwe di bolawa ke trypanosomiasis pelo. Gape ga e tlhatswe pelo ba ba reng Afrika e tlhoka dikgomo gore e ikotle.

Lefa go ntse jalo, go santse go na le mo gontsi go go ithuta ka seabe se ntsi ya tsetse e nang le sone mo tlholegong. Lefa gone melato e e e pegilweng e lebega e utlwala, gongwe ga se nako ya go itlhaganelela go e atlhola.

Fa re bua ka dintsi, e nngwe e fofetse mo teng ga kamore ya me. Intshwareleng pele, gore ke bone gore a ga se tsetse.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 11]

Tsetse fly: ©Martin Dohrn, The National Audubon Society Collection/PR

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela