LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 10/8 ts. 10-13
  • Bofofu Jwa Noka—Go Fenya Sebetso Seno se se Botlhoko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bofofu Jwa Noka—Go Fenya Sebetso Seno se se Botlhoko
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bolwetse jo bo Setlhogo
  • Go Lwa le Ntsi e Ntsho
  • Pilisi e le Nngwe Kana Tse Pedi ka Ngwaga
  • Se se Solofetsweng mo Isagweng
  • Go Na Le Tsholofelo Efe ka Difofu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Foufolola Matlho Gore A Bone Mafoko A A Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Thusa Difofu go Ithuta ka Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Jesu o Fodisa Monna yo o Tshotsweng a Foufetse
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 10/8 ts. 10-13

Bofofu Jwa Noka—Go Fenya Sebetso Seno se se Botlhoko

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA NIGERIA

LEFELO la tiragalo e ne e le mo motseng o o tshwanang le e mengwe ya Afrika Bophirima e e bapileng le noka. Setlhopha sa batho se ne se dutse mo dibankeng kafa tlase ga setlhare se segolo se moriti wa sone o neng o ba sireleditse mo letsatsing le le bogale. Ba le batlhano mo go bone—banna ba banè le mosadi a le mongwe—ba ne ba foufetse gotlhelele.

“Ba ne ba sa itse gore ke eng se se neng se ba foufatsa mo motseng oo wa bogologolo,” kgosi ya motse e e neng e apere seaparo se sesweu se se kgokgothang e ne ya rialo. “Bontsi jwa batsofe ba teng ba sule ba foufetse. . . . Ba ne ba akanya gore ba wetswe ke bosula bongwe. Ba ne ba dirisa mereo go itshireletsa. Bagologolwane ba bone ba ne ba ba laetse gore ba abele badimo dijo. Ka jalo ba ne ba tlhaba dikoko le dinku go di ntsha ditlhabelo. Lefa go ntse jalo, ba ne ba nna ba foufala.”

Fa nako e ntse e ya, dingaka di ne tsa tla koo mme tsa ba tlhalosetsa gore bofofu joo bo ne bo sa bakiwe ke maatla mangwe a magolo. Bo ne bo bakiwa ke bolwetse jo bo bidiwang onchocerciasis, kana bofofu jwa noka, bo bidiwa jalo ka ntlha ya gore bo anamisiwa ke ntsi e nnye e e beelang mae a teng mo dinokeng tse di elelang.

Ka lesego, bofofu jwa noka ga se bolwetse jo bo tsenang motho motlhofo jaaka malwetse a mangwe a boboatsatsi. Ga bo matshosetsi mo bathong ba ba nnang mo ditoropokgolong kana ba ba nang le go etela ka bokhutshwane kwa mafelong a bo leng kwa go one. Motho o foufala fela morago ga dingwaga tse dintsi fa bo sena go nna bo mo tshwaetsa gangwe le gape.

Lefa go ntse jalo, bofofu jwa noka ke bolwetse jo bo maswe tota jwa kwa boboatsatsi, jo bo sulafatsang matshelo a dimilionemilione tsa batho. Le mororo bo gaketse thata kwa dikarolong dingwe tsa Botlhabagare le kwa Amerika Bogare le Borwa, bo fitlhelwa thata mo bathong ba ba berekang e bile ba agile gaufi le dinoka tse di tletseng dintsi tsa Afrika tse di gaufi le ikhweita. Mo metseng mengwe, mo e ka nnang batho botlhe ba tsenwe ke bolwetse jono. Go ya kafa The Carter Center ya Atlanta, kwa Georgia, kwa U.S.A., e fopholetsang ka teng, mo e ka nnang batho ba le dimilione tse 126 ba mo kotsing ya go tshwaediwa. Dimilione tse dingwe tse 18 di na le diboko tsa dipharasaete tse di bakang bofofu jwa noka. Palo ya batho bao bo ba foufaditseng gotlhelele kana go sekae e fopholediwa go milione o le mongwe kana tse pedi.

Gone jaanong, WHO (World Health Organization) le mekgatlho e mengwe mmogo le dipuso tsa dinaga tse di farologaneng, di seoposengwe mo go lwantsheng sebetso seno se se nang le makgolokgolo a dingwaga. Le mororo dinaga tse dintsi tsa Afrika di aparetswe ke dintwa le go tlhoka tsholofelo, thulaganyo eno ya go lwantsha bolwetse jono e a atlega. Thulaganyo eno e tlotlomadiwa ka gore ke “nngwe ya dilo tse di gaisang tse kalafi le ditlhabololo di di fentseng mo lekgolong leno la bomasomeamabedi la dingwaga.”

Bolwetse jo bo Setlhogo

Bolwetse jwa bofofu jwa noka bo anamisiwa ke mefuta e sekae ya dintsi tse dintsho tse di namagadi (ya mofuta wa Simulium). Fa ntsi e e tshwaeditsweng ke bolwetse jono e loma motho, e kgwela dibokwana tsa seboko sa pharasaete (sa Onchocerca volvulus) mo go ene. Ka iketlo dibokwana tseno di tla bo di gola go fitlha e nna diboko tse di boleele jwa disentimetara tse 60 kafa tlase ga letlalo la motho yo o tshwaeditsweng.

Seboko sengwe le sengwe se se namagadi se tla simolola go tsala diboko tse dinnye tse di bidiwang microfilaria fa se sena go kopana le se se tonanyana; di nna di dira jalo dingwaga di ka nna 8 go ya go 12 di tsala dimilionemilione tsa tsone. Di-microfilaria tseno ga di ke di gola kwantle fela ga gore ntsi e ntsho e se gope, se bo se gola mo teng ga ntsi le go fetela gape mo mothong. Dibokonyana tseno di fetsa nako e ntsi di ata jalo mo letlalong la motho mme kgabagare di bo di ikgara mo matlhong. Motho a le nosi a ka nyeuma diboko tseno di le dimilione tse 200. Di nna dintsi jaana mo e leng gore fa go tlhatlhobiwa gore a motho o na le tsone, go segiwa letlalo la motho go sekae le bo le sekasekwa. Fa letlalo leo la motho le lebilwe ka maekerosekoupo, o tla tlhagisa makgolokgolo a dibokwana tseo di ntse di imenaganya.

Dipharasaete tseno di bogisa motho yo di mo tseneng. Fa dingwaga di ntse di ya, letlalo la motho yo o tshwaeditsweng le nna thata le bo le phanyega. Gantsi go tlhaga dibata tse di supang gore mmala wa letlalo o a nyelela. Batho bao ba nna le se se bidiwang gore ke letlalo la kwena, letlalo la gopane kana la lengau. Go begwa gore bangwe ba ile ba ipolaya ka ntlha ya go baba go go tseneletseng. Fa dibokwana tse di santseng di le dinnye di ikgara mo leitlhong, motho yoo ga a tlhole a tla bona sentle mme morago a bo a foufala gotlhelele fa nako e ntse e ya.

Kwa dikarolong tsa kwa magaeng tse go nnang bahumanegi kwa go tsone, kwa ntsi eno e ntsho e tletsetletseng gone, go foufala e nna morwalo o o boima tota. Lebaka le lengwe ke gore baagi ba metse eno ba dumela gore motho o foufala ka go bo Modimo o mo otlhaya e bile ba tsaya difofu e le batho ba ba senang mosola mo setšhabeng. Lebaka le lengwe ke gore ga go na sepe se puso e ba thusang ka sone mo go dirang gore batho bano ba ikaege gotlhelele ka ba malapa a bone. Sata, mosadi mongwe yo o tshwerweng ke bofofu jwa noka wa kwa Burkina Faso, o ne a re: “Batho ba ba foufetseng ba boga ka tsela e e tshwanang go sa kgathalesege gore a ke monna kana mosadi. Fa mosadi a foufetse mme a sa nyalwa, ga a ne a nna le monna. Ke ne ka nyalwa pele ga fa ke foufala, lefa go ntse jalo, monna wa me o ne a swa. Kgaitsadiake o ne a foufala e sa le mosha ka jalo a se ka a kgona go nna le mosadi. Nna le ene re tlamelwa ke ba lelapa—ka dijo, le sengwe le sengwe. Go boima tota.”

Kwa mafelong ao bolwetse jwa bofofu bo anameng thata kwa go one, gantsi batho ba tlogela metse ya bone ba tshaba dintsi tseno le bolwetse jono. Mafelo a a nonneng a a bapileng le metsi a tlogelwa fela a kgakgabetse. Seno se baka khumanego le leuba.

Go Lwa le Ntsi e Ntsho

Dinaga tsa boditšhabatšhaba di ne tsa simolola go leka go lwantsha bolwetse jwa bofofu jwa noka kwa dinageng tse supa tsa Afrika Bophirima mo masimologong a bo1970. Ba ne ba tswa letsholo la go bolaya ntsi e ntsho e e leng yone e anamisang bolwetse jono ba dirisa dihelikopotara, difofane tse dinnye le dilori go gasaganya botlhole jo bo bolayang dibokwana tseno le dibolayaditshenekegi. Maikaelelo a gone e ne e le go tlhasela ntsi eno e ntsho le go e bolaya ka nako e go leng motlhofo go dira jalo ka yone—fa e santse e le sebokwana.

Go ne go sa tlhokege gore ba ka tshela dinoka tsotlhe botlhole. Baitse ba ne ba itse gore dintsi tse dintsho tse di namagadi di ne di beela mae a tsone mo metsing le gore mae ao a kgomarela mo dikaleng le mo matlapeng a a kwa tlase ga fa noka e elelang thata gone. Ke metsi a a elelang thata fela a a nang le okosejene e e lekaneng e dibokwana di e tlhokang go nna di tshela. Seno se ne se raya gore mafelo a di tsalelang kwa go one a ne a se mantsi e bile ba ne ba kgona go a bona otlhe.

Maikaelelo a go kgatsha mafelo ano a dintsi tse dintsho di tsalelang mo go one e ne e se go di nyeletsa tsotlhe ka gonne go ne go ka se kgonege. Mme fa ba ne ba fokotsa dintsi tseno, baitse ba ne ba solofela gore seo se ne se tla kgaola mogolagang wa tsela e pharasaete eno e anamang ka yone. Fa dintsi tseno di fokotsegile, go ne go tla dira gore batho ba bantsi ba se ka ba tlhola ba tshwaetsega. Go ya kafa ba neng ba akanya ka teng, fa ba ne ba ka kgona go fokotsa dintsi tseno go fitlha pharasaete e e setseng e tsene batho e swa, go ne go tla tla nako ya gore go se ka ga sala pharasaete epe. Ka jalo, fa ntsi e ne e ka loma motho, e ne e se kitla e gopa pharasaete epe go e anamisetsa kwa go yo mongwe.

Tiro eno e ne e gwetlha tota. Dintsi di tsalela mo mafelong a le diketekete a go neng go le thata go a fitlhelela. E bile gape, e re ka dintsi tseno tse dintsho di fofela kgakala kwa sekgaleng sa dikilometara tse dintsi ba ne ba tshwanelwa ke go akaretsa dikarolo tse dikgolo go leka go di bolaya. Mo godimo ga moo, go ne go tlhokega gore ba kgaratlhe tota ka gonne fa ba ne ba ka fetsa kgwedi e le nngwe fela ba sa di bolaye, seo se ne se tla dira gore dintsi tseno di bowe di oketsege thata mo go neng go tla ba kgoba marapo morago ga go fetsa nako e kalo ba semeletse.

Go simologa ka bo1970, difofane di ne tsa kgatsha mafelo a a bokgakala jwa dikilometara di le 19 000 a a elelang metsi. Ka ntlha ya seno, ba ne ba kgona go fenya bolwetse jono mo diperesenteng di le 80 tsa mafelo a a neng a na le jone mo dinageng tse di neng di na le seabe mo letsholong leno.

Pilisi e le Nngwe Kana Tse Pedi ka Ngwaga

Morago ga moo, go simolola ka 1987, go ne ga dirwa sebetsa se sengwe go lwantsha bolwetse jono jwa bofofu jwa noka. Jaanong maikaelelo a magolo e ne e sa tlhole e le go tlhasela ntsi e ntsho mme e ne e le go tlhasela pharasaete e e mo teng ga mmele wa motho. Sebetsa seo e ne e le seokobatsi se se thusang tota se se bidiwang Mectizan (ivermectin), se se dirilweng mo dilaboratoring tsa khampani nngwe ya melemo kwa Amerika.

Motho yo o neng a tshwaeditswe ke bolwetse jono o ne a tshwanetse go nwa—pilisi e le nngwe kana tse pedi—ngwaga nngwe le nngwe. Mectizan ga e bolaye seboko se se godileng sa pharasaete mo mmeleng wa motho, go na le moo e bolaya dibokwana tsa teng mme e bo e kgoreletsa se se godileng gore se se ka sa tsala tse dingwe. Seno se dira gore bolwetse jono bo se ka jwa anama mo mothong e bile e dira gore bo se ka jwa tshelwa batho ba bangwe. Gape seokobatsi seno se ne se alafa dikgobalo tse di neng di santse di simolola mo lethaponong la leitlho le go dira gore tse dingwe di se ka tsa kekela. Lefa go ntse jalo, ga se kgone go fodisa dikgobalo tse di neng di setse di keketse mo leitlhong e bile ga se kgone go foufolola motho fa a ne a setse a foufetse.

Lefa go ntse jalo, bothata e ne e le go se anamisa—go isa seokobatsi seno kwa bathong ba ba se tlhokang. Bontsintsi jwa batho ba ba nnang kwa metseng e e kwa thokothoko ba ka fitlhelelwa fela ka dinao. Fa o tla ka koloi go go tlhoka gore o tle o kgaola sekgwa kana le eleng go aga marogo. Ka dinako tse dingwe dintwa tsa semorafe, go tlhoka madi le maemo a dipolotiki a mafelo a gakatsa bothata jono jwa go se anamisa. Le mororo go ne go na le dikgoreletsi tseno, fa 1995 e ne e simologa go ne go setse go anamisitswe dipilisi tsa Mectizan di le dimilione tse 31 segolobogolo mo Afrika.

Se se Solofetsweng mo Isagweng

Mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, Onchocerciasis Control Programme (Thulaganyo ya go Lwantsha Bofofu Jwa Noka) e kgonne go lwa le bolwetse jono jwa bofofu jwa noka mo dinageng di le 11 tsa Afrika Bophirima, karolo e e bogolo jo bo fetang Fora gararo. Matswela e ile ya nna eng? Go ya ka dipalopalo tsa WHO, go dirisiwa ga dibolayadibokwana le Mectizan go ile ga sireletsa batho ba ba fetang dimilione tse 30 ba ba kileng ba ne ba tlhasetswe ke sebetso seno se se maswe sa bogologolo. Batho ba ba fetang dimilione tse 1,5 ba ba kileng ba ne ba tshwaeditswe ke pharasaete ya teng thata, jaanong ba fodile gotlhelele. Mo godimo ga moo, tsela e bofofu jwa noka bo fentsweng ka teng e dirile gore batho ba kgone go bowa gape ba dirisa naga e e lengwang le e ba ka agang mo go yone ya diheketara di ka nna dimilione tse 25—lefatshe le le lekaneng go ka fepa batho ba le dimilione tse 17 ngwaga le ngwaga.

Ntwa eno ga e ise e fele. Dinaga tsa Afrika tse go ntseng go lowa le bofofu jwa noka kwa go tsone, di dira fela halofo ya ba ba tlhasetsweng ke bolwetse jono.

Mo dingwageng tsa bosheng jaana go ne ga okediwa maiteko a go fenya bolwetse jono. Mo dingwageng tse pedi fela, go tloga ka 1992 go ya go 1994, palo ya batho ba ba neng ba alafiwa ka Mectizan e ne ya oketsega go menagane gabedi, go tloga ka dimilione tse 5,4 go ya go tse 11. Kwa bofelong jwa 1994, dinaga di le 32 mo Afrika, Latin America le Botlhabagare, di ne di setse di tlhomile dithulaganyo tsa go alafa ka Mectizan tse fa nako e ntse e ya di tla sireletsang batho ba le dimilione tse 24 gore ba se ka ba foufala.

Pan American Health Organization e solofetse gore ka ngwaga wa 2002, bolwetse jono jo bo leng diphatsa mo setšhabeng bo tla bo bo nyeleditswe mo dinageng tsa Amerika. Ke boammaaruri gore mo Afrika tiro e santse e le ntsi. Lefa go ntse jalo, United Nations Children’s Fund e akgela gore: “Go setse go bonala sentle gore gone jaanong kokomana e e ntseng e gola ga e tlhole e tshosediwa thata ke bofofu jaaka go ne go ntse pele mo kgaolong eno e kwa go yone bofofu mo batsofeng e kileng ya bo e le selo fela se se tlwaelegileng.”

Go itumedisa tota go bona maiteko a a dirwang go thusa batho ba ba tlhasetsweng ke bofofu. Fa Jesu Keresete a ne a simolola bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, le ene o ne a supa gore o amegile ka batho ka go foufolola ba ba neng ba foufetse. (Mathaio 15:30, 31; 21:14) Seno se ne se bontsha go sekae fela dilo tse di tlileng go direga mo lefatsheng mo Bogosing jwa Modimo. Eleruri, motlha o etla o go senang motho ope yo o tla bong a na le bofofu bope fela. Lefoko la Modimo le bolelela pele jaana: “E dira gone matlho a difofu a tlaa foufololwang.”—Isaia 35:5.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

“Ba ne ba tlhola ba re bofofu bo bakwa ke meya. Jaanong ba a itse gore bo bakwa ke diboko”

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

Pilisi e le nngwe kana tse pedi ka ngwaga di ka thibela bofofu jwa noka

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela